Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhabelo Tse di Neng Tsa Itumedisa Modimo

Ditlhabelo Tse di Neng Tsa Itumedisa Modimo

 Ditlhabelo Tse di Neng Tsa Itumedisa Modimo

“Moperesiti yo o kwa godimo mongwe le mongwe o tlhomelwa go isa dimpho le ditlhabelo tshupelo.”—BAHEBERA 8:3.

1. Ke eng fa batho ba ikutlwa ba tshwanelwa ke go retologela kwa Modimong?

MOKWADI wa hisitori e bong Alfred Edersheim o kwadile jaana: “Go ntsha setlhabelo go ‘itlela fela’ mo bathong fela jaaka go rapela; go senola kafa motho a ikutlwang ka teng ka ene ka boene, mme go rapela gone go supa kafa a ikutlwang ka teng ka Modimo.” Go tloga ka nako e boleo bo simologileng ka yone mo lefatsheng, bo ne jwa re bakela mahutsana a go ipona molato, go ikutlwa re tlhobogane le Modimo le go tlhoka tsholofelo. Re tlhoka go namolwa mo maikutlong ano. Go a utlwala go bo batho ba batla go retologela kwa Modimong fa ba iphitlhela ba le mo maemong ao a a hutsafatsang.—Baroma 5:12.

2. Baebele e na le dipego dife malebana le ditlhabelo tsa bogologolo tse di neng di isediwa Modimo?

2 Ditlhabelo tsa ntlhantlha tse di neng tsa ntshediwa Modimo tse go kwadilweng ka tsone mo Baebeleng di amana le Kaine le Abele. Re bala jaana: “E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo. Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone.” (Genesise 4:3, 4) Morago ga foo, Noa le ene o ne a tlhotlheletsega go ‘isetsa Jehofa ditshupelo tsa phiso mo sebeshong’ morago ga gore Modimo o mo namole mo Morwaleleng o mogolo o o neng wa fedisa kokomana e e boikepo ya motlha wa gagwe. (Genesise 8:20) Aborahame yo e neng e le motlhanka yo o ikanyegang e bile e le tsala ya Modimo o ne a tlhotlheletsega go ‘aga sebeso mme a simolola go bitsa leina la ga Jehofa’ ka makgetlo a le mmalwa ka ntlha ya ditsholofetso tsa Modimo le masego. (Genesise 12:8; 13:3, 4, 18) Moragonyana Aborahame o ne a lebana le teko e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa mo leka tumelo fa Jehofa a ne a mo kopa gore a ntshe morwawe e bong Isake setlhabelo sa tshupelo e e fisiwang. (Genesise 22:1-14) Le mororo dipego tseno di le dikhutshwane, di re naya tshedimosetso e ntsi malebana le kgang ya ditlhabelo, jaaka fa re tla bona.

3. Ditlhabelo di na le seabe sefe mo kobamelong?

3 Go tswa mo dipegong tseno le tse dingwe tse di mo Baebeleng, go bonala sentle gore go ntsha mofuta mongwe wa ditlhabelo e ne e le selo sa konokono mo kobamelong ya ga Jehofa le e leng pele ga a tlhoma melao e e tlhamaletseng malebana le tsone. Buka nngwe fa e bua ka seno e tlhalosa “setlhabelo” e le “modiro wa sedumedi o mo go one selo sengwe se se tsewang e le modimo se ntshediwang sengwe ka boikaelelo jwa go tlhomamisa, go boloka kana go nonotsha kamano e e siameng le selo seo se motho a se tsayang se le boitshepo.” Mme seno se dira gore re ipotse dipotso tse di botlhokwa tse re tlhokang go di sekaseka, tse di jaaka: Ke eng fa ditlhabelo di tlhokega mo kobamelong? Modimo o amogela ditlhabelo tse di ntseng jang? Mme ditlhabelo tsa bogologolo di na le bokao bofe mo go rona gompieno?

 Ke Eng fa go Ntsha Setlhabelo go Tlhokega?

