Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Cyril le Methodius—Baranodi ba Baebele ba ba Neng ba Tlhama Ditlhaka

Cyril le Methodius—Baranodi ba Baebele ba ba Neng ba Tlhama Ditlhaka

 Cyril le Methodius—Baranodi ba Baebele ba ba Neng ba Tlhama Ditlhaka

“Setšhaba sa rona se kolobeditswe mme ga re na morutisi. Ga re itse Segerika le fa e le Selatine. . . . Ga re itse ditlhaka tse di kwalwang le fa e le bokao jwa tsone; ka gone re romelele barutisi ba ba ka re rutang mafoko a Dikwalo le bokao jwa one.”—Rostislav, kgosana ya Moravia, 862 C.E.

GOMPIENO, batho ba ba fetang dimilione di le 435 ba ba buang dipuo tse di amanang le Se-Slav ba na le thanolo ya Baebele ka segabone. * Ba le dimilione di le 360 mo go bone ba dirisa ditlhaka tsa Se-Cyril. Le fa go ntse jalo, makgolo a dingwaga a le 12 a a fetileng go ne go se na puo e e kwalwang le fa e le ditlhaka ka diteme tsa borraabonemogolo. Banna ba ba neng ba thusa go baakanya bothata joo e ne e le Cyril le Methodius, ba e neng e le bana ba motho. Batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba tla lemoga gore maiteko a bopelokgale le a go rata go simolola dilo tse disha a banna bano ba babedi a dirile gore ba nne le seabe se se molemo mo hisitoring ya go ngomaela le go etleetsa Baebele. Banna bano e ne e le bomang, mme ke dikgoreletsi dife tse ba neng ba lebana le tsone?

“Rafilosofi” le Molaodi

Cyril (827-869 C.E., pele o ne a bidiwa Constantine) le Methodius (825-885 C.E.) ba ne ba tsholelwa mo lelapeng la maemo kwa Thesalonika kwa Gerika. Ka nako eo go ne go buiwa dipuo tse pedi mo motseng wa Thesalonika; baagi ba teng ba bua Segerika le puo nngwe e e amanang le Se-Slav. Kgang ya go bo go ne go na le Ba-Slav ba bantsi teng e bile go na le kamano e kgolo gareng ga baagi ba teng le metse e mengwe ya Ba-Slav e e bapileng le one e ka tswa e le yone e e dirileng gore Cyril le Methodius ba nne le tshono ya go tlwaelana thata le puo ya Ba-Slav ba ba neng ba nna kwa borwa. Mme e bile mokwadi mongwe wa hisitori ya botshelo jwa ga Methodius o umaka gore mmaabone e ne e le wa lotso lwa Se-Slav.

Cyril o ne a fudugela kwa Constantinople, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Byzantium, morago ga loso lwa ga rraagwe. Fa a le koo o ne a fitlha a ithuta kwa yunibesithing ya segosi mme a tsalana le barutisi ba maemo a a kwa godimo. O ne a nna motlhokomedi wa laeborari ya Hagia Sophia, e leng kago ya kereke e e tumileng go gaisa tsotlhe kwa Botlhaba, mme moragonyana a nna porofesa ya filosofi. Tota e bile, Cyril o ne a simolola go itsiwe ka leina la mareto la Rafilosofi, ka ntlha ya katlego ya gagwe mo go tsa thuto.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, Methodius ene o ne a latelela thutego e e tshwanang le ya ga rraagwe—botsamaisi mo go tsa dipolotiki. O ne a fitlhelela  maemo a go nna archon (molaodi) wa kgaolo ya puso ya Byzantium e go neng go nna Ba-Slav ba bantsi kwa go yone. Le fa go ntse jalo, o ne a ya go nna kwa lefelong la baitlami kwa Bithinia, kwa Asia Minor. Cyril le ene o ne a ya go nna teng ka 855 C.E.

