Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji

Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji

 Re Mofuta Wa ba Ba Nang le Tumelo

Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji

NAKO nngwe Jesu Keresete o ne a bua ka ditsela tse pedi. E nngwe e atlhame e bile e isa kwa losong. E nngwe e tshesane mme e isa kwa botshelong. (Mathaio 7:13, 14) Go dira gore batho ba kgone go tlhopha tsela e e siameng, boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo e ne ya nna gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwe mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ka gone, batho gongwe le gongwe ba reetsa molaetsa wa Bogosi, e bile ba bangwe ba tlhopha botshelo ka go nna “mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.” (Bahebera 10:39) Re go laletsa gore o bale ka tsela e bangwe ba ileng ba tlhopha botshelo ka yone kwa Fiji le ditlhaketlhake tse dingwe tse di fa gaufi tsa South Pacific.

Ba ne Ba Ikantse Jehofa

Mere e ne e sa ntse a le mosetsanyana yo o tsenang sekolo fa a utlwa molaetsa wa Bogosi la ntlha ka 1964. E re ka a ne a nna kwa setlhaketlhakeng se se kgakala se se kwa thoko, o ne a sa kgone go kopana le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, kgabagare o ne a kgona go nna le kitso e e boammaaruri ya Baebele. Ka nako eo, o ne a nyetswe ke monna mongwe yo e neng e le kgosana mo motseng wa gabone. Ka ntlha ya go bo Mere a ile a tlhopha go tshela ka melaometheo ya Baebele, monna wa gagwe le ba losika lwa gagwe ba ne ba mo tshwara setlhogo, le batho ba mo motseng wa gabone ba ne ba mo ila. Le fa go ntse jalo, o ne a kolobediwa ka 1991.

Ka bonako fela morago ga moo, monna wa ga Mere, e bong Josua, o ne a nna bonolo a bo a simolola go nna teng mo metlotlong ya Baebele e Mere a neng a e tshwarela bana ba bone. Josua o ne a tlogela go tsena Kereke ya Methodist. Le fa go ntse jalo, ka e ne e le kgosana, o ne a sa ntse a okamela dikokoano tsa beke le beke tsa motse. Batho ba motse ba ne ba leba Josua jaaka motho yo o sa ikanyegeng ka gonne Kereke ya Methodist e ne e na le tlhotlheletso e kgolo mo botshelong jwa batho ba metse ya Fiji. Ka gone, moruti wa lefelo leo o ne a patelela Josua gore a boele kwa bodumeding jwa gagwe jwa pele.

Josua o ne a mo tlhalosetsa ka bopelokgale gore ene le lelapa la gagwe ba ne ba dirile tlhopho ya bone le gore ba ne ba ikemiseditse go obamela Jehofa Modimo “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Mo kokoanong e e latelang ya motse, kgosikgolo ya motse e ne ya ntsha taelo ya gore Josua le lelapa la gagwe ba lelekiwe mo motseng. Ba ne ba beelwa malatsi a le supa gore ba tswe mo setlhaketlhakeng, ba tlogele ntlo ya bone, sebata sa bone sa lefatshe, le masimo—ee, gotlhe mo ba tshelang ka gone.

Bakaulengwe ba semoya kwa setlhaketlhakeng se sengwe ba ne ba thusa Josua le lelapa la gagwe, ba ba thusa ka lefelo la bonno le sebata sa lefatshe se ba neng ba ka lema masimo mo go sone. Jaanong Josua le morwawe yo mogolo ba kolobeditswe, mme morwa yo mongwe wa gagwe ke mmoledi yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo. Bosheng jaana Mere o ne a ikwadisa go nna mmulatsela wa ka metlha (mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi). Go tlhopha ga bone go direla Jehofa go ne ga felela ka gore a latlhegelwe ke maemo le dithoto, mme jaaka moaposetoloi Paulo, ba kaya seno e se sepe fa ba se bapisa le se ba nang le sone.—Bafilipi 3:8.

Tlhopho e e Amang Segakolodi

Go tlhopha go utlwa segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele go tlhoka motho tumelo le bopelokgale. Ruri seno ke se se neng sa diragala ka Suraang yo o sa tswang go kolobediwa, kgarebane nngwe e e neng e nna kwa Tarawa, e leng sengwe sa ditlhaketlhake tsa kwa Kiribati. Suraang o ne a kopa tetla ya gore a se ka a akarediwa mo go direng tiro nngwe ya booki mo bookelong. Kopo ya gagwe e ne ya se ka ya amogelwa mme ga felela ka gore a romelwe go ya go tlhokomela lefelo lengwe le lennye la tsa kalafi kwa setlhaketlhakeng sengwe se se kwa thoko kwa go neng go se na badumedikaene teng.