4. Matswela a go leofa ga ga Adame le Efa e ne ya nna eng?

4 Adame o ne a dira ka boomo fa a ne a leofa. O ne a tlola molao wa Modimo ka boomo fa a ne a tsaya leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula a bo a lo ja. Jaaka fa Modimo a ile a tlhalosa ka tlhamalalo, kotlhao ya go tlola molao jalo e ne e le loso: “Ka tsatsi le o jang ga sone ruri o tlaa swa.” (Genesise 2:17) Kgabagare Adame le Efa ba ne ba bona maduo a boleo—ba ne ba swa.—Genesise 3:19; 5:3-5.

5. Ke eng fa Jehofa a ile a ithaopela go thusa bana ba ga Adame, mme O ile a ba direla eng?

5 Mme go tweng ka bana ba ga Adame? Ka ntlha ya go rua bosaitekanelang go tswa mo go Adame, le bone ba ne ba ikutlwa ba tlhobogane le Modimo, ba se na tsholofelo, ba lebane le loso lo banyalani ba ntlha ba neng ba tlhagetswe ke lone. (Baroma 5:14) Le fa go ntse jalo, Jehofa segolobogolo ke Modimo wa lorato, ga se yo o nang le tshiamiso le maatla fela. (1 Johane 4:8, 16) Ka gone, o ithaopela go baakanya dilo. Fa Baebele e sena go bolela gore “dituelo tse boleo bo di duelang ke loso,” e tswelela pele e re “mme mpho e Modimo o e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.”—Baroma 6:23.

6. Thato ya ga Jehofa ke eng malebana le tshenyo e e dirilweng ke boleo jwa ga Adame?

6 Kgabagare Jehofa Modimo o ile a tlhomamisa mpho eo ka go dira sengwe se se neng se tla duela molato o o neng wa bakwa ke go bo Adame a ile a leofa. Ka Sehebera, go bonala fa pele lefoko ka·pharʹ le ne le kaya “go bipa,” kana gongwe “go phimola,” mme gape le ranolwa e le “tetlanyo.” * Ka mafoko a mangwe, Jehofa o ile a dira thulaganyo e e tshwanelang sentle go bipa boleo jo re bo ruileng mo go Adame mme a phimola tshenyo yotlhe e bo e bakileng e le gore batho botlhe ba ba tshwanelwang ke mpho eno ba ka gololwa mo kgolegong ya boleo le loso.—Baroma 8:21.

7. (a) Katlholo e Modimo a neng a atlhola Satane ka yone e ne ya umaka tsholofelo efe? (b) Ke tlhwatlhwa efe e e tshwanetseng go duelwa gore batho ba gololwe mo boleong le mo losong?

7 Go ile ga buiwa go sekae ka tsholofelo ya go re golola mo bokgobeng jwa boleo le loso morago fela ga gore banyalani ba ntlha ba leofe. Jehofa o ne a bolela jaana fa a ne a bolela katlholo ya ga Satane yo o neng a emelwa ke noga: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Mafoko ao a boporofeti a ne a dira gore batho botlhe ba ba neng ba tla dumela mo tsholofetsong eo ba nne le tlhasenyana ya tsholofelo. Le fa go ntse jalo, kgololo eo e ne e batla tlhwatlhwa e e tshwanetseng go duelwa. Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo se kitla lo fitlha lo fedisa Satane fela; Losika lo ne lo tshwanetse go longwa serethe, ke gore, go swa loso lwa nakwana.

8. (a) Kaine o ile a nna jang motho yo o swabisang? (b) Ke eng fa Modimo a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele?

8 Ga go pelaelo gore Adame le Efa ba ile ba akanya thata ka yo e neng e tla nna Losika lo lo solofeditsweng. Fa Efa a sena go tshola morwa wa gagwe wa ntlha, e bong Kaine, o ile a bolela jaana: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.” (Genesise 4:1) A e ka tswa e le gore o ne a akanya gore morwawe ke ene yo o neng a tla nna Losika? E ka ne o ne a akanya jalo kana nnyaa, Kaine le bana ba gagwe ba ne ba itshupa e le batho ba ba swabisang. Kafa letlhakoreng le lengwe, monnawe e bong Abele o ile a bontsha go dumela tsholofetso ya Modimo mme o ne a tlhotlheletsega go ntshetsa Jehofa setlhabelo ka tsa ntlha tsa letsomane la gagwe. Re bala jaana: “Ka tumelo Abele a isetsa Modimo setlhabelo se se gaisang sa ga Kaine; mme a supiwa ka gone fa a le tshiamo.”—Bahebera 11:4.

9. (a) Abele o ne a bontsha tumelo mo go eng, mme o ne a e bontsha jang? (b) Setlhabelo sa ga Abele se ne sa kgona go dira eng?

9 Tumelo ya ga Abele e ne e se ya go dumela fela gore Modimo o gone, e leng se le Kaine a ka tswang a ne a se dumela ka tsela nngwe. Abele o ne a dumela tsholofetso ya Modimo e e kaga Losika lo lo neng lo tla boloka batho ba ba ikanyegang. Abele o ne a se ka a senolelwa gore tsholofetso ya Modimo e ne e tla diragadiwa jang, mme gone e ne ya dira gore a lemoge gore go ne go tla tlhokega  gore mongwe a longwe serethe. Ee, go bonala a ile a swetsa ka gore go ne go tshwanetse ga tshololwa madi—e leng se tota setlhabelo se se kayang. Abele o ne a ntshetsa Motswedi wa botshelo mpho e e nang le botshelo le madi e leng se go ka diregang gore se ne se bontsha tsela e a neng a tlhoafaletse go bona tsholofetso ya ga Jehofa e diragadiwa ka yone. Tsela eno e Abele a neng a bontsha tumelo ka yone ke yone e e dirileng gore Jehofa a amogele setlhabelo sa gagwe, mme ka tsela nngwe e ne e tlhalosa se tota e leng bokao jwa setlhabelo—selo se batho ba ba leofileng ba ka se dirisang go atamela Modimo ka sone gore a ba amogele.—Genesise 4:4; Bahebera 11:1, 6.

10. Botlhokwa jwa go ntsha ditlhabelo bo ile jwa bontshiwa jang fa Jehofa a ne a kopa Aborahame gore a ntshe Isake setlhabelo?

10 Bokao jo bogolo jwa setlhabelo bo ne jwa tlhalosiwa ka tiragalo ya fa Jehofa a ne a laela Aborahame gore a ntshe morwawe e bong Isake setlhabelo. Le fa setlhabelo seo se ile sa se ka sa dirwa ka tsela ya mmatota, se ne se tshwantshetsa se kgabagare Jehofa ka boene a neng a tlile go se dira—go ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi go nna setlhabelo se segolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa ntshiwa, e le gore A kgone go diragatsa se a ikaeletseng sone ka batho. (Johane 3:16) Ka ditlhabelo le ditshupelo tsa Molao wa ga Moshe, Jehofa o ne a tlhomela batho ba gagwe ba a ba ikgethetseng sekao sa seporofeti sa se ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba itshwarelwe maleo a bone le go nonotsha tsholofelo ya bone e e kaga poloko. Re ka ithuta eng mo go seno?

Ditlhabelo Tse Jehofa a Neng a di Amogela

11. Moperesiti yo mogolo wa Iseraele o ne a ntsha mefuta efe e mebedi ya ditshupelo, mme o ne a dira jalo ka boikaelelo bofe?

11 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Moperesiti yo o kwa godimo mongwe le mongwe o tlhomelwa go isa dimpho le ditlhabelo tshupelo.” (Bahebera 8:3) Ela tlhoko gore Paulo o kgaoganya ditshupelo tse di neng di dirwa ke moperesiti yo mogolo bogologolo kwa Iseraele ka dikarolo tse pedi, e leng, “dimpho” le “ditlhabelo,” kana “ditlhabelo tsa maleo.” (Bahebera 5:1) Gantsi batho ba aba dimpho go bontsha lorato le kanaanelo, go dira botsala, le gore ba ratwe le go amogelwa. (Genesise 32:20; Diane 18:16) Go ntse jalo le ka ditshupelo tse dintsi tse di neng di laelwa mo Molaong, le tsone di ka tsewa e le “dimpho” tse motho a neng a di abela Modimo gore a mo rate le go mo amogela. * Fa motho a ne a tlodile Molao o ne a tshwanetse go lefa, mme o ne a duela ka go ntsha “ditlhabelo tsa maleo.” Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano, segolobogolo Ekesodo, Lefitiko le Dipalo, di na le dintlha tse dintsi tse di malebana le mefuta e e farologaneng ya ditlhabelo le ditshupelo. Le fa gone go ka se ka ga nna motlhofo gore re tlhaloganye le go gakologelwa dintlha tsotlhe tse di malebana le mefuta e e farologaneng ya ditlhabelo, go ka nna molemo go ela tlhoko dintlha dingwe tsa konokono tsa tsone.

