Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ela Tlhoko Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo

Ela Tlhoko Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo

 Ela Tlhoko Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo

“O dirile dilo di le dintsi, wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena.”—PESALEMA 40:5.

1, 2. Re na le bosupi bofe jwa ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo, mme seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

FA O bala Baebele o kgona go lemoga ka bonako gore Modimo o ne a direla batho ba gagwe ba bogologolo, Baiseraele, dilo tse di gakgamatsang. (Joshua 3:5; Pesalema 106:7, 21, 22) Tota le fa Jehofa gone jaanong a sa tsenye letsogo ka tsela eo mo dikgannyeng tsa batho, re bona bosupi jo bontsi jwa ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang go re dikologa. Ka jalo re na le lebaka la go bua jaana jaaka mopesalema: “A bo ditiro tsa gago di le dintsi jang ne, Jehofa! O di dirile tsotlhe ka botlhale. Lefatshe le tletse ditiro tsa gago.”—Pesalema 104:24; 148:1-5.

2 Batho ba le bantsi gompieno ba itlhokomolosa bosupi joo jo bo bonalang sentle jwa ditiro tsa Mmopi. (Baroma 1:20) Le fa go ntse jalo, re tla bo re dira sentle fa re akanya ka tsone le go dira ditshwetso tse di dumalanang le seemo le boikarabelo jo re nang le jone fa pele ga Modiri wa rona. Dikgaolo tsa Jobe 38 go ya go 41 di ka re thusa thata mo kgannyeng eno ka gonne mo go tsone Jehofa o ile a lemotsha  Jobe dintlha dingwe malebana le ditiro tsa Gagwe tse di gakgamatsang. Akanya ka dintlha dingwe tse di botlhokwa tse Modimo a ileng a di bua.

Ditiro Tse di Maatla le Tse di Gakgamatsang

3. Jaaka fa go kwadilwe mo go Jobe 38:22, 23, 25-29, Modimo o ile a botsa ka dilo dife?

3 Nako nngwe Modimo o ile a botsa Jobe jaana: “A o tsene mo matlong a polokelo a kapoko, kgotsa a o bona matlo a polokelo a sefako, se ke se boloketseng nako ya matshwenyego, letsatsi la tlhabano le ntwa?” Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe kapoko le sefako di wa ka metlha. Modimo o ile a tswelela a re: “Ke mang yo o kgaogantseng moedi wa morwalela le tsela ya leru le le dumang la diphefo tsa matsubutsubu, go dira gore e nele lefatshe le go se nang motho mo go lone, mo nageng e go se nang motho wa mo lefatsheng mo go yone, go kgotsofatsa mafelo a a iteilweng ke matsubutsubu le a a kgakgabetseng le go dira gore bojang bo tlhoge? A pula e na le rre, kgotsa ke mang yo o belegeng marothodi a monyo? Tota dikgapetla tsa metsi di tswa mo sebopelong sa ga mang, mme fa e le segagane sa legodimo sone, ke mang yo ruri a se belegang?”—Jobe 38:22, 23, 25-29.

4-6. Ke ka tsela efe kitso e motho a nang le yone ka kapoko e sa felelang?

4 Batho bangwe ba ba nnang mo setšhabeng se se tshelelang mo lepotlapotleng ba ba tshwanelwang ke go tsaya mesepele ba ka tsaya kapoko e le selo fela se se ba kgoreletsang. Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba bantsintsi ba tsaya kapoko e le selo se se itumedisang, se se dirang gore naga e nne ntle mariga mme ba nne le tshono ya go dira ditiro dingwe tse di kgethegileng. O akantse ka potso e Modimo a e boditseng, a o na le kitso e e tseneletseng ka kapoko, le e leng gore e lebega jang? Ebu, re itse gore mokoa wa yone o lebega jang, gongwe go tswa mo dinepeng tsa dithota tsa kapoko kana ka gonne re kile ra e bona ka namana e le ntsi. Mme go tweng ka lenathwana lengwe le lengwe la kapoko? A o itse gore le lebega jang, e le gore gongwe o kile wa le sekaseka sentle?

5 Batho bangwe ba feditse makgolokgolo a dingwaga ba ithuta ka manathwana a kapoko le go a tsaya ditshwantsho. Lenathwana la kapoko le ka tswa le na le dikgapetlana di le lekgolo tse di boruma tsa metsi a a gatsetseng ka dipopego tse dintle tse di farologaneng. Buka ya Atmosphere ya re: “Ke kgang e e itsegeng gore manathwana a kapoko a bopegile ka ditsela tse dintsintsi tse di sa tshwaneng, mme le mororo borasaense ba gatelela gore ga go na molao ope wa tlholego o o thibelang gore a tshwane, ga go ise go ko go bonwe manathwana ape a mabedi a kapoko a a tshwanang. . . . Wilson A. Bentley o ne a dira patlisiso e kgolo go gaisa epe fela e e kileng ya dirwa, ka go fetsa dingwaga tse di fetang 40 a tlhatlhoba manathwana a kapoko le go a tsaya ditshwantsho ka maekorosekopo mme go sa tle gore a fitlhele ape a mabedi a a tshwanang tota.” Tota le fa go ka direga gore ka sewelo go fitlhelwe a mabedi a go lebegang a tshwana, a ruri seo se ka fetola tsela e manathwana a kapoko a farologanang ka tsela e e gakgamatsang thata ka yone?

6 Gakologelwa potso ya Modimo: “A o tsene mo matlong a polokelo a kapoko?” Batho ba le bantsi ba akanya gore maru ke mabolokelo a kapoko. A o ka akanya o ya kwa mabolokelong ano o fitlha o leba dikgapetla tsa kapoko go ya ka dipopego tsa tsone tse di sa tshwaneng o bo o sekaseka kafa di dirilweng ka teng? Saetlopedia nngwe ya saense ya re: “Tsela e dinyutlease tsa metsi a a suleng dikgapetla di bopegileng ka yone le e di simologileng ka yone, tse di tlhokegang gore marothodi a maru a swe dikgapetla ka themperetšha ya -40°F (-40°C), ga e ise e tlhaloganngwe sentle.”—Pesalema 147:16, 17; Isaia 55:9, 10.

7. Kitso ya batho ka ga pula e tseneletse go le kana kang?

7 Kgotsa go tweng ka pula? Modimo o ile a botsa Jobe jaana: “A pula e na le rre, kgotsa ke mang yo o belegeng marothodi a monyo?” Yone saetlopedia eno ya saense ya re: “Ka ntlha ya go raraana ga metsamao mo loaping le go farologana thata ga mouwane le moya, go lebega go sa kgonege go tlhalosa ka botlalo kgopolo ya mokgwa o maru le go na ga pula di diregang ka  one.” Ka mafoko a a sa raraanang re ka re, borasaense ba tlhalositse dikgopolo fela tse ba di akanyetsang ka ga pula, mme tota ga ba kgone go e tlhalosa sentle ka botlalo. Le fa go ntse jalo, o a itse gore pula eno e e botlhokwa e a na, e nosetsa lefatshe, e godisa dijalo le go dira gore dilo di tshele le gore botshelo bo nne monate.

8. Ke eng fa mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go Ditiro 14:17 a tshwanela?

8 A o ne o ka se dumalane le se moaposetoloi Paulo a ileng a se swetsa? O ne a kgothaletsa batho ba bangwe gore mo ditirong tseno tse di gakgamatsang ba leke go bona bosupi malebana le Yo o di dirileng. Paulo o ile a bua jaana ka Jehofa Modimo: “[O] ne a se ka a itlogela a se na bosupi ka gore a ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.”—Ditiro 14:17; Pesalema 147:8.

9. Ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo di bontsha maatla a gagwe jang?

