Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

 A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Mo go Baroma 5:3-5, ke eng fa moaposetoloi Paulo a ile a umaka tsholofelo kwa bofelong jwa lenaane la gagwe?

Paulo o ne a umaka dilo tse dintsi tse di ileng tsa diragalela Bakeresete—pitlagano, boitshoko, boemo jo bo amogelesegang le tsholofelo. “Tsholofelo” eno ga se tsholofelo ya ntlha e motho a e bonang mo Baebeleng, go na le moo, ke tsholofelo e e nonotshitsweng, e e tseneletseng e Mokeresete a nnang nayo fa nako e ntse e tsamaya.—12/15, ditsebe 22-3.

Ke eng fa Mokeresete gompieno a ka kgatlhegela metshameko ya diatleletiki e e neng e tshwarelwa kwa Gerika wa bogologolo?

Go tlhaloganya mokgwa le ditlwaelo tsa metshameko eo go ka dira gore motho a tlhaloganye ditemana tse dintsi tsa Baebele. Dingwe tsa tsone di bua ka ‘go gaisana go ya ka melao,’ ‘go apola bokete bongwe le bongwe le go leba sekao sa ga Jesu,’ ‘go taboga lobelo go ya bofelong’ le go amogela serwalo, kana sekgele. (2 Timotheo 2:5; 4:7, 8; Bahebera 12:1, 2; 1 Bakorintha 9:24, 25; 1 Petere 5:4)—1/1, ditsebe 28-30.

Ke tsela efe e ntšha ya go bolela dikgang tse di molemo e e ileng ya simololwa ka January 1914?

Ka nako eo go ne ga gololwa “Photo-Drama of Creation.” E ne e le puo ya dikarolo tse nnè mmogo le dikarolwana tsa ditshwantsho tsa baesekopo le diselaete tse dintsintsi tsa mmala tse di dirilweng ka galase, tse bontsi jwa tsone di neng di tsamaisana kana di tshamekiwa mmogo le direkoto tsa fonokerafa tsa dipuo tse di di tlhalosang. Go ne go dirilwe disete di le 20 tsa Terama eno mme di ne di dirisiwa gongwe le gongwe go ruta batho molaetsa wa Baebele.—1/15, ditsebe 8-9.

Setlhopha se se Laolang se farologana jang le lekgotla la semolao?

Le fa gone bakaedi ba lekgotla la semolao ba tlhophiwa mo maemong a bone ke maloko a lone, Setlhopha se se Laolang ga se tlhomiwe ke motho ope go na le moo se tlhomiwa ke Jesu Keresete. Ga go tlhokege gore bakaedi ba mekgatlho e e farologaneng e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e nne maloko a Setlhopha se se Laolang. Kwa pokanong ya bosheng ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, maloko a Setlhopha se se Laolang a e neng e le bakaedi le badiredibagolo ba mokgatlho ono ba ile, ka go rata, ba tlogela maemo a bone. Maemo a bone a ile a tsewa ke bakaulengwe ba ba godileng ba “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Ka tsela eo Setlhopha se se Laolang se ka kgona go dirisa nako e e oketsegileng se rulaganya dijo tsa semoya le go tlhokomela ka ditsela tse dingwe dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe.—1/15, ditsebe 29, 31.

Ke dikao dife tse pedi tsa Baebele tse re ka di sekasekang go ithuta kafa re ka itshokelang go kgobega marapo ka teng?

Se sengwe ke sa ga Hana, mmaagwe Samuele. O ka bo a ile a dumela gore a kgobege marapo fa Eli moperesiti yo mogolo wa Iseraele a ne a mo latofatsa ka tsela e e sa tshwanelang. Mme go na le moo, o ne a mo tlhalosetsa mabaka ka tlhamalalo mme e le ka tlotlo. Mo godimo ga moo, Hana ga a ka a nna le sekgopi le Eli. Sa bobedi ke Mareko, yo o tshwanetseng a bo a ne a ile a kgobega marapo fa moaposetoloi Paulo a ne a gana go mo akaretsa mo loetong lwa bone lwa borongwa. Go na le gore a utlwe botlhoko ka ntlha ya go latlhegelwa ke tshiamelo eno, o ne a tswelela ka tirelo ya gagwe e e tlhagafetseng, a tsamaya le Barenabase.—2/1, ditsebe 20-2.

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka go naya ba bangwe, kana go amogela mo go bone dikhopi tsa dithulaganyo tsa khomputara (software programs)?

Bontsi jwa dithulaganyo tseno tsa khomputara (go akaretsa le metshameko) di na le dilaesense tse di dumelelang fela mong wa yone/motho yo o e dirisang go tsenya thulaganyo eo mo khomputareng e le nngwe. Gantsi ke go tlola melao ya ditshwanelo go direla ba bangwe dikhopi, tota le fa re di aba mahala. Bakeresete ba batla go ikobela molao, ba ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ (Mareko 12:17)—2/15, ditsebe 28-9.

Cyril le Methodius e ne e le bomang, mme ba thusitse jang ka thuto ya Baebele?

E ne e le bana ba motho ba ba tsholetsweng kwa Thesalonika, kwa Gerika, mo lekgolong la borobongwe la dingwaga. Ba ne ba simolola mokwalo wa dipuo tsa Se-Slav mme ba ranolela bontsi jwa Baebele mo puong ya Se-Slav.—3/1, ditsebe 28-9.

Polelwana e e reng “go tlhoma mogopolo mo moyeng” e raya goreng?—Baroma 8:6.

Go raya go laolwa, le go tlhotlhelediwa ke moya o o dirang wa ga Jehofa. Re ka dira gore moya wa Modimo o dire mo go rona ka go bala le go ithuta Baebele, ka go ikobela molao wa Modimo ka pelo yotlhe le go rapelela moya wa Modimo.—3/15, tsebe 15.

Ke eng se re ka se dirang fa re akanya gore ga re tlhaloganngwe sentle?

Go botlhokwa go leka go baakanya kgang ka moya wa lorato. Fa seo se bonala se sa atlege, o se ka wa kgobega marapo. Kopa tlhaloganyo le thuso mo go Jehofa, yo o “tlhatlhobang dipelo.” (Diane 21:2; 1 Samuele 16:7)—4/1, ditsebe 21-3.