12. Ke kae mo Baebeleng mo go tlhalosiwang ka ditlhabelo, kana ditshupelo tsa Molao teng?

12 Re ka nna ra ela tlhoko gore mo go Lefitiko kgaolo 1 go ya go 7, go tlhalosiwa mefuta e le metlhano ya konokono ya ditshupelo ka bongwe ka bongwe—tshupelo ya phiso, tshupelo ya bopi, setlhabelo sa kabalano, tshupelo ya boleo, le tshupelo ya molato—le fa tse dingwe tsa tsone di ne di isiwa tshupelo mmogo. Gape re lemoga gore ditshupelo tseno di tlhalosiwa gabedi mo dikgaolong tseno ka boikaelelo jo bo sa tshwaneng: lekgetlo la ntlha mo go Lefitiko 1:2 go ya go 6:7, go tlhalosiwa ka botlalo se se tshwanetseng go neelwa mo sebesong, mme la bobedi, mo go Lefitiko 6:8 go ya go 7:36, go bontshiwa dikarolo tse di neng di  beelwa baperesiti le tse di neng di beelwa motho yo o ntshang setlhabelo. Go tswa foo, mo go Dipalo kgaolo 28 le 29, go na le se re ka se tsayang e le thulaganyo e e tseneletseng ya nako, e e tlhalosang dilo tse di neng di tshwanetse go isiwa tshupelo letsatsi le letsatsi, beke le beke, kgwedi le kgwedi le mo meketeng ya ngwaga le ngwaga.

13. Tlhalosa ditshupelo tse di neng di ntshediwa Modimo e le dimpho.

13 Dingwe tsa ditshupelo tse di neng di ntshiwa go nna dimpho kana tsela ya go dira gore motho a amogelwe ke Modimo e ne e le ditshupelo tsa phiso, ditshupelo tsa bopi le ditshupelo tsa kabalano. Bakanoki bangwe ba bolela gore lefoko la Sehebera le le ranolwang e le “tshupelo ya phiso” le kaya “tshupelo ya tlhatlogo” kana “tshupelo e e tlhatlogang.” Seno se a tshwanela ka gonne mo tshupelong e e fisiwang, phologolo e e tlhabilweng e ne e fisiwa mo sebesong mme monko o o nkgang monate o ne o tlhatlogela legodimong kwa Modimong. Selo sengwe se se neng se tlhaola tshupelo e e fisiwang e ne e le go kgatshiwa ga madi mo sebesong, phologolo e ne e isediwa Modimo setlhabelo yotlhe. Moperesiti o ne a “[fisetsa] gotlhe mo sebesong, e le tshupelo e e fisiwang, tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o o monate mo go Jehofa.”—Lefitiko 1:3, 4, 9; Genesise 8:21.

14. Tshupelo ya bopi e ne e ntshiwa jang?

14 Ditlhabelo tsa bopi di tlhalosiwa mo go Lefitiko kgaolo 2. E ne e le setlhabelo sa bopi jo bo boleta jo gantsi bo neng bo logediwa ka lookwane bo tshetswe ka lebano. “[Moperesiti] a tabole setou ka legofi, a tseye ga lookwane lwa sone, le lebano le le mmogo; a moperesiti a e fise e le morafolo wa tsone tsotlhe mo sebesong, e le e e dirwang ka molelo, e e monko o monate mo go Jehofa.” (Lefitiko 2:2) Lebano e ne e le mongwe wa metswako ya maswalo a a boitshepo a a neng a fisediwa mo sebesong sa maswalo mo motlaaganeng le mo tempeleng. (Ekesodo 30:34-36) Go bonala Kgosi Dafide a ne a akantse ka seno fa a ne a re: “A morapelo wa me o rangwe fa pele ga gago jaaka maswalo; go tsholediwa ga diatla tsa me e nne jaaka setlhabelo sa maitsebowa.”—Pesalema 141:2.