9 Ga go na pelaelo gore Modiri wa ditiro tse di gakgamatsang le tse di molemo jalo o na le botlhale jo bogolo le maatla a a boitshegang. Akanya seno ka maatla a gagwe: Ga twe go nna le ditumo tsa maru ka makgetlho a ka nna 45 000 letsatsi le letsatsi, a feta dimilione tse 16 ka ngwaga. Seno se bolela gore ka one motsotso ono go na le tse 2 000 tse di diregang. Maru a a raraaneng a tumo e le nngwe ya maru a fuduega ka maatla a a lekanang le a dibomo tsa nuklea di le lesome kgotsa go feta tse di neng tsa digwa ka Ntwa ya Lefatshe II. O bona mangwe a maatla ao a le mo sebopegong sa legadima. Ga se fela gore legadima le a gakgamatsa, totatota le thusa go tlhagisa dikarolwana tse di farologaneng tsa naeterojene e e fitlhang mo mmung mme dijalo di bo di e monya e le monontsha wa tlholego. Ka jalo go benya ga legadima go bontsha maatla, mme gape go re solegela molemo ka tsela e e molemo.—Pesalema 104:14, 15.

O Swetsa ka go Reng?

10. O ne o ka araba jang dipotso tse di mo go Jobe 38:33-38?

10 Akanya o le Jobe, o bodiwa dipotso ke Modimo Mothatayotlhe. O ka tswa o dumela gore bontsi jwa batho ga ba ele tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo. Jehofa o re botsa dipotso tse  re di balang mo go Jobe 38:33-38. “A o itse melao ya magodimo, kgotsa a o ka baya taolo ya one mo lefatsheng? A o ka tsholeletsa lentswe la gago kwa lerung, gore bontsi jo bo boitshegang jwa metsi bo go bipe? A o ka romela dikgadima gore di tsamaye mme di go reye di re, ‘Ke rona bano!’? Ke mang yo o tsentseng botlhale mo marung a a tlhatlaganeng, kgotsa ke mang yo o neetseng dikgakgamatso tsa loapi tlhaloganyo? Ke mang yo o ka balang palo ya maru ka botlhale a sa e fose, kgotsa dinkgo tsa metsi tsa legodimo—ke mang yo o ka di tshololang, ka lorole lo tshologa go nna jaaka e kete seretse se se thetsweng, le makwete a mmu a ngaparagana?”

11, 12. Dingwe tsa dilo tse di bontshang gore Modimo ke Modiri wa dilo tse di gakgamatsang ke dife?

11 Re amile dintlha di sekae fela tse Elihu a buileng ka tsone le Jobe, mme re lemogile dingwe tsa dipotso tse Jehofa a ileng a kopa Jobe gore a di arabe “jaaka monna yo o nonofileng.” (Jobe 38:3) Re a re “dingwe” ka gonne mo go kgaolo 38 le 39 Modimo o ile a lebisa tlhokomelo mo dikarolong tse dingwe tse di botlhokwa tsa popo. Ka sekai, dinaledi tsa magodimo. Ke mang yo o itseng melao kana melawana yotlhe ya tsone? (Jobe 38:31-33) Jehofa o ile a lebisa tlhokomelo ya ga Jobe mo go dingwe tsa diphologolo—tau le legakabe, podi ya dithaba le pitse ya naga, poo ya naga le ntšhwe, pitse e e nonofileng le ntsu. Tota re ka re, Modimo o ile a botsa Jobe gore a ke ene yo o dirileng mefuta eno ya diphologolo di na le mekgwa e e farologaneng gore di tshele le go ikatisa. O ka itumelela go ithuta dikgaolo tseno segolobogolo fa o rata dipitse kgotsa diphologolo tse dingwe.—Pesalema 50:10, 11.

12 Gape o ka sekaseka Jobe kgaolo 40 le 41, moo Jehofa a kopang Jobe gape gore a tsibogele dipotso tse di malebana le ditshedi dingwe tse pedi. Re dumela fa diphologolo tseo e le kubu (Behemothe), e e boitshegang ka bogolo e bile e na le mmele o o nonofileng, le kwena e e boitshegang ya Nile (Lefiathane). Nngwe le nngwe ya tsone ke karolo ya popo e e gakgamatsang e e tlhokang gore re e ele tlhoko. Mma jaanong re sekaseke gore ke tshwetso efe e re tshwanetseng go e dira.