 Kwa setlhaketlhakeng seo go na le tlwaelo ya gore batho botlhe ba ba sa tswang go goroga teng ba isetse “moya” wa lefelo leo tshupelo. Batho ba dumela gore motho o tla swa fa a sa dire jalo. E re ka Suraang a ne a gana gore ene le setlhopha sa gagwe ba direlwe tiro eno ya go obamela medingwana, batho ba motse ba ne ba letetse go bona a kgangwa ke moya ono o o galefileng. E rile Suraang le setlhopha sa gagwe ba sa diragalelwe ke kotsi epe, go ne ga nna le ditshono di le dintsi tsa gore a neele bosupi ka tsela e e molemo.

Mme teko ya ga Suraang e ne e ise e fele. Mangwe a makawana a setlhaketlhake seo a rata go hepisa makgarebe a a etileng. Le fa go ntse jalo, Suraang o ne a gana go ratana le bone mme a boloka bothokgami jwa gagwe mo Modimong. Tota e bile, o ne a kgona go nna mmulatsela wa ka metlha, le fa a ne a nna a letile go bidiwa mo tirong ya gagwe ya booki mo diureng tsotlhe tse 24 tsa letsatsi.

Pele ga moletlo o o neng o tshwaretswe go tlotla Suraang fa a ne a ipaakanyetsa go tswa mo setlhaketlhakeng seno, bagolwane ba motse ba ne ba tlhalosa gore e ne e le morongwa wa ntlha wa mmatota go ba etela. Ka ntlha ya go emela ga gagwe melaometheo ya Baebele ka nitamo, ba bangwe mo setlhaketlhakeng seo ba ne ba amogela molaetsa wa Bogosi.

Dikgwetlho Tsa Sebele

Metse mengwe e e kwa thoko e dira gore batho ba ga Jehofa ba tshwanelwe ke go leka thata go nna le seabe mo bodireding le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. A ko o akanye ka sekai sa Basupi ba le banè ba ba kolobeditsweng—monna a le mongwe le basadi ba le bararo—ba ba fetsang diura di le dintsi ba le mo tseleng go ya dipokanong le go boa. Loeto lwa bone lo loleele lo akaretsa go tshela dinoka di le tharo fa ba ya le fa ba boa. Fa metsi a le kwa godimo, mokaulengwe o tshela pele a thuma, a goga pitsa e kgolo e e apeelang e na le dibeke tsa bone, dibuka le diaparo tsa kwa dipokanong. Morago ga moo o boela morago gape a thuma go ya go thusa bokgaitsadi ba bararo.

Setlhopha se sengwe se sennye, se se yang dipokanong kwa setlhaketlhakeng sengwe se se kgakala sa Nonouti kwa Kiribati, se kopana le dikgwetlho tse di farologaneng. Ntlo e ba kopanelang mo go yone e tsaya batho ba le supa kgotsa ba le robedi fela. Ba bangwe ba nna kwantle ba bo ba okomela ka dipota tsa yone tsa sefe. Lefelo leno le ba kopanelang mo go lone le mo pepeneneng ya batho ba bangwe ba motse fa ba ya kana fa ba tswa kwa dikerekeng tsa bone tse dintle. Gone ke boammaaruri gore batlhanka ba ga Jehofa ba lemoga gore batho ke bone ba tota ba eletsegang thata mo ponong ya Modimo, e seng dikago. (Hagai 2:7) Kgaitsadi mongwe yo o kolobeditsweng mo setlhaketlhakeng seno o tsofetse e bile ga a kgone go tsamaela kgakala. Le fa go ntse jalo, o thusiwa ke kgarebane nngwe mo bodireding, mmoledi yo o sa kolobediwang yo o mo kgorometsang ka setulo se se nang le maotwana. A bo ba anaanela boammaaruri jang ne!

Baboledi ba ba fetang 2 100 ba ba mo ditlhaketlhakeng tsa Fiji ba ikaeletse go tswelela ba itsise dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. E bile ba solofela gore ba bangwe ba le bantsi ba sa ntse ba tla nna “mofuta o o nang le tumelo go kgona go tshedisa moya.”

[Mmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Australia

Fiji