Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fodisa Matsadi a Ntwa

Go Fodisa Matsadi a Ntwa

 Go Fodisa Matsadi a Ntwa

ABRAHAM e ne e le lesole la dirukhutlhi ka dingwaga di le 20. * Mme jaanong o tlogetse go lwa e bile a ka se tlhole a ya ntweng gape. Tota e bile, bangwe ba batho ba e kileng ya bo e le baba ba gagwe jaanong ke ditsala tse dikgolo tsa gagwe. Ke eng se se neng sa dira gore a fetoge? Ke Baebele. E ne ya dira gore Abraham a nne le tsholofelo le temogo, ya mo thusa gore a lebe merero ya batho ka tsela e Modimo a e lebang ka yone. Baebele e ne ya fedisa keletso ya gagwe ya go lwa, mme khutsafalo, kutlobotlhoko, letlhoo le go galefa ga gagwe di ne tsa simolola go fola. O ne a fitlhela gore Baebele e na le setlhare se se kgonang go alafa pelo tota.

Baebele e thusa motho jang go fola matsadi a maikutlo? E ne e ka se fetole se se neng se diragaletse Abraham. Le fa go ntse jalo, go bala le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo go ne ga dira gore a dumalanye tsela e a akanyang ka yone le tsela ya Mmopi. Gone jaanong o na le tsholofelo ka isagwe, e bile o itse gore ke dilo dife tse di tlang pele mo botshelong. Dilo tse di botlhokwa mo Modimong di ne tsa nna botlhokwa le mo go ene. Fa fela seno se simolola go direga, matsadi a a mo pelong ya gagwe a ne a simolola go fola. Ke ka fa Abraham a neng a thusiwa go fetoga ka gone.

Go Thabuela mo Ntweng ya Selegae

Abraham o tsholetswe mo Afrika ka bo1930. Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, naga ya gaabo e ne ya busiwa ke moagelani yo o nonofileng, le fa go ntse jalo, bontsi jwa baagi ba naga ya gaabo Abraham ba ne ba batla boipuso. Ka 1961, Abraham o ne a nna leloko la mokgatlho wa kgololesego o o neng wa tlhabantshana le moagelani wa bone yo o nonofileng ka ntwa ya borukhutlhi.

Abraham o bolela jaana: “E ne e le baba ba rona. Ba ne ba batla go re bolaya, ka jalo, le rona ra ipaakanyetsa go ba bolaya.”

Botshelo jwa ga Abraham bo ne bo aga bo le mo kotsing, ka jalo ka 1982, morago ga dingwaga di le 20 a ntse a le mo ntweng, o ne a tshabela kwa Yuropa. Ka nako eo o ne a setse a tla tshwara dingwaga di le 50, mme ka a ne a fitlhela gore o na le nako e ntsi, o ne a simolola go akanya thata ka botshelo jwa gagwe. A ipotsa gore go feletse kae ka mekgele ya gagwe? Gore botshelo bo mo tsholetse eng? Abraham o ne a kopana le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go kopanela mo dipokanong tsa bone. O ne a gakologelwa gore fa a sa ntse a le mo Afrika dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, o ne a badile pampitshana e a neng a e neilwe ke Mosupi mongwe. Pampitshana eo e ne e tlhalosa ka paradaise e e tlileng go nna gone mo lefatsheng le  puso ya legodimo e e tla busang batho. A seo e ne e ka tswa e le boammaaruri?

Abraham o bolela jaana: “Ke ne ka ithuta go tswa mo Baebeleng gore dingwaga tsotlhe tse ke di feditseng ke lwa e ne e le tsa lefela. Puso ya Bogosi jwa Modimo ke yone fela e e tla direlang mongwe le mongwe ka tshiamiso.”