15. Tiro ya setlhabelo sa kabalano e ne e le eng?

15 Tshupelo e nngwe e e neng e ntshiwa e ne e le setlhabelo sa kabalano, e e tlhalosiwang mo go  Lefitiko kgaolo 3. Leina leno gape le ka ranolwa e le “setlhabelo sa tshupelo ya kagiso.” Ka Sehebera, lefoko “kagiso” ga le kaye fela maemo a go se nne le ntwa kana kgoberego. Buka ya Studies in the Mosaic Institutions e bolela jaana: “Mo Baebeleng, le kaya seno mme gape le kaya go nna le kagiso le Modimo kana boemo jwa katlego, boipelo le boitumelo.” Ka gone, batho ba ba neng ba amogelwa ke Modimo ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa kabalano e seng gore ba dire kagiso le Modimo jaaka e kete ba mo reba bogale, go na le moo, ba ne ba di ntsha go bontsha fa ba anaanela, kana ba itumelela kagiso e Modimo a ba segofaditseng ka yone. Baperesiti le motho yo o neng a ntsha setlhabelo ba ne ba ja setlhabelo morago ga gore madi le mafura di ntshediwe Jehofa tshupelo. (Lefitiko 3:17; 7:16-21; 19:5-8) Baperesiti le motho yo o neng a ntsha setlhabelo ba ne ba ja mmogo le Jehofa Modimo, e leng se se neng se tshwantshetsa ka tsela e e kgatlhang kamano ya kagiso e ba neng ba na le yone.

16. (a) Tiro ya tshupelo ya boleo le ya tshupelo ya molato e ne e le eng? (b) Ditshupelo tseno di ne di farologana jang le tshupelo ya phiso?

16 Ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ka boikaelelo jwa go kopa go itshwarelwa maleo kana go bontsha go ikotlhaela go tlola Molao di ne di akaretsa tshupelo ya boleo le tshupelo ya molato. Le fa ditlhabelo tseno le tsone di ne di fisiwa mo sebesong, di ne di farologana le tshupelo ya phiso ka gonne mo go tsone Modimo o ne a sa ntshediwe phologolo yotlhe, go ne go ntshiwa mafura fela le dikarolo tse di rileng. Nama yotlhe e e setseng ya phologolo e ne e latlhelwa kwa ntle ga bothibelelo kana ka dinako tse dingwe e ne e jewa ke baperesiti. Pharologano eno e botlhokwa. Tshupelo ya phiso e ne e ntshediwa Modimo e le mpho gore a letle motho go mo atamela, ka jalo e ne e abelwa Modimo a le nosi fela e bile a e abelwa yotlhe. Selo se se kgatlhang ke gore, tshupelo ya phiso e ne e dirwa morago ga gore go dirwe tshupelo ya boleo kana tshupelo ya molato, e leng se se neng se bontsha gore motho o ne a tshwanetse a itshwarelwa boleo pele ga gore Modimo a amogele mpho eno ya gagwe.—Lefitiko 8:14, 18; 9:2, 3; 16:3, 5.

17, 18. Tshupelo ya boleo e ne e ntshediwa eng, mme boikaelelo jwa ditshupelo tsa molato e ne e le eng?

17 Tshupelo ya phiso e ne e amogelega fela fa e le gore motho o ne a sa tlola Molao ka boomo, a dirile boleo e le fela ka ntlha ya bokoa jwa nama. “Fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa,” o ne a tshwanetse go ntsha tshupelo ya boleo go ya ka maemo a gagwe mo setšhabeng. (Lefitiko 4:2, 3, 22, 27) Kafa letlhakoreng le lengwe, baleofi ba ba sa ikwatlhaeng ba ne ba bolawa; ba ne ba sa ntshediwe ditlhabelo dipe.—Ekesodo 21:12-15; Lefitiko 17:10; 20:2, 6, 10; Dipalo 15:30; Bahebera 2:2.

