Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmino o o Itumedisang Modimo

Mmino o o Itumedisang Modimo

 Mmino o o Itumedisang Modimo

Mmino o tlhalositswe e le “botswerere jwa bogologolo le jo e leng jwa tlholego go gaisa bope fela.” Fela jaaka puo, ke mpho e e gakgamatsang thata e e farologanyang batho le diphologolo. Mmino o tlhotlheletsa maikutlo. Motho a ka itumelela go o reetsa, o ka salela mo mogopolong. Mo godimo ga tsotlhe, mmino o ka itumedisa Modimo.

JAAKA Baebele e bontsha, Baiseraele e ne e le batho ba ba neng ba rata mmino. Mmino e ne e le “selo se se neng se ratwa thata mo metlheng ya bogologolo ya fa go ne go kwalwa Baebele,” go akgela jalo Unger’s Bible Dictionary. Jaaka selo se ba neng ba se dira letsatsi le letsatsi, ba ne ba opela mmino wa mantswe le wa diletso mo kobamelong ya bone. Mme go opela ka mantswe ke gone mo go neng go dirisiwa thata.

Kgosi Dafide o ne a tlhoma baemedi mo Balefing “go laola kopelo” kwa motlaaganeng, pele go tlhomamisiwa tempele e e neng ya agiwa ke Solomone, morwawe. (1 Ditirafalo 6:31, 32, NW) Fa letlole la kgolagano, le le emelang go nna gone ga ga Jehofa, le ne le goroga kwa Jerusalema, Dafide o ne a rulaganya bangwe ba Balefi “go tumisa, le go leboga, le go baka Jehofa.” Mo godimo ga go opela ka mantswe ba ne “ba na le disaletere le diharepe . . . [ba] tsosa modumo o mogolo ka disemebala . . . ba letsa dinaka.” Banna bano ke ba ba neng ba “[badilwe] ka maina go tla ba baka Jehofa ka go bo boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”—1 Ditirafalo 16:4-6, 41; 25:1.

Poeletso ya mafoko a a reng “boutlwelo botlhoko jwa [ga Jehofa] bo eme ka bosakhutleng,” e bonala makgetlho a le mantsi mo go Pesalema, buka ya Baebele e e amanngwang thata le mmino. Ka sekai, mafoko ano a mo moleng mongwe le mongwe wa bobedi wa ditemana tse 26 tsa Pesalema 136. Mokanoki mongwe wa Baebele o bolela jaana: “A makhutshwane mo batho ba kgonang go a opela motlhofo. Mongwe le mongwe yo o kileng a a utlwa, o kgona go a gakologelwa.”

Mekwalo e e fa godimo ya dipesalema e bontsha gore diletso di dirisiwa thata. Mo godimo  ga megala, Pesalema 150 e umaka harepa, moropana, ditlhaka le disemebala. Le fa go ntse jalo, selo se se ratiwang thata ke lentswe la motho. Temana ya 6 e rotloetsa jaana: “A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa. Bakang Jehofa.”

E re ka re tlhalosa maikutlo a rona ka mmino, mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele go hutsafala go ne go bontshiwa ka go opela dipina tsa khutsafalo. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono wa go opela o ne o sa dirisiwe thata mo mminong wa Baiseraele. Saetlopedia ya Baebele Insight on the Scriptures * e bolela jaana: “Ke fela mo pineng ya khutsafalo kana ya selelo mo go neng go ratwa mokgwa ono wa dipina go feta molodi wa mmino kana segalo sa lentswe le go gatelelwa ga mafoko mo puong.”

Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba opelela Jehofa dipako mo bosigong jwa pele ga Jesu a bolawa, kwantle ga pelaelo ba ne ba opela mafoko a Dipesalema Tsa Hallel. (Pesalema 113-118) A bo seno se tshwanetse sa bo se ile sa nonotsha barutwa ba ga Jesu jang ne gore ba lebane le loso lwa Mong wa bone! Mo godimo ga moo, boikaelelo jwa bone jwa go nna batlhanka ba ba ikanyegang ba Molaodi yo Mogolo wa lobopo lotlhe, Jehofa, bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa nonofa fa ba ntse ba opela ka makgetlho a matlhano poeletso ya mafoko a a reng “boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.”—Pesalema 118:1-4, 29.

