Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Mokeresete yo o “Godileng ka Botlalo”?

A o Mokeresete yo o “Godileng ka Botlalo”?

 A o Mokeresete yo o “Godileng ka Botlalo”?

“E RILE ke le lesea, ke ne ke tle ke bue jaaka lesea, ke akanye jaaka lesea, ke ntshe mabaka jaaka lesea.” Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jalo. Gone mme, rotlhe re kile ra bo re le masea a a sa kgoneng go dira sepe. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra nnela jalo ruri. Paulo o bolela jaana: “E re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya lesea.”—1 Bakorintha 13:11.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete botlhe ba simolola e le masea a semoya. Mme fa nako e ntse e tsamaya, botlhe ba ka “fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e leng yone kaga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” (Baefeso 4:13) Mo go 1 Bakorintha 14:20, re kgothadiwa jaana: “Bakaulengwe, lo se ka lwa nna bana ba babotlana mo maatleng a go tlhaloganya . . . lo nneng ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.”

Fa Bakeresete ba ba godileng ka botlalo ba le teng, ke tshegofatso mo bathong ba Modimo gompieno, segolobogolo ka go bo go na le ba le bantsi ba basha. Bakeresete ba ba godileng ka botlalo ba dira gore phuthego e tlhomame. Ba na le tlhotlheletso e e siameng mo boikutlong jo bo renang mo phuthegong le fa e le efe e ba leng mo go yone.

Le fa gone go direga gore kgolo ya mmele e itiragalele fela, kgolo ya semoya e nna gone fela fa nako e ntse e tsamaya le fa motho a dira boiteko. Ga go gakgamatse go bo mo motlheng wa ga Paulo, Bakeresete bangwe ba ile ba palelwa ke go ‘gagamalela kwa go goleng sentle,’ le mororo ba ne ba diretse Modimo ka dingwaga di le dintsi. (Bahebera 5:12; 6:1) Go  tweng ka wena? Go sa kgathalesege gore a o diretse Modimo ka dingwaga di le dintsi kana ka nako fela e khutshwane, go a tshwanela gore o itlhatlhobe ka boikanyegi. (2 Bakorintha 13:5) A o mongwe wa batho ba tota go ka tweng ke Bakeresete ba ba godileng kgotsa ba ba godileng ka botlalo? Fa go sa nna jalo, o ka nna mongwe wa bone jang?

‘Go Gola ka Botlalo mo Maatleng a Tlhaloganyo’

Lesea la semoya go motlhofo fela gore le ‘heheutlelwe kwa le kwa jaaka e kete le heheutlwa ke makhubu e bile le akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka bolotsana jwa batho, ka bohelepa ka go loga leano la phapogo.’ Ka gone Paulo o ile a kgothatsa jaana: “A ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, Keresete.” (Baefeso 4:14, 15) Motho o dira jalo jang? Bahebera 5:14 ya re: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, tsa ba ka go dirisa dikgono tsa bone tsa go lemoga di thapisiwang go farologanya se se siameng le se se phoso.”

Ela tlhoko gore batho ba ba godileng ba dira gore bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwe ka go bo dirisa kana ka go tlwaela go dirisa melaometheo ya Baebele. Ka gone he, motho ga a gole ka letsatsi le le lengwe; go tsaya nako gore motho a gole semoyeng. Le fa go ntse jalo, o ka dira mo gontsi go dira gore o gole semoyeng ka go ithuta ka namana—segolobogolo dilo tse di boteng tsa Lefoko la Modimo. Bosheng jaana makasine wa Tora ya Tebelo o ile wa sekaseka dithuto tse dintsi tse di boteng. Batho ba ba godileng ga ba tile ditlhogo tse di ntseng jalo ka gonne di na le “dilo dingwe tse di thata go tlhaloganngwa.” (2 Petere 3:16) Go na le moo, ba ja dilo tse di tiileng tseo ka tlhoafalo!

Bareri le Barutisi ba ba Tlhagafetseng

Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera le gone go ka akofisa kgolo ya gago ya semoya. Ke ka ntlha yang fa o sa leke go nna le seabe ka botlalo mo tirong eno go ya kafa maemo a gago a go dumelelang ka teng?—Mathaio 13:23.

Ka dinako tse dingwe, mathata a botshelo a ka dira gore go nne thata go bona nako ya go rera. Le fa go ntse jalo, fa ‘o iteka ka tlhagafalo’ go nna moreri, o supa kafa o tsayang “dikgang tse di molemo” di le botlhokwa ka teng. (Luke 13:24; Baroma 1:16) Ka ntlha ya seo o ka tsewa o le “sekao sa ba ba boikanngo.”—1 Timotheo 4:12.

