Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?

Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?

 Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?

“Go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong, o eleruri o re tshwanelegisitseng sentle go nna badiredi ba kgolagano e ntšha.”—2 BAKORINTHA 3:5, 6.

1, 2. Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le boikarabelo bofe, mme go tlile jang gore dilo di fetoge?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, Bakeresete botlhe ba ne ba nna le seabe mo maikarabelong a a botlhokwa—tiro ya go rera dikgang tse di molemo. Botlhe ba ne ba tloditswe mme e ne e le badiredi ba kgolagano e ntšha. Bangwe ba ne ba na le maikarabelo a mangwe, a a jaaka a go ruta mo phuthegong. (1 Bakorintha 12:27-29; Baefeso 4:11) Batsadi ba ne ba na le maikarabelo a a masisi mo lelapeng. (Bakolosa 3:18-21) Mme gone, botlhe ba ne ba nna le seabe mo tirong ya motheo le e e botlhokwa ya go rera. Go ya ka Segerika sa ntlhantlha sa Dikwalo Tsa Bokeresete, boikarabelo jono e ne e le di·a·ko·niʹa—tirelo, kana bodiredi.—Bakolosa 4:17.

2 Fa nako e ntse e ya, dilo di ne tsa fetoga. Go ne ga nna le setlhopha se se neng sa itsege e le sa baruti, ba ba neng ba ikabela tshiamelo ya go rera. (Ditiro 20:30) Baruti e ne e le setlhophana sa batho ba se kae ba ba neng ba ipitsa Bakeresete. Batho ba bangwe botlhe bone ba ne ba bidiwa gore ke bathofela. Le fa bathofela ba ile ba rutwa gore ba na le maikarabelo a a rileng, go akaretsa a go ntsha meneelo e e etleetsang baruti, bontsi jwa bone ga ba dire tiro epe ya go rera fa e se go nna bareetsi fela.

3, 4. (a) Batho ba tlhomiwa go nna badiredi jang mo go Labokeresete? (b) Ke bomang ba ba tsewang e le badiredi mo go Labokeresete, mme ke eng fa dilo di dirwa ka tsela e e farologaneng mo Basuping ba ga Jehofa?

3 Baruti ba ipolela fa e le badiredi (go tswa mo lefokong la Selatine e leng minister, le le ranolang di·aʹko·nos, e leng “motlhanka”). * Tiro eno ba e ela dikholetšheng  kana kwa diseminareng e bile ba a e tlhomelwa. The International Standard Bible Encyclopedia ya re: “‘Go tlhoma’ le go ‘tlhomiwa’ totatota go kaya maemo a a kgethegileng a a newang baruti ka thulaganyo ya semolao e e gatelelang thata taolo e ba e newang ya go bolela Lefoko kana go abela batho sakaramente, kana go dira ditiro tseno ka bobedi.” Baruti bano ba tlhomiwa ke mang? The New Encyclopædia Britannica ya re: “Mo dikerekeng tse di sa ntseng di latela thulaganyo ya bogologolo ya bobishopo, ka metlha tiro ya go tlhoma moruti e dirwa ke bishopo. Mo dikerekeng tsa Presbyterian, tiro ya go tlhoma e dirwa fela ke baruti ba bagolo.”

4 Ka gone, mo dikerekeng tsa Labokeresete, tshiamelo ya go nna modiredi ga e newe mongwe le mongwe fela. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo mo Basuping ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne go ne go sa nna jalo mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga.

Tota ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo?

5. Go ya ka Baebele, batho ba e leng badiredi ba akaretsa bomang?

5 Go ya ka Baebele, baobamedi botlhe ba ga Jehofa—ba kwa legodimong le ba mo lefatsheng—ke badiredi. Baengele le bone ba ne ba direla Jesu. (Mathaio 4:11; 26:53; Luke 22:43) Gape baengele ba “direla ba ba tlileng go rua poloko.” (Bahebera 1:14; Mathaio 18:10) Jesu e ne e le modiredi. O ile a re: “Morwa motho a ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla.” (Mathaio 20:28; Baroma 15:8) Ka gone, e re ka balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go ‘latela dikgato tsa gagwe sentlentle,’ ga go gakgamatse go bo le bone e le badiredi.—1 Petere 2:21.

