Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pogiso e Dira Gore go Nne le Kgolo Kwa Antioka

Pogiso e Dira Gore go Nne le Kgolo Kwa Antioka

 Pogiso e Dira Gore go Nne le Kgolo Kwa Antioka

FA POGISO e tsoga morago ga go bolaelwa tumelo ga ga Setefane, barutwa ba le bantsi ba ga Jesu ba ile ba tshaba kwa Jerusalema. Lengwe la mafelo a ba neng ba batla botshabelo kwa go one e ne e le Antioka, kwa Siria, mo e ka nnang dikilometara di le 550 go ya kwa bokone. (Ditiro 11:19) Ditiragalo tse di neng tsa latela koo di ne di tla ama hisitori yotlhe ya Bokeresete. Go tla nna molemo go itse go sekaenyana ka Antioka gore re tle re tlhaloganye se se neng sa diragala.

Mo gare ga metse ya Mmusomogolo wa Roma, Antioka e ne e gaisiwa fela ke Roma le Alekesanderia ka bogolo, katlego le botlhokwa jwa tsone. Motsemogolo ono wa Siria o ne o le mo bokonebotlhaba jwa mokgatšha wa Mediterranean. Antioka (e gompieno e leng Antakya, Turkey) e ne e eme mo Nokeng ya Orontes e dikepe di neng di kgona go feta mo go yone, e e neng e golagana le boemakepe jwa yone e leng Seleucia Pieria, dikilometara di le 32 go tswa foo. E ne e laola nngwe ya ditsela tse di botlhokwatlhokwa tsa kgwebo fa gare ga Roma le Mokgatšha wa Tigris-Euphrates. E re ka e ne e le lefelo la konokono la kgwebo, e ne e dira kgwebo le mmusomogolo otlhe mme go ne go tla batho ba mefuta yotlhe, ba ba neng ba tlisa dikgang tsa bodumedi gongwe le gongwe kwa nageng ya Roma.

Bodumedi le filosofi ya Segerika e ne e aname thata kwa Antioka. Mme rahisitori Glanville Downey a re, “mo motlheng wa ga Keresete, go ne go bonala fa makoko a bogologolo a bodumedi le difilosofi e ne e setse e nna kgang ya se motho mongwe le mongwe a neng a se dumela, e re ka mongwe le mongwe a ne a ipatlela bodumedi jo bo mo kgotsofatsang malebana le mathata le dikeletso tse a nang natso.” (A History of Antioch in Syria) Ba le bantsi ba ile ba kgotsofadiwa ke go obamela modimo o le mongwe, mediro le meetlo ya Bojuda.

Go ne go na le setlhopha se segolo sa Bajuda ba ba neng ba nna kwa Antioka fa e sa le motse oo o thaiwa ka 300 B.C.E. Go fopholediwa gore setlhopha seno se ne se na le batho ba ba tlogang go 20 000 go ya go 60 000, e e leng diperesente tse di fetang 10 tsa baagi. Rahisitori Josephus o bolela gore ba losika lwa segosi lwa ga Seleucus ba ne ba kgothaletsa Bajuda gore ba nne mo motseng oo, ba ba naya ditshwanelo tse di feletseng tsa boagi. Ka nako eo, Dikwalo Tsa Sehebera di ne di le teng ka Segerika. Seno se ne sa ngoka kgatlhego ya batho ba ba neng ba se kgatlhanong le dikeletso tsa Sejuda ka ga Mesia. Ka gone, go ile ga sokololwa ba le bantsi gare ga Bagerika. Mabaka ano otlhe a ile a dira gore Antioka e nne tshimo e e ka ungwang fa go dirwa barutwa ba Bakeresete mo go yone.

 Go Neela Baditšhaba Bosupi

Bontsi jwa balatedi ba ga Jesu ba ba neng ba bogisiwa ba ba neng ba anama go tswa kwa Jerusalema ba ne ba bolelela Bajuda fela ka tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo, kwa Antioka, barutwa bangwe ba ba tswang kwa Kupero le Kurene ba ne ba bua le “batho ba ba buang Segerika.” (Ditiro 11:20) Le fa gone go rerela Bajuda ba ba buang Segerika le basokologi go ne go ntse go dirwa fa e sa le ka Pentekosete ya 33 C.E., go bonala fa go rera kwa Antioka e ne e le selo se sesha. Go ne go sa rerelwe Bajuda fela. Gone ke boammaaruri gore Korenelio wa Moditšhaba le bantlo ya gagwe e ne e setse e le barutwa. Mme Moaposetoloi Petere o ne a tlhoka go bona ponatshegelo e e tswang kwa go Jehofa gore a dumele tota gore go siame gore a rerele Baditšhaba.—Ditiro 10:1-48.

