Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gagamalela Kwa Pele mo Tseleng ya ga Jehofa ke Nonofo le Boipelo jwa Rona

Go Gagamalela Kwa Pele mo Tseleng ya ga Jehofa ke Nonofo le Boipelo jwa Rona

 Kgang ya Botshelo

Go Gagamalela Kwa Pele mo Tseleng ya ga Jehofa ke Nonofo le Boipelo jwa Rona

JAAKA GO BOLETSE LUIGGI D. VALENTINO

Jehofa o gakolola jaana: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (Isaia 30:21) E ntse e le mokgele wa me go latela kgakololo eno fa e sa le ke kolobediwa dingwaga di le 60 tse di fetileng. Ke ne ka tlhomelwa mokgele ono bogologolo ke sekao sa batsadi ba me, ba e neng e le bafaladi go tswa kwa Italy, mme ba fitlha ba nna kwa Cleveland, Ohio, U.S.A., ka 1921. Fa ba le koo ba ile ba godisa bana ba le bararo, nna, nkgonne e bong Mike le nnake e bong Lydia.

BATSADI ba me ba ile ba sekaseka ditumelo tse di farologaneng mme kgabagare ba itlhoboga ka ba ne ba swabile. Mme ka letsatsi lengwe ka 1932, Rre o ne a ntse a reeditse thulaganyo ya radio ka Sentadiana. E ne e le kgaso nngwe e e neng e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa, mme Rre o ne a itumelela se a neng a se utlwa. O ne a kwala go kopa tshedimosetso e e oketsegileng mme Mosupi mongwe wa Montadiana yo o tswang kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York, o ne a re etela. Morago ga motlotlo o o tlhagafetseng o o ileng wa tswelela go fitlha mo mosong, batsadi ba me ba ne ba tlhatswegile pelo gore ba bone bodumedi jwa boammaaruri.

Rre le Mmè ba ne ba simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete mme ba bulela balebedi ba ba etang ntlo ya bone. Le mororo ke ne ke le mosimane fela, banna bano ba ne ba dira gore ke tsamaye le bone mo tirong ya go rera mme ba dira gore ke simolole go akanya ka go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Mongwe wa baeti bao e ne e le Carey W. Barber, yo gone jaanong e leng leloko la Setlhopha se  se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, ka February 1941, ke ne ka kolobediwa ke le dingwaga di le 14, mme ka 1944, ke ne ka simolola go nna mmulatsela kwa Cleveland. Mike le Lydia le bone ba ne ba amogela tsela ya boammaaruri jwa Baebele. Mike o ne a direla Jehofa go fitlha a swa mme Lydia o ne a pata monna wa gagwe, Harold Weidner, ka dingwaga di le 28 mo bodireding jwa go eta. Gompieno, ke badiredi ba ba kgethegileng ba nako e e tletseng.

Kgolegelo e Nonotsha Boikaelelo Jwa me Jwa go Gagamalela Kwa Pele

Mo masimologong a 1945, ke ne ka iphitlhela ke le kwa Kgolegong ya Chillicothe, kwa Ohio, ka gonne segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele se ne sa ntlhotlheletsa go dira tumalanong le Isaia 2:4 e e buang ka go thula ditšhaka go nna magale a megoma. Ka nako nngwe, balaodi ba kgolegelo ba ne ba letla batshwarwa ba Basupi go nna le palo e e lekanyeditsweng fela ya dikgatiso tsa Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, Basupi ba phuthego e e gaufi ba ile ba re thusa. Ka dinako dingwe ba ne ba latlhela dikgatiso dingwe mo sekgweng se se gaufi le kgolegelo. Moso o o latelang, fa bagolegwa ba isiwa kwa lefelong le ba yang go bereka kwa go lone, ba ne ba batla dikgatiso tseno mme ba di tlisa mo teng ga kgolegelo. Ka nako e ke fitlhileng kwa kgolegelong ka yone, re ne re letlelelwa go nna le dikgatiso tse di oketsegileng. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ithuta go feta le fa e le leng pele go anaanela dijo tsa semoya tse Jehofa a re fang tsone—e leng thuto e ke sa ntseng ke e gakologelwa nako le nako fa ke amogela makasine o mosha wa Tora ya Tebelo kana Tsogang!