Ka 860 C.E., mobishopomogolo wa Constantinople o ne a romela banna bano ba babedi go ya go direla kwa dinageng di sele. Ba ne ba romelwa kwa nageng ya Ba-Khazar, batho ba ba nnang kwa bokonebotlhaba jwa Lewatle le Lentsho, ba ba neng ba sa ntse ba etsaetsega ba sa itse gore ba amogele bodumedi bofe gareng ga Boiselamo, Bojuda le Bokeresete. Fa a le mo tseleng go ya koo, Cyril o ne a sala ka nakwana kwa Chersonese, kwa Crimea. Bakanoki bangwe ba dumela gore fa a le koo o ne a ithuta Sehebera le Sesamarea le gore o ne a ranolela thutapuo ya Sehebera mo puong ya Ba-Khazar.

Go Bilediwa Kwa Moravia

Ka 862 C.E., Rostislav, kgosana ya Moravia (e gompieno e leng Czechia botlhaba, Slovakia bophirima, le Hungary bophirima), o ne a romelela Mmusi wa Byzantium, Michael III, kopo e e tlhagang mo serapeng se se kwa tshimologong—gore a romele batho ba ba neng ba tla ba ruta Dikwalo. Baagi ba Moravia ba ba buang Se-Slav ba ne ba setse ba rutilwe dithuto tsa kereke ke barongwa ba ba neng ba tswa kwa bogosing jwa Ba-Frank ba kwa Botlhaba (e jaanong e leng Jeremane le Austria). Le fa go ntse jalo, Rostislav ene o ne a amegile thata ka tlhotlheletso ya sepolotiki le ya baruti ba merafe ya Bajeremane. O ne a solofetse gore go ikamanya le Constantinople ka bodumedi go ne go tla thusa gore setšhaba sa gagwe se ikemele ka nosi mo go tsa dipolotiki le bodumedi.

Mmusi o ne a dira tshwetso ya gore a romele Methodius le Cyril kwa Moravia. Banna bano ba babedi ba ne ba eme sentle go ka etelela tiro eo pele ka ntlha ya thutego ya bone le go itse dipuo ga bone. Mokwadi mongwe wa hisitori ya botshelo jwa bone wa lekgolo la borobongwe la dingwaga o bolela gore fa mmusi a ne a ba kgothaletsa go ya kwa Moravia o ne a ntsha mabaka ano: “Loobabedi lo baagi ba Thesalonika, mme Bathesalonika botlhe ba bua Se-Slav se se tlhapileng.”

Go Tlhangwa Ditlhaka le Thanolo ya Baebele

Mo dikgweding tse di neng tsa latela pele ga ba tsamaya, Cyril o ne a ipaakanyetsa tiro eno ka go direla Ba-Slav mokwalo. Ga twe o ne a le tsebe ntlha mo go tlhaloganyeng thuto ya modumopuo. Ka gone, o ne a leka go dira tlhaka nngwe le nngwe ya modumo wa lefoko lengwe le lengwe la Se-Slav a dirisa ditlhaka tsa Segerika le Sehebera. * Badiradipatlisiso bangwe ba dumela gore o ne a setse a na le dingwaga tse dintsi a simolotse go tlhama ditlhaka tseo. Mme go sa ntse go sa itsewe sentle gore tota ditlhaka tse Cyril a neng a di tlhama di ne di bopegile jang.—Bona lebokoso la “Se-Cyril Kana Se-Glagol?”

 Ka yone nako eo, Cyril o ne a simolola thulaganyo e e bonako ya go ranola Baebele. Go ya ka dipolelo tsa bogologolo, o ne a simolola ka go ranolela polelwana eno ya ntlha ya Efangele ya ga Johane mo puong ya Se-Slav go tswa mo Segerikeng a dirisa ditlhaka tse disha tse a sa tswang go di tlhama: “Mo tshimologong Lefoko o ne a le gone . . . ” Cyril o ne a tswelela ka go ranola Diefangele tse nnè, makwalo a ga Paulo le buka ya Dipesalema.

