Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dibela Pelo ya Gago”

“Dibela Pelo ya Gago”

 “Dibela Pelo ya Gago”

JEHOFA o ne a bolelela moporofeti Samuele jaana: “Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle, mme Jehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Mopesalema Dafide le ene o ne a opela jaana a tlhomile mogopolo mo pelong ya tshwantshetso: “[Jehofa] o hukuditse pelo ya me; o ntekotse bosigo; o ntekile, mme ga o a fitlhela sepe.”—Pesalema 17:3.

Ee, Jehofa o leba pelo gore a tlhomamise se tota re leng sone. (Diane 17:3) Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo o gakolola jaana a na le lebaka le le utlwalang: “Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Re ka dibela pelo ya rona ya tshwantshetso jang? Diane kgaolo 4 e re arabela potso eno.

Reetsa Kotlhao ya ga Rre

Kgaolo ya bo4 ya Diane e simolola ka mafoko ano: “Bomorwaaka, utlwang thuto ya rra batho, lo tlhokomeleng go itse tlhaloganyo; gonne ke lo naya thuto e e siameng; lo se ka lwa tlogela molao wa me.”Diane 4:1, 2.

Basha ba gakololwa go reetsa thuto e e molemo ya batsadi ba bone ba bomodimo, segolobogolo ya ga rre. O na le boikarabelo jwa Dikwalo jwa gore a tlhokomele lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang mo mmeleng le semoyeng. (Duteronome 6:6, 7; 1 Timotheo 5:8) Fa mosha a sa kaelwe ka tsela eo, a bo go ka nna thata jang ne gore a gole sentle! Ka gone, a ngwana ga a tshwanela go amogela kotlhao ya ga rraagwe ka tlotlo?

Le fa go le jalo, go tweng ka mosha yo o se nang rre yo a ka mo rutang? Ka sekai, Jason wa dingwaga di le lesome le bongwe o ne a tlhokafalelwa ke rraagwe a na le dingwaga di le nnè. * Fa Mokeresete mongwe wa mogolwane a ne a mmotsa gore ke eng se se mo tshwenyang thata mo botshelong, Jason o ne a araba jaana ka bonako: “Ke eletsa go nna le rre. Ka dinako tse dingwe tota seno se ntshwenya thata mo maikutlong.” Le fa go ntse jalo, go na le kgakololo e e gomotsang basha ba ba se nang kaelo ya batsadi. Jason le ba bangwe ba ba tshwanang le ene ba ka batla kgakololo ya ga rre mo bagolwaneng le mo bathong ba bangwe ba ba godileng mo phuthegong ya Bokeresete le go e amogela.—Jakobe 1:27.

Solomone o tswelela pele jaana fa a gakologelwa thuto ya gagwe: “Ke ne ke le [“morwa wa mmatota mo go rre,” NW], ke le tlekeetso, ke ratega ke le nosi mo matlhong a ga mme.” (Diane 4:3) Go bonala kgosi a gakologelwa tsela e e lorato e a neng a godisiwa ka yone. Solomone yo mmotlana, jaaka “morwa wa mmatota” yo o neng a tsaya kgakololo ya ga rraagwe tsia, o tshwanetse a bo a ne a na le botsala jo bo lorato le jo bogolo le rraagwe, Dafide. Mo godimo ga moo, Solomone o ne a “le nosi,” kana a ratiwa thata. A bo go le botlhokwa jang ne gore ngwana a golele mo legaeng le le lorato e bile a kgona go buisana le batsadi ba gagwe motlhofo!

Bapala Botlhale le Tlhaloganyo

Solomone o bolela jaana fa a ne a gakologelwa kgakololo e e lorato ya ga rraagwe: “Rre a nthuta a nthaya a re: ‘A pelo ya gago e tshegetse mafoko a me; o boloke ditaolo tsa me, mme o tshele; bapala botlhale, bapala tlhaloganyo; o se ka wa go lebala, le gone o se ka wa tenega mo mafokong a molomo wa me; o se ka wa kgaogana nae [botlhale], mme o tlaa go tlamela; o mo rate mme o tlaa go direla. Botlhale ke selo se segolo bogolo go  dilo tsotlhe; ke gone bapala botlhale: Ee, mo go tsotlhe tse o di bonyeng, o bo o bapetse tlhaloganyo.’”Diane 4:4-7.