Le fa gone, re ne re letlelelwa go tshwara dipokano tsa phuthego kwa kgolegelong, mme bao e seng Basupi ba ne ba sa letlelelwa go nna teng. Le fa go ntse jalo, balaodi bangwe ba kgolegelo le bagolegwa ba bangwe ba ne ba nna teng ka sephiri, mme ba le mmalwa ba bone ba ile ba bo ba amogela boammaaruri. (Ditiro 16:30-34) Go etelwa ke mokaulengwe A. H. Macmillan go ne go re gomotsa tota. Ka metlha o ne a re tlhomamisetsa gore nako e re e ntseng mo kgolegelong ga se tshenyo ya nako ka gonne e ne e re thapisetsa dikabelo tsa isagwe. Mokaulengwe yo mogolwane yoo yo o rategang o ne a nkama tota mme a nonotsha boikaelelo jwa me jwa gore ke tsamaye mo tseleng ya ga Jehofa.

Ke Nna le Molekane

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya fela, dikgoro tsa kgolegelo tsa bulega mme ka simolola gape ka bobulatsela, bodiredi jwa nako e e tletseng. Mme ka 1947 rre o ne a tlhokafala. Ke ne ka dira tiro ya boitshediso gore ke tle ke tlamele lelapa mme ka bo ka tshwanelega mo go tsa kalafi go sidila batho—e leng bokgoni jo bo neng bo tla nthusa ka nako e e boima e nna le mosadi wa me re neng ra lebana le yone dingwaga di le 30 moragonyana. Ke setse ke bua bokhutlo jwa kgang ke ise ke tlhalose tshimologo ya yone. Mma ke lo bolelele pele ka mosadi wa me.

Motshegare mongwe ka 1949 fa ke ne ke ntse ke le mo Holong ya Bogosi, founo e ne ya lela. Ke ne ka e araba mme ka utlwa lentswe le le monate le re: “Ke nna Christine Genchur. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke fudugetse mo Cleveland go tla go batla tiro mme ke batla go kopanela le phuthego nngwe.” Holo ya rona ya Bogosi e ne e le kgakala le lefelo le a neng a nna kwa go lone, mme ke ne ka kgatlhwa ke lentswe la gagwe, ka jalo ke ne ka mo tlhalosetsa gore a tle jang mo holong ya rona ka bo ka mo kgothaletsa gore a tle ka yone Sontaga eo—letsatsi le ke neng ke tla neela puo ya phatlalatsa ka lone. Ka Sontaga, ke ne ka nna motho wa ntlha kwa Holong ya Bogosi, mme le fa go ntse jalo ga go a ka ga tla kgaitsadi ope yo ke sa mo itseng. Ka nako yotlhe ya puo, ke ne ka nna ke leba kwa lebating, mme go ne go se na ope yo o tsenang. Letsatsi le le latelang ke ne ka mo founela mme o ne a bolela gore ga a ise a itse gore dibese di tsamaya jang. Ka gone ke ne ka ithaopela go kopana le ene le go mo tlhalosetsa dilo botoka.

Ke ne ka utlwa gore batsadi ba gagwe, bao e leng bafaladi go tswa kwa Czechoslovakia, ba ne ba simolola go kopanela le Baithuti ba Baebele fa ba sena go bala bukana ya Where Are the Dead? Batsadi ba gagwe ba ne ba kolobediwa ka 1935. Ka 1938, rraagwe Christine o ne a nna motlhanka wa setlhopha (yo gone jaanong go tweng ke molebedi yo o okamelang) wa phuthego ya Basupi ba ga Jehofa kwa Clymer, kwa Pennsylvania, kwa U.S.A., mme ka 1947, Christine o ne a kolobediwa a le dingwaga di le 16. Ga go a ka ga ntsaya nako e telele gore ke ratane le kgaitsadi yo montle yono yo o neng a rata dilo tsa semoya. Re ne ra nyalana ka June 24, 1950, mme fa e sa le ka nako eo Christine o ile a nna molekane wa me yo o ikanyegang, yo ka metlha a iketleeditseng go baya dilo tse di direlwang Bogosi jwa  Modimo kwa pele. Ke leboga Jehofa go bo molekane yo o nang le bokgoni yono a bo a ile a dumela go tshela le nna.—Diane 31:10.