6. Jesu o ile a bontsha jang gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla nna badiredi?

6 Jesu o ile a raya barutwa ba gagwe jaana pele fela ga a tlhatlogela kwa legodimong: “Tsamayang . . . lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go dira barutwa—go nna badiredi. Barutwa ba basha ba ba neng ba tla ba dira ba ne ba tla ithuta go boloka dilo tsotlhe tse Jesu a di ba laetseng, go akaretsa le taelo ya gore ba tswe ba ye go dira barutwa. Morutwa wa boammaaruri wa ga Jesu Keresete o ne a tla nna modiredi, e ka ne ke monna kana mosadi, mogolo kana ngwana.—Joele 2:28, 29.

7, 8. (a) Ke dikwalo dife tse di bontshang gore Bakeresete botlhe ba boammaaruri ke badiredi? (b) Go bodiwa dipotso dife malebana le go tlhomiwa?

7 Go dumalana le seno, barutwa botlhe ba ga Jesu ba ba neng ba le gone ka Pentekosete ya 33 C.E., banna le basadi, ba ne ba nna le seabe mo go boleleng “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Ditiro 2:1-11) Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo ka molomo phatlalatsa go bona poloko.” (Baroma 10:10) Paulo o ne a sa lebisa mafoko ao kwa setlhotshwaneng se se rileng sa baruti, go na le moo, o ne a a lebisa kwa go “botlhe ba ba [neng ba le kwa] Roma ba e leng baratwa ba Modimo.” (Baroma 1:1, 7) ‘Baitshepi botlhe ba ba neng ba le kwa Efeso le ba ba boikanngo seoposengweng le Keresete Jesu’ le bone ba ne ba tshwanetse go dira gore ‘dinao tsa bone di rwesiwe iketleetso ya dikgang tse di molemo tsa kagiso.’ (Baefeso 1:1; 6:15) Le batho botlhe ba ba neng ba reeditse lekwalo le le neng le kwaletswe Bahebera ba ne ba tshwanetse ‘go ngangatlela go bolela phatlalatsa tsholofelo ya bone kwantle ga go reketla.’—Bahebera 10:23.

8 Mme gone, motho o nna modiredi leng? Ka mafoko a mangwe, o tlhomiwa leng? Mme o tlhomiwa ke mang?

Motho o Tlhomiwa Leng go Nna Modiredi?

9. Jesu o ne a tlhomiwa leng, mme o ne a tlhomiwa ke mang?

9 Malebana le gore motho o tlhomiwa leng le  gore o tlhomiwa ke mang, akanya ka sekai sa ga Jesu Keresete. O ne a sena setifikeiti sa go tlhongwa kana dikirii go tswa kwa seminareng nngwe go mo supa gore ke modiredi e bile o ne a sa tlhomiwa ke motho. Mme he, ke eng fa re ka re e ne e le modiredi? Ka gonne mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Isaia a ne a diragadiwa mo go ene: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.” (Luke 4:17-19; Isaia 61:1) Mafoko ano a bontsha sentle gore Jesu o ne a laetswe go bolela dikgang tse di molemo. O ne a laetswe ke mang? E re ka moya wa ga Jehofa e ne e le one o o neng o tloleditse Jesu tiro eno, ga go pelaelo gore o ne a tlhomilwe ke Jehofa Modimo. Seno se ne sa direga leng? Tota moya wa ga Jehofa o ne wa tla mo go Jesu ka nako ya fa a ne a kolobediwa. (Luke 3:21, 22) Ka gone, o ne a tlhomiwa ka nako ya fa a kolobediwa.

