Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sireletsa Leina la Gago

Sireletsa Leina la Gago

 Sireletsa Leina la Gago

MONNA yo o dirang dipolane tsa dikago tse dintle o itirela leina le lentle la go nna motlhami wa dipolane wa setswerere. Lekgarebe le le tsayang sekgele kwa sekolong le itsege e le moithuti yo o botlhale thata. Tota le motho yo o sa direng sepe a ka itirela leina la go nna setshwakga. Fa Baebele e gatelela botlhokwa jwa go itirela leina le lentle, e bolela jaana: “Leina le lentle le molemo bogolo go dikhumo tse dintsi, tumo e ntle bogolo go selefera le gouta.”—Diane 22:1, An American Translation.

Leina le lentle le itirelwa ka dilonyana tse dintsi tse di dirwang mo nakong e telele. Le fa go ntse jalo, le ka senngwa ke kgatonyana e le nngwe fela ya boeleele. Ka sekai, go dira boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo gangwe fela go ka senya leina le lentle. Mo kgaolong ya borataro ya buka ya Baebele ya Diane, Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo o tlhagisa kgatlhanong le boikutlo le ditiro tse di ka re senyang leina le go senya kamano ya rona le Jehofa Modimo. Dingwe tsa dilo tseo ke ditumalano tse di dirwang kwantle ga go akanya, botshwakga, tsietso le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo—dilo tse Jehofa a di ilang thata. Fa re tsaya tlhagiso eno tsia seo se tla re thusa go sireletsa leina la rona le lentle.

Ikgolole mo Ditumalanong Tsa Boeleele

Kgaolo ya borataro ya Diane e simolola ka mafoko ano: “Morwaaka, fa o ineetse go nna moemedi wa motho wa gaeno, fa o opantse diatla tsa gago le moeng, o a bo o raetswe ke mafoko a molomo wa gago, o tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago. Dira jaana, morwaaka, mme o ikgolole, ka e le fa o tsenye mo seatleng sa wa gaeno jaana; ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno.”Diane 6:1-3.

Seane seno se re gakolola kgatlhanong le go kopanela mo ditirisanong tsa kgwebo le ba bangwe, segolobogolo batho ba o sa ba itseng. Ee, Baiseraele ba ne ba tshwanetse ‘go thusa barwarraabone ba ba humanegileng le ba ba tlhaelang.’ (Lefitiko 25:35-38) Mme Baiseraele bangwe ba ba neng ba rata go lekeletsa dilo ba ne ba inaakanya le dikgwebo tse ba sa tlhomamisegeng ka tsone mme ba bo ba bona thuso ya madi ka go dira gore ba bangwe ba dumele go ‘ineela go nna baemedi’ ba bone, ka go dira jalo ba dira gore e nne bone ba ba tla duelang molato. Go ka nna ga tlhaga maemo a a ntseng jalo le gompieno. Ka sekai, makgotla a tsa madi a ka batla gore go nne le motho wa bobedi yo o tla saenang pele ga motho a ka fiwa madi a kadimo a go akanngwang gore go kotsi go a adima. A bo go se botlhale jang ne go dira tumalano e e ntseng jalo ka lepotlapotla o direla batho ba bangwe! Ebu, go ka nna ga re tsenya mo mathateng a tsa madi, le e leng go dira gore re nne le leina le le maswe mo dibankeng le mo bathong ba ba  nayang ba bangwe dilwana ka molato!

Go tweng fa e le gore re iphitlhela re le mo bothateng jwa gore re ile ra tsaya kgato e pele e neng e bonala e siame mme fa re e sekaseka sentle go bonala e le boeleele? Kgakololo ke gore re beele mabela kwa thoko mme re ‘kokotlele mogaetsho’—re kopa re sa kgaotse. Re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go baakanya dilo. Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Leka sengwe le sengwe go fitlhela o dumalana le moganetsi wa gago mme lo baakanye kgang gore maikano a gago a se ka a nna kgatlhanong le wena le bantlo ya gago.” Mme seno se tshwanetse sa dirwa ka bonako, ka gonne kgosi e oketsa jaana: “O se ka wa lesa matlho a gago a robala, le fa e le dintshi tsa matlho a gago go bokalala. O bo o ikgolole jaaka tshephe mo seatleng sa motsomi, le jaaka nonyane mo seatleng sa motshwara nonyane.” (Diane 6:4, 5) Go botoka gore fa go kgonega o ikgogele morago mo tumalanong e e seng botlhale go na le gore o tshwarwe mo go yone.