A o ne a dira seno a le nosi? Go ka direga thata gore le Methodius o ne a tsenya letsogo mo tirong eno. Mo godimo ga moo, buka ya The Cambridge Medieval History e bolela jaana: “Go ka direga gore [Cyril] o ne a thusiwa ke batho ba bangwe, ba ba ka tswang e ne e le batho ba puo ya bone e leng Se-Slav mme ba ithutile Segerika. Fa re sekaseka dithanolo tsa bogologolo go gaisa tsotlhe, . . . re kgona go bona bosupi jo bogolo jwa gore o ne a dirisa Se-Slav sa maemo a a kwa godimo se a ka tswang a kgonne go se dirisa ka ntlha ya go thusiwa ke batho bangwe ba bone ka bobone e neng e le Ba-Slav.” Karolo yotlhe e e setseng ya Baebele e ne ya wediwa moragonyana ke Methodius jaaka fa re tla bona.

“Jaaka Magakabe a Tlhasela Phakalane”

Ka 863 C.E., Cyril le Methodius ba ne ba simolola tiro ya bone kwa Moravia koo ba neng ba amogelwa ka diatla tsoopedi gone. Kwantle ga go ranola mafoko a Baebele le a a dirisiwang mo kobamelong, tiro ya bone e ne e akaretsa le go ruta setlhopha sa batho ba koo mokwalo o mosha o ba sa tswang go o tlhama wa Se-Slav.

Le fa go ntse jalo, go ne go le thata. Baruti ba Ba-Frank ba Moravia ba ne ba le kgatlhanong thata le gore go dirisiwe Se-Slav. Ba ne ba dumela kgopolo ya gore go dirisiwe dipuo tse tharo fela, ba re Selatine, Segerika le Sehebera ke tsone fela tse di neng di amogelesega mo kobamelong. Bana bano ba motho ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Roma ka 867 C.E. ba solofetse gore mopapa o tla ema nokeng puo eno e ba neng ba sa tswa go tlhama mokwalo wa yone.

Fa Cyril le Methodius ba le mo tseleng, kwa Venice ba ne ba kopana le setlhopha se sengwe gape sa baruti ba Selatine ba ba neng ba buelela kgopolo eno ya dipuo tse tharo. Mokwadi mongwe ba bogologolo wa hisitori ya botshelo jwa ga Cyril o re bolelela gore bobishopo ba teng, baruti le baitlami ba ile ba mo tlhasela ka mafoko “jaaka magakabe a tlhasela phakalane.” Go ya ka pego eo, Cyril o ne a ikarabela ka go nopola 1 Bakorintha 14:8, 9: “Gonne eleruri, fa terompeta e utlwatsa mokgosi o o sa utlwaleng sentle, ke mang yo o tla ipaakanyetsang tlhabano? Ka yone tsela eo gape, fa lona ka teme lo sa bue puo e e tlhaloganyesegang motlhofo, go tla itsiwe jang gore ke eng se se buiwang? Tota e bile, lo tla bo lo buela mo moyeng.”

Fa kgabagare banna bano ba fitlha kwa Roma, Mopapa Adrian II o ne a ba naya tetla ya gore ba dirise Se-Slav ka botlalo. Morago ga dikgwedi di sekae, Cyril o ne a lwala thata fa a sa ntse a le kwa Roma. Mo nakong e e sa feteng dikgwedi tse pedi morago ga foo, o ne a swa a na le dingwaga di le 42.

Mopapa Adrian II o ne a kgothaletsa Methodius go boela kwa tirong ya gagwe kwa Moravia le kwa kgaolong e e gaufi le toropo ya Nitra kwa go se jaanong e leng Slovakia. E re ka mopapa a ne a batla go nonotsha tlhotlheletso ya gagwe mo lefelong leo, o ne a naya Methodius makwalo a a neng a mo letla gore a dirise Se-Slav a ba a mo tlhoma go nna mobishopomogolo. Le fa go ntse jalo, ka 870 C.E., bishopo wa Mo-Frank e bong Hermanrich, o ne a tshwara Methodius a thusiwa ke Kgosana Svatopluk, wa Nitra. O ne a tsenngwa mo kgolegelong dingwaga di le pedi le sephatlo mo lefelong la baitlami le le kwa borwabotlhaba jwa Jeremane. Kgabagare motlhatlhami wa ga Adrian II e bong Mopapa John VIII o ne a laela gore Methodius a gololwe, a busediwe mo tirong ya gagwe ya bobishopo a ba a tlhomamisa gore o engwa nokeng ke mopapa mo go diriseng Se-Slav mo kobamelong.

Mme baruti ba Ba-Frank ba ne ba tswelela ka go mo ganetsa. Methodius o ile a iphemela ka katlego mo ditatofatsong tsa gore o kgelosa batho mme kgabagare Mopapa John VIII a mo abela lekwalo la kano le le laelang gore go dirisiwe Se-Slav mo kerekeng. Mopapa wa gone jaanong e bong John Paul II o ile a dumalana gore Methodius o ile a fetsa botshelo jwa gagwe a “le mo maetong, a kgaphelwa kwa thoko, a boga, a ilwa e bile a bogisiwa, . . . tota le e leng go tsenngwa mo kgolegelong ka tsela e e setlhogo.” Selo se se gakgamatsang ke gore o ne a dirwa jalo ke bobishopo le dikgosana tse di neng di rata Roma.

Go Ranola Baebele e e Feletseng

Le fa Methodius a ne a ganediwa thata, o ne a wetsa go ranola karolo e e setseng ya Baebele ka Se-Slav a thusiwa ke bakwadi ba le mokawana ba mokwalo wa matshwao. Go ya ka dipolelo tsa bogologolo o ne a kgona go wetsa namane eno e tona ya tiro mo dikgweding di le robedi fela. Le fa go ntse jalo, o ne a  se ka a ranola dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone tsa Bamakabise.

Gompieno, ga go motlhofo go lemoga sentle boleng jwa thanolo e e dirilweng ke Cyril le Methodius. Go sa ntse go na le mekwalo ya seatla e le mmalwa fela e e kwadilweng mo nakong e e atamalaneng le thanolo ya bone ya ntlhantlha. Fa baitsedipuo ba sekaseka mekwalo eo ya bogologolo ba lemoga gore thanolo ya yone e ne e lolame e baya dilo ka tsela e e utlwalang sentle. Buka ya Our Slavic Bible e bolela gore bana bano ba motho ba babedi “ba ne ba tshwanelwa ke go tlhama mafoko a mantsi a masha le dipolelwana . . . Mme ba ne ba dira seno sotlhe ka tolamo e e gakgamatsang [mme] ga dira gore Se-Slav e nne puo e e humileng ka mafoko.”

Boswa jo bo Nnetseng Ruri

Morago ga gore Methodius a swe ka 885 C.E., barutwa ba gagwe ba ile ba lelekwa kwa Moravia ke baganetsi ba bone ba Ba-Frank. Ba ne ba tshabela kwa Bohemia, kwa Poland borwa le kwa Bulgaria. Ka gone tiro ya ga Cyril le Methodius e ne ya tswelela pele ya ba ya anama. Se-Slav se bana bano ba motho ba babedi ba neng ba dirile gore e nne puo e e kwalwang le e e nnetseng ruri, se ne sa gola, sa tlhabololwa mme morago sa nna le diteme tse di farologaneng. Gompieno puo ya Se-Slav e akaretsa dipuo tse di farologaneng di le 13 le diteme tse dingwe tse dintsi.