Kgakgamatso e Kgolo

Ka November 1, 1951, re ne ra simolola go bula tsela mmogo. Dingwaga di le pedi morago ga moo, kwa kopanong ya kgaolo kwa Toledo, kwa Ohio, Mokaulengwe Hugo Riemer le Mokaulengwe Albert Schroeder ba ne ba bua le setlhopha sa babulatsela ba ba neng ba kgatlhegela tirelo ya borongwa. Re ne re le gare ga bone. Re ne ra kgothalediwa gore re tswelele pele ka go bula tsela kwa Cleveland, mme mo kgweding e e latelang fela, re ne ra amogela kgakgamatso e kgolo—taletso ya go nna teng kwa setlhopheng sa bo23 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, go simologa ka February 1954!

Fa re ntse re tsamaya ka koloi go ya Sekolong sa Gileate, seo ka nako eo se neng se le kwa South Lansing, kwa New York, Christine o ne a tshogile thata jaana mo e leng gore o ne a nna a nthaya a re “O se ka wa kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo jalo!” Ke ne ka re “Christine, fa ke kgweetsa ka lobelo lo lo kwa tlase go feta lono, re tla bo re eme fela.” Le fa go ntse jalo, fa re sena go goroga kwa lefelong la sekolo, re ne ra ikutlwa ka bonako re ritibetse. Mokaulengwe Nathan Knorr o ne a amogela setlhopha sa baithuti mme a re bontsha lefelo. O ile a re tlhalosetsa gape gore re ka babalela jang metsi le motlakase, a gatelela gore go somarela dilo ke mokgwa o o molemo fa o tlhokomela dilo tse di direlwang Bogosi. Kgakololo eo e ne ya sala mo megopolong ya rona. Re sa ntse re e latela.

Go Fofela Kwa Rio

Go ise go ye kae re ne ra aloga, mme ka December 10, 1954, re ne ra palama sefofane kwa New York City e e tsiditsana, re itumeletse go fofela kwa kabelong ya rona e ntšha kwa Rio de Janeiro e e fisang, kwa Brazil. Peter le Billie Carrbello, bao le bone e neng e le barongwa ba ne ba tsamaya le rona. Loeto lono lwa sefofane lo ne lo tshwanetse go tsaya diura di le 24, re tla re ema kwa Puerto Rico, Venezuela le Belém kwa ntlheng ya bokone jwa Brazil. Le fa go ntse jalo, e re ka go ne go na le mathata a enjene, go ile ga tsaya diura di le 36 pele ga re bona Rio de Janeiro kafa tlase ga rona. A bo go ne go le gontle jang ne! Mabone a toropo a ne a phatsima jaaka diteemane tse di galalelang mo godimo ga khapete ya belebete mme kgalalelo e ntle ya ngwedi e ne e phatsima mo godimo ga metsi a Kgogometso ya Guanabara.

Go ne go na le maloko a le mmalwa a lelapa la Bethele a a neng a re emetse kwa boemafofane. Fa ba sena go re amogela ka lorato, ba ne ba re isa kwa ofising ya lekala, mme mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong, re ne ra robala. Diura di sekae moragonyana, tshipi e e re tsosang e ne ya re gakolola gore letsatsi la rona la ntlha la go nna barongwa le simolotse!

Thuto E re E Ithutileng ka Bonako

Re ile ra ithuta thuto e e botlhokwa ka bonako. Re ne re etetse kwa lelapeng la Basupi maitseboa mangwe. Fa re ne re batla go boela kwa lekaleng ka maoto, mong wa ntlo o ne a gana, “Nnyaa, lo ka se ka lwa tsamaya, pula e a na,” mme a leka go gatelela gore re robale koo. Ke ne ka bolela jaana: “Le kwa re tswang teng pula e a na,” ke leka go itlhokomolosa mafoko a gagwe ka setshego. Mme re ne ra tsamaya.