13. Dipotso tsa Modimo di ile tsa ama Jobe jang, mme rona dilo tseno di tshwanetse go re ama jang?

13 Jobe kgaolo 42 e re bontsha tsela e dipotso tsa Modimo di ileng tsa ama Jobe ka yone. Pelenyana Jobe o ile a lebisa tlhokomelo mo go ene ka namana le mo bathong ba bangwe. Mme gone Jobe o ile a fetola tsela ya gagwe ya go akanya ka go amogela go kgalemelwa ka dipotso tse Modimo a neng a mmotsa tsone. O ile a ipobola jaana: “Ke a itse gore [Jehofa] o kgona go dira dilo tsotlhe, e bile ga go na kgopolo epe e o sa kgoneng go e fitlhelela. ‘Ke mang yono yo o fifatsang kgakololo a se na kitso?’ Ka jalo ke ne ka bua, mme ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse di gakgamatsang tota mo go nna, tse ke sa di itseng.” (Jobe 42:2, 3) Ee, morago ga gore Jobe a ele ditiro tsa Modimo tlhoko, o ile a re dilo tseno di ne di gakgamatsa tota mo go ene. Le rona fa re sena go sekaseka ditiro tseno tse di gakgamatsang tsa popo, re tshwanetse go kgatlhiwa ke botlhale le maatla a Modimo. Ka boikaelelo bofe? A e tshwanetse go nna fela gore re kgatlhiwe ke maatla le bokgoni jo bogolo jwa ga Jehofa? Kana a re tshwanetse go tlhotlheletsega go dira se se fetang seo?

14. Dafide o ile a tsibogela jang ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo?

14 Ebu, mo go Pesalema 86 re fitlhela mafoko a a tshwanang le ano a a neng a buiwa ke Dafide, yo mo pesalemeng e e tlang pele ga eno a ileng a re: “Magodimo a bolela kgalalelo ya Modimo; mme phuthologo e bolela tiro ya diatla tsa gagwe. Letsatsi morago ga le lengwe le dira gore go buiwe thata, le bosigo morago ga jo bongwe bo supa kitso.” (Pesalema 19:1, 2) Mme Dafide o ile a dira se se fetang seo. Mo go Pesalema 86:10, 11, re bala jaana: “O mogolo e bile o dira dilo tse di gakgamatsang; o Modimo, wena o le esi. Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.” Tsela e Dafide a ileng a bontsha go tlotla Mmopi ka yone ka ntlha ya ditiro tsotlhe tsa Gagwe tse dintle e akaretsa go mmoifa ka tlotlo mo go tshwanelang. O ka tlhaloganya lebaka la gone. Dafide o ne a sa batle go kgopisa Ene yo o kgonang go dira ditiro tseno tse di gakgamatsang. Le rona ga re a tshwanela go dira jalo.

15. Ke eng fa go ne go tshwanela gore Dafide a bontshe go boifa Modimo?

15 Dafide o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore e re ka Modimo a na le maatla a a boitshegang e bile a kgona go a laola, a ka a dirisa mo bathong bape fela ba ba sa mo itumediseng. Mo go bone seo ke selo se se sa itumediseng. Modimo o ne a botsa Jobe jaana: “A o tsene mo matlong a polokelo a kapoko, kgotsa a o bona matlo a polokelo a sefako, se ke se boloketseng nako ya matshwenyego, letsatsi la tlhabano le ntwa?” Kapoko, sefako, dipula tse dikgolo, phefo  le dikgadima tsotlhe ke dilo tse a ka di dirisang mo tlhabanong. Mme a bo e le dilo tse di maatla jang ne tsa tlholego!—Jobe 38:22, 23.

16, 17. Ke eng se se bontshang maatla a a boitshegang a Modimo a nang le one, mme o ile a dirisa maatla ao jang mo nakong e e fetileng?

