Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Fenya!

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Fenya!

 Bokeresete Jwa Boammaaruri bo a Fenya!

“Lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.”—DITIRO 19:20.

1. Tlhalosa tsela e Bokeresete bo ileng jwa gola ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

BAKERESETE ba pele ba ne ba bolela lefoko la Modimo ka tlhagafalo e e neng e ka se ka ya kgaupediwa ka go bo ba ne ba nonotshiwa ke maatla a moya o o boitshepo. Rahisitori mongwe o ile a kwala jaana: “Bokeresete bo ile jwa anama ka lobelo lo logolo mo dinageng tse di busiwang ke Roma. Ka ngwaga wa 100 go ka direga gore porofense nngwe le nngwe e e neng e le mo melelwaneng ya Mediterranean e ne e na le setlhopha sa Bakeresete mo go yone.”

2. Satane o ile a leka go emisa dikgang tse di molemo jang mme seno se ne se boleletswe pele jang?

2 Satane Diabolo o ne a se ka a kgona go tswala Bakeresete ba pele melomo. Go na le moo, o ne a leka go emisa dikgang tse di molemo ka tsela e sele—botlhanogi. Jesu o ne a boleletse pele tiragalo eno mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mofero. (Mathaio 13:24-30, 36-43) Moaposetoloi Petere le ene o ne a tlhagisitse gore barutisi ba maaka ba ne ba tla nna teng mo phuthegong, ba tlisa makoko a a senyang. (2 Petere 2:1-3) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a tlhagisitse ka tlhamalalo gore botlhanogi bo ne bo tla nna gone pele letsatsi la ga Jehofa le goroga.—2 Bathesalonika 2:1-3.

3. Go ne ga direga eng morago ga loso lwa baaposetoloi?

3 Morago ga loso lwa baaposetoloi, dikgang tse di molemo di ile tsa hupediwa ke dithuto tsa boheitane le difilosofi. Jaaka go ne go boleletswe pele, barutisi ba maaka ba ile ba sokamisa le go kgotlela molaetsa o o itshekileng wa boammaaruri. Ka iketlo Bokeresete jwa boammaaruri bo ile jwa fekeediwa ke jwa maaka jo bo bidiwang Labokeresete. Go ne ga simologa setlhopha sa baruti se se neng sa leka go tima batho ba e seng baruti Baebele. Le fa palo ya ba ba neng ba ipitsa Bakeresete e ne e oketsega, kobamelo ya bone e ne e sa itsheka. Palo ya mafatshe a Labokeresete e leng mo go one e ne ya oketsega e bile o ile a nna setheo se se maatla le se se tlhotlheletsang batho ba Bophirima thata, le fa go ntse jalo Modimo o ne a sa ba amogele e bile a sa ba abele moya wa gagwe.

4. Ke eng fa leano la ga Satane la go kgoreletsa maikaelelo a Modimo le ile la se ka la atlega?

4 Le fa go ntse jalo, maano a ga Satane a go kgoreletsa maikaelelo a ga Jehofa a ne a se kitla a atlega. Tota le mo malatsing ao a a letobo a botlhanogi, bangwe ba ne ba sa ntse ba latela Bokeresete jwa boammaaruri.  Banna ba ba neng ba kwalolola Baebele ba ile ba tsaya matsapa a go dira jalo ka kelotlhoko. Ka gone, Baebele ka boyone e ne ya sala e sa fetoga le mororo molaetsa wa yone o ile wa sokamisiwa ke bontsi jwa ba ba neng ba ipolela ba na le tshwanelo ya go e ruta batho. Go ralala makgolokgolo a dingwaga bakanoki ba ba jaaka Jerome le Tyndale ba ile ba ranola Lefoko la Modimo le go le anamisa ka bopelokgale. Dimilione tsa batho di ile tsa kgona go nna le Baebele le mofuta mongwe wa Bokeresete le fa gone e ne e se jwa boammaaruri.

5. Moporofeti Daniele o ile a bolelela pele eng malebana le “kitso ya boammaaruri”?

5 Kgabagare, jaaka fa go boleletswe pele mo bukeng ya Daniele, ‘kitso ya boammaaruri e ne ya nna ntsi.’ Seno se diragetse ‘mo motlheng wa bokhutlo’—nako e re tshelang mo go yone gone jaanong. (Daniele 12:4) Moya o o boitshepo o ile wa dira gore barati ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe ba bone kitso e e tlhomameng kaga Modimo wa boammaaruri le maikaelelo a gagwe. Lefoko la Modimo le a atlega le e leng morago ga makgolokgolo a dingwaga go rutwa dithuto tsa botlhanogi! Gompieno dikgang tse di molemo di bolelwa gongwe le gongwe, di thusa batho gore ba solofele lefatshe le lesha le le itumedisang. (Pesalema 37:11) Mma jaanong re sekaseke go gola gono ga lefoko la Modimo mo motlheng wa gompieno.

