Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pono ya Bomodimo ka Boitsholo jo bo Phepa

Pono ya Bomodimo ka Boitsholo jo bo Phepa

 Pono ya Bomodimo ka Boitsholo jo bo Phepa

“Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.”—ISAIA 48:17.

1, 2. (a) Batho ka kakaretso ba na le pono efe ka boitsholo jwa tlhakanelodikobo? (b) Bakeresete ba na le pono efe ka boitsholo jwa tlhakanelodikobo?

GOMPIENO mo mafelong a mantsi a lefatshe, boitsholo bo setse bo tsewa e le kgang ya motho ka namana. Batho ba tsaya tlhakanelodikobo e le tsela ya tlholego ya go bontshana lorato e batho ba ka e dirisang nako nngwe le nngwe fela fa ba batla, e seng e le selo se ba tshwanetseng go se dira fela fa ba nyalane. Ba akanya gore ga go phoso fa motho a itirela tshwetso ya gore o batla go itshwara jang, fa fela go sa utlwise ope botlhoko. Go ya ka bone, batho ga ba a tshwanela go atlholwa mo dilong tse di malebana le boitsholo, segolobogolo malebana le tlhakanelodikobo.

2 Batho ba ba itseng Jehofa ba leba dilo ka tsela e sele. Ba itumelela go latela dikaelo tsa Dikwalo ka gonne ba rata Jehofa e bile ba batla go mo itumedisa. Ba a lemoga gore Jehofa o a ba rata e bile o ba neela dikaelo tse di solegelang bone molemo, dikaelo tse ruri di tla ba tswelang mosola le tse di tla dirang gore ba itumele. (Isaia 48:17) E re ka Modimo e le Motswedi wa botshelo, go a utlwala go bo ba tshwanelwa ke go leba kwa go ene go bona kaelo e e malebana le tsela e ba tshwanetseng go dirisa mebele ya bone ka yone, segolobogolo mo kgannyeng e e amanang thata jaana le go tlisa botshelo mo lefatsheng.

Mpho e e Tswang mo Mmoping yo o Lorato

3. Batho ba le bantsi ba Labokeresete ba rutilwe eng malebana le tlhakanelodikobo, mme seno se farologana jang le se Baebele e se rutang?

3 Batho bangwe mo go Labokeresete ba rutile batho ka tsela e e farologaneng thata le ya batho ba e seng ba bodumedi, ba ruta gore tlhakanelodikobo ke selo se se tlhabisang ditlhong, ke boleo le  gore “boleo jwa ntlha” mo tshimong ya Edene e ne e le fa Efa a raela Adame ka tlhakanelodikobo. Pono e e ntseng jalo e kgatlhanong le se Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di se bolelang. Pego ya Baebele e bitsa banyalani ba ntlha e re ke “monna le mosadi wa gagwe.” (Genesise 2:25) Modimo o ne a ba laela go nna le bana a re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe.” (Genesise 1:28) Go ne go se kitla go utlwala gore Modimo a laele Adame le Efa gore ba nne le bana mme a bo a ba otlhaela go diragatsa ditaelo tseo.—Pesalema 19:8.

4. Ke eng fa Modimo a file batho mpho ya tlhakanelodikobo?

4 Mo taelong eno e e neng ya newa batsadi ba rona ba ntlha, e e neng ya boelediwa mo go Noa le barwa ba gagwe, re kgona go bona lebaka la konokono la tlhakanelodikobo: gore go tsholwe bana. (Genesise 9:1) Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le bontsha gore batlhanka ba gagwe ba ba nyalaneng ga ba patelesege go tlhakanela dikobo fela fa ba batla go tshola bana. Tlhakanelodikobo e ka dirisiwa ka tshwanelo go thusa banyalani ka se ba se tlhokang mo maikutlong le mo mmeleng e bile ba ka ijesa monate ka yone. Ke tsela e ka yone ba ka bontshanang gore ba ratana tota.—Genesise 26:8, 9; Diane 5:18, 19; 1 Bakorintha 7:3-5.

Dithibelo Tsa Bomodimo

5. Ke dithibelo dife tse Modimo a di beetseng batho malebana le tlhakanelodikobo?

5 Le fa gone tlhakanelodikobo e le mpho e e tswang mo Modimong, ga e a tshwanela go dirisiwa kwantle ga dithibelo. Seno se ama le batho ba ba nyalaneng. (Baefeso 5:28-30; 1 Petere 3:1, 7) Go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene go a ilediwa. Baebele e tlhamaletse mo kgannyeng eno. Mo Molaong o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, o ne a re: “O se ka wa dira boaka.” (Ekesodo 20:14) Moragonyana Jesu o ile a akaretsa “dikgokafalo,” “maakafalo” le “dikakanyo tse di utlwisang botlhoko” tse di simololang mo pelong ya motho e bile di mo leswafatsa. (Mareko 7:21, 22) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kgalema Bakeresete ba Korintha jaana: “Tshabang kgokafalo.” (1 Bakorintha 6:18) Mme mo lekwalong le a neng a le kwalela Bahebera Paulo o ile a kwala jaana: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.”—Bahebera 13:4.

6. Mo Baebeleng, lefoko “kgokafalo” le akaretsa dilo dife?

6 Lefoko “kgokafalo” le kaya eng? Le tswa mo lefokong la Segerika e bong por·neiʹa, le ka dinako tse dingwe le dirisiwang go tlhalosa go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang. (1 Bakorintha 6:9) Mo ditemaneng tse dingwe, jaaka mo go Mathaio 5:32 le Mathaio 19:9, bokao jwa lone bo atologile go sekae mme bo akaretsa gape le boaka, go tlhakanela dikobo le wa losika le go tlhakanela dikobo le diphologolo. Ditiro tse dingwe tsa tlhakanelodikobo gareng ga batho ba ba sa nyalanang, tse di jaaka tlhakanelodikobo ka molomo le ka marago le go phoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo tsa motho yo mongwe, le tsone di ka tlhalosiwa e le por·neiʹa. Lefoko la Modimo le kgala ditiro tseo tsotlhe—e ka ne e le ka tlhamalalo kana e se ka tlhamalalo.—Lefitiko 20:10, 13, 15, 16; Baroma 1:24, 26, 27, 32. *

Go Solegelwa Molemo ke Melao ya Modimo ya Boitsholo

7. Re solegelwa molemo jang fa re nna re le phepa mo boitsholong?

7 Go ikobela kaelo ya ga Jehofa malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo e ka nna kgwetlho mo bathong ba ba sa itekanelang. Rafilosofi yo o tumileng wa Mojuda wa lekgolo la bo12 la dingwaga e bong Maimonides, o ile a kwala jaana: “Mo go Torah [Molao wa ga Moshe] yotlhe, ga go na thibelo epe e e leng thata go gaisa go ilediwa ga boitshwaro jo bo maswe le mekgwa e e sa letlelelwang ya tlhakanelodikobo.” Le fa go ntse jalo, fa re ikobela kaelo ya Modimo re solegelwa molemo thata. (Isaia 48:18) Ka sekai, go ikobela melao e e ntseng jalo go re sireletsa mo malwetseng a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, a mangwe a one a sa alafegeng e bile a ka bolaya motho. * Re sirelediwa mo go imeng ga batho ba sa nyalwa. Go dirisa botlhale jwa bomodimo gape go dira gore re nne le segakolodi se se phepa. Go dira jalo go thusa motho go itlotla e bile go dira gore a tlotlwe le ke batho ba bangwe, go akaretsa ba losika, balekane ba rona, bana ba rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete. Gape go dira gore re nne le boikutlo jo bo siameng kaga tlhakanelodikobo jo bo tla dirang gore re itumele mo lenyalong. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ile a kwala jaana: “Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ke tshireletso  e e di gaisang tsotlhe. Ke letetse gore ke nyalwe, mme fa ke nyalwa ke tla nna motlotlo go bolelela monna wa Mokeresete yo o nnyalang gore ga ke ise nko ke tlhakanele dikobo le ope.”

8. Boitshwaro jwa rona jo bo phepa bo ka rotloetsa kobamelo e e itshekileng jang?

8 Fa re nna re le phepa mo boitshwarong, gape re ka nna le seabe se segolo mo go baakanyeng dikgopolo tse di phoso tse batho ba tleng ba nne le tsone ka kobamelo ya boammaaruri mme ra ba ngokela mo Modimong o re o obamelang. Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemomogolo mo merafeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga one ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemomogolo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Petere 2:12) Tota le fa batho ba ba sa direleng Jehofa ba sa tseye tsia boitshwaro jwa rona jo bo phepa kana ba sa bo rate, re ka tlhomamisega gore Rraarona wa selegodimo o bona maiteko a re a dirang go latela kaelo ya gagwe, wa a rata e bile wa a itumelela.—Diane 27:11; Bahebera 4:13.

9. Ke eng fa re tshwanetse go tshepa kaelo ya Modimo le fa re ka tswa re sa tlhaloganye mabaka a gagwe ka botlalo? Tshwantsha.

9 Go dumela mo Modimong go akaretsa go tshepa gore o itse se se re siametseng, tota le fa re sa tlhaloganye ka botlalo gore ke eng a re kaela ka tsela e a re kaelang ka yone. Akanya ka sekai se se mo Molaong wa ga Moshe. Molao mongwe o o malebana le bothibelelo jwa sesole o ne o laela gore mantle a epelwe ka kwa ntle ga bothibelelo. (Duteronome 23:13, 14) Gongwe Baiseraele ba ne ba ipotsa gore ke eng fa ba laelwa jalo; bangwe ba ka tswa ba ile ba akanya gore seo ga se tlhokege. Le fa go ntse jalo, fa e sa le ka nako eo, saense ya tsa kalafi e ile ya lemoga gore molao ono o ne o thusa gore metswedi ya metsi e se ka ya kgotlelwa e bile o ne o ba sireletsa mo malwetseng a mantsi a a anamisiwang ke ditshenekegi. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o na le mabaka a semoya, a loago, a maikutlo, a mmele le a tlhaloganyo a go bo a laela gore e nne batho ba ba nyalaneng fela ba ba tlhakanelang dikobo. Mma jaanong re sekaseke dikai di sekae tsa Baebele tsa batho ba ba ileng ba ipoloka ba le phepa mo boitsholong.

Josefa—O ne A Segofalediwa Boitshwaro jo bo Siameng

10. Ke mang yo o neng a leka go hepisa Josefa, mme o ile a araba jang?

10 O ka tswa o itse sekai sa mo Baebeleng sa ga Josefa, morwa wa ga Jakobe. Fa a le dingwaga tse 17, o ile a iphitlhela e le lekgoba la ga Potifaro, molaodi wa bafemedi ba ga Faro wa Egepeto. Jehofa o ile a segofatsa Josefa, mme fa nako e ntse e ya, o ne a tlhomiwa go nna mookamedi wa ntlo yotlhe ya ga Potifaro. Fa Josefa a tshwara dingwaga tse 20, ke fa a le “montle, a bopegile sentle.” Mosadi wa ga Potifaro o ne a mo kgatlhegela mme a leka go mo hepisa. Josefa o ne a mo tlhalosetsa ka tlhamalalo gore go dumalana le ene e ne e tla bo e se go tsietsa mong wa gagwe fela mme gape e ne e tla bo e le go “leofela Modimo.” Ke  eng fa Josefa a ne a akanya ka tsela eno?—Genesise 39:1-9.

11, 12. Le fa go ne go se na molao wa Modimo o o kwadilweng o o iletsang batho go dira kgokafalo le boaka, ke eng fa Josefa a ka tswa a ile a akanya kafa a ileng a akanya ka teng?

11 Go bonala Josefa a ile a dira tshwetso eo e se ka go bo a ne a boifa gore batho ba ne ba tla itse ka gone. Lelapa la gaabo Josefa le ne le nna kgakala mme e bile rraagwe o ne a ithaya a re o sule. Fa Josefa a ne a ka tlhakanela dikobo le ene, lelapa la gaabo le ne le ka se itse. Potifaro le batlhanka ba gagwe ba banna le bone go ne go ka nna ga direga gore ba lobelwe boleo jono, e re ka go ne go tle go direge gore ba se nne gone mo ntlong. (Genesise 39:11) Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a itse gore Modimo o ne a tla bona boitshwaro joo.

12 Josefa a ka tswa a ile a dira jalo ka ntlha ya se a se itseng ka Jehofa. Ga go pelaelo gore o ne a itse mafoko ano a Jehofa a ileng a a bua kwa tshimong ya Edene: “Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.” (Genesise 2:24) Mo godimo ga moo, Josefa a ka tswa a ne a itse se Jehofa a ileng a se bolelela kgosi ya Mofilisitia e e neng e ikaeletse go hepisa mmaagwemogoloagwe Josefa e bong Sara. Jehofa o ile a raya kgosi eo a re: “Bona, go tshwana fela le fa o sule ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng, e re ka e le mosadi wa motho yo mongwe. . . . Mme gape ke ne ke go thiba gore o se ka wa nteofela. Ke gone ka moo ke neng ka se ka ka go letla gore o mo ame.” (Genesise 20:3, 6, NW) Le fa gone Jehofa a ne a ise a ntshe molao o o kwadilweng, tsela e a ikutlwang ka yone ka lenyalo e ne e itsewe. Boitshwaro jo bo molemo jwa ga Josefa le go batla go itumedisa Jehofa, di ne tsa dira gore a gane go dira boitsholo jo bo maswe.

13. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Josefa a se ka a kgona go kekologa mosadi wa ga Potifaro?

13 Le fa go ntse jalo, mosadi wa ga Potifaro o ne a sa itlhoboge, mme o ne a nna a mo tshwenya “letsatsi le letsatsi” gore a lale le ene. Ke eng fa Josefa a ne a sa mo kekologe fela? E re ka e ne e le lekgoba, o ne a na le ditiro tse a tshwanetseng go di dira mme o ne a ka se kgone go fetola maemo ao. Dilo tse baithutamarope ba di ribolotseng di supa gore tsela e matlo a Baegepeto a neng a agilwe ka yone a ne a dira gore motho a tshwanelwe ke go kgabaganya karolo ya konokono ya ntlo fa a ya kwa mabolokelong. Ka gone, go ka tswa go ile ga nna thata gore Josefa a tile mosadi wa ga Potifaro.—Genesise 39:10.

14. (a) Go ne ga direga eng ka Josefa fa a sena go tšhemola mo diatleng tsa mosadi wa ga Potifaro? (b) Jehofa o ne a segofatsa Josefa jang ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe?

14 Go ne ga tla nako ya gore ba nne babedi fela mo ntlong. Mosadi wa ga Potifaro o ne a isa Josefa diatla mme a mo kopa jaana: “Robala le nna.” O ne a tlhanola direthe. Ka ntlha ya go utlwisiwa botlhoko ke seno mosadi yono o ne a mo latofatsa ka gore o ne a batla go mo betelela. Go ne ga felela ka eng? A Jehofa o ile a duelela Josefa boikanyegi jwa gagwe ka yone nako eo? Nnyaa. Josefa o ne a latlhelwa mo kgolegelong mme a bofiwa ka mehiri. (Genesise 39:12-20; Pesalema 105:18) Jehofa o ile a bona tsela e Josefa a ileng a gobelelwa ka yone mme kgabagare a dira gore a ntshiwe mo kgolegelong mme a tsene mo ntlong ya kgosi. O ne a nna wa maemo a bobedi ka bogolo mo Egepeto yotlhe mme a segofadiwa ka mosadi le bana. (Genesise 41:14, 15, 39-45, 50-52) Mo godimo ga moo, pego ya boikanyegi jwa ga Josefa e ne ya kwalwa dingwaga tse 3 500 tse di fetileng gore batlhanka ba Modimo ba ithute ka yone. Abo go kgomarela melao e e siameng ya Modimo go lere masego a magolo jang ne! Le rona gompieno re ka nna ra se ka ra bona melemo ya go nna le boitsholo jo bo molemo ka yone nako eo, mme gone, re ka tlhomamisega gore Jehofa o a bona e bile o tla re segofatsa ka nako e e tshwanetseng.—2 Ditirafalo 16:9.

 ‘Kgolagano e Jobe a e Dirileng le Matlho a Gagwe’

15. Jobe o ne a dirile ‘kgolagano efe le matlho a gagwe’?

15 Motho yo mongwe yo o neng a ikanyega ke Jobe. Ka nako ya diteko tse Diabolo a neng a leka Jobe ka tsone, Jobe o ne a sekaseka botshelo jwa gagwe sesha mme a bolela gore o ne a iketleeleditse go lebana le kotlhao e e botlhoko fa e le gore, gareng ga dilo tse dingwe, o ne a tlodile molaomotheo wa ga Jehofa malebana le boitsholo jo bo siameng jwa tlhakanelodikobo. Jobe o ne a re: “Ke ne ka dira kgolagano le matlho a me, jalo ke ne ke ka leba mosetsana jang?” (Jobe 31:1) Ka mafoko ano, Jobe o ne a bolela gore e re ka a ne a ititeile sehuba gore o tla ikanyega mo Modimong, o ne a dirile tshwetso ya gore ga a kitla a leba mosadi ka go mo eletsa. Ke boammaaruri gore, o ne a tla bona basadi letsatsi le letsatsi e bile gongwe o ne a tla ba thusa fa ba tlhoka thuso. Mme gone, o ne a se kitla a itetla go ba leba ka boikaelelo jwa go ratana le bone. Pele ga a welwa ke diteko, e ne e ntse e le monna yo o humileng thata, “a feta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” (Jobe 1:3) Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a dirisa dikhumo tsa gagwe go ngoka kgatlhego ya basadi ba bantsi. Ga go pelaelo gore, o ne a se ke a itetla go tsenwa ke dikakanyo tsa go batla go tlhakanela dikobo le basadi ba ba botlana.

16. (a) Ke eng fa Jobe e le sekao se se molemo mo Bakereseteng ba ba nyetseng? (b) Boitshwaro jwa banna ba motlha wa ga Malaki bo ne bo farologane thata jang le jwa ga Jobe, mme go tweng ka gompieno?

16 Ka gone, Jobe o ne a nna le boitshwaro jo bo siameng ka nako ya fa dilo di ne di mo tsamaela sentle le ka dinako tsa mathata. Jehofa o ne a ela seno tlhoko mme a mo segofatsa tota. (Jobe 1:10; 42:12) Abo Jobe e le sekao se se molemo jang ne mo Bakereseteng ba ba nyetseng, banna le basadi! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a mo rata thata jaana! Mme boitshwaro jwa batho ba bantsi gompieno bo tshwana tota le jwa batho ba motlha wa ga Malaki. Moporofeti yoo o ne a kgala mokgwa wa banna ba le bantsi ba ba neng ba tlogela basadi ba bone, gantsi e le gore ba nyale basadi ba ba botlana. Sebeso sa ga Jehofa se ne se tletse ka dikeledi tsa basadi ba ba neng ba tlogetswe, mme Modimo o ne a kgala banna bao ba ba neng ba ‘diretse basadi ba bone ka boferefere.’—Malaki 2:13-16NW.

Lekgarebe le le Boitsheko

17. Moshulame o ne a tshwana jang le “tshimo e e tswaletsweng”?

17 Motho wa boraro yo o neng a ikanyega ke mosetsana wa Moshulame. E re ka a ne a le mmotlana e bile a le montle, o ne a se ka a kgatlhegelwa fela ke mosimane wa modisa mme gape le ke kgosi e e humileng ya Iseraele, Solomone. Mo tiragalong eno yotlhe e e kgatlhang e e umakwang mo go Sefela sa Difela, Moshulame o ne a nna a le boitsheko mme ka jalo a tlotlwa ke batho ba ba neng ba tshela le ene. Solomone o ile a tlhotlhelediwa go kwala tiragalo eno ya gagwe le mororo mosetsana yono a ne a mo ganne. Modisa yo mosetsana yono a neng a mo rata le ene o ile a mo tlotla ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe jo bo siameng. Nako nngwe o ile a akanya a bona Moshulame a ntse jaaka “tshimo e e tswaletsweng.” (Sefela sa Difela 4:12) Kwa Iseraele wa bogologolo, ditshingwana tsa teng tse dintle di ne di na le merogo e e monate ya mefutafuta, dithunya tse di nkgang monate le ditlhare tse dintle. Gantsi ditshingwana tseo di ne di tswalelwa ka legora kana lerako mme motho o ne a ka tsena mo go tsone fela ka kgorwana e e lotlelwang. (Isaia 5:5) Boitsholo jo bontle jwa Moshulame le tsela e a neng a le molemo ka yone di ne di dira gore modisa a mo tseye a tshwana le tshingwana e e ntseng jalo e bontle jwa yone bo  sa bonweng gongwe le gongwe. O ne a le boitsheko ka botlalo. Maikutlo a gagwe a lorato o ne a tla a bontsha fela monna wa gagwe wa mo isagweng.

18. Pego ya ga Josefa, ya ga Jobe le ya Moshulame di re gakolola eng?

18 Moshulame o tlhometse basadi ba Bakeresete sekao se se molemo gompieno ka boitsholo jwa gagwe jo bontle. Jehofa o ile a bona bomolemo jwa Moshulame a ba a bo anaanela thata mme a mo segofatsa fela jaaka a ile a segofatsa Josefa le Jobe. Ditiro tsa bone tsa boikanyegi di kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore di re kaele. Le fa gompieno maiteko a rona a go ikanyega a sa kwalwe mo Baebeleng, gone mme Jehofa o na le “buka ya kgakologelo” e a kwalang botlhe ba ba batlang go dira thato ya gagwe mo go yone. A le ka motlha re se lebale gore Jehofa o “tlhwaya tsebe” e bile o itumela tota fa ka boikanyegi re leka go nna re le phepa mo boitsholong.—Malaki 3:16NW.

19. (a) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe ka go nna phepa mo boitsholong? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Le fa batho ba ba se nang tumelo ba ka re ja ditshego, re itumelela go ikobela Mmopi wa rona yo o lorato. Re na le boitsholo jwa maemo a a kwa godimo, jo bo molemo. Ke selo se re tshwanetseng go nna motlotlo ka sone, se re tshwanetseng go se ngomaela. Fa re ipoloka re le phepa mo boitsholong, re ka itumelela masego a Modimo e bile re ka ipoloka re na le tsholofelo e e itumedisang ya masego a a sa feleng mo isagweng. Le fa go ntse jalo, re ka ipoloka jang re le phepa mo boitsholong ka tsela ya mmatota? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka potso eno e e botlhokwa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Bona Tora ya Tebelo, March 15, 1983, ditsebe 29-31.

^ ser. 7 Ka maswabi, go a tle go direge gore Mokeresete yo o seng molato a tsenwe ke bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo a tshwaeditswe ke molekane yo o sa lateleng kaelo ya Modimo.

A o Ka Tlhalosa?

• Baebele e ruta eng ka tlhakanelodikobo?

• Lefoko “kgokafalo” le akaretsa eng mo Baebeleng?

• Re solegelwa molemo jang fa re nna re le phepa mo boitsholong?

• Ke eng fa Josefa, Jobe le mosetsana wa Moshulame e le dikao tse di molemo mo Bakereseteng gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Josefa o ne a tshaba boitsholo jo bo maswe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mosetsana wa Moshulame o ne a tshwana le “tshimo e e tswaletsweng”

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Jobe o ne a dirile ‘kgolagano le matlho a gagwe’