Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgang Tse di Molemo Tsa Kagiso di Fitlha Kwa Dithoteng Tsa Chiapas

Dikgang Tse di Molemo Tsa Kagiso di Fitlha Kwa Dithoteng Tsa Chiapas

 Dikgang Tse di Molemo Tsa Kagiso di Fitlha Kwa Dithoteng Tsa Chiapas

“Ka nako ya polao e e setlhogo thata e ope fela a ka e gakologelwang e e diregileng kwa nageng ya Chiapas, setlhopha sa banna ba ba tlhometseng . . . se ne sa tlhasela balemi ba le 45 ba ba neng ba sa kgone go itshireletsa ka gope, go akaretsa le masea a le 13.” Go ne ga bega jalo lekwalodikgang le le bidiwang “El Universal” kaga se se neng sa diragala kwa Acteal, kwa Nageng ya Chiapas, ka December 22, 1997.

CHIAPAS ke naga e e kwa borwa jo bo kgakala jwa Mexico, fa molelwaneng wa Guatemala. Ka ntlha ya go bo Baindia ba Ba-Maya ba sa bolo go nna mo lehumeng le go tingwa dilo ka lobaka lo loleele, ba ne ba tsosa khuduego ka January 1994, ba ipitsa Ejército Zapatista de Liberación Nacional (EZLN, National Liberation Zapatista Army). Dipuisano tsa go rarabolola bothata jono ka kagiso di ne tsa tsaya lobaka lo loleele thata. Ditlhaselo tse di neng di dirwa ke marabele le masole a puso di feletse ka tshololo ya madi le dipolao. Khuduego eno e ne ya dira gore balemi ba le bantsi ba tshabe gore ba namole matshelo a bone.

Mo gare ga maemo a a ntseng jalo a a sa iketlang, go na le setlhopha se le sengwe fela sa batho ba ba ratang kagiso ba ba neng ba se ka ba tsaya letlhakore lepe mo dintweng tsa sepolotiki. Ba lebisa megopolo ya batho ka tlhoafalo kwa Bogosing jwa Modimo gore ke jone fela jo bo tla rarabololang mathata a batho ba lebaneng le one, mo lefelong la bone le mo lefatsheng lotlhe. (Daniele 2:44) Ke bomang? Basupi ba ga Jehofa. Ka go utlwa taelo ya ga Jesu, ba leka thata gore ba bolele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo kwa mafelong a a kwa kgakala thata a dithota tsa Chiapas. (Mathaio 24:14) Go ne go ntse jang go rera kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo, mme matswela a gone e ne ya nna afe?

“Ke Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa”

Letsatsi lengwe lekawana lengwe le le bidiwang Adolfo le le sa tswang go nna mmoledi wa Bogosi, le ne le bereka kwa seteisheneng sa radio kwa Ocosingo. Ka tshoganyetso a utlwa mongwe a kokota ka modumo o mogolo fa kgorong. Setlhopha sa banna ba ba ipipileng difatlhego se ne sa thologela mo teng mme sa mo supa ka ditlhobolo mo tlhogong. Se ne sa itlhaganelela mo phaposing e go gasetswang mo go yone, mme ka dikgoka, sa gasa mo radiong gore se bolotsa ntwa kgatlhanong le puso.

E ne ya re fa banna bano ba ba tlhometseng ba boela mo go Adolfo, ba mo laela gore a nne mongwe wa mokgatlho wa bone. Le fa Adolfo a ne a ise a kolobediwe, o ne a araba a re: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.” O ne a tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela jo bo tla tlisang kagiso, mme a gana yunifomo le tlhobolo tse ba neng ba di mo naya a sa okaoke. Fa ba bona kafa a neng a ititeile sehuba ka gone, ba ne ba mo tlogela. Adolfo o tlhalosa jaana fa a gakologelwa tiragalo eno: “Ruri tiragalo eo e ne ya nonotsha tumelo ya me.”

Kgabagare maemo a ne a ya meriting, mme lefelo leno le ne le sa ntse le le kafa tlase ga taolo ya sesole. Go sa kgathalesege seo, Adolfo o ne a amogela taletso ya bagolwane ba phuthego ya lefelo la bone ka boitumelo ya gore a ye go bereka le setlhopha se se kwa thoko sa Bakeresete mo lefelong leo. Kwa mafelong a a neng a tshwanetse go feta mo go one ao masole a neng a phuruphutsa  batho mo go one, masole ao a ne a mo tlotla fa a a bolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana o ne a kolobediwa mme a itumelela go thusa setlhopha seo se se kwa thoko gore se nne phuthego ya Basupi ba ga Jehofa. Adolfo o ne a bolela jaana: “E re ka jaanong ke kolobeditswe, nka bua ke se na pelaelo gore jaanong ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!”