E re ka go na le dithaba go dikologa Rio, metsi a pula a kgobokana ka bonako a bo a elela mo teng ga motse, gantsi a baka merwalela. Go ise go ye kae re ne re setse re gobua mo metsing a fitlha mo mangoleng a rona. Gaufi le lekala, mebila e ne e fetogile dinoka tse di tlhanaselang ka metsi a a fitlhang mo dihubeng tsa rona. Fa kgabagare re fitlha kwa Bethele re ne re kolobile tota. Letsatsi le le latelang, Christine o ne a sa ikutlwe monate mme o ne a tsenwa ke letshoroma la mala, le le ileng la dira gore a nne bokoa nako e e telele. Gone mme, e re ka re ne re le barongwa ba basha, re ne re tshwanetse ra bo re ile ra reetsa kgakololo ya Basupi ba lefelo leo ba ba nang le maitemogelo.

Dikgato Tsa Ntlha mo Tirong ya Borongwa Le ya Go Eta

Morago ga tshimologo eno e e sa itumediseng, re ne ra simolola bodiredi jwa rona jwa tshimo ka tlhoafalo. Re ne re balela  mongwe le mongwe yo re neng re kopana nae puisano ya Sepotokisi mme go ne go bonala re gatela pele ka tsela e e tshwanang. Mong wa ntlo mongwe o ne a raya Christine a re, “Wena ke a go tlhaloganya mme ene ga ke mo tlhaloganye,” a supile nna. Mong wa ntlo yo mongwe ene a ntheye a re, “Ke a go tlhaloganya mme ene ga ke mo tlhaloganye.” Mme le fa go ntse jalo, re ne ra itumelela go bona dipeeletso tse di fetang 100 tsa Tora ya Tebelo mo dibekeng di le mmalwa tseo tsa ntlha. Tota e bile, ba le mmalwa ba baithuti ba rona ba Baebele ba ile ba kolobediwa ka ngwaga wa rona wa ntlha kwa Brazil, seo se re bontsha kafa tirelo eno ya borongwa e tla ungwang ka teng.

Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1950, diphuthego di le dintsi mo Brazil di ne di sa etelwe ka metlha ke balebedi ba potologo ka gonne go ne go se na bakaulengwe ba ba lekaneng ba ba tshwanelegang. Ka gone, le mororo ke ne ke sa ntse ke ithuta puo mme ke ise ke neele puo ya phatlalatsa ka Sepotokisi, ke ne ka abelwa mo tirong ya potologo kwa nageng ya São Paulo ka 1956.

E re ka phuthego ya ntlha e re neng ra e etela e ne e sa etelwa ke molebedi wa potologo mo dingwageng di le pedi, mongwe le mongwe o ne a lebeletse pele thata go utlwa puo ya phatlalatsa. Fa ke baakanyetsa puo eo, ke ne ka segolola dirapa go tswa mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo mme ka kgomaretsa dipampitshana tseo mo ditsebeng tsa pampiri. Ka Sontaga seo, Holo ya Bogosi e ne e tletse. Batho ba ne ba dutse le mo seraleng, botlhe ba letetse tiragalo e kgolo. Puo, kana a ke re go bala go ne ga simologa. Gangwe le gape ke ne ke tsholetsa tlhogo mme ke ne ka gakgamala go bona go se na ope yo o sutang, tota le bana. Botlhe ba ne ba ntebile ba gotolotse matlho. Ke ne ka ithaya ka re: ‘Valentino, tota Sepotokisi sa gago se tokafetse! Batho bano ba reeditse.’ Dingwaganyana morago ga foo, fa ke ne ke etela phuthego eo gape, mokaulengwe mongwe yo o neng a le teng fa ke ne ke etetse koo la ntlha o ne a bolela jaana: “A o gakologelwa puo ya phatlalatsa e o neng wa e neela? Re ne re sa tlhaloganye le fa e le lefoko le le lengwe.” Ke ne ka bolela gore le nna ke ne ke sa tlhaloganye bontsi jwa puo eo.