Dira ka Natla Jaaka Tshoswane

Solomone o gakolola jaana: “Ya kwa tshoswaneng wena mmodufadi; o akanye mekgwa ya yone, mme o tlhalefe.” Re ka bona botlhale bofe mo mekgweng ya tshoswanyane? Kgosi e araba jaana: “E e reng e se na kgosi, le fa e le molebedi, kgotsa molaodi, e be e etleetse dijo tsa yone go le selemo, e kokotletse dijo tsa yone mo lobakeng lwa thobo.”Diane 6:6-8.

Ditshoswane di na le thulaganyo e e gakgamatsang e bile di dirisana mmogo ka tsela e e jesang kgakge. Kwantle ga go laelwa, di phuthela isagwe dijo. Ga di “na kgosi, le fa e le molebedi, kgotsa molaodi.” Gone ke boammaaruri gore go na le tshoswane ya kgosigadi, mme ke kgosigadi fela ka tsela ya gore e baya mae e bile ke mmè wa setlhopha sotlhe. Ga e neele ditaelo dipe. Le fa gone ditshoswane di se na moeteledipele yo o di kaelang kana molebedi yo o di tlhokomelang, di nna di dira tiro ya tsone ka tlhoafalo.

Jaaka tshoswane, a le rona ga re a tshwanela go dira ka natla jalo? Go dira ka natla le go leka go tokafatsa tiro ya rona ke selo se se re siametseng le fa re ka tswa re tlhokometswe kana re sa tlhokomelwa. Ee, kwa sekolong, kwa tirong le fa re dira ditiro tsa semoya, re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang. Fela jaaka tshoswane e solegelwa molemo ke go dira ka natla ga yone, Modimo le ene o batla gore ‘re bone molemo wa tiro yotlhe ya rona.’ (Moreri 3:13, 22; 5:18) Go nna le segakolodi se se phepa le go kgotsofala ke maduo a go dira ka natla.—Moreri 5:12.

Ka go dirisa dipotso tse pedi tse di sa batleng dikarabo, Solomone o leka go tsibosa setshwakga mo bobodung jwa gagwe: “O tlaa rapama ka lobaka lo lo kaye, wena mmodufadi, o tlaa tsoga leng mo go robaleng?” Fa kgosi e etsa tsela e setshwakga seno se buang ka yone e oketsa jaana: “Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla, jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.” (Diane 6:9-11) Fa motho yo o setshwakga yono a sa ntse a rapaletse jalo, khumanego e mo aparela ka bofefo jwa senokwane mme lehuma le mo tlhasela jaaka monna yo o tlhometseng dibolao. Masimo a setshwakga a tlala ka mefero le sebabetsane ka bonako. (Diane 24:30, 31) Kgwebo ya gagwe e wa ka bonako. Mohiri a ka itshokela motho yo o setshwakga nako e kana kang? Mme a moithuti yo o botswa thata go ithuta a ka lebelela go dira sentle kwa sekolong?

Ikanyege

Fa Solomone a tlhalosa mofuta o mongwe wa boitshwaro jo bo senyang motho leina mo setšhabeng le kamano ya gagwe le Modimo, o tswelela jaana: “Motho yo o seruti, motho wa boikepo, o tsamayatsamaya ka molomo o o lesoko. O gwetlha ka matlho, a bue ka dinao, a gonetse ka menwana; lesoko le mo pelong ya gagwe, o ntse a loga bosula ka metlha yotlhe; o jala kgotlhang mo bathong.”Diane 6:12-14.

 Go tlhalosiwa motsietsi fano. Gantsi moaki o leka go fitlha go sa ikanyege ga gagwe. Jang? E seng fela ka “molomo o o lesoko,” mme gape le ka go tlhalosa ka mmele. Mokanoki mongwe o tlhalosa jaana: “Tlhaloso ya mmele, modumo wa lentswe tota le ponalo ya sefatlhego ke mekgwa e e dirisiwang go tsietsa; motho a ka itira e kete o peloephepa mme a na le mogopolo o o sokameng le moya wa kgotlhang.” Motho yo o se nang mosola jalo o loga maano a a bosula mme ka metlha o baka dikgotlhang. O tla felela kae?