Sebakanyana fela morago ga gore Abraham a kolobediwe e le Mosupi wa ga Jehofa, monna mongwe yo leina la gagwe e leng Robert o ne a tshaba mo Afrika a tshabela kwa motseng wa Yuropa o Abraham a neng a nna kwa go one. Robert le Abraham ba ne ba lwele mo ntweng e le nngwe, le fa gone ba ne ba lwa mo matlhakoreng a a lwantshanang. Robert o ne a tlhola a ipotsa gore boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo ke eng. E ne e le monna yo o ratang bodumedi, mme e re ka a ne a badile dikarolo dingwe tsa Baebele, o ne a itse gore leina la Modimo ke Jehofa. Fa Basupi go tswa kwa phuthegong ya ga Abraham ba ne ba ithaopela go thusa Robert go tlhaloganya Baebele botoka, o ne a dumela ka bonako.

Robert o tlhalosa jaana: “Go tloga fa re simolola fela, ke ne ka kgatlhwa ke tsela e Basupi ba dirisang leina la ga Jehofa le Jesu ka yone, ba lemoga gore ke batho ba ba sa tshwaneng. Seo se ne se dumalana le se ke neng ke setse ke se itse go tswa mo Baebeleng. Gape Basupi ba apara sentle e bile ba molemo mo bathong ba bangwe, le fa e ka tswa e le ba setšhaba sefe. Dilo tse di ntseng jalo di ne tsa nkgatlha thata.”

Baba ba Nna Ditsala

Robert le Abraham ba pele e neng e le baba, gone jaanong ke ditsala tse dikgolo. Ba direla e le bareri ba nako e e tletseng mo phuthegong e le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa. Abraham o tlhalosa jaana: “Ka nako ya ntwa gantsi ke ne ke tlhola ke ipotsa gore go tla jang gore batho ba dinaga tse di agisaneng—ba bontsi jwa bone e leng ba bodumedi bo le bongwe—ba tlhoane. Nna le Robert re ne re tsena kereke e le nngwe, le fa go ntse jalo re ne ra lwantshana mo ntweng. Gone jaanong bobedi jwa rona re Basupi ba ga Jehofa, mme tumelo ya rona e re kopantse.”

Robert o oketsa ka gore: “Ke sone se se dirang pharologanyo. Jaanong re mo tumelong e e re dirang karolo ya bokaulengwe jwa mmatota. Ga re kitla re tlhola re ya ntweng gape.” Baebele e ne ya tlhotlheletsa thata dipelo tsa batho bano ba pele e neng e le baba. Letlhoo le go galefa di ne tsa bulela go tshepana le botsala tsela ka iketlo.

Ka yone nako e Abraham le Robert ba neng ba le mo ntweng, makawana a mangwe a mabedi a ne a le mo matlhakoreng a a lwantshanang a ntwa e nngwe ya dinaga tse pedi tse di agisaneng. Go ise go ye kae Baebele e ne ya nna jaaka setlhare se se molemo tota se le bone se neng sa ba fodisa dipelo. Jang?

Bolaya—Mme o Swe Loso Lwa Boswelatumelo

Gabriel, yo o neng a godisediwa mo lelapeng la bodumedi, o ne a rutiwa gore naga ya gagabo e ne e boga ka ntlha ya ntwa e e boitshepo. Ka jalo, fa a le dingwaga di le 19, o ne a ithaopela go nna lesole mme a ikopela go romelwa kwa ntwa e hibitseng gone. O ne a fetsa dikgwedi di le 13 a le mo lefelong le ntwa e hibitseng thata gone, ka dinako tse dingwe a le sekgala sa kilometara le halofo fela go tloga fa mmabeng. O bolela jaana: “Ke gopola nako nngwe sentle. Molaodi wa rona o ne a re bolelela gore mmaba o ne a tla tlhasela mo bosigong joo. Re ne re gaketse jaana mo re neng ra lala re hula ka dikanono tsa rona bosigo  jotlhe.” O ne a tsaya batho ba naga e ba agisaneng le yone e le baba ba gagwe ba ba tshwanelwang ke go swa. “Maikaelelo a me e ne e le go bolaya ba le bantsi ka mo nka kgonang ka gone. Ka jalo, fela jaaka bontsi jwa ditsala tsa me, ke ne ke batla go swa loso lwa boswelatumelo.”

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya Gabriel o ne a kgobega marapo. O ne a tshabela kwa dithabeng, a kukuna a kgabaganya molelwane go ya kwa nageng e e seng mo ntweng, a tsaya loeto go ya kwa Yuropa. O ne a nna a botsa Modimo gore ke eng fa botshelo bo le thata jaana, le gore a mathata ao e ne e le kotlhao e e tswang kwa Modimong. O ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba ba neng ba mmontsha go tswa mo Baebeleng gore ke eng fa botshelo bo tletse ka mathata jaana gompieno.—Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5.

Fa Gabriel a ntse a ithuta Baebele o ne a lemoga gore e na le boammaaruri. “Ke ne ka ithuta gore re ka kgona go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Se se gakgamatsang ke gore ke sone se ke neng ke se eletsa fa ke sa ntse ke le ngwana.” Baebele e ne ya gomotsa Gabriel mme ya nametsa pelo ya gagwe e e neng e sa ntse e utlwile botlhoko. Matsadi a gagwe a a boteng a maikutlo a ne a simolola go fola. Ka jalo, ka nako ya fa Gabriel a kopana le Daniel, yo e kileng ya bo e le mmaba wa gagwe, o ne a sa tlhole a ikutlwa a mo ila. Mme gone, ke eng se se neng sa dira gore Daniel a ye kwa Yuropa?

“Fa e le Gore Ruri O Teng, Nthuse Tsweetswee!”

Daniel o ne a godisiwa e le Mokatoliki mme fa a le dingwaga di le 18 o ne a bilediwa tirelo ya bosole. O ne a romelwa go ya go lwa mo ntweng e Gabriel a neng a lwa mo go yone mme ene a le wa letlhakore le lengwe. Koloi ya ntwa e e rwalang dibetsa e ne ya thunya fa Daniel a ne a e kgweetsa a le gaufi le lefelo le ntwa e hibitseng thata mo go lone. Ditsala tsa gagwe di ne tsa bolawa, mme ene a gobala mo go maswe a ba a nna motshwarwa. O ne a fetsa dikgwedi di le dintsi a le kwa bookelong le kwa kampeng pele ga a romelwa kwa nageng e e neng e se mo ntweng. E re ka a ne a le nosi fela koo e bile a sotlegile, o ne a akanya go ipolaya. Daniel o ne a rapela Modimo a re: “Fa e le gore ruri o teng, nthuse tsweetswee!” Mo letsatsing le le latelang, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela mme ba kgona go araba bontsi jwa dipotso tsa gagwe. Kgabagare o ne a ya kwa Yuropa e le motshabi. Daniele o ne a kopana le Basupi gape mme a ithuta Baebele le bone. Se a neng a se ithuta se ne sa kokobatsa go tlhobaela ga gagwe le go galefa.

Gone jaanong, Daniele le Gabriel ke ditsala tse di utlwanang tota, ba kopantswe ke bokaulengwe jwa semoya e bile ke Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng. Gabriel o bolela jaana: “Lorato lwa me go Jehofa le go itse Baebele go nthusitse go bona dilo ka tsela e a di bonang ka yone. Daniel ga e tlhole e le mmaba wa me. Mo dingwageng tse di fetileng, nkabo ke ile ka mmolaya ke sa okaoke. Baebele e nthutile se se farologaneng gotlhelele—gore ke iketleeletse go mo swela.”

Daniel o bolela Jaana: “Ke bone batho ba madumedi a a farologaneng le ditšhaba tse di farologaneng ba bolaana. Mme gape go ne go na le batho ba bodumedi bo le bongwe ba le mo matlhakoreng a a lwantshanang ba bolaana mo ntweng. Fa ke ne ke bona seno, ke ne ka  ikutlwa gore ke molato wa Modimo. Mme gone jaanong ke a itse gore Satane ke ene motlhotlheletsi wa dintwa tseno tsotlhe. Gone jaanong, nna le Gabriel re badumedimmogo. Ga re kitla re tlhola re lwa gape!”

“Lefoko la Modimo le a Tshela E bile le Naya Maatla”

Ke ka ntlha yang fa Abraham, Robert, Gabriel le Daniel ba ile ba fetoga thata jaana? Ba kgonne jang go phimola letlhoo le kutlobotlhoko tse di neng di tseneletse thata mo dipelong tsa bone?

Mongwe le mongwe wa banna bano o ne a bala, a tlhatlhanya, a ba a ithuta boammaaruri go tswa mo Baebeleng, e e ‘tshelang e bile e tsenya maatla.’ (Bahebera 4:12) Mokwadi wa Baebele ke Mmopi wa batho, yo o itseng go tlhotlheletsa ka tsela e e molemo pelo ya motho yo o ikeetleditseng go reetsa le go ithuta. “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo.” Fa mmadi a itetla go kaelwa ke Baebele, o simolola go nna le mekgwa e mentle e mesha le ditekanyetso tse disha. O simolola go ithuta tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Tiragalo eno e tlisa melemo e le mentsi, go akaretsa le go fola ga matsadi a ntwa.—2 Timotheo 3:16.

Lefoko la Modimo le tlhalosa gore ga go na setšhaba sepe, morafe, kana lotso lope lo lo leng botoka kana bosula go feta lo longwe. “Modimo ga a tlhaole, mme mo morafeng mongwe le mongwe motho yo o o boifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go one.” Mmadi yo o amogelang seno o thusiwa gore ka iketlo a fenye maikutlo a go tlhoa batho ba lotso kana setšhaba se sengwe.—Ditiro 10:34, 35.

Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore Modimo o tla tloga a tseela tsamaiso ya gone jaanong ya puso ya batho maemo mme go buse Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia. Modimo “o khutlisa ditlhabano le kwa bokhutlong jwa lefatshe” ka puso ya gagwe. Mekgatlho e e tlhotlheletsang dintwa e bile e rotloetsa batho go lwa e tla fedisiwa. Batho ba ba bolailweng mo dintweng ba tla tsosiwa ba bo ba newa sebaka sa go tshela mo lefatsheng la paradaise. Ga go na ope yo o tla tshwanelwang ke go tshaba motlhasedi ope kana mogateledi.—Pesalema 46:9; Daniele 2:44; Ditiro 24:15.

Fa Baebele e bua ka batho ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ya re: “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele . . . Ga ba ketla ba kgokgolela lefela, le fa e le go tsholela thekisego bana.” Ga go na tshenyo kana kgobalo e e ka se fedisiweng. Go dumela tsholofelo e e ntseng jalo go fedisa khutsafalo le kutlobotlhoko mo pelong ya motho ka iketlo.—Isaia 65:21-23.

Eleruri Baebele ke setlhare se se molemo tota sa pelo. Dithuto tsa yone di setse di simolotse go fodisa matsadi a ntwa. Batho ba e kileng ya bo e le baba ba dirwa seoposengwe ke bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba. Tiro eno ya go fodisa e tla tswelela pele le mo tsamaisong e ntšha ya Modimo go fitlhela go sa tlhole go na le letlhoo le go galefa, kutlobotlhoko le khutsafalo mo dipelong tsa batho. Mmopi o solofetsa gore “dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.”—-Isaia 65:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Ke ne ka ithuta go tswa mo Baebeleng gore dingwaga tsotlhe tse ke di feditseng ke lwa e ne e le tsa lefela”

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Baebele e ka tlhotlheletsa thata dipelo tsa batho ba e kileng ya bo e le baba

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Ka iketlo letlhoo le go galefa di ne tsa bulela go tshepana le botsala tsela

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Fa mmadi a itetla go kaelwa ke Baebele, o simolola go nna le mekgwa e mentle e mesha le ditekanyetso tse disha

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batho ba e kileng ya bo e le baba jaanong ba kopanngwa ke bokaulengwe jwa boditšhabatšhaba

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Refugee camp: UN PHOTO 186811/​J. Isaac