Bakeresete ba bogologolo ba kwa Efeso le Kolosa ba ne ba opelela ‘Modimo dipesalema le dipako’ (totatota, “difela”). Mo godimo ga tsone ba ne ba na le “dipina tsa semoya” tse ba neng ba di opela mo dipelong tsa bone. (Baefeso 5:19; Bakolosa 3:16) Ba ne ba dirisa melomo ya bone go mmaka ka go opela le ka go bua. A Jesu ga a ka a re “molomo o bua se se tletseng mo pelong”?—Mathaio 12:34.

Mmino O o Sa Itumediseng Modimo

Ga se mmino otlhe o o umakilweng mo Baebeleng o o neng o itumedisa Modimo. Akanya ka se se neng sa diragala kwa Thabeng ya Sinai, koo Moshe a neng a newa Molao gone, go akaretsa le Melao e e Lesome. Fa Moshe a fologa kwa thabeng, ke eng se a neng a se utlwa? “Ga se modumo wa ba ba dudueletsang phenyo,” “ga se kuruetso ya ba ba lelang ka go fenngwa,” mme ke “modumo wa ba ba opelang fela.” E ne e le mmino o o neng o amana le kobamelo ya medingwana, mokgwa o o neng wa galefisa Modimo mme ga felela ka gore go swe baopedi bao ba ka nna 3 000.—Ekesodo 32:18, 25-28.

Le mororo batho ba ka tlhama, ba tshameka le go itumelela mefuta yotlhe ya mmino, ga go reye gore yotlhe e itumedisa Modimo. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o tlhalosa jaana: “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Dingwao tse di maswe tsa boheitane, thuto ya go sa sweng ga moya wa motho le go tlotlomatsa Maria e le “mmaModimo” gantsi go opelwa ka tsone mo mminong. Le fa go ntse jalo, ditumelo le mekgwa eno ga e tlotle Modimo wa boammaaruri, ka gonne e sa dumalane le se se senotsweng mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele.—Duteronome 18:10-12; Esekiele 18:4; Luke 1:35, 38.

Go Tlhopha Mmino ka Botlhale

Go tlhopha mmino o o leng teng go a kgatlha. Bokafantle jwa di-compact disc bo dirilwe ka tsela e e tla gogelang bareki gore ba reke mofuta ofe fela wa mmino o o rekotilweng. Mme fa moobamedi wa Modimo a batla go Mo itumedisa, o tshwanetse go ela tlhoko le go tlhopha ka botlhale gore a tile mmino wa mantswe le wa diletso o o tlhotlheleditsweng ke ditumelo tsa bodumedi jwa maaka kana o o buang thata ka boitsholo jo bo maswe le ka bodimona.

Albert, yo o kileng ya bo e le morongwa wa Mokeresete mo Afrika, o dumela gore o nnile le sebaka se sennye sa go tshameka piano gone koo. Le fa go ntse jalo, o ne a reetsa thata direkoto tse a neng a ile le tsone teng. Jaaka Albert a boetse kwa nageng ya gagabo, jaanong o etela diphuthego tsa Bokeresete e le molebedi yo o etang. Ga a na nako e e kalokalo ya go reetsa mmino. O bolela jaana: “Motlhami wa mmino yo ke mo ratang thata ke Beethoven. Mo dingwageng tse di fetileng ke ile ka kokoanya direkoto tsa disimfone tsa gagwe, di-concerto, disonata le dikwatete.” O itumelela go di reetsa thata. Ke boammaaruri gore motho mongwe le mongwe o na le mmino o ene a o ratang, mme jaaka Bakeresete re gakologelwa kgakololo eno ya ga Paulo: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe se sele, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.

 Mmino le Boineelo

Susie o ne a rata mmino fela thata. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka simolola go tshameka piano ke na le dingwaga di le 6, baeyolene ke na le dingwaga di le 10, mme kwa bofelong ka tshameka harepa ke na le dingwaga di le 12.” Moragonyana Susie o ne a tsena kwa Royal College of Music kwa Lontone, Engelane, gore a ithutele harepa. O ne a ithuta ka dingwaga di le nnè a rutwa ke motshameki mongwe yo o tumileng wa harepa wa Mo-Spain mme ngwaga o o latelang kwa Sekolong sa Mmino sa Paris, o ne a bona dikirii mo mminong mmogo le didipoloma tsa go tshameka harepa le go ruta piano.

Susie o ne a simolola go kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lontone. Fa a fitlha koo o ne a fitlhela Basupi ba kgatlhegelana le go bontshana lorato lwa mmatota. Fa nako e ntse e ya, lorato lwa gagwe mo go Jehofa lo ne lwa gola, mme tsela e a neng a tlhoafaletse tirelo ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go batla ditsela tsa go mo direla. Seno se ne sa felela ka gore a ineele le go kolobediwa. Susie o tlhalosa jaana: “Go nna moopedi ke tsela ya go tshela ka boineelo, ka jalo ke ne ke tlwaetse go tshela ka boineelo.” Nako e a neng a opela ka yone kwa dikonsarateng e ne ya fokotsega fa a ne a tsenela bodiredi jwa Bokeresete jwa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e le go ikobela ditaelo tsa ga Jesu.—Mathaio 24:14; Mareko 13:10.

E re ka jaanong a dirisa nako e nnye a opela, o ikutlwa jang? O dumela jaana: “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke tshwenyegile ka gonne ke sena nako e e lekaneng ya go ithapisa, mme ke sa ntse ke letsa diletso tsa me le go itumelela mmino. Mmino ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Ke o itumelela thata e re ka jaanong ke beile tirelo ya gagwe kwa pele mo botshelong jwa me.”—Mathaio 6:33.

Mmino o o Bakang Modimo

Albert le Susie mmogo le Basupi ba ga Jehofa ba bangwe ba ba ka tshwarang dimilione tse thataro ba baka Jehofa Modimo ka metlha ka mmino. Kwa dipokanong tsa Bokeresete tse di tshwarelwang kwa Diholong Tsa Bogosi mo dinageng di le 234, ba simolola le go konela dipokano tsa bone, fa go kgonega, ka go opelela Jehofa dipina. Ka segalo sa lentswe se se kwa godimo le se se kwa tlase, melodi e e monatšana e tshotse mafoko a a theilweng mo Dikwalong a a bakang Jehofa Modimo.

Botlhe ba ba leng teng ba tsholetsa mantswe a bone gore ba opele ka peloyotlhe gore Jehofa ke Modimo yo o babalelang (Pina 44). Ba opelela Jehofa pina ya pako (Pina 190). Dipina tsa bone di dumalana le boitumelo le boikarabelo jwa bokaulengwe jwa Bokeresete, botshelo jwa Bokeresete le dinonofo tsa Bokeresete. Se sengwe gape se se ba itumedisang ke mefuta e e farologaneng ya mmino e Basupi ba kwa Asia, Australia, Yuropa le Amerika Bokone le Borwa ba neng ba e dirisa fa ba tlhama melodi eno. *

“A ko lo opeleleng Jehofa sefela se seša; lefatshe lotlhe, opelelang Jehofa. Opelelang Jehofa, bakang leina la gagwe,” ke mafoko a a simololang pina e kgolo ya segosi e e neng ya kwalwa mo motlheng wa ga mopesalema. “Bolelelang poloka ya gagwe pele ka go tlhomaganya malatsi. Kakanyang kgalalelo ya gagwe mo gare ga merafe; ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo gare ga ditšhaba tsotlhe.” (Pesalema 96:1-3) Ke se Basupi ba ga Jehofa ba se dirang mo lefelong la lona, mme ba go laletsa gore o kopanele le bone mo go opeleng pako eno. O tla amogelwa ka diatla tsoopedi kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi, koo o tla ithutang gone tsela ya go baka Jehofa ka mmino o o mo itumedisang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

^ ser. 22 Dipina tseno di mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Opelelang Jehofa dipako