Kgosi ya Iseraele e araba ka gore: “Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo.” (Diane 6:15) Fa moaki a senolwa, leina la gagwe le senyega gone fela foo. Ke mang yo o tla tlholang a mo ikanya? Phelelo ya gagwe e utlwisa botlhoko tota, ka gonne “baaki botlhe,” ba umakiwa gare ga ba ba bolaelwang ruri. (Tshenolo 21:8) A re lekeng ka natla yotlhe go “itshwara ka mo go se nang matsoketsane mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.

Ila se Jehofa a se Ilang

Go ila bosula—a bo e le selo se se molemo jang ne se se ka re thusang go tila go dira dilo tse di tla re senyang leina! Ka jalo a ga re a tshwanela go leka go ila bosula? Mme ke eng tota se re tshwanetseng go se ila? Solomone o bolela jaana: “Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse: Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato; pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying; mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.”Diane 6:16-19.

Dilo tse supa tse seane seno se di umakang ke dilo tsa konokono e bile di akaretsa mefuta yotlhe ya bosula. “Matlho a a kadileng” le “pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo” ke maleo a a akanngwang. “Loleme lo lo akang” le “mosupi wa kako yo o bilolang maaka” ke mafoko a boleo. “Diatla tse di tshololang madi” le “dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying” ke ditiro tse di bosula. Mme selo se Jehofa a se ilang thata ke motho yo o ratang go tlhotlheletsa kgotlhang gare ga batho ba ba ka bong ba agisanya. Go okediwa ga palo eno go tswa mo go thataro go ya go supa go akantsha gore lenaane leno ga se le le feletseng ka gonne batho ba nna ba oketsa ditiro tsa bone tse di bosula.

Ebu, re tshwanetse go tlhagolela letlhoo la dilo tse Modimo a di ilang. Ka sekai, re tshwanetse go tila “matlho a a kadileng” kana tsela epe fela e e supang mabela. Mme tshebo e e gobatsang e tshwanetse go tilwa tota, ka gonne go motlhofo gore e bake “kgotlhang mo baneng ba monna.” Fa re anamisa magatwe a a utlwisang botlhoko, re tshwaya diphoso ka tsela e e sa tshwanelang, kana re anamisa maaka, re ka nna ra bo re sa ‘tsholole madi a a se nang molato,’ mme ga go na pelaelo gore re ka senya leina le lentle la motho yo mongwe.

“O se Ka wa Eletsa Bontle Jwa Gagwe”

Solomone o simolola karolo e e latelang ya kgakololo ya gagwe ka go bolela jaana: “Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago. Di bofelele mo pelong ya gago ka metlha yotlhe, o di gokelele mo thamong ya gago.” Lebaka ke eng? “Motlhang o tsamayang di tlaa go goga; motlhang o robalang di tlaa go tlhodumela, mme motlhang o kubugang di tlaa bua nao.”Diane 6:20-22.

A tota go godisiwa ka Dikwalo go ka re sireletsa mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo? Ee go ka re sireletsa. Re tlhomamisediwa jaana: “Gonne taolo ke lobone; le molao ke lesedi, dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo, go go dibela mo mosading yo o bosula, le mo go hakeng ga loleme lwa mosadi o sele.” (Diane 6:23, 24) Go gakologelwa kgakololo ya Lefoko la Modimo le go le dirisa jaaka ‘lobone lwa dinao tsa rona le lesedi  la ditsela tsa rona’ go tla re thusa go gana ditaletso tse di borethe tsa mosadi yo o bosula kana tota le e leng monna yo o bosula.—Pesalema 119:105.

Kgosi e e botlhale e gakolola jaana: “O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago, mme a a se ka a go tsaya ka matlho a gagwe a a phatsimang.” Ka ntlha yang? “Ka gonne motho o sala fela ka senkgwe se se kgolokwe ka ntlha ya mosadi wa seaka; mme fa e le mosadi wa monna yo mongwe, o tsoma moya o o tlhwatlhwakgolo.”Diane 6:25, 26NW.