Go Gola ga Lefoko Gompieno

6. Ke dintlha dife tsa boammaaruri tse Baithuti ba Baebele ba ileng ba di tlhaloganya ka 1914?

6 Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa tlhagafatsa setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele, ba gompieno ba itsiweng e le Basupi ba ga Jehofa. Ka 1914 ba ne ba setse ba tlhaloganya Baebele sentle. Ba ne ba tlhaloganya dintlha tse di molemo tsa boammaaruri malebana le maikaelelo a Modimo. Ba ne ba amiwa maikutlo thata ke lorato lwa ga Jehofa ka go romela Morwawe mo lefatsheng, ka go dira jalo a bula tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Gape ba ne ba simolola go itse leina la Modimo le botho jwa gagwe sentle le go di anaanela. Mo godimo ga moo, ba ile ba lemoga gore “metlha ya Baditšhaba” e ne e setse e fedile, e leng se se neng se bontsha gore nako e ne e atametse ya gore puso ya Bogosi jwa Modimo e tlisetse batho masego. (Luke 21:24, King James Version) A dikgang tse di molemo ruri! Boammaaruri jono jo bo maatla bo ne bo tshwanetse go itsisiwe batho botlhe gongwe le gongwe. Matshelo a batho a ne a le mo kotsing!

7. Boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa fenya jang mo motlheng wa gompieno?

7 Jehofa o ile a segofatsa setlhotswana seo sa Bakeresete  ba ba tloditsweng ka moya. Gompieno, palo ya batho ba ba amogelang Bokeresete jwa boammaaruri e fetile dimilione tse thataro. Gape lefoko la Modimo le aname le mafatshe a mantsi, ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelwa mo dinageng tse 235. Mo godimo ga moo, boammaaruri jwa Baebele bo na le maatla a magolo, bo fenya dikgoreletsi tsotlhe, tsa bodumedi le tse dingwe. Tiro eno ya go rera mo lefatsheng lotlhe e tlatsa bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa go nna gone ga ga Jesu a le mo maatleng a Bogosi.—Mathaio 24:3, 14.

8. Batho bangwe ba ile ba reng ka go gola ga Basupi ba ga Jehofa?

8 Fela jaaka borahisitori ba ile ba akgela ka go gola go gogolo ga Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bakanoki ba le bantsi ba ile ba akgela ka go gola ga palo ya batho ba ga Jehofa mo motlheng wa gompieno. Kwa United States bakanoki ba babedi ba ile ba kwala jaana mmogo: “Mo dingwageng tse 75 tse di fetileng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba gola ka lobelo lo logolo ngwaga le ngwaga . . . e bile ba dirile jalo mo lefatsheng lotlhe.” Lekwalopaka lengwe la kwa Afrika Botlhaba le bitsa Basupi gore ke “bongwe jwa madumedi a a golang ka lobelo lo logolo le a a tlotlegang thata a a itsegeng mo dinageng tsotlhe ka go kgomarela ga one dithuto tsa Baebele.” Lekwalopaka lengwe la Katoliki, le le gatisitsweng kwa Yuropa, le umaka “go gola go go boitshegang ga Basupi ba ga Jehofa.” Ke eng se se dirileng gore go nne le go gola go go kalo?

Moya o o Boitshepo o a Dira Gompieno

9. (a) Lebaka le legolo la go bo lefoko la Modimo le fenya gompieno ke lefe? (b) Jehofa o ngokela batho jang kwa go ene?

9 Lebaka le legolo la go bo lefoko la Modimo le fenya gompieno ke ka gonne moya wa ga Jehofa o dira ka tsela e e maatla fela jaaka mo lekgolong la ntlha. Jesu o ile a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Mafoko ano a supa gore Modimo ka bonolo o gogela batho ba ba nang le tshekamelo e e siameng kwa go ene a ikuela mo dipelong tsa bone. Ka tiro ya go rera ya Basupi ba gagwe, Jehofa o ngokela “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe”—batho ba lefatshe ba ba bonolo ba sekadinku—go tla go mo direla.—Hagai 2:6, 7.