Mo ngwageng oo wa ntlha mo tirong ya potologo, gantsi ke ne ke bala Sekaria 4:6. Mafoko a a reng ‘E seng ka maatla mme ka moya wa me,’ a ne a nkgakolola gore moya wa ga Jehofa ke one fela o dirang gore tiro ya Bogosi e gatele pele. Mme e ile ya gatela pele le mororo re ne re na le ditlhaelo tse di bonalang.

Dikgwetlho le Masego Tse re Kopaneng le Tsone

Tiro ya potologo e ne e raya go ralala naga kafa letlhakoreng le lengwe re rwele motšhini wa go tlanya, dibokoso tsa dibuka, disutukheise. Christine o ne a kwala dinomoro mo dithotong tsa rona ka botlhale gore re se ka ra lebala sepe fa re ntse re itlhaganela go tswa mo beseng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Go ne go tlwaelegile go tsamaya ka bese diura di le 15 mo ditseleng tsa mmu go fitlha kwa lefelong le lengwe. Ka dinako tse dingwe, go ne go tshosa, segolobogolo fa go na le dibese tse pedi tse di fapaanang di kgabaganya borogo ka nako e le nngwe, di fetana gaufi jaana mo e leng gore go ne go batla go se na le phatla ya gore go tsene pampiri fa gare ga tsone. Re ne re tsamaya gape le ka terena, sekepe le ka dipitse.

Ka 1961 re ne ra simolola go dira tiro ya kgaolo, re tsamaya go tswa mo potologong e nngwe go ya go e nngwe go na le gore re tswe mo phuthegong e nngwe go ya go e nngwe. Maitseboa a sekae mo bekeng, re ne re bontsha difilimi tse di gatisitsweng ke phuthego ya ga Jehofa—nako nngwe le nngwe e le mo lefelong le le farologaneng. Gantsi re ne re tshwanelwa ke go dira ka bonako pele ga baruti ba lefelo leo ba dira sengwe, ba ba neng ba leka go thibela go bontshiwa ga difilimi tseno. Mo toropong nngwe, moruti mongwe o ne a pateletsa mong wa holo go phimola tumalano e a neng a e dirile le rona. Morago ga go batla ka malatsi a le mantsi, re ne ra bona lefelo le lengwe, mme ga re a ka ra bolelela ope mme ra tswelela re laletsa mongwe le mongwe kwa lefelong la ntlha. Pele ga thulaganyo e simologa, Christine o ne a ya kwa holong mme a kaela batho ba ba neng ba batla go bona filimi ka tidimalo kwa lefelong le lesha. Mo maitseboeng ao, go ne ga nna le batho ba le 150 ba ba neng ba bona filimi, e e neng e na le setlhogo se se tshwanelang se se reng The New World Society in Action (Mokgatlho wa Lefatshe le Lesha o a Dira).

Le fa gone tiro ya go eta e ne e le thata ka dinako tse dingwe mo mafelong a a kwa thoko, bakaulengwe ba ba ikokobeditseng ba ba nnang koo ba ne ba anaanela diketelo tsa rona thata e bile ba rata go re amogela mo matlong a bone a maemo a a kwa tlase mo e leng gore ka metlha re ne re leboga Jehofa go bo re kgona go nna le bone. Go tsalana le bone go ne ga re leretse masego a a itumedisang. (Diane  19:17; Hagai 2:7) Ka jalo, a bo re ile ra hutsafala jang ne, fa morago ga gore re direle kwa Brazil ka dingwaga tse di fetang 21 tiro ya rona ya borongwa e ne e fela!

Ka Nako ya Mathata, Jehofa O ne A re Kaela

Ka 1975, Christine o ne a ariwa. Re ne ra boela mo tirong ya go eta, mme le fa go ntse jalo botsogo jwa ga Christine bo ne jwa nna maswe le go feta. Go ne go bonala go tla nna botoka fa re ka boela kwa United States gore a bone tlhokomelo ya kalafi. Ka April 1976, re ne ra fitlha kwa Long Beach, California, mme ra nna le mmè. E re ka re ne re nna go sele ka masome a dingwaga a le mabedi, re ne re sa itse gore re lebane jang le boemo jono. Ke ne ka simolola go sidila batho mme madi a tiro eo a ne a re tshedisa. Naga ya California e ne ya naya Christine lefelo kwa kokelong, mme fa a le koo, o ne a nna a koafalela pele letsatsi le letsatsi ka gonne dingaka di ne di gana go mo alafa kwantle ga madi. E re ka re ne re tshwenyegile thata, re ne ra kopa Jehofa gore a re kaele.

