Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Re se Rosi fa Tumelo ya Rona E ne E Lekwa

Re ne Re se Rosi fa Tumelo ya Rona E ne E Lekwa

 Re ne Re se Rosi fa Tumelo ya Rona E ne E Lekwa

Vicky e ne e le lesea le lentle la mosetsana—a itekanetse, a le montle e bile a le matlhagatlhaga. Ee, fa a ne a tsholwa ka dikgakologo tsa 1993, re ne re itumetse thata. Re ne re nna mo toropong e nnye kwa borwa jwa Sweden mme botshelo bo ne bo le monate.

LE FA go ntse jalo, fa Vicky a le ngwaga le sephatlo, dilo di ne tsa simolola go re fetogela. E ne e setse e le nakwana a sa tsoga sentle, ka gone re ne ra mo isa kwa kokelong. Re ka se lebale nako ya fa ngaka e re bolelela gore morwadiarona o tshwerwe ke lukemia e e tseneletseng ya limfe, mofuta mongwe wa kankere ya bana e e amang disele tse ditshweu tsa madi.

Go ne go le thata go dumela gore mosetsanyana wa rona o tshwerwe ke bolwetse jo bo tshosang jono. O ne a sa tswa go simolola go bulega matlho mme jaanong o tloga a swa. Ngaka e ne ya leka go re gomotsa ka go re bolelela gore go a kgonega go mo naya kalafi e e molemo, e e akaretsang kalafi ya dikhemikale mmogo le go tshelwa madi ka makgetlo a le mmalwa. Seno e ne e le selo se sengwe se se neng sa re tshosa.

Tumelo ya Rona e a Lekwa

Re ne re rata morwadiarona tota e bile re mmatlela tlhokomelo ya kalafi e e molemolemo. Le fa go ntse jalo, go tshela madi e ne e le selo se re neng re se kitla re se amogela gotlhelele. Re dumela Lefoko la Modimo e leng Baebele, ka tlhomamo, le le bolelang ka tsela e e utlwalang sentle gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘ithiba mo mading.’ (Ditiro 15:28, 29) Mme gape re ne re itse gore go tshelwa madi ka bogone go kotsi. Batho ba le diketekete ba ile ba tsenwa ke malwetse mme ba swa ka ntlha ya go tshelwa madi. Selo se le sengwe fela se se neng se ka thusa e ne e le kalafi ya maemo a a kwa godimo e e neng e sa akaretse go tshelwa ga madi. Malebana le seno, ntwa ya rona ya tumelo e ne ya simolola.

Re ne re tla dira eng? Re ne ra ikgolaganya le  Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo kwa ofising ya lekala ya Sweden ya Basupi ba ga Jehofa go kopa thuso. * Ka yone nako eo, go ne ga romelwa di-fax kwa dikokelong tse di farologaneng go ralala Yuropa go batliwa kokelo le ngaka e e iketleeditseng go neela kalafi ya dikhemikale kwantle ga go tshela madi. Tlhoafalo le lorato lo bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba di bontshitseng fa ba leka go re thusa di ne di nonotsha tota. Re ne re se rosi mo ntweng ya rona ya go lwela tumelo.

Morago ga diura di le mmalwa, go ne ga bonwa kokelo le ngaka kwa Homburg/Saar, kwa Jeremane. Go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore re ye teng ka sefofane letsatsi le le latelang gore Vicky a ye go tlhatlhobiwa. Fa re fitlha koo, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete go tswa mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Homburg, mmogo le bangwe ba losika, ba ne ba le koo go re amogela. Mme moemedi mongwe wa Komiti ya Puisano le Dikokelo o ne a re amogela ka lorato. O ne a tsamaya le rona go ya kwa kokelong mme a re ema nokeng ka gotlhe mo a ka go kgonang. Re ne ra ikutlwa re gomotsegile go bona gore tota le mo nageng e sele, re ne re na le bakaulengwe ba semoya ba ba re emang nokeng.

Fa re kopana le Dr. Graf kwa kokelong, re ne ra gomotsega gape. O ne a tlhaloganya boemo jo re leng mo go jone mme a re tlhomamisetsa gore o tla dira gotlhe mo a ka go kgonang go alafa Vicky kwantle ga go mo tshela madi. O ne a iketleeditse go tswelela ka kalafi kwantle ga go tshela madi, tota le fa hemoglobin ya gagwe e ka wela kwa tlase go fitlha go 5 g/dl. O ne gape a bolela gore go bo bolwetse bo ile jwa lemogiwa ka bonako le go bo go ile ga tsewa kgato ka bonako jaana go tlisa Vicky koo go mo file sebaka se se molemo sa gore a alafiwe ka katlego. O ne a dumela gore e tla bo e le lekgetlo la ntlha a alafa ka dikhemikale kwantle ga go tshela madi mo kgannyeng e e tshwanang le ya ga Vicky. Re ne ra leboga Dr. Graf thata e bile re kgatlhwa ke bopelokgale jwa gagwe le go bo a ikemiseditse go re thusa.