Ke ka ntlha yang fa botlhale e le “selo se segolo bogolo go dilo tsotlhe”? Botlhale bo kaya go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e tla lereng matswela a a molemo. Kitso—go tlwaelana le dintlha dingwe ka go ela dilo tlhoko le go ya ka se se go diragaletseng kana ka go bala le go ithuta—ke selo sa konokono se se dirang gore motho a nne botlhale. Mme fa re sa kgone go dirisa kitso ya rona sentle, e ka se re solegele molemo. Ga re a tshwanela go bala fela Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka metlha tse re di neelwang ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela,” mme gape re tshwanetse go leka go dirisa se re se ithutang mo go tsone.—Mathaio 24:45.

Go bapala tlhaloganyo le gone go botlhokwa. Fa re se na yone, a tota re ka bona gore dintlha di amana jang e le gore re tlhaloganye kgang e go buiwang ka yone? Fa re sa tlhaloganye, re ka kgona jang go bona mabaka a go bo dilo di ntse ka fa di ntseng ka gone le go nna le temogo? Ee, gore re kgone go ntsha mabaka a dintlha tse re di itseng le go dira tshwetso e e tshwanetseng, re tshwanetse ra bo re tlhaloganya.—Daniele 9:22, 23.

Solomone o tswelela pele a bolela mafoko a ga rraagwe, a re: “O mo goletse [botlhale], mme o tlaa go godisa; o tlaa go isa mo tlotlong, motlhang o mo tlamparelang. O tlaa naya tlhogo ya gago kgopana ya bontlafalo: o tlaa go neela serwalo sa tlhogo sa bontle.” (Diane 4:8, 9) Botlhale jwa Modimo bo sireletsa motho yo o bo amogelang. Mo godimo ga moo, bo dira gore a tlotlwe le go ntlafadiwa. A re direng ka bojotlhe go bapala botlhale.

‘Tshwara Kotlhao Thatathata’

Go tswa foo kgosi ya Iseraele e bolela jaana fa e bua ka thuto ya ga rraagwe: “Utlwa, morwaaka, o amogele dipolelo tsa me; mme dinyaga tsa botshelo jwa gago di tlaa nna dintsi. Ke go rutile mo tseleng ya botlhale; [“ke tla go gatisa ditselana tsa thokgamo,” NW]. E tlaa re o tsamaya, dikgato tsa gago ga di ketla di pitlaganngwa, fa o siana, ga o ketla o kgotswa. Tshwara [“kotlhao,” NW]  thatathata; o se ka wa e lesa; o e tshegetse; gonne ke botshelo jwa gago.”Diane 4:10-13.

Jaaka morwa wa mmatota wa ga rraagwe, Solomone o tshwanetse a bo a ile a itumelela botlhokwa jwa kotlhao e e lorato e e rutang le e e lolamisang. Fa re sa otlhaiwe ka tsela e e lekalekaneng, a re ka lebelela gore re tla tswelela pele re gola semoyeng kana a re ka solofela go tokafatsa botshelo jwa rona? Fa re sa ithute mo diphosong tsa rona kana re sa lolamise megopolo e e phoso e re nang le yone, ruri re ka se gatele pele semoyeng. Kotlhao e e lekalekaneng e dira gore re itshware ka tsela e e molemo mme ka gone e re thusa go ‘gata ditselana tsa thokgamo.’

Gape mofuta o mongwe wa kotlhao o dira gore ‘dingwaga tsa botshelo jwa rona di nne dintsi.’ Jang? Ebu, Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Motho yo o boikanngo mo go se sebotlana thata o boikanngo le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) A go ikgalemela mo dilong tse dinnye go ka se re thuse go dira se se tshwanang mo dilong tse dikgolo, tse matshelo a rona a ka tswang a ikaegile ka tsone? Ka sekai, go thapisa leitlho gore re se ka ra ‘leba mosadi ka go mo gotelela’ go ka nna ga re thiba go dira boitsholo jo bo sa siamang. (Mathaio 5:28) Ka tlholego fela, molaomotheo ono o dira mo banneng le mo basading. Fa re ruta megopolo ya rona go “tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong,” re ka se nne mo kotsing ya go leofa thata ka mafoko kana ka ditiro.—2 Bakorintha 10:5.

Ke boammaaruri gore gantsi go thata go amogela kotlhao e bile e ka lebega e kgoreletsa. (Bahebera 12:11) Le fa go ntse jalo, kgosi e e botlhale e re tlhomamisetsa gore fa re tshwara kotlhao thatathata, tsela ya rona e tla re thusa gore re gatele pele. Fela jaaka go ithapisa ka tsela e e tshwanetseng go thusa mothubalobelo gore a di goge kwa pele ka lobelo lo logolo a sa we kana go ikgobatsa, go tshwara kotlhao thatathata go re thusa gore re tswelele pele mo tseleng ya botshelo ka lobelo lo lo sa fetofetogeng re sa kgopiwe ke sepe. Ke boammaaruri gore re tshwanetse go ela tlhoko tsela e re e tlhophang.

Tila ‘Tsela ya Baikepi’

Solomone o tlhagisa jaana ka tlhoafalo: “O se ka wa tsena mo tseleng ya baikepi, o se ka wa tsamaya mo mekgweng ya batho ba ba bosula. E thibogele, o se ka wa feta ka yone; o e fapoge, mme o fetele koo. Gonne ga ba robale ba [i]se ba dire bosenyi pele; boroko mo go bone ga boyo, fa ba sa diga bangwe. Gonne ba ja senkgwe sa boikepo, ba nwa bojalwa jwa mofine jwa thubakanyo.”Diane 4:14-17.

Baikepi ba Solomone a batlang re tila ditsela tsa bone, ba itlamela ka ditiro tsa bone tse di bosula. Go dira se se bosula go ntse jaaka dijo le dino mo go bone. Ga ba kgone go robala ba ise ba dire thubakanyo. Botho jwa bone bo senyegile! A tota re ka dibela dipelo tsa rona fa re itsalanya le bone? A bo e le boeleele jang ne go “tsamaya mo mekgweng ya batho ba ba bosula” ka go iteseletsa go bona thubakanyo e e bontshiwang mo boitlosobodutung jo bontsi jwa lefatshe la gompieno! Fa re gagamalela go nna kutlwelobotlhoko ga re kitla re nnela go ipolaya maikutlo ka mananeo a a sa siamang a thelebishene kana ka dibaesekopo.

 Nna mo Leseding

Solomone o bolela jaana a ntse a tshwantshetsa ka tsela: “Tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.” (Diane 4:18) Go simolola go ithuta Baebele le go leka go dirisa se e se bolelang mo botshelong go ka tshwantshiwa le go simolola loeto go sa le makuku. Fa loapi lwa bosigo lo lontsho lo fetoga go nna botala jo bo tseneletseng, ga re kgone go bona sepe. Mme fa bosa bo ntse bo apoga ka iketlo, re kgona go bona dilo tse di mo tikologong ya rona ka iketlo. Kgabagare, letsatsi le phatsima thata, mme sengwe le sengwe se bonala sentle. Ee, boammaaruri bo bonala ka iketlo fa re nnela go ithuta Dikwalo ka bopelotelele le ka tlhoafalo. Go botlhokwa gore re tlamele pelo ka dijo tsa semoya fa re batla go e dibela mo megopolong ya maaka.

Bokao kana botlhokwa jwa dipolelelopele tsa Baebele le jone bo senolwa kgato ka kgato. Re kgona go tlhaloganya dipolelelopele sentle fa moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ntse o re naya lesedi ka tsone le fa di ntse di diragadiwa mo ditiragalong tsa lefatshe kana mo dilong tse di diragalelang batho ba Modimo. Go na le gore re nne pelokhutshwane le go fopholetsa gore di tla diragadiwa leng, re tshwanetse go leta gore ‘lesedi le phatsimele pele.’