10. Ke batho ba mefuta efe ba ba tsibogetseng lefoko la Modimo?

10 Moya o o boitshepo ga wa kgona fela go nonotsha batho ba Modimo go isa lefoko la Modimo  kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe; o tlhotlheleditse batho ba mefuta yotlhe go tsibogela dikgang tse di molemo. Eleruri batho ba ba amogetseng lefoko la Modimo ba tswa “mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.” (Tshenolo 5:9; 7:9, 10) Ba fitlhelwa gareng ga batho ba ba humileng le ba ba humanegileng, ba ba rutegileng thata le ba ba sa rutegang. Bangwe ba bone ba amogetse lefoko mo gare ga dintwa le dipogiso tse di setlhogo, fa ba bangwe bone ba dirile jalo ka dinako tsa fa go le kagiso le fa go ritibetse. Go tswa mo mebusong ya mefuta yotlhe, go tswa mo ditsong tsotlhe, go tswa mo dikampeng tsa pogiso le eleng mo matlong a segosi, banna le basadi ba tsibogetse dikgang tse di molemo ka tsela e e molemo.

11. Moya o o boitshepo o tlhotlheletsa botshelo jwa batho ba Modimo jang, mme ke pharologano efe e e leng gone?

11 Le fa gone batho ba Modimo ba farologana thata, ba tshedisana mmogo ka kutlwano. (Pesalema 133:1-3) Seno se oketsa bosupi jwa gore moya o o boitshepo o tlhotlheletsa botshelo jwa batho ba ba direlang Modimo. Moya wa gagwe ke maatla a a siameng a a tlhotlheletsang batlhanka ba gagwe go nna le lorato, boipelo, kagiso, bopelonomi le dinonofo tse dingwe tse di molemo. (Bagalatia 5:22, 23) Gompieno re kgona go bona sentle se moporofeti Malaki a ileng a se bolelela pele bogologolo: “Lo tla bona . . . pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.”—Malaki 3:18.

Lefoko la Modimo le a Fenya mo Badiring ba ba Tlhagafetseng

12. Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang ka tiro ya go rera, mme ba lebeletse gore go tsibogelwe jang tiro ya bone ya go rera?

12 Basupi ba ga Jehofa gompieno ga se batsenakereke ba ba nnang fela ba sa dire sepe. Ba nna le seabe se segolo mo tirong ya go rera. Jaaka Bakeresete ba pele, ba ithaopa go dira thato ya Modimo ka go rata, ba senka go thusa batho ba bangwe go ithuta ka ditsholofetso tsa Bogosi jwa ga Jehofa. Ke badirimmogo le Modimo ba ba phuthang batho ba bangwe gore le bone ba direle Jehofa, ba dira jalo go dumalana le moya o o boitshepo. Fa ba dira jalo ba bontsha bopelotlhomogi le lorato lo Jehofa a nang le lone mo bathong ba ba sa dumelang. Mme ba dira jalo le fa ba kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ba ba sotlang le go ba bogisa. Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe go ipaakanyetsa ditsela tse di sa tshwaneng tse dikgang tse di molemo di neng di tla tsibogelwa ka tsone. O ile a re: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse,  ba tla lo bogisa le lona; fa ba bolokile lefoko la me, ba tla boloka le la lona.”—Johane 15:20.

13. Ke dilo dife tse di tlhaelang mo go Labokeresete tse di leng motlele mo Basuping ba ga Jehofa?

13 Go kgatlha tota go bona kafa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba tshwanang ka teng le batho ba ba neng ba amogela Bokeresete jwa boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mme gape re kgona go bona kafa Basupi ba ga Jehofa ba farologanang thata ka teng le Labokeresete gompieno. Mokanoki mongwe o ile a kwala jaana ka khutsafalo morago ga go tlhalosa tsela e Bakeresete ba pele ba neng ba tlhagafaletse tiro ya go rera ka yone: “Fa go ka se fetolwe tsela e gone jaanong dilo di dirwang ka yone mo kerekeng gore tiro ya go rera e boe e tsewe gape e le boikarabelo jo bo botlhokwa jwa Mokeresete mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng, mme go bo go okediwa ka gore go tshelwe ka boitsholo jwa maemo a a kwa godimo go gaisa bope fela jo motho yo e seng modumedi a ka bo kgonang, re ka se ka ra kgona go nna le kgatelopele e kalo.” Tsone dilo tse Labokeresete a di tlhaelang di motlele mo Basuping ba ga Jehofa! Tumelo ya bone ke e e tshelang, ya boammaaruri, tumelo e e theilweng mo boammaaruring jwa Baebele jo ba ikutlwang ba patelesega go bo itsise batho botlhe ba ba ratang go reetsa.—1 Timotheo 2:3, 4.

