Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—E ne Ya Ratwa Ya ba Ya Ilediwa

Baebele—E ne Ya Ratwa Ya ba Ya Ilediwa

 Baebele—E ne Ya Ratwa Ya ba Ya Ilediwa

Mokanoki wa Mo-Dutch yo o neng a tlotlwa thata wa lekgolo la bo16 la dingwaga e leng Desiderius Erasmus o ne a kwala jaana: “Ke ne nka rata gore dibuka tse di boitshepo di ranolelwe mo dipuong tsotlhe.”

SELO se Erasmus a neng a se eletsa thata e ne e le gore mongwe le mongwe a kgone go bala le go tlhaloganya Dikwalo. Le fa go ntse jalo, baganetsi ba Baebele ba ne ba gana ba tletse bogale kgopolo e e ntseng jalo. Tota e bile, ka nako eo Yuropa e ne e le lefelo le le kotsi tota mo go mongwe le mongwe yo o neng a ka batla go itse le fa e le go le gonnye fela ka diteng tsa Baebele. Kwa Engelane go ne ga tlhongwa molao wa palamente o o neng wa laela gore “mongwe le mongwe yo o balang Dikwalo ka Seesemane o tshwanetse go amogwa lefatshe, dithoto, dilwana, le botshelo . . . le gore fa ba tswelela ba le manganga kana ba boa ba e bala gape morago ga go itshwarelwa, sa ntlha ba tshwanetse go kalediwa ka ntlha ya go tsuologela kgosi, mme morago ba bo ba fisiwa ka ntlha ya go kgelogela Modimo.”

Kwa nagakgolong ya Yuropa, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Boikeodi ya Katoliki e ne e tsoma makoko a a neng a “itomolotse,” a a jaaka lekoko la Fora la Waldenses, e ba bogisetsa mokgwa wa bone wa go rera “go tswa mo diefangeleng, mo makwalong a episetlele le mo dikwalong tse dingwe tse di boitshepo, . . . e re ka batho ba e neng e se baruti ba ne ba thibetswe go rera le go ruta batho dikwalo tse di boitshepo.” Diketekete tsa banna le basadi ba ne ba boga botlhoko le go bolawa ka ntlha ya go rata ga bone Baebele. Ba ne ba itsenya mo kotsing ya go  bogisiwa setlhogo e le fela ka ntlha ya go boaboeletsa Thapelo ya Morena kana Melao e e Lesome le go e ruta bana ba bone.

Go ineela jalo mo Lefokong la Modimo go ne ga tswelela go le teng mo dipelong tsa baeti ba sedumedi ba ba neng ba tsamaya ka dikepe go dira Amerika Bokone kolone. Buka ya A History of Private Life—Passions of the Renaissance e bolela jaana: “Go bala le bodumedi e ne e le monwana le lenala, di tshwaya setso se se neng se ikaegile thata ka Baebele.” Tota e bile, thero e e neng ya gatisiwa kwa Boston ka 1767 e ne ya gakolola jaana: “Tlhoafalela go bala dikwalo tse di boitshepo. O tshwanetse go bala kgaolo e le nngwe ya Baebele ya gago moso mongwe le mongwe le maitseboa mangwe le mangwe.”

Go ya ka Setlhopha sa Dipatlisiso sa Barna kwa Ventura kwa California, diperesente di feta 90 tsa Baamerika ba na le palogare ya Dibaebele di le tharo. Le fa go ntse jalo, patlisiso ya bosheng e bontsha gore le fa gone Baebele e sa ntse e tseetswe kwa godimo koo, “go ipha nako ya go e bala, ya go e ithuta le go e dirisa . . . ke selo sa nako e e fetileng.” Bontsi jwa bone ba itse go le gonnye fela ka diteng tsa yone. Mokwaladikgang mongwe o ne a akgela jaana: “Ga se gantsi batho ba nang le kgopolo ya gore [Baebele] e sa ntse e ka rarabolola ka bonako mathata le dilo tse di ba tshwenyang tsa gone jaanong.”

Nako Ya go Se Akanye Dilo Tsa Semoya

Batho ba bantsi ba akanya gore re ka kgona go atlega mo botshelong fa fela re le botlhale e bile re dirisana sentle le batho. Baebele e tsewa fela e le nngwe ya dibuka tse dintsi tse di nang le megopolo ya bodumedi le dilo tse di diragaletseng batho, e seng e le buka e e nayang mabaka le e e boammaaruri.

Ka jalo bontsi jwa batho bo rarabolola jang mathata a a ntseng a raraanela pele le a a tshwenyang thata mo botshelong? Ba mo kakabalong ya semoya, ga ba na sepe se se tlhomameng se se ba kaelang mo go tsa boitsholo le tsa bodumedi. Ba tshwana le dikepe tse di se nang dilaolasekepe, “ba phepheulelwa kwa pele le kwa morago, le go phailakwa ke moya mongwe le mongwe wa dithuto tsa batho, . . . le ke maano le boferefere jwa batho.”—Baefeso 4:14, The Twentieth Century New Testament.

Ka gone, re tshwanetse go ipotsa gore, A Baebele ke buka fela ya bodumedi? Kana a ruri ke Lefoko la Modimo, le le nang le tshedimosetso e e utlwalang le e e mosola? (2 Timotheo 3:16, 17) A go a tlhokega gore re tlhatlhobe Baebele? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Desiderius Erasmus

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Deutsche Kulturgeschichte

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Lekoko la Waldenses le ne le bogisediwa mokgwa wa lone wa go rera go tswa mo Dikwalong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Stichting Atlas van Stolk, Rotterdam