Ba Boloka Bothokgami

Go gola gape go akaretsa go dira maiteko a go boloka bothokgami. Jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 26:1, Dafide o ne a bolela jaana: “Nkatlhola, Jehofa, gonne ke ntse ke tsamaya mo go tlhokeng molato ga me.” Bothokgami ke go itekanela mo boitsholong, go felela. Le fa go ntse jalo, ga bo reye go sa direng diphoso gotlhelele. Dafide ka boene o ne a dira maleo a a masisi ka makgetlho a le mmalwa. Mme e re ka a ile a amogela kgalemo mme a siamisa tsela ya gagwe, o ne a supa gore o ne a sa ntse a rata Jehofa Modimo ka lorato lwa mmatota mo pelong ya gagwe. (Pesalema 26:2, 3, 6, 8, 11) Bothokgami bo akaretsa boineelo jwa pelo jo bo feletseng. Dafide o ne a bolelela Solomone morwawe jaana: “O itse Modimo wa ga rrago, o o direle ka pelo e e itekanetseng.”—1 Ditirafalo 28:9.

Go boloka bothokgami go akaretsa go sa nne “karolo ya lefatshe,” go sa nne karolo ya dipolotiki tsa ditšhaba le dintwa tsa tsone. (Johane 17:16) Gape o tshwanetse gore o ithibe mo ditlwaelong tse di bosula, jaaka kgokafalo, boaka le go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo. (Bagalatia 5:19-21) Le fa go ntse jalo, go boloka bothokgami, go raya se se fetang go tila dilo tseo. Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Dintsi tse di suleng ke tsone tse di dirang  gore leokwane la modiri wa setlolo le nkge sebodu, le ntshe dipudula. Ka jalo boeleele bo le bonnye bo dira jalo mo go yo o tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya botlhale le kgalalelo.” (Moreri 10:1NW) Ee, le eleng “boeleele bo le bonnye,” jaaka puo e e sa tshwanelang e e tshegisang kgotsa go tshameka ka maikutlo a batho ba bong bo sele, bo ka senya leina la motho yo o “tlhwatlhwakgolo ka ntlha ya botlhale.” (Jobe 31:1) Ka jalo, bontsha gore o godile sentle ka go nna sekao ka tsela e o itshwarang ka yone mo dilong tsotlhe, ka go tila le eleng “se se mo tshwanong ya bosula.”—1 Bathesalonika 5:22, King James Version.

Ba ba Ikanyegang

Mokeresete yo o godileng ka botlalo gape o a ikanyega. Jaaka re bala mo go Baefeso 4:24, moaposetoloi Paulo o kgothatsa Bakeresete jaana: “Lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyego jo bo nitameng.” Mo Dikwalong Tsa Segerika, lefoko la puo ya ntlhantlha le le rayang “boikanyegi” le kaya boitshepo, tshiamo, tlotlo e kgolo. Motho yo o ikanyegang ke morapedi yo o peloephepa, o ineetse mo tumelong; o diragatsa maikarabelo otlhe a gagwe mo Modimong ka kelotlhoko.

Ditsela dingwe tse o ka nonotshang boikanyegi joo ka tsone ke dife? E nngwe ke ka go dirisana sentle le bagolwane ba mo phuthegong ya gaeno. (Bahebera 13:17) Bakeresete ba ba godileng sentle ba ikanyega mo go ba ba ‘tlhomilweng balebedi gore ba dise phuthego ya Modimo,’ ba dira seno ka gonne ba lemoga gore Keresete ke ene yo o tlhomilweng go nna Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. (Ditiro 20:28) A bo go tla bo go sa tshwanela jang ne go belaela kgotsa go nyatsa taolo ya bagolwane ba ba tlhomilweng! Gape o tshwanetse go ikutlwa o tshwanetse go ikanyega mo go “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” le dikemedi tse di dirisiwang go anamisa “dijo [tsa semoya] ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:45) Nna bonako go bala le go dirisa tshedimosetso e e fitlhelwang go Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tse di tsamaisang le yone.