Mo godimo ga moo, maiteko a bopelokgale a ga Cyril le Methodius a go ranola Baebele a ne a nna le matswela mo dithanolong tse di farologaneng tsa Dikwalo mo dipuong tsa Se-Slav tse di leng gone gompieno. Dimilione tsa batho ba ba buang dipuo tseno ba solegelwa molemo ke go nna le Lefoko la Modimo ka segabone. Le fa ba ile ba ganediwa setlhogo, a bo mafoko ano a le boammaaruri jang ne: ‘Lefoko la Modimo wa rona le tla nna ka bosakhutleng’!—Isaia 40:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Dipuo tsa Se-Slav di buiwa kwa Yuropa Botlhaba le Bogare mme di akaretsa Se-Russia, Se-Ukraine, Se-Serb, Se-Poland, Se-Czech, Se-Bulgaria le diteme tse di tshwanang le tsone.

^ ser. 13 Fa go twe “Se-Slav,” mo setlhogong seno go buiwa ka puo ya Se-Slav e Cyril le Methodius ba e dirisitseng mo kabelong ya bone le mo tirong ya bone ya bokwadi. Batho bangwe gompieno ba dirisa mareo “Se-Slav sa Bogologolo” kana “Se-Slav sa Kereke ya Bogologolo.” Baitsedipuo ba a dumalana gore Ba-Slav ba lekgolo la borobongwe la dingwaga C.E. ba ne ba se na puo e e nosi fela e e tshwanang.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Se-Cyril Kana Se-Glagol?

Popego ya ditlhaka tse Cyril a neng a di tlhama e ile ya tsosa kgang ya moruthutha e re ka baitsedipuo ba sa itse sentle gore e ne e le ditlhaka dife. Ditlhaka tse di bidiwang Se-Cyril di ikaegile thata ka ditlhaka tsa Segerika mme ga okediwa bobotlana ka tse dingwe di le lesomepedi tse di neng tsa tlhamiwa gore di utlwatse segalo sa puo ya Se-Slav se se seyong mo go ya Segerika. Le fa go ntse jalo, dingwe tsa dikwalo tsa seatla tsa bogologolo tsa Se-Slav di dirisa mokwalo o o farologaneng gotlhelele o o bidiwang Se-Glagol mme ke one mokwalo o bakanoki ba le bantsi ba dumelang gore o ne wa tlhangwa ke Cyril. Ditlhaka di sekae tsa Se-Glagol di bonala di tswa mo mokwalong o o tshwaragantsweng wa Segerika kana Sehebera. Tse dingwe di ka tswa di tlhamilwe go tswa mo mokwalong wa modumopuo wa metlha ya bogare, mme gone bontsi jwa tsone ke tsa ntlhantlha e bile di raraane. Go bonala mokwalo wa Se-Glagol o farologane thata e bile e le wa ntlhantlha. Le fa go ntse jalo, mokwalo wa Se-Cyril ke one o o neng wa fetoga mokwalo wa segompieno wa Se-Russia, Se-Ukraine, Se-Serbia, Se-Bulgaria le Semakedonia, kwantle ga dipuo tse dingwe gape tse 22 tse dingwe tsa tsone e seng tsa Se-Slav.

[Setshwantsho—Ditlhaka tsa Se-Cyril le Se-Glagol]

[Mmapa mo go tsebe 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lewatle la Baltic

(Poland)

Bohemia (Czechia)

Moravia (E. Czechia, W. Slovakia, W. Hungary)

Nitra

BOGOSI JWA BOTLHABA JWA BA-FRANK (Jeremane & Austria)

ITALY

Venice

Rome

Lewatle la Mediterranean

BULGARIA

GREECE

Thesalonika

(Crimea)

Lewatle le Lentsho

Bithinia

Constantinople (Istanbul)

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Baebele ya Se-Slav ka mokwalo wa Se-Cyril go tloga ka 1581

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bible: Narodna in univerzitetna knjiz̆nica-Slovenija-Ljubljana