Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo?

Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo?

 Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo?

Bill ke rralelapa yo o mo dingwageng tsa bo50 yo e leng morutisi wa tiro ya go aga. Mo ngwageng otlhe, o dirisa dibeke di le dintsi a dirisa madi a gagwe go thusa mo go rulaganyeng le mo go ageng Diholo Tsa Bogosi tsa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Emma ke motho yo o sa nyalwang yo o rutegileng yo o tshwanelegang sentle yo o nang le dingwaga di le 22. Go na le gore a latelele gotlhelele mekgele ya gagwe ka namana le menate, o dirisa diura tse di fetang 70 kgwedi nngwe le nngwe e le modiredi, a thusa batho go tlhaloganya Baebele. Maurice le Betty ba rotse tiro. Mo boemong jwa gore jaanong ba tlhabe kgobe ka mmutlwa, ba fudugetse kwa nageng e sele go ya go thusa batho koo gore ba ithute ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe.

BATHO bano ga ba ikaye e le ba ba kgethegileng kgotsa ba ba sa tshwaneng ka gope le ba bangwe. Ke batho fela ba ba tlwaelegileng ba ba dirang se ba tsayang gore ke selo se se siameng. Ke ka ntlha yang fa ba dirisa nako ya bone, maatla, bokgoni, le madi gore ba thuse ba bangwe? Ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo thata le go rata moagelani. Lorato lono lo dirile gore mongwe le mongwe wa bone a nne le moya wa boammaaruri wa go intsha setlhabelo.

Re bua ka eng fa re bua ka moya wa go intsha setlhabelo? Go intsha setlhabelo ga go reye go tshela botshelo jo bo gagametseng. Ga go reye go itima dilo ka tsela e e feteletseng mo go ka dirang gore re nne re sa itumela kana re sa kgotsofala. Jaaka fa The Shorter Oxford English Dictionary e tlhalosa, go intsha setlhabelo go raya fela “go itima dilo tse motho a di ratang, boitumelo, le dilo tse motho a di eletsang, ka ntlha ya tiro e a patelesegang go e dira kgotsa go direla ba bangwe molemo.”

Jesu Keresete—Sekao Se se Di Gaisang Tsotlhe

Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi, e bong Jesu Keresete, ke sekao se se di gaisang tsotlhe sa motho yo o nang le moya wa go intsha setlhabelo. Pele a nna gone jaaka motho, botshelo jwa gagwe bo tshwanetse jwa bo e ne e le jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang fela thata. O ne a na le botsalano jo bogolo le Rraagwe le dibopiwa tsa semoya. Mo godimo ga moo, Morwa Modimo o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe mo ditirong tse di gwetlhang le tse di kgatlhang e le “tlhogo ya tiro.” (Diane 8:30, 31) Ruri o ne a tshela mo maemong a a gaisang ape fela a a neng a ka fitlhelelwa le ke motho yo o humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng. O ne a na le maemo a magolo le a a tlotlometseng go gaisa otlhe  mo legodimong, a fetwa ke Jehofa Modimo fela ka bogolo.

Le fa go ntse jalo, Morwa Modimo “o ne a ikhudula mme a tsaya sebopego sa motlhanka mme a simolola go nna mo setshwanong sa batho.” (Bafilipi 2:7) O ne a ithaopela go tlogela melemo yotlhe ya gagwe ka go nna motho le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo gore a baakanye tshenyo e e bakilweng ke Satane. (Genesise 3:1-7; Mareko 10:45) Seo se ne se raya go tla go tshela mo gare ga batho ba ba nang le boleo mo lefatsheng le le namaletseng mo maatleng a ga Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Gape go ne go raya go itshokela mathata le matshwenyego. Le fa Jesu Keresete a ne a ka kopana le mathata a a kana kang, o ne a ikemiseditse go dira thato ya ga Rraagwe. (Mathaio 26:39; Johane 5:30; 6:38) Seno se ne sa leka lorato lo Jesu a nang le lone le boikanyegi jwa gagwe ka botlalo. O ne a ikemiseditse go intsha setlhabelo go ya bokgakaleng bofe? Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “A ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha kwa losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.”—Bafilipi 2:8.