“Jehofa O ne A re Nonotsha”

Ka bonako fela fa mokgatlho wa EZLN o sena go bolela mo radiong gore o bolotsa ntwa kgatlhanong le puso, batho ba ba nnang mo motseng oo ba ne ba tshaba. Francisco, yo e leng modiredi wa nako e e tletseng, kgotsa mmulatsela, o ne a tlhalosa kafa Jehofa a neng a ba nonotsha ka gone ene le mosadi wa gagwe mo go se se neng se ba diragalela.

“Re ne ra swetsa ka gore re tshabele kwa lefelong lengwe le go neng go tsaya diura di le tharo go ya kwa go lone ka dinao. Go ne go na le phuthego koo, ka jalo re ne re tla nna le bakaulengwe. Go ise go ye kae, ke fa nako e setse e fitlhile ya gore go tshwarwe kopano ya potologo kwa Palenque. Nna le mosadi wa me re ne re sa batle go fosa pokano e e kgethegileng ya babulatsela, mme re ne ra utlwa gore tsela e e yang kwa kopanong e ne e thibilwe ke mokgatlho wa EZLN. Re ne ra swetsa ka gore re ye teng re tsamaya mo sekgweng, mme ga re tsaya diura di le robongwe. Re ne ra fitlha ka nako gore re kgone go nna  teng mo pokanong ya babulatsela e re neng ra e ipelela fela thata, mmogo le thulaganyo yotlhe ya kopano.

“Fa re goroga, re ne ra fitlhela ntlo ya rona e jelwe ka molelo le diruiwa tsa rona di utswitswe. Se se neng se setse fela e ne e le kgetsi e nnye fela ya diaparo. Re ne ra utlwisiwa botlhoko thata ke go latlhegelwa ke dilo tseno mme bakaulengwe kwa Ocosingo ba ne ba re amogela ka bopelonomi mo matlong a bone. Gape ba ne ba re bontsha go dira dilo dingwe tse rona balemi re iseng re ko re di dire. Mokaulengwe mongwe o ne a nthuta go tsaya ditshwantsho, yo mongwe ene a nthuta go baakanya ditlhako. Ke kafa nna le mosadi wa me re neng re kgona go itlamela ka gone go tla go fitlha jaanong, re sa emise go nna babulatsela. Fa re akanya ka se se diragetseng, re kgona go bona gore lefa go ne go se motlhofo gore re itshoke, Jehofa o ne a re nonotsha.”

Maungo a Tiro ya go Rera

Basupi ba kwa Nageng ya Chiapas ga ba a ka ba letla mathata le dikotsi go ba thibela go nna le seabe mo go direng boiteko jo bo kgethegileng jwa go bolelela batho ba lefelo leo dikgang tse di molemo. Ka sekai, ka April le ka May 1995, ba ne ba kopanela le Bakeresete ka bone mo lefatsheng lotlhe mo letsholong la go phasalatsa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 34, e e nang le setlhogo se se tshwanelang sentle se se reng Ke ka Ntlha Yang fa Botshelo bo Tletse ka Mathata Jaana?

Mo nakong ya letsholo leno, Ciro yo e leng mmulatsela wa nako e e tletseng o ne a kopana le lelapa lengwe le le kgatlhegang kwa lefelong le le bidiwang Pueblo Nuevo. E rile a boela kwa go bone morago ga malatsi a le mararo, o ne a kgona go simolola thuto ya Baebele le bone. Mme e rile Ciro le mopati wa gagwe ba boela go ya go tsweledisa thuto le lelapa leno, rralelapa a bo a seyo kwa gae. Go na le moo, setlhopha sa banna ba ba ipipileng difatlhego se ne se le foo se mo emetse gore se tle se mo gobatse. Ba ne ba botsa Ciro le mopati wa gagwe gore ba ne ba batlang e bile ba ne ba ba tshosetsa ka gore ba tla ba bolaya. Fa Bakeresete ba babedi bano ba sena go rapela Jehofa ka tidimalo, ba ne ba ba tlhalosetsa ka bopelokgale gore ba ne ba tlile go ruta lelapa leno Baebele. Mme banna bano ba ba ipipileng difatlhego ba ne ba ba lesa ba tsamaya. Go bonala go ne go na le lebaka lengwe le le neng la dira gore rralelapa a se ka a tla gae mo letsatsing leo.

Letsatsi lengwe, morago ga mo e ka nnang dingwaga di le tharo, Ciro o ne a gakgamala go bona monna yono a kokota fa kgorong ya gagwe. A bo Ciro a ne a itumetse jang ne go utlwa gore lelapa lotlhe la gagwe le ne le kolobeditswe le gore jaanong ba ne ba kopanela le phuthego ya kwa Guatemala! Mongwe wa bomorwadie e ne e bile e le mmulatsela wa nako e e tletseng.

Go Anaanela Dijo Tsa Semoya

Go sa kgathalesege mathata a a ntseng a tswela pele kwa Chiapas, molebedi wa kgaolo o bega gore Basupi mo lefelong leo ba anaanela botlhokwa jwa go kopana mmogo. (Bahebera 10:24, 25) O bega se se neng sa diragala kwa kopanong e e kgethegileng ya  letsatsi le le lengwe, e go neng go rulaganyeditswe gore e simolole go sa le moso gore ba ba tla bong ba le gone ba tle ba boele gae go sa ntse go bonala sentle ba sireletsegile. Le mororo ba le bantsi ba bone ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya diura tse di fetang tse tharo ba raletse sekgwa go ya kwa lefelong la kopano, mongwe le mongwe o ne a le mo mannong a gagwe ka 7:00 a.m. Go ne go na le maloko a le marataro a setlhopha sa mokgatlho wa EZLN, ba reeditse e bile ba opa diatla, go bonala ba ipelela thulaganyo. Le bone ba ne ba tsamaya diura di le tharo go ya kopanong. Ba le masome a mabedi ba bone ba ne ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, se se neng se tshwaretswe mo Holong ya Bogosi ya lefelo leo.

Lekawana lengwe le e neng e le leloko la mokgatlho wa majelathoko le ne la abelwa ke baokamedi ba lone gore le dise karolo nngwe ya sekgwa. Fa a fitlha mo lefelong leno, o ne a fitlhela gore batho botlhe ba ba nnang mo go lone, ba bontsi jwa bone e neng e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tshabile. Ka jalo a nna mo go nngwe ya dintlo tse di neng di tlogetswe. E re ka a ne a se na sepe se a neng a ka se dira, o ne a tsaya dingwe tsa dibuka tse di neng di le mo ntlong mme a simolola go di bala. E ne e le dikgatiso tsa Watch Tower tse Basupi ba neng ba di tlogetse. Fa le ntse le le nosi, lekawana leno le ne la nna le nako ya go tlhatlhanya ka dilo tse le neng le di bala. O ne a swetsa ka gore o tshwanetse go fetola botshelo jwa gagwe le go tlogela go tshola dibetsa. O ne a batla Basupi ka bonako jo a neng a ka kgona ka jone mme a simolola go ithuta Baebele. Mo dikgweding di le thataro fela, o ne a setse a bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo. Ene le ba bangwe ba bararo mo lelapeng la gaabo, ba ba neng ba ema mokgatlho wa majelathoko nokeng, jaanong ke Bakeresete ba ba kolobeditsweng.

Melemo e e Neng ya Bakwa ke Ntwa

Le mororo ntwa eno e ne e baka mathata a a seng kana ka sepe, tota e ne ya tlhotlheletsa maikutlo a batho ka tsela e e siameng malebana le tiro ya go rera. Mogolwane mongwe yo o nnang mo go lone lefelo le ntwa e neng ya simolola mo go lone o bolela jaana: “Malatsi a le matlhano morago ga ntwa e sena go runya, re ne ra rulaganya tiro ya go rera mo teng le ka kwantle ga motse. Batho ba ne ba iketleeleditse go re reetsa. Re ne ra tsamaisa dibuka di le dintsi tsa Baebele ra bo ra simolola dithuto di le mmalwa tsa Baebele. Mo lefelong lengwe, batho ba le bantsi ba ne ba ganetsa boammaaruri, mme ka ntlha ya ntwa, ba ne jaanong ba reetsa, ba ithuta Baebele, e bile ba nna gone kwa dipokanong le kwa dikopanong.”

Bakaulengwe ba itumelela gore ba ile ba kgona go dira gore ditiro tsa puso ya Modimo di nne di ntse di tswelela pele go sa kgathalesege maemo a a sa iketlang. Ba tswelela pele go tshwara dikopano tsa bone tse di ba nonotshang semoyeng masole a puso a ntse a itse le mokgatlho wa EZLN. Go etelwa ga bone ke balebedi ba ba etang le gone go ile ga ba nonotsha fela thata gore ba tswelele ka tiro ya go rera. Se se kgatlhang ke gore, Basupi ba kgothadiwa le ke ba ba lwang, ba gantsi ba ba kgothaletsang gore ba tswelele ka tiro ya go rera.

Le mororo diteko le mathata a batho ba kwa Chiapas ba neng ba tshwanelwa ke go a itshokela a ile a fokotsega go sekae, ga a ise a fele. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisega ka selo se le sengwe—Basupi ba ga Jehofa ba ikemiseditse go tswelela ba sa kgaotse ka maiteko a bone a go tlisetsa batho dikgang tse di molemo tsa kagiso tse di tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele. (Ditiro 10:34-36; Baefeso 6:15) Jaaka moporofeti Jeremia a ile a tlhalosa, ba a lemoga gore “tsela ya motho [ga e] mo go ene ka esi; ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ke Bogosi jwa Modimo fela jo go busang Morwawe, e bong Jesu Keresete mo go jone, jo bo ka rarabololang go tlhoka tshiamiso le lehuma mo lefatsheng.—Mathaio 6:10.

[Mmapa mo go tsebe 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Kgogometso ya Mexico

CHIAPAS

GUATEMALA

Lewatle la Pacific

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Basupi kwa dithoteng tsa Chiapas ba ya bodireding