Go Bontsha Lorato ka Ditiro Tsa Gago

Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Thesalonika: “Lorato lwa mongwe le mongwe wa lona le lwa lona lotlhe lo oketsega mongwe go yo mongwe.” (2 Bathesalonika 1:3) Go gola mo loratong ke karolo e e botlhokwa thata ya go gola semoyeng. Jesu o ne a bua jaana, jaaka go kwadilwe mo go Johane 13:35: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo na le lorato gareng ga lona.” Lorato lo lo ntseng jalo lwa bokaulengwe ga se lwa maikutlo fela. Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words e akgela jaana: “Lorato lo ka bonwa fela ka ditiro tse lo di dirang.” Ee, mo kgannyeng eno, o tla gola sentle ka go dira gore lorato lo nne le ditiro!

Ka sekai, mo go Baroma 15:7 re bala jaana: “Amogelanang.” Tsela e nngwe ya go bontsha lorato ke ka go dumedisa badumedikawena le batho ba basha kwa dipokanong tsa phuthego—ka lorato le ka matlhagatlhaga! Dira gore o ba itse ka namana. “Kgatlhegela” ba bangwe. (Bafilipi 2:4NW) Gongwe o ka nna wa bontsha moya wa go amogela baeng ka go laletsa batho ba ba farologaneng kwa legaeng la gago. (Ditiro 16:14, 15) Bosaitekanelang jwa ba bangwe bo ka nna jwa leka lorato lwa gago gore lo boteng go le kana kang, mme fa o ntse o ithuta go ‘iphapaanyelana le bone ka lorato,’ o bontsha gore o gola ka botlalo.—Baefeso 4:2.

Go Dirisa Dithoto Tsa Rona go Tsweledisa Kobamelo e e Itshekileng

Mo metlheng ya bogologolo, e ne e se botlhe ba batho ba Modimo ba ba neng ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go ema tempele ya ga Jehofa nokeng. Ka jalo Modimo o ne a romela baporofeti, jaaka Hagai le Malaki, gore ba rotloetse batho ba Gagwe mo go seno. (Hagai 1:2-6; Malaki 3:10) Bakeresete ba ba godileng sentle gompieno ba dirisa  dithoto tsa bone gore ba eme kobamelo ya ga Jehofa nokeng. Etsa batho ba ba ntseng jalo ka go latela molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 16:1, 2, ka go ‘beela sengwe kwa thoko’ ka metlha gore o ntshe meneelo ya phuthego le ya tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Yo o jalang ka bogolo gape o tla roba ka bogolo.”—2 Bakorintha 9:6.

O se ka wa nyatsa dithoto tse dingwe tse o nang le tsone, jaaka nako ya gago le nonofo ya gago. Leka go “ithekela nako” mo ditirong tse e seng tsa botlhokwa thata. (Baefeso 5:15, 16; Bafilipi 1:10) Ithute go dirisa nako ya gago ka tsela e e nang le matswela. Fa o dira jalo o ka kgona gore o nne teng fa go baakanngwa Holo ya Bogosi kgotsa mo ditirong tse dingwe tse di tsweledisang kobamelo ya ga Jehofa pele. Go dirisa dithoto tsa gago ka tsela eno go tla naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore o nna Mokeresete yo o godileng ka botlalo.

Gagamalela go Gola Sentle!

Banna le basadi ba ba kgothaletseng go ithuta le ba ba nang le kitso, ba e leng bareri ba ba tlhagafetseng, ba ba sa tlhaeleng gope mo bothokgaming jwa bone, ba ba ikanyegang le ba ba lorato, le ba ba ratang go tshegetsa tiro ya Bogosi ka dilo tse di bonalang ruri ke tshegofatso e kgolo. Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa jaana: “Jaanong e re ka re tlogetse thuto ya motheo ya ntlhantlha kaga Keresete, a re gagamaleleng kwa go goleng sentle”!—Bahebera 6:1.

A o Mokeresete yo o godileng ka botlalo? Kgotsa a ka ditsela dingwe o sa ntse o le lesea la semoya? (Bahebera 5:13) Le fa o ka tswa o le mo maemong afe, ikemisetse go nna le thuto ya botho, go rera, le go bontsha bakaulengwe ba gago lorato. Amogela kgakololo le kotlhao nngwe le nngwe e o e newang ke ba ba godileng. (Diane 8:33) Sikara boikarabelo jwa gago jo bo feletseng jwa Bokeresete. Fa nako e ntse e tsamaya le fa o ntse o dira maiteko, le wena o ka “fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e leng yone kaga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.”—Baefeso 4:13.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Bakeresete ba ba godileng ka botlalo ba dira gore phuthego e tlhomame. Ba na le tlhotlheletso e e siameng mo boikutlong jo bo renang mo go yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Ba ba godileng ba dira gore go nne le moya o o molemo mo phuthegong ka go kgatlhegela ba bangwe