10. Ke mang yo o dirang modiredi wa Mokeresete gore a ‘tshwanelege sentle’?

10 Go tweng ka balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga? Le bone maemo a bone a go nna badiredi a ne a tswa kwa go Jehofa. Paulo o ile a re: “Go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong, o eleruri o re tshwanelegisitseng sentle go nna badiredi ba kgolagano e ntšha.” (2 Bakorintha 3:5, 6) Jehofa o dira jang gore baobamedi ba gagwe ba tshwanelegele go nna badiredi? Akanya ka sekai sa ga Timotheo, yo Paulo a neng a mmitsa “modiredi wa Modimo mo dikgannyeng tse di molemo kaga Keresete.”—1 Bathesalonika 3:2.

11, 12. Timotheo o ne a kgona jang go gatela pele go nna modiredi?

11 Mafoko a a latelang a a neng a kwaletswe Timotheo a re thusa go tlhaloganya gore go tlile jang gore a nne modiredi: “Lefa go ntse jalo, wena tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse gore ke batho bafe ba o di ithutileng mo go bone le gore o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e malebang le Keresete Jesu.” (2 Timotheo 3:14, 15) Motheo wa tumelo ya ga Timotheo, e e neng e tla mo tlhotlheletsa gore a bolele phatlalatsa, e ne e le kitso ya Dikwalo. A go di bala ka metlha e ne e le gone fela go go tlhokegang? Nnyaa. Timotheo o ne a tlhoka go thusiwa gore a nne le kitso e e boammaaruri le go tlhaloganya ka tsela ya semoya dilo tse a neng a di bala. (Bakolosa 1:9) Ka gone, Timotheo o ne a ‘tlhotlhelediwa go dumela.’ E re ka a sa le a itse Dikwalo “go tswa boseeng,” o tshwanetse a bo a ile a rutiwa pele ke mmaagwe le nkokoagwe, ka jaana go bonala rraagwe e ne e se modumedi.—2 Timotheo 1:5.

12 Le fa go ntse jalo, go nna ga ga Timotheo modiredi go ne go akaretsa dilo di le dintsi. Tumelo ya  gagwe e ne ya nonotshiwa ke go kopanela le Bakeresete ba diphuthego tse di gaufi. Re itse seo jang? Ka gonne e ne ya re fa Paulo a ne a kopana la ntlha le Timotheo, lekawana leno le ne le “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe kwa Lisetera le Ikonio.” (Ditiro 16:2) Mo godimo ga moo, mo malatsing ao bakaulengwe bangwe ba ne ba kwalela diphuthego makwalo go di nonotsha. E bile di ne di etelwa ke balebedi gore ba di kgothatse. Dithulaganyo tse di ntseng jalo di ne di thusa Bakeresete ba ba jaaka Timotheo gore ba gatele pele semoyeng.—Ditiro 15:22-32; 1 Petere 1:1.

13. Timotheo o ne a tlhomiwa leng go nna modiredi, mme ke eng fa re ka re go gatela pele ga gagwe semoyeng go ne ga se ka ga kgaotsa ka nako eo?

13 Ka ntlha ya taelo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 28:19, 20, re ka tlhomamisega gore nako nngwe tumelo ya ga Timotheo e ne ya mo tlhotlheletsa go etsa Jesu mme a kolobediwa. (Mathaio 3:15-17; Bahebera 10:5-9) Seno e ne e le tsela e Timotheo a neng a bontsha ka yone gore o ineela ka moya otlhe mo Modimong. Ka nako ya fa Timotheo a kolobediwa, o ne a nna modiredi. Go tloga ka nako eo go ya pele, botshelo jwa gagwe, nonofo ya gagwe le sengwe le sengwe fela se a neng a na naso, jaanong e ne e le sa Modimo. Seno e ne e le karolo ya konokono mo kobamelong ya gagwe, e le “tirelo e e boitshepo.” Le fa go ntse jalo, Timotheo o ne a se ka a kgotsofalela go nna le maemo ao fela. O ne a tswelela pele a gola semoyeng, a nna modiredi yo o godileng sentle wa Mokeresete. Timotheo o ne a kgona go nna jalo ka ntlha ya go tsalana thata le Bakeresete ba ba godileng sentle ba ba jaaka Paulo, go ithuta ga gagwe ka namana le ka ntlha ya bodiredi jwa gagwe jo a neng a bo tlhagafaletse.—1 Timotheo 4:14; 2 Timotheo 2:2; Bahebera 6:1.

14. Gompieno, motho yo o ‘sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng’ a ka kgona go gatela pele jang mo go nneng modiredi?

14 Le gompieno Bakeresete ba tlhomiwa jalo go nna badiredi. Motho yo o ‘sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng’ o thusiwa go ithuta ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe ka thuto ya Baebele. (Ditiro 13:48) O ithuta go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe le go rapela Modimo ka boikaelelo. (Pesalema 1:1-3; Diane 2:1-9; 1 Bathesalonika 5:17, 18) O kopanela le badumedi ba bangwe mme o sola molemo dithulaganyo tsotlhe tse di dirilweng ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.” (Mathaio 24:45-47; Diane 13:20; Bahebera 10:23-25) Ka gone, o gatela pele mo thulaganyong ya thuto e e rulagantsweng sentle.

15. Go diragalang fa motho a kolobediwa? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)

15 Kgabagare moithuti yono wa Baebele fa a sena go aga lorato lwa gagwe ka Jehofa Modimo le tumelo e e nonofileng mo setlhabelong sa thekololo, o tla bo a batla go ineela ka botlalo mo go Rraagwe wa selegodimo. (Johane 14:1) O ineela jalo ka go rapela mo sephiring mme go tswa foo o a kolobediwa e le sesupo sa phatlalatsa sa kgato eo e a e tsereng mo sephiring. Go kolobediwa ga gagwe ke nako ya go tlhomiwa ga gagwe ka gonne ke ka nako eno a tsewang e le motlhanka, di·aʹko·nos, yo o ineetseng ka botlalo wa Modimo. O tshwanetse a tswelela e se karolo ya lefatshe. (Johane 17:16; Jakobe 4:4) O intshitse ka botlalo go nna “setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong,” a sa sadise sepe kwa morago. (Baroma 12:1) *  Ke modiredi wa Modimo yo o etsang Keresete.

Bodiredi Jwa Bakeresete ke Eng?

16. Mangwe a maikarabelo a ga Timotheo mo tirong ya go nna modiredi e ne e le afe?

16 Bodiredi jwa ga Timotheo bo ne bo akaretsa eng? O ne a na le ditiro tse di kgethegileng mo tirong ya gagwe ya go nna mopati wa ga Paulo. Mme fa Timotheo a ne a nna mogolwane, o ne a dira ka natla mo go ruteng le mo go nonotsheng Bakeresetekaene. Le fa go ntse jalo, karolo ya konokono ya bodiredi jwa gagwe, e ne e le go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa, fela jaaka Jesu le Paulo. (Mathaio 4:23; 1 Bakorintha 3:5) Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Mme wena, nna o thantse mo tlhaloganyong mo dilong tsotlhe, boga bosula, dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 Timotheo 4:5.

17, 18. (a) Bakeresete ba nna le seabe mo bodireding bofe? (b) Tiro ya go rera e botlhokwa go le kana kang mo modireding wa Mokeresete?

17 Go ntse jalo le ka badiredi ba Bakeresete gompieno. Ba nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa, mo tirong ya go rera, ba bontsha batho ba bangwe poloko mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu le go ruta ba ba pelonolo go bitsa leina la ga Jehofa. (Ditiro 2:21; 4:10-12; Baroma 10:13) Ba dirisa Baebele go supa gore tsholofelo e le nosi fela e batho ba ba bogang ba nang le yone ke Bogosi le go bontsha gore tota le e leng gone jaanong dilo di ka nna botoka fa motho a ka tshela go ya ka melaometheo ya Modimo. (Pesalema 15:1-5; Mareko 13:10) Mme gone, modiredi wa Mokeresete ga a rere thero ya go leka go rarabolola mathata a setšhaba. Go na le moo, o ruta batho gore ‘boineelo jwa bomodimo bo na le tsholofetso ya botshelo jwa jaanong le jo bo tla tlang.’—1 Timotheo 4:8.

18 Ke boammaaruri gore bontsi jwa badiredi ba na le ditsela tse dingwe tse ba direlang ka tsone, tse di ka tswang di farologana le tsa Bakeresete ba bangwe. Bontsi bo na le maikarabelo a lelapa. (Baefeso 5:21–6:4) Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba na le ditiro mo phuthegong. (1 Timotheo 3:1, 12, 13; Tito 1:5; Bahebera 13:7) Bakeresete ba le bantsi ba thusa go aga Diholo Tsa Bogosi. Ba bangwe ba na le tshiamelo e e molemolemo ya go nna baithaopi mo go lengwe la magae a Bethele a Mokgatlho wa Watch Tower. Le fa go ntse jalo, badiredi botlhe ba Bakeresete ba nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Ga go na yo go tweng ene ga a e dire. Go nna le seabe mo tirong eno ke gone go supang motho phatlalatsa gore ke modiredi wa Mokeresete wa mmatota.

Boikutlo Jwa Modiredi wa Mokeresete

19, 20.Ke boikutlo bofe jo badiredi ba Bakeresete ba ka lwelang go nna le jone?

19 Bontsi jwa badiredi ba Labokeresete ba lebelela gore ba newe tlotlo e e kgethegileng, mme ba dumela go bidiwa ka direto tse di jaaka “moruti” le “rara.” Le fa go ntse jalo, modiredi wa Mokeresete o itse gore Jehofa ke ene fela yo o tshwanelwang ke tlotlo e e masisi. (1 Timotheo 2:9, 10) Ga go modiredi ope wa Mokeresete yo o ka batlang go newa tlotlo e e ntseng jalo ya maemo a a kwa godimo kana a batla go bidiwa ka direto tse di kgethegileng. (Mathaio 23:8-12) O itse gore bokao jwa konokono jwa di·a·ko·niʹa ke “go direla.” Lediri le le amanang le lone ka dinako tse dingwe mo Baebeleng le dirisiwa malebana le ditiro tsa go direla batho dilo tse di jaaka go ba tlamela ka dijo mo tafoleng. (Luke 4:39; 17:8; Johane 2:5) Le fa tsela e le dirisiwang ka yone malebana le bodiredi jwa Bokeresete e tlotlega, di·aʹko·nos ke motlhanka.

20 Ka gone, ga go modiredi ope wa Mokeresete yo o tshwanetseng go batla go itlotlomatsa. Badiredi ba mmatota ba Bakeresete ke batlhanka ba ba boikokobetso—tota le ba ba nang le maikarabelo a a kgethegileng mo phuthegong. Jesu o ile a re: “Lefa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona, mme lefa e le mang yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.” (Mathaio 20:26, 27) Fa Jesu a ne a bontsha barutwa ba gagwe boikutlo jo bo siameng jo ba tshwanetseng go nna le jone, o ile a ba tlhapisa dinao, a dira tiro e e neng e dirwa ke lekgoba la maemo a a kwa tlase. (Johane 13:1-15) A tiro e e nyatsegang ruri! Ka gone, badiredi ba Bakeresete ba direla Jehofa Modimo le Jesu Keresete ka boikokobetso. (2 Bakorintha 6:4; 11:23) Ba bontsha boikokobetso jwa pelo fa ba ntse ba direlana. Mme fa ba rera dikgang tse di molemo, ba  direla baagisani ba bone ba ba sa dumeleng ka bopelotshweu.—Baroma 1:14, 15; Baefeso 3:1-7.

Itshoke mo Bodireding

21. Go itshoka ga ga Paulo mo bodireding go ile ga duelwa jang?

21 Go nna modiredi ga ga Paulo go ne ga mo tlhoka gore a itshoke. O ne a raya Bakolosa a re o ile a boga go le gontsi e le gore a kgone go ba rerela dikgang tse di molemo. (Bakolosa 1:24, 25) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ile ba amogela dikgang tse di molemo mme ba nna badiredi ka gonne a ile a itshoka. Ba ile ba tsalwa go nna barwa ba Modimo le go nna bomorwarraagwe Jesu Keresete, ka tsholofelo ya go nna dibopiwa tsa semoya le ene kwa legodimong. A tuelo e e molemo jang ne ya boitshoko!

22, 23. (a) Ke eng fa gompieno badiredi ba Bakeresete ba tlhoka go nna le boitshoko? (b) Ke matswela afe a a molemo a Bakeresete ba a bonang fa ba itshoka?

22 Le gompieno badiredi ba mmatota ba Modimo ba tshwanetse go itshoka. Ba le bantsi letsatsi le letsatsi ba tshwanelwa ke go itshokela malwetse kana ditlhabi tsa botsofe. Batsadi ba dira ka natla mo go godiseng bana ba bone—bontsi jwa bone ba dira jalo ba se na balekane. Ka bopelokgale bana kwa sekolong ba gana tlhotlheletso e e phoso e e ba farafereng. Bakeresete ba le bantsi ba lebana le mathata a a masisi a tsa itsholelo. Mme ba le bantsi ba a boga ka ntlha ya go bogisiwa kana ba lebana le mathata ka ntlha ya “dinako tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone” gompieno! (2 Timotheo 3:1) Ee, badiredi ba ga Jehofa ba ba ka tshwarang dimilione tse thataro ba ka bua jaana fela jaaka moaposetoloi Paulo: “Ka tsela nngwe le nngwe re ikhaka gore re badiredi ba Modimo, ka go itshokela dilo di le dintsi.” (2 Bakorintha 6:4) Badiredi bano ba Bakeresete ga ba ineele. Ruri ba tshwanetse go akgolelwa boitshoko jwa bone.

23 Mo godimo ga moo, fela jaaka mo kgannyeng ya ga Paulo, boitshoko bo lere matswela a a molemo. Fa re itshoka re a bo re ngomaela botsala jwa rona jo bogolo le Jehofa le go dira gore a itumele. (Diane 27:11) Re nonotsha tumelo ya rona le go dira barutwa, re oketsa bokaulengwe jwa rona jwa Bokeresete. (1 Timotheo 4:16) Jehofa o ile a ema badiredi ba gagwe nokeng le go segofatsa bodiredi jwa bone mo metlheng eno ya bofelo. Ka ntlha ya gone, ba bofelo ba ba 144000 ba ile ba phuthwa mme dimilione tse dingwe di na le tsholofelo e e sa reketleng ya go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Tshenolo 14:1) Ee ruri, bodiredi jwa Bokeresete ke tsela e Jehofa a re bontshang kutlwelobotlhoko ka yone. (2 Bakorintha 4:1) E kete rotlhe re ka bo tsaya bo le botlhokwa thata le go lebogela gore matswela a jone a tla nnela ruri.—1 Johane 2:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Lefoko la Segerika e bong di·aʹko·nos ke lone le lefoko “motiakone” le tswang mo go lone mme le kaya modiredimogolo mo kerekeng. Mo dikerekeng tse di tlhomang basadi go nna baruti, ba ka bidiwa batiakone ba basadi.

^ ser. 15 Le fa Baroma 12:1 e dira segolobogolo mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, kgang ya teng e a dira le mo go ba “dinku tse dingwe.” (Johane 10:16) Ba ‘ikopanya le Jehofa go mo direla, le go rata leina la ga Jehofa, le go nna batlhanka ba gagwe.’—Isaia 56:6.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke boikarabelo bofe jo Bakeresete botlhe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ileng ba nna le jone?

• Motho o tlhomiwa leng go nna modiredi wa Mokeresete mme o tlhomiwa ke mang?

• Modiredi wa Mokeresete o tshwanetse a lwela go nna le boikutlo bofe?

• Ke eng fa modiredi wa Mokeresete a tshwanetse go itshoka fa a lebane le mathata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Timotheo o ne a rutwa Lefoko la Modimo go tloga boseeng. O ne a nna modiredi yo o tlhomilweng fa a ne a kolobediwa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kolobetso e tshwantshetsa go ineela mo Modimong e bile e supa gore motho o tlhomilwe go nna modiredi

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Badiredi ba Bakeresete ba iketleeleditse go direla