Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Memeno ya Lewatle le le Suleng—Ke Eng fa o Tshwanetse go e Kgatlhegela?

Memeno ya Lewatle le le Suleng—Ke Eng fa o Tshwanetse go e Kgatlhegela?

 Memeno ya Lewatle le le Suleng—Ke Eng fa o Tshwanetse go e Kgatlhegela?

Pele ga fa Mememo ya Lewatle le le Suleng e ribololwa, mekwalo ya seatla ya Dikwalo Tsa Sehebera ya bogologolo go gaisa yotlhe e e neng e le gone e ne e le ya go tloga ka mo e ka nnang lekgolo la dingwaga la borobonngwe le la bolesome C.E. A ruri mekwalo eno ya seatla e ne e ka ikanngwa gore ke melaetsa e e ikanyegang ya Lefoko la Modimo, e re ka Dikwalo Tsa Sehebera di ne di setse di feditswe go kwalwa dingwaga di feta di le sekete pele ga moo? Porofesa Julio Trebolle Barrera, leloko la setlhopha sa boditšhabatšhaba sa barulaganyi ba Memeno ya Lewatle le le Suleng, o tlhalosa jaana: “Isaiah Scroll [e e tswang kwa Qumran] e ntsha bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore molaetsa wa mokwalo wa Baebele o bakwalolodi ba Bajuda ba ntseng ba o kwalolola ka seatla ka dingwaga tse di fetang sekete o ne wa kwalololwa ka boikanyegi jo bogolo le ka kelotlhoko.”

MOMENO o Barrera a buang ka one o na le buka e e feletseng ya Isaia. Go tla go fitlha gompieno, mo mekwalong ya seatla ya Baebele e e fetang 200 e e bonweng kwa Qumran, go ne ga bonwa dikarolo tsa buka nngwe le nngwe ya Dikwalo Tsa Sehebera kwantle ga buka ya Esethere fela. Go farologana le Momeno wa Isaia, bontsi jwa yone ke bontlhanngwe fela jwa buka eo, jo bo nang le nngwesomeng fela ya yone. Dibuka tsa Baebele tse di neng di itsege thata kwa Qumran e ne e le Dipesalema (dikhopi di le 36), Duteronome (dikhopi di le 29), le Isaia (dikhopi di le 21). Tseno ke dibuka tse gape di nopolwang gangwe le gape mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Le mororo memeno eno e bontsha gore Baebele ga e a fetoga thata, gape e bontsha gore go ya bokgaleng jo bo rileng, go ne go na le dithanolo tse di farologaneng tsa mekwalo ya Baebele ya Sehebera e e neng e dirisiwa ke Bajuda mo motlheng wa Tempele ya Bobedi, nngwe le nngwe e farologana go sekae le tse dingwe. Ga se memeno yotlhe e e tshwanang le dikgatiso tsa Masora ka mokwalo le ka mafoko. Mengwe ya yone e tshwana thata le Septuagint ya Segerika. Mo nakong e e fetileng, bakanoki ba ne ba akanya gore dipharologanyo tse di leng mo go Septuagint di ne di bakilwe ke diphoso kgotsa ke diphetogo tse moranodi a di tsentseng ka boomo. Jaanong memeno eno e bontsha gore dipharologano tse dintsi tseno di bakilwe ke go bo mokwalo wa Sehebera o sa tshwane. Seno se tlhalosa sentle lebaka la go bo Bakeresete ba bogologolo ba ne ba nopola mokwalo wa Dikwalo Tsa Sehebera ba dirisa mafoko a a sa tshwaneng le a mokwalo wa Masora.—Ekesodo 1:5; Ditiro 7:14.

Ka jalo, letlotlo leno le le seng kana ka sepe la memeno ya Baebele le manathwana a lone ke sedirisiwa se se molemo thata sa go ithuta molaetsa wa mokwalo wa Sehebera wa Baebele. Memeno ya Lewatle le le Suleng e supile kafa Septuagint le Dikwalo Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Basamaria di leng botlhokwa ka teng. Ke tse dingwe tsa dilo tse baranodi ba Baebele ba ka di dirisang fa ba batla go tokafatsa mokwalo wa Masora. Ka dinako tse dingwe, di ile tsa bontsha gore tshwetso e e dirilweng ke New World Bible Translation Committee ya go busetsa leina la ga Jehofa mo le neng le tlositswe gone mo mokwalong wa Masora e ne e le e e siameng.

Memeno e e tlhalosang melao le ditumelo tsa lekoko la kwa Qumran e tlhalosa ka phepafalo gore go ne go na le mefuta e le mentsi ya kobamelo  ya Sejuda mo motlheng wa ga Jesu. Dingwao tsa lekoko la kwa Qumran di ne di farologane le tsa Bafarasai le Basadukae. Dipharologano tseno e ka tswa e le tsone tse di dirileng gore lekoko leno le itlhaolele kwa nageng. Ba ne ba akanya ka tsela e e phoso gore ke bone ba diragatsang Isaia 40:3 e e buang ka lentswe kwa nageng le le reng go tlhamaladiwe tsela ya ga Jehofa. Manathwana a le mantsi a memeno a bua ka Mesia, yo bakwadi ba yone ba neng ba bona go tla ga gagwe go le gaufi thata. Seno se kgatlha thata ka ntlha ya kakgelo ya ga Luke ya gore “batho ba ne ba letile” go tla ga ga Mesia.—Luke 3:15.

Memeno ya Lewatle le le Suleng e re naya lesedinyana la go tlhaloganya botshelo jwa Bajuda mo motlheng o Jesu a neng a rera ka one. E re naya tshedimosetso e re ka e dirisang fa re ithuta Sehebera sa bogologolo le mokwalo wa Baebele. Le fa go ntse jalo, mokwalo wa Memeno e le mentsi ya Lewatle le le Suleng o sa ntse o tlhoka go sekasekiwa thata. Ka jalo, go sa ntse go ka nna ga lemogiwa dilo dingwe tse disha. Ee, jaaka fa re ntse re tsena mo lekgolong la bo21 la dingwaga, thibololo eno e kgolo go gaisa tsotlhe ya lekgolo la bo20 la dingwaga e tswelela pele go kgatlha bakanoki le baithuti ba Baebele.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Qumran excavations: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.; manuscript: Courtesy of Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem