Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Gongwe le Gongwe Koo ke Neng ke Tlhokega Gone

Go Direla Gongwe le Gongwe Koo ke Neng ke Tlhokega Gone

 Kgang ya Botshelo

Go Direla Gongwe le Gongwe Koo ke Neng ke Tlhokega Gone

JAAKA GO BOLETSE JAMES B. BERRY

E ne e le ka 1939. Kwelotlase e Kgolo ya Ikonomi e ne e dira gore botshelo bo nne thata kwa United States mme ntwa e ne e runya go ralala Yuropa. Nna le morwarre yo mmotlana e bong Bennett, re ne re ile ra tsaya loeto go tswa kwa legaeng la rona kwa Mississippi go ya kwa Houston, kwa Texas, re ya go batla tiro.

KA LETSATSI lengwe go ya bofelong jwa selemo, re ne ra utlwa kitsiso e e tshosang mo radiong: Masole a ga Hitler a ne a tsene kwa Poland. Morwarre o ne a goeletsa jaana: “Aramagedona e simolotse!” Re ne ra tlogela ditiro tsa rona gone fela foo. Re ne ra ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi mme ra nna teng kwa pokanong ya rona ya ntlha. Goreng re ne re ya Holong ya Bogosi? Mma ke simolole kwa tshimologong.

Ke ne ka tsholelwa kwa Hebron, kwa Mississippi, ka 1915. Re ne re nna kwa motseselegaeng. Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba tla kwa lefelong la rona gangwe ka ngwaga mme ba bo ba rulaganya gore go neelwe puo kwa ntlong ya mongwe. Ka ntlha ya seo, batsadi ba me ba ne ba na le dikgatiso tse dintsi tsa Baebele. Nna le Bennett re ne ra dumela dilo tse di rutiwang mo dibukeng tseno: Dihele ga di fise, moya o a swa, basiami ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le mo gontsi mo re neng re tshwanetse go go ithuta. Nakonyana morago ga gore ke fetse sekolo, nna le morwarre re ne ra ya kwa Texas go ya go batla tiro.

Fa kgabagare re ikgolaganya le Basupi kwa Holong ya Bogosi, ba ne ba re botsa gore a re babulatsela. Re ne re sa itse gore mmulatsela ke modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Go tswa foo ba ne ba re botsa gore a re ne re ka rata go rera. Re ne ra araba ka gore “Ee!” Re ne re akanya gore ba ne ba tla romela mongwe go re bontsha gore re dire jang. Go na le moo, ba ne ba re  naya mmapa fela mme ba re raya ba re, “Berekang fano!” Nna le Bennett re ne re sa itse sepe ka ga go rera, mme re ne re sa batle go tlhabiwa ke ditlhong. Kwa bofelong, re ne ra latlhela karata eo ya tshimo mo teng ga lebokoso lengwe la poso mme ra boela kwa Mississippi!

Go Dira Boammaaruri Jwa Baebele Gore e Nne Jwa Rona

Fa re sena go boela gae, re ne ra bala dikgatiso tsa Basupi letsatsi le letsatsi mo e ka nnang ngwaga otlhe. Go ne go se na motlakase kwa gae, ka jalo maitseboa re ne re bala ka lesedi la molelo. Ka nako eo batlhanka ba kgaolo kana balebedi ba ba etang, ba ne ba etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa le Basupi ba ba kwa mafelong a a kwa thoko gore ba ba nonotshe mo semoyeng. Mongwe wa batlhanka bano e bong Ted Klein, o ne a etela phuthego ya rona mme a tsamaya le nna le Bennett mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo, gantsi a tsamaya le rona ka bobedi ka nako e le nngwe. O ne a re tlhalosetsa gore tiro ya bobulatsela ke eng.

Go tsamaya le ene go ile ga dira gore re akanye ka masisi ka go direla Modimo ka tsela e kgolwane. Ka gone, ka April 18, 1940, Mokaulengwe Klein o ne a kolobetsa nna, Bennett le kgaitsadiarona e bong Velva. Batsadi ba rona ba ne ba le teng fa re kolobediwa mme ba ne ba itumelela tshwetso ya rona. Mo e ka nnang dingwaga di le pedi moragonyana, le bone ba ne ba kolobediwa. Ka bobedi jwa bone ba ne ba nna ba ikanyega mo Modimong go fitlha ba swa—Rre ka 1956 mme Mmè ene ka 1975.

Fa Mokaulengwe Klein a mpotsa gore a nka kgona go bula tsela, ke ne ka mmolelela gore ke ne nka rata, mme ke ne ke se na madi, diaparo, ke ne ke se na sepe. O ne a bolela jaana: “Go siame, ke tla baakanya seo.” Mme o ne a dira jalo. Sa ntlha o ne a romela foromo ya me ya bobulatsela. Morago go foo o ne a tsamaya le nna go ya kwa New Orleans, bokgakala jwa dikilometara di ka nna 300 mme a mpontsha difolete dingwe tse dintle kwa godimo ga Holo ya Bogosi. E ne e le tsa babulatsela. Go ise go ye kae ke ne ka fudugela koo mme ka simolola tiro ya me ya bobulatsela. Basupi ba kwa New Orleans ba ne ba thusa babulatsela ka go ba naya diaparo, madi le dijo. Motshegare, bakaulengwe ba ne ba tle ba tlise dijo mme ba bo ba di tlogela fa pele ga lebati kana le e leng go di re tsenyetsa mo teng ga foriji. Mokaulengwe mongwe yo o neng a na le resetšhurente fa gaufi o ne a re laletsa gore re tle ka metlha ka nako ya fa ba tswala gore re tle go itseela dijo tse di sa ntseng di siame—tse di jaaka nama, borotho, setšhuu le diphae—tse di setseng tsa letsatsi leo.

Go Lebana le go Tlhaselwa ke Digopa

Morago ga nakonyana, ke ne ka abelwa go ya kwa Jackson, kwa Mississipi, go ya go bula tsela teng. Nna le mosha mongwe yo o neng a bula tsela le nna re ne ra lebana le go tlhaselwa ke digopa koo, mme go ne go bonala fa baemedi ba molao ba ne ba tshegetsa digopa tseno! Go ne go ntse fela jalo mo kabelong ya rona e e latelang—kwa Columbus, kwa Mississippi. E re ka re ne re rerela batho ba ditso le ditšhaba tsotlhe, batho bangwe ba basweu ba ne ba re tlhoile. Ba le bantsi ba ne ba akanya gore re na le molato wa boepapuso. Molaodi wa masole wa Mokgatlho wa Sesole sa Amerika, e leng mokgatlho wa boratanaga, le ene o ne a akanya jalo. Ka makgetlo a le mmalwa o ne a tlhotlheletsa digopa tse di galefileng go re tlhasela.

Lekgetlo la ntlha la fa re tlhaselwa kwa Columbus, e ne e le fa segopa sengwe se ne se re setse morago fa re ntse re tsamaisa dimakasine mo mmileng. Ba ne ba re kgarameletsa mo galaseng ya fensetere ya lebenkele. Setlhopha sa batho se ne sa kokoana go tla go bona gore go diragala eng. Go ise go ye kae, mapodise a ne a tla mme a re isa kwa ntlotshekelo. E re ka segopa seo se ne se re lateletse kwa ntlotshekelo, se ne sa bolela fa pele ga balaodi botlhe ba puso gore fa re ka tswa mo toropong ka letlha lengwe le le tlhomilweng, re tla tswa re tshela. Fa re ka tswa morago ga letlha leo, re tla tswa re  sa tshele! Re ne ra akanya gore go molemo gore re tswe mo toropong eo ka nakwana. Mme morago ga dibeke di sekae, re ne ra boela gape mme ra tswelela ka go rera.

Go ise go ye kae morago ga foo, segopa sa banna ba le robedi se ne sa kopana le rona mme sa re pateletsa go tsena mo dikoloing tsa bone tse pedi. Ba ne ba re tsenya mo sekgweng mme ba re apola diaparo tsa rona ba bo ba betsa mongwe le mongwe wa rona dithupa di le 30 ka lebanta la me! Ba ne ba tshotse ditlhobolo le megala mme re ne re tshogile tota. Ke ne ke akanya gore ba ne ba tlile go re bofa ba bo ba re latlhela mo nokeng. Ba ne ba gagola dikgatiso tsa rona mme ba di gasaganya ba bo ba thubaganyetsa fonokerafa ya rona mo sesaneng sa setlhare.

Fa ba sena go re kgwathisa, ba ne ba re laela gore re apare diaparo tsa rona mme re tsamaye ka tselana e e mo sekgweng re sa lebe kwa morago. Fa re ntse re tsamaya, re ne re akanya gore fa re ka leba kwa morago, ba tla re bolaya ka go re thuntsha—mme ba ka se ka ba dirwa sepe! Mme morago ga metsotswana e sekae, re ne ra utlwa ba kgweetsa ba tswa ba tsamaya.

Ka lekgetlo le lengwe, segopa se se galefileng se ne sa re lelekisa mme re ne ra tshwanela gore re bofelele diaparo tsa rona mo dithamong tsa rona mme re sape mo nokeng gore re tle re falole. Ka bonako morago ga foo, re ne ra tshwarwa re latofadiwa ka boepapuso. Re ne ra nna dibeke di le tharo kwa kgolegelong pele ga re ka sekisiwa. Tiragalo eno e ne ya phasaladiwa thata kwa Columbus. Baithuti ba kholetšhe e e gaufi ba ne ba letlelelwa gore ba tswe go sa le gale kwa tlelaseng gore ba tle ba nne teng fa re sekisiwa. Fa letsatsi leo le fitlha, kgotlatshekelo e ne ya tlala—go se na le mo motho a ka nnang teng! Batho bao e neng e le basupi ba Puso e ne e le baruti ba babedi, ratoropo le mapodise.

Moitsemolao mongwe wa Mosupi e bong G. C. Clarke le tsala ya gagwe ba ne ba romelwa gore ba tle go re emela. Ba ne ba kopa gore ditatofatso tsa boepapuso di tlosiwe ka go bo go se na bosupi. Moitsemolao yo o neng a bereka le Mokaulengwe Clarke, le fa gone e ne e se mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a re buelela ka tsela e e nonofileng. Ka nako nngwe o ne a raya moatlhodi a re, “Batho ba re Basupi ba ga Jehofa ba a tsenwa. A ba a tsenwa? Go ne go twe le Thomas Edison o a tsenwa!” Go tswa foo o ne a supa tsekedi ya lebone mme a re “Mme lebang lebone lele!” Bangwe ba ka tswa ba ne ba tsaya gore Edison, yo o tlhamileng tsekedi eno ya lebone o a tsenwa, mme ga go na ope yo o neng a ka ganetsana le se a se fitlheletseng.

Fa moatlhodi yo o okametseng kgotlatshekelo a sena go utlwa bosupi joo, o ne a bolelela mosekisi a re “Ga o na bosupinyana bo le bongwe jwa boepapuso, mme batho bano ba na le tshwanelo ya go dira tiro eno. O se ka wa tlhola o ba tlisa mo kgotlatshekelong eno le go tla go senya nako le madi a Puso le nako ya me go fitlhela o nna le bosupi!” Re ne ra fenya!

Le fa go ntse jalo, moragonyana moatlhodi o ne a re biletsa kwa ntlwaneng ya gagwe. O ne a itse gore toropo yotlhe e ne e le kgatlhanong le tshwetso e a e dirileng. Ka gone o ne a re tlhagisa jaana: “Se ke se buileng se tumalanong le molao mme kgakololo ya me mo go lona ka bobedi ke gore: Tswang mo lefelong leno, go seng jalo ba tla lo bolaya!” Re ne re itse gore o bua boammaaruri, ka gone re ne ra tswa mo toropong eo.

Go tswa foo ke ne ka ikopanya le Bennett le Velva, ba ba neng ba direla kwa Clarksville, kwa Tennessee, e le babulatsela ba ba kgethegileng. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, re ne ra abelwa go ya kwa Paris, kwa Kentucky. Morago ga ngwaga le sephatlho, re ne re setse re tloga re tlhoma phuthego  koo fa nna le Bennett re ne re amogela taletso e e kgethegileng thata.

Go ya Tirelong ya Borongwa

Fa re ne re bona taletso ya go nna teng kwa setlhopheng sa bobedi sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate, re ne ra ipolelela ra re ‘Ba tshwanetse ba bo ba dirile phoso! Go tla jang gore ba laletse basimanyana ba babedi ba ba sa reng sepe ba ba tswang kwa Mississippi go tla sekolong seno?’ Re ne re akanya gore ba ne ba batla batho ba ba rutegileng, mme le fa go ntse jalo re ne ra ya. Go ne go na le baithuti ba le 100 mo setlhopheng seo, mme khoso ya teng e ne ya tsaya dikgwedi di le tlhano. Letsatsi la go aloga e ne e le ka January 31, 1944 mme re ne re lebeletse pele go ya go dira kwa tshimong e sele. Mme mo dinakong tseo, go dira makwalo a mosepele le di-visa go ne go tsaya nako e telele, ka gone, baithuti ba ne ba fiwa dikabelo tsa nakwana kwa United States. Morago ga go direla re le babulatsela ka nakwana kwa Alabama le Georgia, kgabagare nna le Bennett re ile ra amogela kabelo ya rona—Barbados, kwa West Indies.

Ntwa ya Lefatshe II e ne e sa ntse e tsweletse, mme tiro le dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di thibetswe mo mafelong a le mantsi, go akaretsa le Barbados. Fa re fitlha mo melelwaneng, badiredibagolo ba ne ba phuruphutsa dithoto tsa rona mme ba fitlhela dikgatiso tse re neng re di fitlhile mo teng ga tsone. Re ne ra ipolelela ra re ‘Re sule.’ Mme go na le moo, modiredimogolo mongwe o ne a re raya fela a re: “Re maswabi go bo re ile ra tshwanelwa ke go phuruphutsa dithoto tsa lona, dingwe tsa dikgatiso tseno di thibetswe mo Barbados.” Le fa go ntse jalo, o ne a re letla gore re fete ka dikgatiso tsotlhe tse re neng re na natso! Moragonyana, fa re ne re neela badiredibagolo bangwe ba puso bosupi, ba ne ba bolela gore ga ba itse gore ke ka ntlha yang fa dikgatiso tseno di thibetswe. Morago ga dikgwedi di sekae, thibelo e ne ya tlosiwa.

Re ne ra atlega thata mo bodireding kwa Barbados. Mongwe le mongwe wa rona o ne a tshwara bobotlana dithuto di le 15 tsa Baebele mme baithuti ba le bantsi ba ne ba gatela pele semoyeng. Re ne ra itumela go bona bangwe ba bone ba tla dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, e re ka dikgatiso di ne di thibetswe ka nakwana, bakaulengwe ba koo ba ne ba sa itse kafa dipokano di tshwarwang ka teng gone jaanong. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae re ne ra kgona go thapisa bakaulengwe ba le mmalwa ba ba nang le bokgoni. Re ne ra itumela go thusa baithuti ba rona ba le bantsi gore ba simolole bodiredi jwa Bokeresete le go bona phuthego e gola.

Go Nna le Lelapa

Morago ga dikgwedi di le 18 kwa Barbados, ke ne ka tlhoka go ariwa mme ka tshwanela go boela kwa United States. Fa ke ntse ke le koo, ke ne ka nyala Mosupi mongwe yo o bidiwang Dorothy yo ke neng ke ntse ke kwalelana nae. Nna le mosadi wa me re ne ra bula tsela kwa Tallahassee, kwa Florida, mme morago ga dikgwedi di le thataro re ne ra fudugela kwa Louisville, kwa Kentucky, koo Mosupi mongwe a neng a ntsholofetsa tiro gone. Morwarre Bennett o ne a tswelela pele ka bodiredi jwa gagwe kwa Barbados ka dingwaga di le dintsi. Moragonyana o ne a nyala morongwakaene mme a nna molebedi yo o etang kwa ditlhaketlhakeng. Kgabagare, ba ne ba  boela kwa United States ka ntlha ya mabaka a botsogo. Ba ne ba tswelela ba thusa diphuthego tsa batho ba ba buang Se-Spain mo tirong ya go eta go fitlha Bennett a tlhokafala ka 1990 a na le dingwaga di le 73.

Ka 1950, Dorothy o ne a tshola ngwana wa rona wa ntlha, mosetsanyana yo re neng ra mmitsa Daryl. Kgabagare re ne ra nna le bana ba le batlhano. Ngwana wa rona wa bobedi e bong Derrick, o ne a swa a na le dingwaga di le pedi le sephatlo fela ka ntlha ya meningitis ya mokolela. Le fa go ntse jalo Leslie o ne a tlhaga ka 1956 mme Everett a latela ka 1958. Nna le Dorothy re ne ra leka go godisetsa bana ba rona mo tseleng ya boammaaruri jwa Baebele. Ka metlha re ne re leka go nna le thulaganyo ya thuto ya Baebele ya lelapa ya beke le beke le go dira gore bana botlhe ba e rate. Fa Daryl, Leslie le Everett ba ne ba sa ntse ba le babotlana, re ne re a tle re ba neye dipotso beke nngwe le nngwe gore ba dire dipatlisiso mme ba bo ba araba beke e e latelang. Gape ba ne ba tle ba dire dipontsho tsa tiro ya ntlo le ntlo. Yo mongwe mo go bone o ne a tsena mo go bewang diaparo teng mme a bo a itira mong wa ntlo. Yo mongwe o ne a ema kafa ntle mme a bo a kokota. Ba ne ba tshosana ka mafoko a a tshegisang mme seno se ne sa ba thusa gore ba rate tiro ya go rera. Mme gape re ne re rera le bone ka metlha.

Fa morwa wa rona wa gofele e bong Elton, a tsholwa ka 1973, Dorothy o ne a setse a le dingwaga tse di ka nnang 50 mme nna ke ne ke atamela 60. Kwa phuthegong, ba ne ba re bitsa Aborahame le Sara! (Genesise 17:15-17) Basimane ba bagolwane ba ne ba tsamaya le Elton mo bodireding. Re ne re akanya gore ke bosupi jo bo nonofileng mo bathong go bona malapa—bomorwamotho le bokgaitsadiabone, batsadi le bana—ba bereka mmogo, ba bolelela ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. Bomogolowe Elton ba ne ba refosana go mo rwala mo magetleng a bone ba bo ba mo naya pampitshana ya Baebele. Mo e ka nnang ka dinako tsotlhe batho ba ne ba reetsa fa ba bula lebati mme ba bona mosimanyana yo o botlhale yono mo magetleng a bomogolowe. Basimane ba ne ba ruta Elton go tsamaisetsa motho pampitshana morago ga motlotlo le gore a bue mafoko a sekae. Ke kafa a ileng a simolola go rera ka teng.

Go ralala dingwaga, re ile ga kgona go thusa ba bangwe go itse Jehofa. Kwa bofelong jwa bo1970, re ne ra fuduga go tswa kwa Louisville ra ya kwa Shelbyville, kwa Kentucky, go ya go thusa kwa phuthegong e go neng go na le tlhokego mo go yone. Fa re ntse re le koo, ga re a ka ra bona fela phuthego e gola mme gape re ile ra thusa go batla setsha le go aga Holo ya Bogosi. Moragonyana re ne ra kopiwa go ya go thusa kwa phuthegong e nngwe e e seng kgakala thata.