Mo motseng ono o o neng o na le setšhaba se segolo e bile e le sa bogologolo sa Bajuda mme o se na bobaba jo bo kalo fa gare ga Bajuda le Baditšhaba, batho ba e neng e se Bajuda ba ne ba neelwa bosupi mme ba ne ba amogela dikgang tse di molemo. Go bonala fa Antioka e ne e le lefelo le le siameng gore seno se diragale, mme ‘palo e kgolo e ne ya nna badumedi.’ (Ditiro 11:21) Mme fa basokologi, ba pele ba neng ba obamela medimo ya boheitane, ba nna Bakeresete, ba ne ba tlhomelelwa sentle gore ba neele bosupi mo Baditšhabeng ba bangwe ba ba neng ba sa ntse ba e obamela.

Fa phuthego e e kwa Jerusalema e utlwa ka se se diregang kwa Antioka, e ne ya roma Barenabase teng gore a ye go tlhotlhomisa. Go ne go le botlhale e bile e le selo se se supang lorato go tlhopha ene. E ne e le Mokupero, jaaka bangwe ba bao ba neng ba simolotse go rerela batho ba e seng Bajuda. Barenabase o ne a tla gololesega fa a le mo gare ga Baditšhaba ba kwa Antioka. Mme bone ba ne ba tla mo tsaya e le mongwe wa setšhaba se ba se itseng. * O ne a tla tlhaloganya tiro e e neng e dirwa. Ka gone, “e rile a goroga mme a bona bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo, a ipela mme a simolola go ba kgothatsa botlhe gore ba tswelele mo Moreneng ka boikaelelo jwa pelo yotlhe” mme “boidiidi jo bogolo bo ne jwa okediwa mo Moreneng.”—Ditiro 11:22-24.

Rahisitori Downey o akantsha gore, “mabaka a a utlwalang a a dirileng gore tiro ya bogologolo ya kwa Antioka e atlege, e ka tswa e ne e le ka go bo mo motseng ono barongwa ba ne ba sa tlhoke go boifa Bajuda ba ba feteletsang dilo ba ba tshwanang le ba ba neng ba kopana le bone kwa Jerusalema; le gore motse oo, e re ka e ne e le motsemoshate wa Siria, o ne o laolwa ke molaodi wa sesole mme ka gone go ne go na le tolamo thata moo, go se na thubakanyo e kalo ya digopa jaaka go ne go direga kwa Jerusalema, koo go neng go bonala fa baemedi ba mmusi ba sa kgone (bobotlana ka nako eno) go thibela Bajuda ba ba feteletsang dilo.”

E re ka Barenabase a ne a le mo maemong a a itumedisang e bile a na le tiro e ntsi, gongwe o ne a lemoga gore o tlhoka thuso, mme a akanya ka tsala ya gagwe Saulo. Ke eng fa a ne a akanya ka Saulo kana Paulo? Go bonala e ne e le ka go bo Paulo, le mororo e ne e se mongwe wa baaposetoloi ba ba 12, o ne a amogetse tiro ya go nna moaposetoloi mo ditšhabeng. (Ditiro 9:15, 27; Baroma 1:5; Tshenolo 21:14) Ka gone, Paulo o ne a tshwanelega sentle go nna mopati mo go boleleng dikgang tse di molemo kwa motseng wa Baditšhaba wa Antioka. (Bagalatia 1:16) Ka gone Barenabase o ne a ya kwa Tareso, a fitlhela Saulo mme a mo isa kwa Antioka.—Ditiro 11:25, 26; bona lebokoso le le mo ditsebeng 26-7.

Ba Bidiwa Bakeresete ka Kaelo ya Bomodimo

Ngwaga otlhe, Barenabase le Saulo ba ne ba “[ruta] boidiidi jo bogolo thata, e bile e ne e le mo Antioka kwa barutwa ba neng ba bidiwa Bakeresete la ntlha gone ka kaelo ya bomodimo.” Ga go lebege Bajuda e ne e le bone ba ntlha go bitsa balatedi ba ga Jesu Bakeresete (ka Segerika) kana Bamesia (ka Sehebera), ka gonne ba ne ba sa dumele gore Jesu ke Mesia, kana Keresete mme ka gone ba ne ba se kitla ba bontsha go dumela seo ka go bitsa balatedi ba gagwe Bakeresete. Bangwe ba akanya gore baheitane ba ka tswa ba ile ba ba naya leina leo la Bakeresete e le go ba kgala kana go ba sotla. Le fa go ntse jalo, Baebele  e bontsha gore Bakeresete ba filwe leina le ke Modimo.—Ditiro 11:26.

Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lediri le le dirisiwang fa go buiwa ka leina leno le lesha, le gantsi le ranolwang go twe “ba [ne] ba bidiwa,” ka metlha le amanngwa le sengwe sa semoya, sa boporofeti kana sa bomodimo. Ka gone bakanoki ba le ranola e le “go bolela boporofeti,” “go itsise ka tsela ya bomodimo,” kana “go naya taolo kana kgakololo ya bomodimo, go ruta go tswa kwa legodimong.” E re ka balatedi ba ga Jesu ba ne ba bidiwa Bakeresete “ka kaelo ya bomodimo,” go ka direga gore Jehofa o ile a kaela Saulo le Barenabase gore ba ba neye leina leo.

Leina le lesha leno le ile la nnela ruri. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka se tlhole ba tsewa e le lekoko la Sejuda, le ba neng ba farologane thata le lone. Mo e ka nnang ka 58 C.E., balaodi ba Baroma ba ne ba itse sentle gore Bakeresete ke bomang. (Ditiro 26:28) Go ya ka rahisitori Tacitus, mo e ka nnang ka 64 C.E., leina leo le ne le tlwaelegile le mo bontsing jwa Baroma.

Jehofa o Dirisa Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang

Dikgang tse di molemo di ile tsa nna le matswela a magolo kwa Antioka. Ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa le ka go ititaya sehuba ga balatedi ba ga Jesu go tswelela pele ba rera, Antioka e ne ya nna lefelo la konokono la Bokeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Modimo o ile a dirisa phuthego e e neng e le koo go nna yone motheo wa go anamisa dikgang tse di molemo kwa dinageng tse di kgakala. Ka sekai, Antioka e ne e le lone lefelo le moaposetoloi Paulo a neng a tloga mo go lone a fetela kwa maetong a gagwe a borongwa e le mmulatsela.

Mo motlheng wa rona tlhoafalo le go ititaya sehuba ka nako ya dipogiso le tsone di ile tsa thusa gore Bokeresete jwa boammaaruri bo aname, mme seo sa thusa ba le bantsi gore ba utlwe dikgang tse di molemo le go di anaanela. * Ka jalo, fa o bogisiwa ka go bo o tshegetsa kobamelo e e itshekileng, gakologelwa gore Jehofa o na le mabaka a go bo a go letla. Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno batho ba tshwanetse go newa tshono ya gore ba utlwe ka Bogosi jwa Modimo le gore ba bo emele. Go ititaya sehuba ga gago gore o tswelele o direla Jehofa ka boikanyegi e ka nna ya bo e le sone fela selo se se tla thusang mongwe go bona kitso ya boammaaruri.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Fa go apogile sentle, setlhaketlhake sa Kupero se bonala go tswa kwa Thabeng ya Casius, e e kwa borwabophirima jwa Antioka.

^ ser. 18 Bona Tora ya Tebelo, ya August 1, 1999, tsebe 9; Tsogang!, May 8, 1999, ditsebe 21-2; 1999 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 250-2.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

‘Dingwaga Tsa fa Saulo A ne A Didimetse’

LA BOFELO fa Saulo a ne a umakiwa mo bukeng ya Ditiro pele ga a fudugela kwa Antioka mo e ka nnang ka 45 C.E. ke fa maano a go mmolaya kwa Jerusalema a ne a kgorelediwa mme badumedikaene ba mo romela kwa Tareso. (Ditiro 9:28-30; 11:25) Mme seo se diragetse dingwaga di le robongwe pele ga moo, mo e ka nnang ka 36 C.E. O ne a ntse a dirang ka nako eo—mo nakong e go tweng ke dingwaga tsa fa Saulo a ne a didimetse?

Go tswa kwa Jerusalema, Saulo o ne a ya kwa dikgaolong tsa Siria le Kilikia, mme diphuthego tsa kwa Judea di ne tsa utlwa seno: “Monna yo pele a neng a re bogisa jaanong o bolela dikgang tse di molemo kaga tumelo e pele a neng a e swafatsa.” (Bagalatia 1:21-23) Pego eo e ka tswa e ne e bua ka tiro ya kwa Antioka a na le Barenabase, mme tota le pele ga foo ga bonala fa Saulo a ne a sa nna fela a sa dire sepe. Mo e ka nnang ka 49 C.E., go ne go na le diphuthego di le mmalwa kwa Siria le kwa Kilikia. Go ne go na le e nngwe kwa Antioka, mme bangwe ba akanya gore tse dingwe tsa tsone di ka tswa di nnile gone ka ntlha ya tiro ya ga Saulo ka nako e go tweng ke dingwaga tsa fa a ne a didimetse.—Ditiro 11:26; 15:23, 41.

Bakanoki bangwe ba dumela gore ditiragalo tse dikgolo tsa botshelo jwa ga Saulo di tshwanetse tsa kwalwa e le tse di diragetseng ka yone nako eo. E seng jalo go nna thata go kaya gore mathata a mantsi a a nnileng le one e le ‘modiredi wa ga Keresete’ a diragetse leng mo tirong ya gagwe ya borongwa. (2 Bakorintha 11:23-27) Saulo o ne a itewa dititeo di le 39 gatlhano leng ke Bajuda? O ne a itewa ka dithobane ka makgetlo a le mararo kae? O ne a tsenngwa mo kgolegelong ‘gantsi’ kae? O ne a tshwarwa moragonyana kwa Roma. Re na le pego ka lekgetlo le le lengwe leo a neng a itewa le go tsenngwa mo kgolegong ka lone—kwa Filipi. Mme go tweng ka makgetlho  a mangwe? (Ditiro 16:22, 23) Mokwadi mongwe o akanyetsa gore ka nako eno Saulo o ne a “neela bosupi ka Keresete mo disinagogeng tsa Diaspora ka tsela e e neng ya dira gore a bogisiwe ke balaodi ba bodumedi mmogo le ba puso.”

Saulo o ile a thubegelwa ke sekepe ka makgetlo a le manè mme Dikwalo di tlhalosa fela ka tiragalo e le nngwe, e e neng ya diragala fa a sena go umaka mathata a gagwe fa a ne a kwalela Bakorintha. (Ditiro 27:27-44) Ka gone gongwe tse dingwe tse tharo di ile tsa diragala ka nako ya maeto a re sa itseng sepe ka one. Nngwe ya ditiragalo tseno kana tsotlhe di ka nna tsa bo di diragetse ka “dingwaga tsa fa a ne a didimetse.”

Tiragalo e nngwe e go bonalang e diragetse ka nako eno e tlhalosiwa mo go 2 Bakorintha 12:2-5. Saulo o ile a bolela jaana: ‘Ke itse motho yo o seoposengwe le Keresete yo, dingwaga tse lesome le bonè tse di fetileng a neng a phamolelwa kwa legodimong la boraro, kwa paradaiseng mme a ba a utlwa mafoko a a sa buegeng a go seng kafa molaong gore motho a a bue.’ Go bonala fa Saulo a ne a bua ka ga gagwe. E re ka a ne a kwala seno mo e ka nnang ka 55 C.E., dingwaga di le 14 pele ga moo di tla re busetsa go 41 C.E., mo bogareng jwa “dingwaga tsa fa a ne a didimetse.”

Ga go na pelaelo gore ponatshegelo eo e ile ya dira gore Saulo a nne le temogo e e sa tlwaelegang. A e ne e le go mo thusa go nna “moaposetoloi mo merafeng”? (Baroma 11:13) A seno se ne sa ama tsela e a ileng a akanya, a kwala a bo a bua ka yone moragonyana? A dingwaga tse di fa gare ga nako ya fa Saulo a sokologa le fa a bilediwa kwa Antioka e ne e le tsa go mo thapisa le go mo thusa gore a gole go ka jara maikarabelo mo isagweng? Go sa kgathalesege gore dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo ke eng, re ka tlhomamisega gore fa Barenabase a mo laletsa gore a mo thuse go etelela tiro ya go rera pele kwa Antioka, Saulo yo o tlhoafetseng o ne a tshwanelega sentle go dira tiro eo.—Ditiro 11:19-26.

[Mmapa mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

SIRIA

Orontes

Antioka

Seleukia

KUPERO

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

Jerusalema

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Kwa godimo: Antioka wa motlha wa rona

Fa gare: Tsela e Seleukia e lebegang ka teng go tswa kafa ntlheng ya borwa

Kwa tlase: Lobota lwa boemakepe jwa Seleukia