Mathata a Ikonomi

Potso e e neng e setse jaanong e ne e le gore, Re ne re tla duelela kalafi ya ga Vicky jang? Re ne ra gakgamala fa re bolelelwa gore kalafi ya dingwaga di le pedi e tla ja madi a a kana ka di-deutsche mark di le 150 000 (diranta di le 520 000). Re ne re se na madi a mantsintsi ao, mme le fa go ntse jalo, go ne go le botlhokwa gore Vicky a simolole go alafiwa ka bonakonako. E re ka re ne re tlogile kwa Sweden go ya go bona kalafi kwa Jeremane, re ne re sa dumelelwa go bona inshorense epe ya batho botlhe ya boitekanelo. Mme re ne ra iphitlhela re dutse ka mosetsanyana wa rona yo o lwalang thata le baitse ba tsa kalafi ba ba ikemiseditseng go re thusa mme le fa go ntse jalo re se na madi a a lekaneng.

Kokelo e ile ya re thusa ka go re bolelela gore kalafi e ka simololwa ka bonako fa re ka simolola go duela di-mark di le 20 000 (diranta di le 70 000) re bo re saena tumalano ya gore re tla duela a a setseng. Re ne re na le madi mangwe a re neng re a bolokile mme ka thuso ya ditsala le ba losika, re ne ra kgona go duela di-mark di le 20 000 (diranta di le 70 000)—mme go tweng ka a mangwe a a setseng?

Le teng mono re ile ra gakololwa gape gore ga re rosi mo ntweng ya rona ya go lwela tumelo. Mokaulengwe mongwe wa semoya, yo ka nako eo re neng re sa mo itse, o ne a iketleeditse go rwala maikarabelo a go duelela madi a a setseng. Le fa go ntse jalo, re ne re sa tlhoke go dirisa madi ao a a neng a re abela one ka bopelotshweu, ka gonne re ne ra kgona go dira dithulaganyo tse dingwe.

Baitse ba Kalafi ba Simolola Tiro

Kalafi ya dikhemikale e ne ya simololwa. Go ne ga feta malatsi le dibeke. Ka dinako tse dingwe, go ne go le boima thata e bile go lapisa rona le morwadiarona. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ne re itumetse thata e bile re leboga thata nako le nako fa re bona a bontsha matshwao a go tokafala. Kalafi ya dikhemikale e ne ya tsaya dikgwedi di le robedi. Tekanyetso e e kwa tlase go di gaisa tsotlhe ya hemoglobin ya ga Vicky e ne e le 6 g/dl, mme Dr. Graf o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe.

Go fetile dingwaga tse di fetang thataro, mme tlhatlhobo ya bofelo ya seedi sa mokokotlo wa gagwe ga se supe matshwao ape a lukemia. Gone jaanong ke mosetsana yo o itumetseng yo o se nang  matshwao ape a bolwetse. Ee, go bonala e kete ke kgakgamatso go bo Vicky a ile a fola gotlhelele. Re a itse gore bana ba le bantsi ba ba nang le jone bolwetse jono ba a swa le mororo ba fiwa kalafi ya dikhemikale le go tshelwa madi.

Re ile ra fenya ntwa ya rona ya tumelo mme gone re tla re thusiwa ke ba losika, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, le baitse ba kalafi. Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo le ile la re ema nokeng ka botlalo ka diura di le 24 ka letsatsi. Dr. Graf le badirikaene ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone go thusa Vicky go fola. Ka ntlha ya seno sotlhe, re leboga tota.

Tumelo ya Rona e Ile ya Nonotshiwa

Le fa go ntse jalo, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, re leboga Modimo wa rona Jehofa, ka ntlha ya tlhokomelo ya gagwe e e lorato le nonofo e re e boneng go tswa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Fa re leba kwa morago, re lemoga kafa re ileng ra ithuta mo gontsi ka gone le kafa se se re diragaletseng mo botshelong se ileng sa nonotsha tumelo ya rona ka teng.

Gone jaanong re eletsa ka peloyotlhe go tswelela re na le botsalano jo bogolo le Jehofa Modimo le go ruta morwadiarona botlhokwa jwa go tshela botshelo jo bo dumalanang le dilo tse a di batlang. Ee, re batla go mo naya boswa jwa semoya jo bo molemo gore a bone botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng e e tlang mo lefatsheng.—E neetswe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo le okamela setlhopha sa dinaga tse di farologaneng sa Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo. Dikomiti tseno tsone di bopiwa ke baithaopi ba Bakeresete ba ba thapisitsweng go rotloetsa tirisanommogo mo gare ga dingaka le balwetse ba Basupi. Go na le Dikomiti tse di fetang 1 400 tsa Puisano le Dikokelo tse di thusang balwetse mo dinageng tse di fetang 200.