16 O ka tswa o gopola mangwe a masetlapelo a lefelo la lona a a neng a bakwa ke sengwe sa dilo tseno—kgwanyape, setsokotsane, sefefo, pula ya sefako kana merwalela e megolo. Ka sekai, go ya kwa bofelong jwa ngwaga wa 1999, sefefo se segolo se ne sa itaya borwabophirima jwa Yuropa. Se ile sa gakgamatsa le bomankge ba maemo a bosa tota. Diphefo tsa matsubutsubu di ne di tshwara lobelo lwa dikilometara tse 200 ka ura, di tlhatlhamolola diketekete tsa marulelo, di diga ditora tse dikgolo tsa motlakase le go pitikolola dilori. Leka go bona seno mo mogopolong: Sefefo seo se ne sa khumola kana sa robaka ditlhare di le dimilione tse 270, di le 10 000 tsa tsone e le kwa phakeng ya Versailles fela, kafa ntle ga Paris. Motlakase o ne wa kgaoga mo matlong a le dimilionemilione. Palo ya batho ba ba suleng e batlile e tshwara 100. Seno sotlhe se diregile mo lobakeng lo lo khutshwane fela. A maatla a a boitshegang ruri!

17 Motho a ka nna a tsaya pula ya matlakadibe e le tiragalo ya tshoganyetso, e e itlelang fela, e e sa laolegeng. Mme gone, go ne go ka direga eng fa Yo o maatla otlhe a ne a ka dira ditiro tse di gakgamatsang a dirisa maatla a a ntseng jalo ka tsela e e laolegang? O ne a dira sengwe se se ntseng jalo bogologolo mo motlheng wa ga Aborahame, yo o neng a ithuta gore Moatlhodi wa lefatshe lotlhe o ne a sekasekile boikepo jwa metse e mebedi ya Sodoma le Gomora. Ba ne ba le boikepo thata jaana mo e leng gore dilelo tsa batho ba ba neng ba lela ka ntlha ya bone di ne tsa tlhatlogela kwa Modimong, yo o neng a thusa botlhe ba ba siameng go falola fa metse eo e ne e atlholwa. Hisitori e bega jaana: “Foo Jehofa a dira gore go ne sulefera le molelo tse di tswang kwa go Jehofa, kwa magodimong,” mo metseng eo. Eo e ne e le tiro e e gakgamatsang tota, go namola basiami fa go fedisiwa batho ba ba boikepo jo bo feteletseng.—Genesise 19:24.

18. Isaia kgaolo 25 e bua ka dilo dife tse di gakgamatsang?

18 Moragonyana Modimo o ile a dira tshwetso ya go atlhola motse wa bogologolo wa Babelona, o e ka tswang e le motse o o umakwang mo go Isaia kgaolo 25. Modimo o ne a bolelela pele gore motse ono o ne o tla senngwa: “O dirile motse mokoa wa maje, motse o o sireletsegileng marope a a wang, tora ya bonno ya batswakwa gore e se ka ya nna motse, o o se kitlang o agiwa sesha ka bosakhutleng.” (Isaia 25:2) Batho ba gompieno ba etelang naga ya Babelona ba ka tlhomamisa gore seno se ile sa direga. A go senngwa ga Babelona go ile ga itlela fela? Nnyaa. Go na le moo, re ka amogela tshekatsheko eno ya ga Isaia: “Wena Jehofa, o Modimo wa me. Ke a go godisa, ke baka leina la gago, gonne o dirile dilo tse di gakgamatsang, maikaelelo go tswa metlheng ya bogologolo, ka boikanyegi, ka go ikanngwa.”—Isaia 25:1.

Ditiro Tse di Gakgamatsang mo Isagweng

19, 20. Re ka lebelela gore Isaia 25:6-8 e tlile go diragadiwa jang?

19 Modimo o ne a diragatsa boporofeti jono jo bo fa godimo mo nakong e e fetileng mme o tla tsaya kgato ka tsela e e molemo mo isagweng. Go tsamaelana le kgang eno, mo Isaia a umakang “dilo tse di gakgamatsang” tsa Modimo teng, re fitlhela boporofeti jo bo ikanyegang jo bo sa ntseng bo tla direga fela jaaka go atlholwa ga Babelona go ile ga diragadiwa. Ke ‘selo sefe se se gakgamatsang’ se se solofeditsweng? Isaia 25:6 ya re: “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.”

20 Boporofeti joo ruri bo tla diragadiwa mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng le le  tlogang le tla. Ka nako eo, batho ba tla imololwa mathata a gone jaanong a a imelang batho ba bantsi jaana. Tota e bile, boporofeti jo bo mo go Isaia 25:7, 8 bo re tlhomamisetsa gore Modimo o tla dirisa maatla a gagwe a popo go dira nngwe ya ditiro tse di gakgamatsang go di gaisa tsotlhe: “Ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe. Mme kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.” Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a nopola mafoko ao mme a a amanya le nako ya fa Modimo a tla bo a tsosa batho ba ba suleng. A bo eo e tla bo e le tiro e e gakgamatsang jang ne!—1 Bakorintha 15:51-54.

21. Modimo o tla direla baswi ditiro dife tse di gakgamatsang?

21 Lebaka le lengwe la go bo dikeledi tsa khutsafalo di tla fela ke gore batho ba tla fodisiwa makoa a mmele. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa ba le bantsi—a foufolola difofu, a thibolola bosusu, a fodisa ba ba golafetseng. Johane 5:5-9 e bolela gore o ne a fodisa monna yo o neng a na le dingwaga tse 38 a le segole. Batho ba ba neng ba mmona ba ne ba tsaya seno e le selo se se gakgamatsang. Mme go ne go ntse jalo! Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a ba bolelela gore selo se se tla gakgamatsang go gaisa e tla nna fa a tsosa baswi: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo.”—Johane 5:28, 29.

22. Ke eng fa batlhoki le ba ba gateletsweng ba ka nna le tsholofelo?

22 Ruri seo se tla direga ka gonne yo o se solofetsang ke Jehofa. Tlhomamisega gore fa a dirisa maatla a gagwe a go tsosolosa dilo ka kelotlhoko, go tla nna le matswela a a gakgamatsang. Pesalema 72 e bua ka se a tla se dirang ka Morwawe wa Kgosi. Ka nako eo mosiami o tla itumela. Kagiso e tla nna ntsi. Modimo o tla namola batlhoki le batho ba ba gateletsweng. O solofetsa jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba. Leungo la gagwe le tla nna jaaka kwa Lebanona [wa bogologolo], mme ba ba tswang kwa motseng ba tla ntsha dithunya jaaka dimela tsa lefatshe.”—Pesalema 72:16.

23. Ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo di tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

23 Ga go pelaelo gore re na le lebaka la go ela tlhoko ditiro tsotlhe tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa—tse a di dirileng mo nakong e e fetileng, tse a di dirang gone jaanong le tse a tla di dirang mo isagweng. “A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang ditiro tse di gakgamatsang a le esi. Gape a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng, mme a kgalalelo ya gagwe e tlale lefatshe lotlhe. Amen le Amen.” (Pesalema 72:18, 19) Seo e tshwanetse ya nna kgang e re e tlotlang ka matlhagatlhaga le ba masika a rona le batho ba bangwe. Ee, a re “[boleleng] kgalalelo ya gagwe mo ditšhabeng, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo ditšhabeng tsotlhe.”—Pesalema 78:3, 4; 96:3, 4.

O Tla Araba Jang?

• Dipotso tse di neng tsa bodiwa Jobe di gatelela jang kafa kitso ya batho e tlhaelang ka teng?

• O kgatlhilwe ke dikai dife tsa ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo tse di tlhalositsweng mo dikgaolong tsa Jobe 37-41?

• Re tshwanetse go tsiboga jang fa re sena go sekaseka dingwe tsa ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

O akanyang fa o bona mefutafuta ya dikgapetla tsa kapoko le maatla a a boitshegang a legadima?

[Motswedi wa Setshwantsho]

snowcrystals.net

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Dira gore ka metlha o umake ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo mo motlotlong wa gago