Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa

Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa

 Go Bala Baebele—Go Molemo E Bile go a Itumedisa

‘O e bale motshegare le bosigo.’—JOŠUA 1:8NW.

1. Mengwe ya melemo ya go bala ka kakaretso le go bala Baebele ke efe?

GO BALA sengwe se se mosola go solegela motho molemo. Mofilosofi wa dipolotiki wa Mofora e bong Montesquieu (Charles-Louis de Secondat) o ile a kwala jaana: “Go ithuta go ile ga nna tsela ya konokono e ke e dirisang go fenya tapisego ya botshelo. Ga go na tlalelo epe e e kileng ya nkwela e ke se kileng ka atlega fa ke e leleka ka go fetsa nakonyana ke bala.” Go ntse jalo segolo thata ka go bala Baebele. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ile a re: “Molao wa ga Jehofa o itekanetse, o rudisa mowa; tshupo ya ga Jehofa e tlhomamo, e tlhalefisa ba ba sa tlhalefang. Ditao tsa ga Jehofa di siame, di itumedisa pelo.”—Pesalema 19:7, 8.

2. Ke eng fa Jehofa a ile a sireletsa Baebele go ralala dingwaga, mme o lebeletse gore batho ba gagwe ba dire eng ka yone?

2 E re ka Jehofa Modimo e le Mokwadi wa Baebele, o ile a e sireletsa ka makgolokgolo a dingwaga fa e ne e ganediwa setlhogo ke baba ba yone, ba bodumedi le ba e seng ba bodumedi. E re ka thato ya gagwe e le gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri,” o ile a dira gore batho botlhe ba kgone go nna le Lefoko la gagwe. (1 Timotheo 2:4) Go fopholediwa gore mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa baagi ba lefatshe ba ka fitlhelelwa ka dipuo di le 100. Mokwalo o o feletseng wa Baebele o gone ka dipuo di le 370, mme dikarolwana tsa Dikwalo di gone ka dipuo le diteme tse dingwe di le 1 860. Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba bale Lefoko la gagwe. O segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba elang tlhoko Lefoko la gagwe, ee, ba ba le balang letsatsi le letsatsi.—Pesalema 1:1, 2.

Balebedi ba Tshwanetse go Bala Baebele

3, 4. Jehofa o ne a batla gore dikgosi tsa Iseraele di dire eng, mme ke mabaka afe a a neng a dira gore a ba laele jalo a le gompieno a sa ntseng a dira le mo bagolwaneng ba Bakeresete?

3 Jehofa o ile a bua jaana malebana le nako ya fa setšhaba sa Iseraele se tla bo se na le kgosi ya motho: “Go tlaa dirala gore fa a dula mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a a ikwalele malebela a molao o o mo lokwalong, a a tseye mo go lo lo fa pele ga baperesiti, e bong Balefi; mme a nne nalo, a bale mo go lone ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira, gore pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bana ba ga rraagwe, le gore a se ka a fapoga taolo a ya ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema.”—Duteronome 17:18-20.

4 Ela tlhoko mabaka a go bo Jehofa a ne a batla gore batho botlhe ba e tla nnang dikgosi tsa Iseraele ba bale buka ya molao wa bomodimo letsatsi le letsatsi: (1) “gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe, le go tshegetsa mafoko otlhe a taolo e, le ditaolo tse, go di dira”; (2) “gore pelo ya gagwe e se ka ya ikgodisetsa bana ba ga rraagwe”; (3) “gore a se ka a fapoga taolo a ya ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema.” A balebedi ba Bakeresete le bone ga ba a tshwanela go boifa Jehofa, go ikobela melao ya gagwe, le go tila go ikgodisa mo bakaulengweng ba bone le gore ba se ka ba fapoga mo ditaelong tsa ga Jehofa? Ruri go bala Baebele letsatsi  le letsatsi go botlhokwa thata mo go bone fela jaaka go ne go le botlhokwa mo dikgosing tsa Iseraele.

5. Bosheng jaana Setlhopha se se Laolang se ile sa kwalela maloko a Dikomiti Tsa Makala eng malebana le go bala Baebele, mme ke eng fa go ka nna molemo gore bagolwane botlhe ba Bakeresete ba reetse kgakololo eo?

5 Gompieno bagolwane ba Bakeresete ba na le ditiro tse dintsi go di dira, e leng se se dirang gore go se ka ga nna motlhofo go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Ka sekai, maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le maloko a Dikomiti Tsa Makala tsa lefatshe lotlhe ke banna ba ba tshwaregileng thata. Le fa go ntse jalo, lekwalo lengwe la bosheng le Setlhopha se se Laolang se neng sa le kwalela Dikomiti Tsa Makala le ne la gatelela botlhokwa jwa go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta. Lekwalo leno le ile la re, go dira jalo go tla godisa tsela e re ratang Jehofa le boammaaruri ka yone, e bile go tla re “thusa go nna re na le tumelo, boipelo, le boitshoko go fitlha kwa bokhutlong.” Bagolwane botlhe mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jalo le bone. Go bala Dikwalo letsatsi le letsatsi go tla ba thusa go “dira ka botlhale.” (Jošua 1:7, 8) Mmalo wa Baebele o ba “solegela molemo mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go baakanyeng le mo go thapiseng ka tshiamo.”—2 Timotheo 3:16, Revised Standard Version.

Go Botlhokwa mo Basheng le mo Bagolong

6. Ke eng fa Joshua a ile a balela ditso tsa Iseraele tse di neng di kokoane le batswakwa mafoko otlhe a molao wa ga Jehofa kwa godimo?

6 Bogologolo batho ba ne ba sa nne le dikhopi tsa bone ka namana tsa Dikwalo, ka jalo Baebele e ne e balwa fa pele ga phuthego yotlhe. Fa Jehofa a sena go thusa Joshua go fenya motse wa Ai, o ile a kgobokanyetsa ditso tsa Iseraele fa pele ga Thaba ya Ebale le Thaba ya Geresime. Go tswa foo, pego e re bolelela jaana: “A balela mafoko otlhe a molao kwa godimo, tshegofatso le phutso, kafa go sotlhe se se kwadilweng mo bukeng ya molao. Go ne go se na lefoko lepe mo go otlhe a Moshe a neng a a laetse le Joshua a neng a se ka a le balela kwa godimo fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele, mmogo le basadi le bana ba bannye le baagi ba baeng ba ba neng ba tsamaya mo gare ga bone.” (Jošua 8:34, 35, NW) Bannye le bagolo, batswakwa le ba e seng batswakwa, ba ne ba tshwanetse go kwala mo dipelong le mo megopolong ya bone, jaaka fa re ka rialo, gore ke boitsholo bofe jo bo neng bo tla dira gore Jehofa a ba segofatse le gore ke bofe jo bo neng bo tla dira gore a se ka a tlhola a ba amogela. Go bala Baebele ka metlha ruri go tla re thusa mo kgannyeng eo.

7, 8. (a) Gompieno ke bomang ba ba tshwanang le “baagi ba baeng,” mme ke eng fa ba tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi? (b) “Bana ba bannye” ba batho ba ga Jehofa ba ka etsa sekao sa ga Jesu ka ditsela dife?

7 Gompieno, dimilione tsa batlhanka ba ga Jehofa di tshwana le “baagi ba baeng” ka tsela ya semoya. Ba kile ba bo ba tshela go ya ka mekgwa ya lefatshe, mme jaanong ba fetotse matshelo a bone. (Baefeso 4:22-24; Bakolosa 3:7, 8) Gangwe le gape ba tshwanetse go ikgopotsa melao ya ga Jehofa malebana le se se molemo le se se bosula. (Amose 5:14, 15) Go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi go ba thusa go dira jalo.—Bahebera 4:12; Jakobe 1:25.

8 Gape go na le bontsi jwa “bana ba bannye” mo gare ga batho ba ga Jehofa ba ba ileng ba rutwa melao ya ga Jehofa ke batsadi ba bone mme ba tshwanetse go itlhatswa pelo gore go dira thato ya gagwe go molemo. (Baroma 12:1, 2) Ba ka dira seo jang? Kwa Iseraele, baperesiti le banna ba bagolwane ba ne ba laelwa jaana: “O bale molao o fa pele ga Baiseraele botlhe mo kutlong ya bone. Phutha batho, banna le basadi, banyana, le moeng  wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago, gore ba utlwe, le gore ba ithute, ba boife Jehofa Modimo wa lona, ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o; le gore bana ba bone, ba ba iseng ba itse, ba utlwe, ba ithute go boifa Jehofa Modimo wa lona.” (Duteronome 31:11-13) E re ka Jesu a ile a golela kafa tlase ga thulaganyo ya Molao, o ile a bontsha go kgatlhegela go tlhaloganya melao ya ga Rraagwe a sa le monnye a le dingwaga tse 12. (Luke 2:41-49) Moragonyana, o ne a itlwaeditse go ya go reetsa le go nna le seabe mo go baleng Dikwalo kwa sinagogeng. (Luke 4:16; Ditiro 15:21) Gompieno basha ba kgothalediwa go etsa sekao sa ga Jesu ka go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le ka go nna gone ka metlha kwa dipokanong kwa Baebele e balwang le go ithutiwa teng.

Go Bala Baebele—Go Tla Pele

9. (a) Ke eng fa re tshwanetse go tlhopha se re se balang? (b) Ke eng se mothei wa makasine ono a neng a se bua malebana le dithuso tsa go ithuta Baebele?

9 Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a kwala jaana: “Reetsa tlhagiso: Go dirwa ga dibuka tse dintsi ga go na bokhutlo, mme go ineela thata mo go tsone go lapisa nama.” (Moreri 12:12, NW) Motho a ka oketsa ka gore, go bala dibuka tse dintsi tse di gatisiwang gompieno ga go lapise nama fela mme tota go kotsi mo mogopolong. Ka jalo go botlhokwa gore motho a tlhophe. Mo godimo ga go bala dikgatiso tsa rona tsa Baebele, re tshwanetse go bala le Baebele ka boyone. Mothei wa makasine ono o ne a kwalela babadi ba one jaana: “Le ka motlha lo se ka lwa lebala gore Baebele ke yone e e re Kaelang le gore le mororo dilo tse di re thusang re di neilwe ke Modimo ke ‘dilo fela tse di thusang’ mme ga di eme mo boemong jwa Bibela.” * Ka gone, le fa re sa batle go itlhokomolosa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, re tshwanetse go bala Baebele ka boyone.

10. “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o ile a gatelela jang botlhokwa jwa go bala Baebele?

10 E re ka “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a ile a lemoga botlhokwa jwa seno, go setse go fetile dingwaga a rulaganya gore go bala Baebele e nne karolo ya thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo phuthegong  nngwe le nngwe. (Mathaio 24:45) Thulaganyo ya gone jaanong ya mmalo wa Baebele e akaretsa Baebele yotlhe mo lobakeng lwa dingwaga tse supa. Thulaganyo eno e molemo mo go rona rotlhe mme e molemo segolobogolo mo go ba basha ba ba iseng ba ko ba bale Baebele yotlhe. Batho ba ba tsenang Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate sa barongwa le Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi le maloko a masha a lelapa la Bethele ba tshwanetse go bala Baebele yotlhe mo ngwageng o le mongwe. Le fa o ka tswa o latela thulaganyo efe, e ka ne o le nosi kana lo le lelapa, o tshwanetse go dira gore mmalo wa Baebele o tle pele fa e le gore o batla go e kgomarela.

Mekgwa ya Gago ya go Bala e Senola Eng?

11. Re ka iphepa jang ka mafoko a ga Jehofa letsatsi le letsatsi mme gone ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira jalo?

11 Fa e le gore ga o kgone go kgomarela thulaganyo ya gago ya go bala Baebele, go ka nna molemo go ipotsa jaana: ‘Mekgwa ya me ya go bala kana go lebelela thelebishene e ka tswa e ama jang bokgoni jwa me jwa go bala Lefoko la ga Jehofa? Se lebale se Moshe a ileng a se kwala—se le Jesu a ileng a se boeletsa—gore “motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4; Duteronome 8:3) Fela jaaka re tshwanelwa ke go ja senkgwe kana dijo tse dingwe letsatsi le letsatsi e le gore re otle mebele ya rona, le megopolo ya ga Jehofa le yone re tshwanetse go e monya letsatsi le letsatsi gore re se ka ra koafala semoyeng. Re ka kgona go bona megopolo ya Modimo letsatsi le letsatsi ka go bala Dikwalo.

12, 13. (a) Moaposetoloi Petere o tshwantsha tsela e re tshwanetseng go tlhologelelwa Lefoko la Modimo ka yone jang? (b) Paulo o dirisa papiso ya mashi ka tsela e e farologaneng le ya ga Petere jang?

12 Fa re tsaya Baebele “e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ka ammaaruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo,” re tla e rata fela jaaka lesea le tle le eletse mashi a mmaalone. (1 Bathesalonika 2:13) Moaposetoloi Petere o ile a tshwantsha seo jalo ka go kwala jaana: “Jaaka masea a a sa tswang go tsalwa, bopang tlhologelelo ya mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko, gore lo gole go ya polokong ka one, fa fela lo utlwile gore Morena o pelonomi.” (1 Petere 2:2, 3) Fa e le gore ruri re iponetse ka matlho gore “Morena o pelonomi,” re tla bopa tlhologelelo ya go bala Baebele.

13 Re tshwanetse go ela tlhoko gore mo temaneng eno Petere o ne a dirisa tsela ya go tshwantsha mashi ka tsela e e farologaneng le ya ga moaposetoloi Paulo. Mo leseeng le le sa tswang go tsalwa, mashi a le fepa ka dikotla tsotlhe tse le di tlhokang. Papiso ya ga Petere e bontsha gore Lefoko la Modimo le na le dilo tsotlhe tse re di tlhokang gore re “gole go ya polokong.” Paulo ene, o bua ka kgang ya go tlhoka mashi a bontsha mekgwa e e bokoa ya go iphepa ya batho bangwe ba ba ipolelang gore ba godile semoyeng. Paulo o ile a kwala jaana fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera: “Le mororo lo tshwanetse lo ka bo lo le ba ba rutang ka ntlha ya nako, gape lo tlhoka mongwe go lo ruta go tswa kwa tshimologong dilo tsa tshimologo tsa ditaetso tse di boitshepo tsa Modimo; mme lo ntse jaaka ba ba tlhokang mashi, e seng dijo tse di tiileng. Gonne mongwe le mongwe yo o nwang mashi ga a a tlwaelana le lefoko la tshiamo, gonne ke lesea. Mme dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go di dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.” (Bahebera 5:12-14) Go tsepamisa mogopolo fa re bala Baebele go ka re thusa thata gore re godise dikgono tsa rona tsa go lemoga le go nonotsha keletso ya rona ya dilo tsa semoya.

Tsela ya go Bala Baebele

14, 15. (a) Mokwadi wa Baebele o re neela tshiamelo efe? (b) Botlhale jwa bomodimo bo ka re solegela molemo jang? (Neela dikai.)

14 Tsela e e molemolemo ya go simolola mmalo wa Baebele ke ka thapelo e seng ka go bala. Thapelo ke tshiamelo e e gakgamatsang ruri. Go ntse jaaka e kete o simolola go sekaseka buka e e buang ka dilo dingwe tse di boteng ka go kopa mokwadi wa yone gore a go thuse go tlhaloganya se o tlogang o se bala. A bo seo se ka thusa thata jang ne! Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa o go neela tshiamelo eo. Leloko lengwe la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga le ne la kwalela bakaulengwe ba lone jaana: “Fa mongwe wa lona a se na botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelo e bile o sa kgobe; mme o tla bo newa. Mme a a nne a kope ka tumelo, a sa belaele  ka gope.” (Jakobe 1:5, 6) Ka metlha Setlhopha se se Laolang sa segompieno se re kgothaletsa go bala Baebele ka tlhoafalo.

15 Botlhale ke go dirisa kitso e o nang le yone ka tsela e e mosola. Ka gone, pele ga o bula Baebele ya gago, kopa Jehofa gore a go thuse go lemoga dintlha fa o ntse o bala tse o tla tshwanelwang ke go di dirisa mo botshelong jwa gago. Amanya dilo tse disha tse o di ithutileng le kitso e o setseng o na le yone. Di lomaganye le “mafoko a a itekanedisang” a o a lemogileng. (2 Timotheo 1:13) Akanya ka ditiragalo tsa botshelo jwa batlhanka ba ga Jehofa ba nako e e fetileng, mme o ipotse gore o ka bo ile wa dira dilo jang fa o ne o le mo maemong a a tshwanang le a bone.—Genesise 39:7-9; Daniele 3:3-6, 16-18; Ditiro 4:18-20.

16. Re newa dikakantsho dife tse di molemo tse di ka re thusang go dira gore mmalo wa Baebele o re solegele molemo?

16 O se ka wa balela fela gore o fetse. Iphe nako. Akanya ka se o se balang. Fa o sa tlhaloganye ntlha nngwe, leba lenaane la ditemana tse di tsamaisanang le e o mo go yone, fa e le gore Baebele ya gago e na le lone. Fa e le gore ntlha eo e sa ntse e sa utlwale sentle, e tshwaye gore o dire patlisiso ka yone moragonyana. Fa o ntse o bala, tshwaya ditemana tse o batlang go di gopola kana o di kwalolole. Gape o ka nna wa tla o kwala dintlha dingwe kana ditemana tse di tsamaelanang le eo mo matlhakoreng. Tshwaya mafoko a konokono a ditemana tse o ka ratang go di dirisa nako nngwe mo tirong ya go rera le go ruta o bo o lebe le lethathama la mafoko le le mo ditsebeng tse di kwa morago tsa Baebele ya gago. *

Dira Gore go Bala Baebele go Nne Monate

17. Ke eng fa re tshwanetse go itumelela go bala Baebele?

17 Mopesalema o ile a bua ka monna yo o itumetseng yo ‘o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, a balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.’ (Pesalema 1:2NW) Mmalo wa rona wa Baebele wa letsatsi le letsatsi o tshwanetse go nna monate tota e seng go nna tiro e e lapisang. Tsela nngwe e e ka dirang gore o nne monate ke go nna re etse tlhoko botlhokwa jwa dilo tse re di ithutang. Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Go itumela motho yo o boneng botlhale . . . Ditselana tsa jone ke ditselana tsa monate, mme ditsela tsotlhe tsa jone ke kagiso. Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.” (Diane 3:13, 17, 18, NW) Ruri matsapa a re a tsayang go bapala botlhale ga se a lefela, ka gonne ditsela tsa jone ke tse di monate, tsa kagiso, letlhogonolo e bile ke tse di tshedisang.

18. Mo godimo ga go bala Baebele ke eng se se tlhokegang mme re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Ee, go bala Baebele go molemo e bile go a itumedisa. A mme go lekane? Maloko a dikereke tsa Labokeresete ga a bolo go nna a bala Baebele ka makgolokgolo a dingwaga, e le “ba ba ithutang ka metlha mme lefa go ntse jalo le ka motlha ba sa kgone go tla mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.” (2 Timotheo 3:7) Gore re solegelwe molemo ke go bala Baebele, re tshwanetse go e bala ka boikaelelo jwa gore re dirise kitso e re e bapalang mo go yone mo botshelong jwa rona ka namana le go e dirisa mo tirong ya rona ya go rera le go ruta. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Seno se re tlhoka boiteko le go nna le mekgwa e e molemo ya go ithuta, e leng dilo tse le tsone di ka itumedisang le go re solegela molemo, jaaka fa re tla bona mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Bona Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi Jwa Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., tsebe 241.

^ ser. 16 Bona Tora ya Tebelo ya May 1, 1995, ditsebe 16-17, “Dikakantsho Tsa go Tokafatsa Mmalo wa Gago wa Baebele.”

Dipotso Tsa Poeletso

• Ke kgakololo efe e e neng ya neelwa dikgosi tsa Iseraele e e dirang le mo balebeding gompieno, mme ka ntlha yang?

• Ke bomang ba gompieno ba tshwanang le “baagi ba baeng” le “bana ba bannye,” mme ke eng fa ba tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

• “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o re thusitse ka ditsela dife tse di molemo gore re kgone go bala Baebele ka metlha?

• Ke eng se se ka re thusang go solegelwa molemo le go itumelela go bala Baebele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go bala Baebele letsatsi le letsatsi

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a itlwaeditse go ya go nna le seabe fa go balwa Dikwalo kwa sinagogeng