“Bolokang Boikutlo Jono Jwa Mogopolo mo go Lona”

Re kgothalediwa go etsa sekao sa ga Jesu. Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Bolokang boikutlo jono jwa mogopolo mo go lona jo gape bo neng bo le mo go Keresete Jesu.” (Bafilipi 2:5) Re ka dira seno jang? Tsela e nngwe ke ka go ‘baya leitlho e seng mo molemong wa ka namana mo dilong tse di amang wena fela, mme gape le mo molemong wa ka namana mo go tsa ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Lorato lwa boammaaruri “ga lo batle melemo ya lone.”—1 Bakorintha 13:5.

Batho ba ba tshwenyegang ka ba bangwe gantsi ba ile ba ineela go direla ba bangwe kwantle ga go ithekegela. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi gompieno ke baithati. Lefatshe le na le boikutlo jwa nna pele. Re tshwanetse go itisa kgatlhanong le moya wa lefatshe ka gonne fa o ka tlhotlheletsa tsela e re lebang dilo ka yone le maikutlo a rona, ga go na pelaelo gore o tla re dira gore re tseye dikeletso tsa rona e le tsone dilo tse di botlhokwa thata. Morago ga moo sengwe le sengwe se re se dirang—kafa re dirisang nako ya rona ka gone, maatla a rona, le madi a rona—di tla laolwa ke moya wa rona wa boithati. Ka gone re tshwanetse go lwa thata kgatlhanong le tlhotlheletso eno.

Tota le kgakololo e e dirwang ka maikaelelo a mantle e ka koafatsa moya wa rona wa go intsha setlhabelo. E re ka moaposetoloi Petere a ne a lemoga kafa tsela ya go intsha setlhabelo ya ga Jesu e neng e tla felela ka gone, o ne a re: “Nna pelonomi mo go wena, Morena.” (Mathaio 16:22) Go bonala a ne a sa kgone go tlhaloganya lebaka la go bo Jesu a ne a iketleeleditse go intsha setlhabelo go fitlha losong ka ntlha ya bolaodi jwa ga Rraagwe le go bolokwa ga batho. Ka jalo o ne a leka go gakolola Jesu gore a se ka a dira selo se se ntseng jalo.

“Iitatole”

Jesu o ne a arabela jang? Pego e bolela jaana: “A retologa, a leba barutwa ba gagwe mme a kgala Petere ka bogale, a re: ‘Pota kafa morago ga me, Satane, ka gonne o akanya, e seng dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.’” Jaanong Jesu a biletsa boidiidi kwa go ene le barutwa ba gagwe a ba raya a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.”—Mareko 8:33, 34.

Dingwaga di le 30 morago ga gore Petere a neye Jesu kgakololo eno, o ne a bontsha gore jaanong o ne a tlhaloganya bokao jwa go intsha setlhabelo. O ne a se ka a kgothaletsa badumedi ka ene go repa le go ikutlwela botlhoko. Go na le moo, Petere o ile a ba kgothaletsa gore ba tlamelele megopolo ya bone tiro le go tlogela go bopega go ya kafa dikeletsong tsa bone tsa pele tsa lefatshe. Le fa ba lebana le diteko, ba ne ba tshwanetse gore ba beye go dira thato ya Modimo kwa pele mo matshelong a bone.—1 Petere 1:6, 13, 14; 4:1, 2.

Tsela e e duelang go di gaisa tsotlhe e ope wa rona a ka e latelang ke go dira gore sengwe le sengwe se re nang le sone e nne sa ga Jehofa, re etsa Jesu  Keresete ka boikanyegi le go letla Modimo gore a kaele ditiro tsa rona. Paulo o ile a tlhoma sekao se se molemo thata mo go direng jalo. Go lemoga ga gagwe gore nako e potlakile le go nna le boikutlo jwa go leboga Jehofa go ne ga mo tlhotlheletsa gore a tlogele mekgele ya gagwe ya selefatshe e e ka bong e ile ya mo faposa mo go direng thato ya Modimo. O ne a bolela jaana: ‘Fa e le ka nna ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke ba ke dirisediwa ka mo go feletseng’ go direla ba bangwe molemo. (2 Bakorintha 12:15) Paulo o ne a dirisetsa bokgoni jwa gagwe go tsweletsa pele dilo tse di amanang le Modimo, e seng tsa gagwe.—Ditiro 20:24; Bafilipi 3:8.