Go sa Tlhomama ga Botshelo Jwa Lelapa

Ke eletsa e kete bana ba rona botlhe ba ka bo ba ile ba tswelela mo tseleng ya ga Jehofa, mme ga go a ka ga nna jalo. Fa ba sena go gola mme ba tswa mo gae, ba le bararo ba bana ba rona ba banè ba ba setseng ba ne ba tlogela tsela ya boammaaruri. Le fa go ntse jalo, morwaarona Everett o ne a latela sekao sa me mme a tsena mo bodireding jwa nako e e tletseng. Moragonyana o ne a direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York mme ka 1984 o ne a lalediwa go nna teng kwa setlhopheng sa bo77 sa Gileate. Fa a sena go aloga, o ne a ya kwa kabelong ya gagwe kwa Sierra Leone, kwa Afrika Bophirima. Ka 1988 o ne a nyala Marianne, mmulatsela yo o neng a tswa kwa Belgium. Ba ile ba dira mmogo e le barongwa fa e sa le ka nako eo.

Jaaka motsadi mongwe le mongwe a ka akanya, go ne ga re utlwisa botlhoko go bona ba le bararo ba bana ba rona ba tlogela tsela ya botshelo e e kgotsofatsang gone jaanong mme e na le tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise mo isagweng. Ka dinako tse dingwe ke ne ke ipega molato. Mme le fa go ntse jalo, ke ne ka gomotsega go itse gore tota le bangwe ba bana ba semoya ba ga Jehofa kana baengele, ba ile ba tlogela go mo direla—le fa gone Jehofa a laya ka lorato le ka bopelonomi e bile a se ka le ka motlha a dira diphoso. (Duteronome 32:4; Johane 8:44; Tshenolo 12:4, 9) Seno se ile sa gatelela mo go nna ntlha ya gore go sa kgathalesege gore batsadi ba leka thata go le kana kang go godisetsa bana ba bone mo tseleng ya ga Jehofa, go ntse go le jalo, bangwe ba ka nna ba gana go amogela boammaaruri.

Jaaka setlhare se se phailwang ke diphefo tse di nonofileng, re tshwanetse go lepalepana le mathata a a farologaneng a re lebanang le one. Mo dingwageng tse di fetileng, ke ile ka bona gore thuto ya Baebele ya ka metlha le go nna teng kwa dipokanong go nnonotsha gore ke itshoke le go nna  ke ntse ke tshela mo semoyeng. Fa ke ntse ke gola mme ke bona diphoso tse ke di dirileng mo nakong e e fetileng, ke leka go akanya ka dilo tse dintle. Gone e bile, fa re nna re ikanyega, dilo tse di ntseng jalo di dira gore re nne re gole mo semoyeng. Fa re ithuta ka tsone, dilo tse di sa itumediseng tse di diregang mo botshelong di ka nna le molemo mongwe.—Jakobe 1:2, 3.

Gone jaanong nna le Dorothy ga re tlhole re na le botsogo kana maatla a go dira se re ratang go se dira mo tirelong ya ga Jehofa. Mme re lebogela kemonokeng ya bakaulengwe le bokgaitsadiarona ba Bakeresete ba ba rategang. Mo e ka nnang kwa pokanong nngwe le nngwe, bakaulengwe ba re bolelela kafa ba anaanelang go nna gone ga rona mo go tsone. Mme ba ithaopa go re thusa ka ditsela tsotlhe tse ba ka kgonang ka tsone—tota le e leng go baakanya ntlo le koloi.

Re kgona go nna le seabe ka sewelo mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang re bo re tshwara dithuto le batho ba ba kgatlhegang. Selo se se re itumedisang ka mo go kgethegileng ka metlha ke go amogela dikgang go tswa go morwa wa rona yo o direlang kwa Afrika. Re sa ntse re tshwara thuto ya rona ya lelapa ya Baebele, le fa gone jaanong e le ya rona re le babedi fela. Re itumelela go bo re ile ra dirisa dingwaga di le dintsi jaana mo tirelong ya ga Jehofa. O re tlhomamisetsa gore a ka se ka a ‘lebala tiro ya rona le lorato lo re lo bontshitseng mo leineng la gagwe.’—Bahebera 6:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna, Velva le Bennett, re kolobediwa ke Ted Klein ka April 18, 1940

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le mosadi wa me Dorothy, mo tshimologong ya bo1940 le ka 1997

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Puo ya phatlalatsa e e reng, “Kgosana ya Kagiso” e phasaladiwa mo beseng ya toropo kwa Barbados

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Morwarre Bennett mo pele ga legae la barongwa