Ka letsatsi lengwe mo thapameng ke ne ke le mo tirelong ya tshimo mme ka bona ofisi ya ngaka, ka yone nako eo fela, ke ne ka swetsa go tsena. Le mororo ngaka e ne e setse e ya gae, e ne ya ntetla gore ke tsene mo ofising ya gagwe, mme re ne ra bua diura di le pedi. Morago ga foo o ne a re: “Ke anaanela tiro ya lona ya borongwa, mme ke tla alafa mosadi wa gago kwantle ga tuelo le kwantle ga go mo tshela madi.” Ke ne ke sa dumele se ke se utlwang.

Ngaka e e molemo eno, e e neng e le mankge yo o tlotlegang, o ne a fudusetsa Christine kwa kokelong e a berekang kwa go yone, mme ka tlhokomelo ya gagwe ya botswerere, boemo jwa gagwe bo ile jwa tokafala ka bonako. A bo re ile ra leboga Jehofa go bo a ile a re kaela mo nakong e e boima eo!

Dikabelo Tse Disha

Fa Christine a ne a ntse a nonofa, re ne ra nna babulatsela mme ra itumelela go thusa batho ba le mmalwa kwa Long Beach gore e nne baobamedi ba ga Jehofa. Ka 1982 re ne ra kopiwa go dira tiro ya potologo kwa United States. Re ne ra leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a re dirisa gape mo tirong ya go eta—mofuta wa bodiredi jo re neng re bo rata. Re ne ra direla kwa California mme morago ga foo kwa New England, koo potologo e ne e akaretsa diphuthego dingwe tsa batho ba ba buang Sepotikisi. Moragonyana e ne ya akaretsa le Bermuda.

Morago ga dingwaga di le nnè tse di lapolosang, re ne ra amogela kabelo e nngwe. Re ne ra lalediwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng gongwe le gongwe koo re batlang go ya teng. Le fa gone re ne re hutsafaletse go tlogela tiro ya go eta, re ne re iteteile sehuba gore re tla tswelela ka kabelo ya rona e ntšha. Mme e ne e tla nna kae? Mo tirong ya go eta, ke ne ka lemoga gore phuthego ya Sepotokisi kwa New Bedford, Massachusetts e tlhoka thuso—ka jalo re ne ra ya New Bedford.

Fa re fitlha koo, phuthego e ne ya re direla moletlo o mogolo wa go re amogela. A bo seo se ile sa dira gore re ikutlwe re tlhokega jang ne! Go ne ga dira gore re lele. Banyalani bangwe ba basha ba ba nang le masea a mabedi ba ne ba re amogela ka lorato mo lelapeng la bone go fitlha re bona folete ya rona. Jehofa o ne a segofatsa tiro eno ya bobulatsela jo bo kgethegileng thata go feta kafa re neng re lebeletse ka gone. Fa e sa le ka 1986 re ile ra thusa batho ba ba farologaneng ba le 40 mo toropong eno go nna Basupi. Ke lelapa la rona la semoya. Mo godimo ga moo, ke ile ka itumelela go bona bakaulengwe ba le tlhano ba lefelo leno ba gola go nna badisa ba letsomane. Go ntse jaaka e kete re ne re direla mo kabelong ya borongwa e e ungwang.

Fa re leba kwa morago, re itumelela go bo re ile ra direla Jehofa go tloga bosheng mme re ile ra dira gore boammaaruri e nne tsela ya rona ya botshelo. Gone ke boammaaruri gore botsofe le bokoa di a re ama gone jaanong, mme go gagamalela pele mo tseleng ya ga Jehofa e sa ntse e le nonofo le boipelo jwa rona.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fa re sa tswa go fitlha kwa Rio de Janeiro

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Lelapa la rona la semoya kwa New Bedford, Massachusetts