Re ka itshekatsheka jang go bona gore a re leba dilo ka tsela e e tshwanang le ya ga moaposetoloi Paulo? Re ka ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke dirisa jang nako ya me, maatla a me, bokgoni jwa me, le madi a me? A ke dirisa dilo tseno le dimpho tse dingwe tsa botlhokwa gore fela ke tsweletse pele dilo tsa me ka namana, kgotsa a ke di dirisetsa go thusa ba bangwe? A ke akanyeditse go nna le seabe ka botlalo mo tirong e e bolokang botshelo ya go bolela dikgang tse di molemo, gongwe ke le mmoledi wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi? A ke ka nna le seabe ka botlalo mo ditirong tse di jaaka go aga Diholo Tsa Bogosi kgotsa go di tlhokomela? Fa ke bona sebaka, a ke thusa batho ba ba tlhokang? A ke direla Jehofa ka bojotlhe?—Diane 3:9.

‘Boitumelo jo Bogolo Jwa go Aba’

Le fa go ntse jalo, a tota go botlhale go intsha setlhabelo? Ruri go botlhale! Paulo o ne a itse ka dilo tse di mo diragaletseng gore moya o o ntseng jalo o tlisa maduo a a seng kana ka sepe. O ne wa mo tlisetsa boitumelo jo bogolo le kgotsofalo. O ne a tlhalosetsa banna ba bagolwane ba kwa Efeso seno fa a ne a kopana le bone kwa Mileto. Paulo o ne a re: “Ke lo bontshitse mo dilong tsotlhe gore ka go dira ka natla jalo [ka tsela ya go intsha setlhabelo] lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le gore lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’” (Ditiro 20:35) Dimilione tsa batho di fitlhetse gore go bontsha moya o o ntseng jalo go tlisa boitumelo jo bogolo gone jaanong. Gape go tla tlisa boitumelo mo isagweng fa Jehofa a duela ba ba bayang dilo tse di amanang le ene le tse di amanang le ba bangwe kwa pele ga tsa bone.—1 Timotheo 4:8-10.

Fa Bill a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a dira ka natla go thusa ba bangwe go aga Diholo Tsa Bogosi, o ne a akgela jaana: “Go thusa diphuthego tse gantsi e leng tse dinnye ka tsela eno go dira  gore ke kgotsofale tota. Ke ipelela go dirisa bokgoni bope jo ke nang le jone go solegela ba bangwe molemo.” Ke ka ntlha yang fa Emma a tlhophile go dirisa maatla a gagwe le bokgoni jwa gagwe go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri jwa Dikwalo? “Ke ne ke sa akanye ka go dira sepe se sengwe. Ke batla go dira go le gontsi kafa ke ka kgonang ka gone ke sa ntse ke le monnye e bile ke kgona go dira jalo gore ke itumedise Jehofa le go thusa ba bangwe. Go itima monate wa go nna le dithoto dingwe ga se bothata jo bogolo. Ke dira fela se ke tshwanetseng go se dira ka ntlha ya se Jehofa a se ntiretseng.”

Maurice le Betty ga ba ikwatlhaele go bo ba se kile ba tshela botshelo jwa boiketlo, morago ga dingwaga tsa go dira ka natla ba tlhokomela lelapa la bone le go le tlamela. E re ka jaanong ba rotse tiro, ba batla go tswelela ba dira sengwe se se mosola le se se botlhokwa ka matshelo a bone. Ba bolela jaana: “Ga re batle go nna fela re tlhabile kgobe ka mmutlwa. Go thusa ba bangwe mo nageng e sele gore ba ithute ka Jehofa go re naya sebaka sa go nna re dira sengwe se se botlhokwa.”

A o ikemiseditse go nna motho yo o intshang setlhabelo? Seno ga se kitla se nna motlhofo. Go na le ntwa e e sa feleng gareng ga dikeletso tsa rona tsa bosaitekanelang le keletso ya rona e e tlhoafetseng ya go itumedisa Modimo. (Baroma 7:21-23) Mme ke ntwa e re ka e fenyang fa re ka letla Jehofa gore a kaele matshelo a rona. (Bagalatia 5:16, 17) Ruri o tla gakologelwa go intsha setlhabelo ga rona mo tirelong ya gagwe e bile o tla re segofatsa fela thata. Ee ruri, Jehofa Modimo ‘o tla bula dikgoro tsa legodimo a bo a re goromeletsa lesego le go se ketlang go nna le bonno jo bo lekanyeng go le baya.’—Malaki 3:10; Bahebera 6:10.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a na le moya wa go intsha setlhabelo. A wena o na le one?

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Paulo o ne a dirisa maatla a gagwe go dira tiro ya go rera ka Bogosi