14. Jesu o ile a tsaya bodiredi jwa gagwe jang, mme barutwa ba gagwe ba bontsha boikutlo bofe gompieno?

14 Jesu o ne a tsaya bodiredi jwa gagwe bo le masisi thata, a bo dira gore e nne selo se a amegileng thata ka sone. O ile a raya Pilato a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Batho ba Modimo ba ikutlwa jaaka Jesu. E re ka ba rata boammaaruri jwa Baebele ba leka go senka ditsela tsa go bo bolelela batho ba bantsi ka mo ba ka kgonang ka teng. Dingwe tsa ditsela tseno di supa botswerere jo bogolo.

15. Batho bangwe ba ile ba bontsha botswerere jang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo?

15 Kwa nageng nngwe ya Amerika Borwa, Basupi ba ne ba tsamaya ba raletse molatswana wa Noka ya Amazon go isetsa batho boammaaruri. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa go runya ntwa ya selegae ka 1995, go ne ga ilediwa batho go tsamaya ba raletse noka eo. E re ka Basupi ba ne ba ititeile sehuba go nna ba romelela batho ba ba kgatlhegang dikgatiso tsa Baebele, ba ile ba dira tshwetso ya gore ba romele molaetsa ka noka. Ba ne ba kwala makwalo mme ba a tsenya le dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo dibotlolong tsa polasetiki tse di sa tsenyang sepe. Morago ga moo ba ne ba latlhela dibotlolo mo nokeng. Ba ne ba tswelela ba dira jalo ka dingwaga di le nnè le sephatlo go fitlha go sa tlhole go ilediwa batho go tsaya mesepele mo nokeng. Batho botlhe ba ba neng ba le fa nokeng ba ne ba lebogela Basupi go bo ba ntse ba ba romelela dikgatiso. Mosadi mongwe yo e neng e ntse e le moithuti wa Baebele o ne a ba tlamparela a geletse dikeledi a bo a re: “Ke ne ke akanya gore nka se tlhole ke lo bona gape. Le fa go ntse jalo, fa ke simolola go amogela dikgatiso ka mabotlolo, ke ne ka itse gore ga lo a ntebala!” Batho ba bangwe ba ba nnang go bapa le noka ba ile ba bolela gore ba ne ba ntse ba bala dimakasine ka go di boaboeletsa. Metse ya teng e mentsi e ne e na le “kantoro ya poso”—letsibogo le dilo tse di tlang le metsi di fitlhang di kgobokanela ka nakwana fa go lone. Ke gone fano fa gangwe le gape batho ba ba kgatlhegang ba neng ba tlhola “poso” ya bone e e tlang le noka gone.

16. Ka dinako tse dingwe go nna re iketleeleditse go ka re bulela jang tshono ya go dira barutwa?

16 Tiro ya go rera dikgang tse di molemo e kaelwa le go engwa nokeng ke Jehofa Modimo le baengele ba gagwe ba ba maatla. (Tshenolo 14:6) Ka dinako tse dingwe go tlhaga ditshono tse di sa lebelelwang tsa go dira batho barutwa fa re nna re iketleeleditse. Kwa Nairobi, Kenya, basadi ba babedi ba Bakeresete  ba ba neng ba le mo tirelong ya tshimo ba ne ba weditse matlo a ba neng ba a abetswe. Ka tshoganyetso lekgarebe lengwe le ne la tla kwa go bone mme la bua jaana ka boitumelo: “Ke ntse ke rapelela go kopana le batho ba ba tshwanang le lona.” O ne a kopa Basupi gore ba tle kwa legaeng la gagwe ka yone nako eo gore ba tle go tlotla le ene, mme ga simololwa thuto ya Baebele mo go lone letsatsi leo. Ke eng fa mosadi yono a ile a tla kwa Bakereseteng bano ka potlako jalo? Mo e ka nnang dibeke tse pedi pelenyana o ne a swetswe ke leseanyana la gagwe. Ka jalo e ne ya re fa a bona ngwana mongwe a tshotse pampitshana ya “Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba Rona ba ba Suleng?” o ne a e batla ka pelo yotlhe mme a kopa mosimane yono gore a mo fe yone. Mosimane o ne a gana, mme gone a mmontsha Basupi ba ba neng ba mo abetse pampitshana eno. Go ise go ye kae mosadi yono o ne a gatela pele sentle semoyeng mme o ne a kgona go itshokela botlhoko jo bogolo jwa go swelwa ke ngwana.

Lorato Lwa Modimo lo Tshwanetse go Fenya

17-19. Jehofa o bontshitse batho lorato jang ka thekololo?

17 Go gola ga lefoko la Modimo mo lefatsheng lotlhe go amana thata le setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu. Jaaka thekololo, tiro ya go rera e bontsha tsela e Jehofa a ratang batho botlhe ka yone. Moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Modimo o ratile lefatshe [le e leng batho] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

18 Akanya ka lorato lo Jehofa a lo bontshitseng ka go re neela thekololo. Modimo ka dingwaga tse di se nang palo, o ne a ntse a na le kamano e kgolo le Morwawe yo o tsetsweng a le esi yo a mo ratang thata, “tshimologo ya popo ka Modimo.” (Tshenolo 3:14) Jesu o rata Rraagwe thata, mme Jehofa o ne a rata Morwawe “pele lefatshe le thaiwa.” (Johane 14:31; 17:24) Jehofa o ne a letla gore Morwa yono yo a mo ratang a swe e le gore batho ba ke ba bone botshelo jo bo sa khutleng. A bo e le tsela e kgolo jang ne ya go bontsha batho lorato!

19 Johane 3:17 ya re: “Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng, e seng gore a tle go atlhola lefatshe, mme gore lefatshe le bolokwe ka ene.” Ka gone, Jehofa o rometse Morwawe go tla go dira tiro ya lorato ya go boloka batho, e seng ya go ba atlhola kana go ba bona molato. Seno se dumalana le mafoko ano a ga Petere: “[Jehofa] ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 Petere 3:9.

20. Poloko e amana jang le tiro ya go rera dikgang tse di molemo?

20 E re ka Jehofa a tlhomile tsela eo ya semolao ya gore batho ba bone poloko ka gore ene a latlhegelwe mo go kalokalo, o batla gore batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng ba e sole molemo. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “‘Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.’ Le fa go ntse jalo, ba tla bitsa jang yo ba sa dumelang mo go ene? Gape, ba tla dumela jang mo go yo ba sa utlwang ka ene? Gape, ba tla utlwa jang fa go se na ope yo o rerang?”—Baroma 10:13, 14.

21. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tshono ya go nna le seabe mo tirong ya go rera?

21 A bo e le tshiamelo e e molemo jang ne go nna le seabe mo tirong eno ya lefatshe ka bophara ya go rera le go ruta! Ga se tiro e e motlhofo, le fa go ntse jalo a bo Jehofa a itumela jang ne fa a bona batho ba gagwe ba tshela ka tsela e e dumalanang le boammaaruri ka boikanyegi e bile ba bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo! Ka jalo, le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, mma moya wa Modimo le lorato lo o mo ratang ka lone di go tlhotlheletse go nna le seabe mo tirong eno. Mme se lebale gore katlego e re e bonang e direga lefatshe ka bophara e neela bosupi jo bo tlhatswang pelo gore Jehofa Modimo o tla tloga a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go tlisa “magodimo a masha le lefatshe le lesha” tse di molemo ‘tse go tla nnang le tshiamo mo go tsone.’—2 Petere 3:13.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa botlhanogi bo ile jwa se ka jwa kgona go didimatsa bareri ba dikgang tse di molemo?

• Lefoko la Modimo le ile la fenya jang mo motlheng wa rona?

• Moya wa Modimo o dira ka ditsela dife gompieno?

• Thekololo e amana jang le go rerwa ga dikgang tse di molemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Kerafa/Setshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go gola ga palo ya baboledi ba Bogosi mo lekgolong la bo20 la dingwaga

Palogare ya Baboledi (ka dimilione)

6.0

5.5

5.0

4.5

4.0

3.5

3.0

2.5

2.0

1.5

1.0

0.5

1900 1910 1920 1930 1940 1950 1960 1970 1980 1990 2000

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

JEROME

TYNDALE

GUTENBERG

HUS

[Motswedi wa Setshwantsho]

Gutenberg and Hus: From the book The Story of Liberty, 1878

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Baithuti ba Baebele ba bolela dikgang tse di molemo ka bo1920

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Batho ba tsibogela dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tiro ya go rera e tlotlomatsa lorato lwa Modimo fela jaaka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete