Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele—Buka ya Botshelo

Baebele—Buka ya Botshelo

 Baebele—Buka ya Botshelo

“LEFOKO la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e bojetlabobedi . . . mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Mafoko ano a a tlhalosang se Lefoko la Modimo le kgonang go se dira a gatelela ntlha ya gore Baebele ga se buka fela e e molemo.

Mokwadi mongwe wa bodumedi o tlhalosa jaana ka bokhutshwane: “Molaetsa wa yone o botlhokwa mo botshelong jwa rona fela jaaka go hema.” O ne a oketsa ka go re: “Fa re akanya ka tsela e re eletsang e bile re tlhokang ka teng go fola gompieno, fa re bala Baebele re akantse ka seo, go nna le matswela a a gakgamatsang tota.” Jaaka lebone le le phatsimang thata, Baebele e re phatsimisetsa lesedi mo mathateng a mantsi a a raraaneng a botshelo jwa gone jaanong.—Pesalema 119:105.

Ee ruri, botlhale jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng bo na le maatla a go bopa tsela e re akanyang ka yone, bo re thusa go rarabolola mathata, go tokafatsa botshelo jwa rona, le go kgona go emelana le maemo a re ka se kgoneng go a fetola. Sa botlhokwa le go feta, Baebele e re thusa go itse Modimo le go mo rata.

Buka e e Dirang Gore Motho a Nne le Boikaelelo

Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa Modimo, ‘o tlwaelane le ditsela tsa rona tsotlhe.’ O itse dilo tse re di tlhokang tsa nama, tsa maikutlo le tsa semoya go feta jaaka re ka ikitse. (Pesalema 139:1-3) O akanyetsa batho fa a ba beela melao ya kafa ba tshwanetseng go itshwara ka gone. (Mika 6:8) Go a utlwala gore re batle go tlhaloganya ditekanyetso tseo le dikaelo mme re ithute go tshela ka tsone. Mopesalema o bolela jaana: Go sego monna yo go “itumela ga gagwe go mo molaong wa ga Jehofa . . . le fa e le eng se o se dirang se tlaa segofala.” (Pesalema 1:1-3) Ruri re tlhoka go sekaseka tsholofelo e e ntseng jalo.

Maurice, morutabana yo o setseng a tlogetse tiro, e sa le a ntse a dumela gore Baebele e mosola mo hisitoring le mo go ruteng. Le fa go ntse jalo, o ne a belaela go tlhotlhelediwa ga yone ke Modimo. Morago ga go re Maurice a reetse kgang e e neng e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a neile batho Lefoko la gagwe le le kwadilweng, o ne a tlhatlhoba dipolelelopele tse di farologaneng tsa Baebele. O ne a ithutile ka hisitori ya bogologolo, ka dibuka tsa padi, saense le ka thutafatshe ka nako ya fa e sa ntse e le lekawana. O dumela gore o ne a ipona a le botlhale thata go ka lemoga dikai di le dintsintsi tse di tshegetsang ntlha  ya gore Baebele e boammaaruri. “Ke ne ke le mo lefifing la go lelekisa manobonobo, dikhumo le menate ya botshelo. Ka bomadimabe, ke ne ka nna ke sa itse sepe e bile ke sa tlhokomele bontle le boammaaruri jwa buka eno e e di gaisang tsotlhe e e kileng ya kwalwa.”

Jaanong Maurice, yo a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70, o bua jaana ka kanaanelo a akantse ka nako ya fa Jesu a ne a iponatsha mo go moaposetoloi Thomase: “Seatla sa me se ne sa kaelwa kwa ‘nthong e e tswang madi’ e e tla tlosetsang ruri dipelaelo tsotlhe mo tlhaloganyong ya me tsa gore Baebele e boammaaruri.” (Johane 20:24-29) Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a bua boammaaruri fa a re, Baebele e senola maikaelelo a pelo, e bile e dira gore motho a nne le boikaelelo mo botshelong. Ruri ke buka ya botshelo.

E Nonotsha Motho mo Matshwenyegong

Gape Baebele e naya kgakololo e e thusang batho gore ba latlhe mekgwa e e maswe. Daniel o ne a kgona go tlogela mokgwa o o leswe wa go goga, le go emisa go tsamaya diphathi tse di sa laolesegeng le go lemalela bojalwa. (Baroma 13:13; 2 Bakorintha 7:1; Bagalatia 5:19-21) Ke boammaaruri gore go latlha mekgwa e e ntseng jalo le go apara “botho jo bosha” go tlhoka maiteko a magolo. (Baefeso 4:22-24) Daniel o bolela jaana: “E ne e le kgwetlho e kgolo, ka gonne ga re a itekanela.” Le fa go ntse jalo, o ne a atlega. Gone jaanong Daniel o bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi, mme le mmoloka a atamelane le Jehofa.

Fa Daniel a gola, o ne a ntse a tlotla Baebele ka metlha—le fa gone a ne a ise a ko a e bale—mme o ne a rapela Modimo bosigo bongwe le bongwe. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhaela sengwe. O ne a latlhegetswe ke boitumelo. Dilo di ne tsa fetoga fa a ne a bona leina la Modimo la ntlha mo Baebeleng. (Ekesodo 6:3; Pesalema 83:18) Morago ga moo, o ne a dirisa leina Jehofa fa a rapela, mme dithapelo tsa gagwe e ne ya nna tsa sebele tota. “Jehofa o ne a nna motho yo ke atamelaneng thata le ene, e bile o sa ntse a le tsala e ke atamelaneng thata le yone.”

Pele ga fa Daniel a ithuta Baebele, pono ya gagwe ka isagwe e ne e le letobo. O bolela jaana: “Ga go tlhokege gore o bo o na le botlhale jo bo rileng gore o bone se se diragalang mo lefatsheng. Ke ne ke boifa, mme ke leka go nna ke tshwaregile gore ke se ka ka nna le sebaka sa go akanya ka [isagwe].” Morago ga moo o ne a ithuta gore Modimo o tla dira gore go nne le tshiamiso mo bathong botlhe mo lefatsheng le le phepafaditsweng, moo batho ba ba kutlo ba tla itumelelang kagiso le boitumelo tsa go ya go ile teng. (Pesalema 37:10, 11; Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4) Gone jaanong, Daniel o na le tsholofelo e e tlhomameng. Tsela eno e Baebele e mo nonotshang ka yone e mo thusa go leba dilo ka tsela e e siameng mo botshelong.

E Thusa go Fenya Mathata a go Tshwenyega Maikutlo

George o ne a na le dingwaga di le supa fa mmaagwe a tlhokafala. O ne a tlhobaela fa a tshwanetse go ya go robala bosigo, a sa itse gore a o tla kgona go tsoga letsatsi le le latelang. Kwa morago o ne a bala ka se Jesu a neng a se bua ka loso le tsogo: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la ga [Jesu] mme ba tswe.” Gape o ne a amiwa pelo ke mafoko a ga Jesu a a reng: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.” (Johane 5:28, 29; 11:25) Dintlha tseno di ne di utlwala, di na le mabaka a a nonofileng e bile di gomotsa. George a re: “Boammaaruri jono ga bo fitlhelele tlhaloganyo fela mme gape le pelo.”

Daniel yo o umakilweng pelenyana, le ene o ne a na le dilo tse di mmoifisang. Mmaagwe o ne a sa kgone go mo godisa ka boene, ka jalo o ne a nna mo magaeng a mantsi a o neng a godisiwa ke beng ba one. Ka metlha o ne a ikutlwa e le motswakwa mme a eletsa go nna a sireletsegile mo lelapeng le le nang le lorato. Kgabagare, o ne a bona se a neng a se batla fa a ntse a ithuta Baebele. Daniel o ne a ikamanya le phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba  ga Jehofa mme a nna karolo ya lelapa la semoya, koo o neng a ikutlwa a amogelesegile e bile a ratiwa ke ba bangwe. Eleruri, Baebele e mosola e bile e a kgotsofatsa mo maikutlong.

Gakologelwa, Jehofa o bona se se leng mo dipelong tsa rona mme o itse se re se tlhokang. Modimo “o lekanya dipelo bokete,” mme o naya “motho mongwe le mongwe ka fa mekgweng ya gagwe.”—Diane 21:2; Jeremia 17:10.

Kgakololo e e Mosola ka Botshelo Jwa Lelapa

Baebele e naya kgakololo e e mosola ya gore batho ba ka dirisana jang le ba bangwe. George a re: “Go farologana ka botho le go sa utlwane ke dingwe tsa dilo tse di ngomolang pelo thata mo botshelong.” O dirisana jang le tsone? “Fa ke lemoga gore mongwe o na le sengwe kgatlhanong le nna, ke dirisa kgakololo e e tlhamaletseng e e mo go Mathaio 5:23, 24 e e reng: ‘Agisanya le morwarraago.’ Kgang fela ya gore ke kgona go bua ka selo se se neng se re lotlhanya e dira gore go nne le matswela. Ke kgona go utlwa kagiso ya Modimo e Baebele e buang ka yone. E a dira. E mosola tota.”—Bafilipi 4:6, 7.

Fa monna le mosadi ba sa dumalane ka sengwe, bobedi jwa bone ba tshwanetse go “nna bofefo kaga go utlwa, bonya kaga go bua, bonya kaga go shakgala.” (Jakobe 1:19) Kgakololo e e ntseng jalo e tokafatsa puisano. George o oketsa ka gore: “Fa ke dirisa kgakololo e e reng ke tshwanetse go rata le go tshwara mosadi wa me fela jaaka ke itshwara, ke bona matswela ka bonako. Go nna motlhofo gore a ntlotle.” (Baefeso 5:28-33) Ee, Baebele e re ruta tsela ya go lemoga le go dirisana le go sa itekanelang ga rona le gore re ka atlega jang mo go dirisaneng le ba bangwe.

Kgakololo e e Nnelang Ruri

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela. Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) A bo mafoko ano a sa raraana jang ne le fa gone a le boteng!

Baebele e na le tlhotlheletso e e molemo. E thusa batho ba ba ratang Modimo go dumalanya matshelo a bone le thato ya gagwe le go bona boitumelo ka ntlha ya go “sepela mo molaong wa ga Jehofa.” (Pesalema 119:1) Baebele e na le kaelo le kgakololo tse re di tlhokang le fa re ka tswa re le mo maemong afe. (Isaia 48:17, 18) E bale letsatsi le letsatsi, tlhatlhanya ka se o se balang, mme o se dirise. E tla ritibatsa mogopolo wa gago le go o tsepamisa mo dilong tse di itshekileng le tse di itekanetseng. (Bafilipi 4:8, 9) O tla ithuta e seng fela tsela ya go tshela o bo o itumelela botshelo mme gape le gore o ka rata jang Modiri wa botshelo.

Ka go latela tsela e e ntseng jalo, Baebele e tla go tswela mosola—fela jaaka e dirile ka dimilione tse dingwe tsa batho—e se fela ka gonne e le buka e e molemo. Eleruri e tla itshupa e le buka ya botshelo!

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Baebele e ka nonotsha go ititaya sehuba ga gago go fenya mekgwa e e sa siamang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Baebele e go ruta ka fa o ka atamelanang le Modimo ka gone