A Solomone o raya mosadi yo o nyetsweng yo o gokafalang fa a bua ka seaka? Gongwe. Kana gongwe o farologanya ditlamorago tsa go dira boaka le seaka le ditlamorago tsa go dira boaka le mosadi wa monna yo mongwe. Motho yo o nang le dikamano le seaka a ka nna a sala fela ka “senkgwe se se kgolokwe”—a humanegile thata. A ka nna a bo a tsenwa ke malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo a a botlhoko thata le a a golofatsang a a akaretsang AIDS e e bolayang. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ya ka Molao motho yo o batlang go nna le dikamano le molekane wa lenyalo wa motho yo mongwe o mo kotsing e kgolwane. Mosadi yo o gokafalang o tsenya “moya o o tlhwatlhwakgolo” wa motho yo a ratanang nae go sa tshwanela mo kotsing. Buka nngwe ya dipatlisiso e tlhalosa jaana: “Boikaelelo . . . bo feta go batla go khutshwafatsa botshelo ka go bo senya. Moleofi o tshwanelwa ke kotlhao ya loso.” (Lefitiko 20:10; Duteronome 22:22) Gone mme, le fa a ka tswa a lebega a le montle jang mo mmeleng, mosadi yo o ntseng jalo ga a tshwanela go elediwa.

‘O se Ka wa Tsaya Molelo mo Sehubeng sa Gago’

Fa Solomone a tswelela a gatelela kotsi ya boaka, o botsa jaana: “A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še? Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še?” Fa a tlhalosa bokao jwa sekai seno, o bolela jaana: “Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.” (Diane 6:27-29) Moleofi yo o ntseng jalo o tshwanetse go otlhaiwa tota.

Re gakololwa jaana: “Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.” Le fa go ntse jalo, “fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.” (Diane 6:30, 31) Kwa Iseraele wa bogologolo, legodu le ne le tshwanetse go duela le fa a ka tshwanelwa ke go duela ka sengwe le sengwe se a neng a na le sone. * A bo moakafadi yo o se nang seipato sa se a se dirileng ene a tshwanelwa ke kotlhao e kgolwane jang ne!

Solomone o bolela jaana: “Yo o dirang boaka le mosadi, ga a na tlhaloganyo.” Monna yo o se nang tlhaloganyo ga a kgone go akanyetsa dilo sentle ka gonne o “senya mowa wa gagwe tota.” (Diane 6:32) Kafa ntle a ka nna a lebega e le motho yo o tlotlegang mme motho yo o kafa teng ga a gola sentle gotlhelele.

Maungo a moakafadi a a robang a akaretsa mo gontsi. “O tlaa tswa dintho le tlotlologo; mme go kgojwa ga gagwe ga go ketla go phimolwa. Gonne lefufa ke bolau jwa monna; mme ga a ketla a rekegela mo motlheng wa pusoloso. Ga a ketla a tlhokomela thekololo epe; le gone ga a ketla a diga pelo, le fa o ntsha dineo di le dintsi.”Diane 6:33-35.

Legodu le ka kgona go duelela se le se utswitseng mme moakafadi ene ga go na tsela e a ka duelang ka yone. O tla duela monna yo o galefileng ka eng? Ga go na dikopo dipe tse di ka dirang gore modiraphoso yono a utlwelwe botlhoko. Ga go na ka tsela epe e moakafadi a ka kgonang go lefelela boleo jwa gagwe ka yone. Kgobo le ditlhong tse di leng mo leineng la gagwe di nnetse ruri. Mo godimo ga moo, ga go na tsela e a ka kgonang go ithekolola ka yone kana go reka kgololesego ya gagwe mo kotlhaong e e mo tshwanelang.

A bo go le botlhale jang ne go tila boaka le boitsholo le maikutlo a mangwe a a senyang leina la rona le lentle e bile e le a a ka tlisang kgobo mo Modimong! Ka gone, e kete re ka nna kelotlhoko gore re se ka ra dira ditumalano tsa boeleele. A re nneng batho ba ba itsegeng ka go dira ka natla le ka boikanyegi. Mme fa re ntse re leka go ila se Jehofa a se ilang, e kete re ka itirela leina le lentle mo go ene mmogo le mo bathong ba bangwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Go ya ka Molao wa ga Moshe, legodu le ne le tshwanetse go duela ka makgetlho a a menaganeng gabedi, gané kana gatlhano. (Ekesodo 22:1-4) Lefoko “gasupa” le ka tswa le supa selekanyo se se feletseng sa kotlhao se se ka nnang sa bo se raya ka makgetlho a le mantsi go feta se a se utswileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna kelotlhoko malebana le go nna motho wa bobedi go saenela kadimo ya madi

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Dira ka natla jaaka tshoswane

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ikehe mo tshebong e e gobatsang