18 Bokao le boikaelelo jwa tshupelo ya molato bo tlhalosiwa sentle mo go Lefitiko kgaolo 5 le 6. Motho a ka tswa a ile a leofa e se ka boomo. Le fa go ntse jalo, boleo jwa gagwe bo ka tswa bo dirile gore a nne molato kgatlhanong le ditshwanelo tsa mongkaene kana Jehofa Modimo, mme phoso eo e ne e tshwanelwa ke go baakanngwa. Go umakiwa mefuta e e farologaneng ya maleo. A mangwe e ne e le maleo a motho a a diretseng ba bangwe (5:2-6), a mangwe e le a a amanang le “dilo tse di itshepileng tsa ga Jehofa” (5:14-16), a mangwe, le fa e se gore motho o ne a a dirile a sa lemoge otlhe, e ne e le maleo a a bakwang ke keletso e e phoso kana makoa a nama. (6:1-3). Motho yo o a dirileng o ne a tshwanelwa ke go ntshetsa Jehofa tshupelo ya molato mo godimo ga gore a ipolele.—Lefitiko 6:4-7.

Sengwe se se Botoka se se Tlang

19. Le mororo Baiseraele ba ne ba na le Molao le ditlhabelo tsa one, ke eng fa Modimo a ile a se ka a ba amogela?

19 Baiseraele ba ne ba neilwe Molao wa ga Moshe ka ditlhabelo le ditshupelo tsa one tse dintsintsi go ba thusa gore ba amogelege mo Modimong  le go bona masego a gagwe go fitlha Losika lo lo solofeditsweng lo goroga. Moaposetoloi Paulo yo e neng e le Mojuda ka tlholego o tlhalosa kgang eno jaana: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o gogelang kwa go Keresete, gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo.” (Bagalatia 3:24) Ka maswabi, setšhaba sotlhe sa Baiseraele se ile sa se ka sa amogela mogogi yoo go na le moo se ile sa senya ka tshiamelo eo. Seo se ne sa dira gore Jehofa a se ka a tlhola a kgatlhwa ke ditlhabelo tsa bone tse dintsintsi, mme o ile a re: “Ke tletswe ke ditshupelo tse di fisiwang tsa diphelefu, le mafura a dikgomo tse di nontshitsweng, mme ga ke natefelwe ke madi a dipholo, le fa e le a dikwanyana, le fa e le a diphoko.”—Isaia 1:11.

20. Go ne ga direga eng ka Molao le ditlhabelo ka 70  C.E.?

20 Tsamaiso ya dilo ya Sejuda e ne ya fela ka 70 C.E., ka tempele le boperesiti jwa yone. Morago ga moo, go ne go sa kgonege gore go ka dirwa ditlhabelo tse Molao o di laelang. A seno se bolela gore ditlhabelo tse e neng e le dilo tsa konokono mo Molaong ga di tlhole di na le bokao bope mo baobameding ba Modimo gompieno? Re tla sekaseka seno mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., e tlhalosa jaana: “Go ya kafa lefoko ‘tetlanyo’ le dirisiwang ka teng mo Baebeleng, totatota le kaya ‘go bipa’ kana go ‘ananya,’ kana sengwe se se ntshiwang mo boemong jwa se sengwe, kana ‘se se bipang’ sengwe se se tshwanang le sone. . . . Go duela tetlanyo e e lekanang le se Adame a ileng a se latlha, go ne go tshwanetse ga ntshiwa tshupelo ya boleo e e nang le boleng jo bo lekanang tota le botshelo jwa motho yo o itekanetseng.”

^ ser. 11 Lefoko la Sehebera le gantsi le ranolwang e le “tshupelo” ke qor·banʹ. Fa Mareko a ne a kwala mafoko a Jesu a neng a kgalema bakwadi le Bafarasai ka one malebana le mokgwa wa bone wa go tlhoka maitseo, o ne a tlhalosa gore “korobane” e bolela “mpho e e tshwaetsweng Modimo.”—Mareko 7:11.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa banna ba bogologolo ba tumelo gore ba ntshetse Jehofa ditlhabelo?

• Ke eng fa ditlhabelo di ne di tlhokega?

• Molao o ne o laela gore go ntshiwe mefuta efe ya konokono ya ditlhabelo, mme tiro ya tsone e ne e le eng?

• Go ya ka Paulo, tiro ya konokono ya Molao le ditlhabelo tsa one e ne e le eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Setlhabelo sa ga Abele se ne se itumedisa ka gonne se ne se bontsha gore o dumela tsholofetso ya ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

A o lemoga botlhokwa jwa tiragalo eno?