Go tweng ka batho ba ba sa batleng go kaelwa ke Modimo ka go gana go tsamaya mo leseding? Solomone o bolela jaana: “Mme tselana ya baikepi e ntse jaaka lefifi: ga ba itse se se ba kgopang.” (Diane 4:19) Baikepi ba tshwana le monna yo o kgopiwang mo lefifing a sa itse se se mo kgopileng. Tota le fa baikepi ba ka lebega ba atlega ka ntlha ya bosula jwa bone, katlego eo ke ya nakwana fela. Mopesalema o ne a opela jaana malebana le batho ba ba ntseng jalo: “Ruri o ba baya mo mareleding; [Jehofa] o ba digela mo tshenyegong.”—Pesalema 73:18.

Nna Podimatseba

Kgosi ya Iseraele e tswelela pele e re: “Morwaaka, tlhokomela mafoko a me; sekegela dipolelo tsa me tsebe. A di se tloge mo matlhong a gago; o di bolokele mo sekwalelong sa pelo ya gago. Gonne di botshelo mo go ba ba di bonang, di bile di le phodiso fela mo nameng yotlhe ya bone. Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.”Diane 4:20-23.

Sekao sa ga Solomone se supa gore kgakololo e e botlhokwa e dibela pelo. Ke boammaaruri gore o itshupile e le “morwa wa mmatota” wa ga rraagwe mo bosheng jwa gagwe mme a nna a ikanyega mo go Jehofa go fitlhela a godile. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela jaana: “Ga  dirala e rile Solomone a sena go tsofala basadi ba gagwe [ba seeng] ba faposetsa pelo ya gagwe kwa medimong e sele; pelo ya gagwe ya se ka ya nna boitekanelo mo go Jehofa Modimo wa gagwe, jaaka pelo ya ga Dafite rraagwe e ne e ntse.” (1 Dikgosi 11:4) Tota le dipelo tse di siameng di ka raelesega go dira bosula fa re se podimatseba ka metlha. (Jeremia 17:9) Re tshwanetse go boloka dikgakololo tsa Lefoko la Modimo mo pelong ya rona—‘mo sekwalelong sa yone.’ Seno se akaretsa kaelo e e leng mo kgaolong ya bo4 ya Diane.

Tlhatlhoba Boemo Jwa Pelo ya Gago

A re dibela pelo ya rona ya tshwantshetso ka katlego? Re ka itse jang boemo jwa pelo ya motho wa ka fa teng? Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Molomo o bua se se tletseng mo pelong.” (Mathaio 12:34) Gape o ne a bolela jaana: “Mo pelong go tswa dikakanyo tsa boikepo, dipolao tsa ka boomo, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.” (Mathaio 15:19, 20) Ee, dilo tse re di buang le ditiro tsa rona di senola se re leng sone mo pelong.

Solomone o tlhagisa jaana ka tshwanelo: “Molomo o o lesoko o o tlose fa go wena, le dipounama tse di kgopo o di beye kgakala nao. A matlho a gago a lebele kwa pele, dintshi tsa matlho a gago di lolamele go lebela kwa pele ga gago fela. Lekalekanya tsela ya dinao tsa gago, mme ditselana tsotlhe tsa gago di tlhomamisiwe. O se ka wa fapogela ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema: tlosa lonao lwa gago lo tswe mo bosuleng.”Diane 4:24-27.

Ka ntlha ya tlhagiso ya ga Solomone, re tshwanetse go ela tlhoko se re se buang le se re se dirang. Fa re batla go dibela pelo le go itumedisa Modimo, re tshwanetse go tila puo e e lesoko le bosula. (Diane 3:32) Ka gone, re tshwanetse go sekaseka ka thapelo gore a se re se buang le se re se dirang se senola se re leng sone. Ka gone a re kopeng gore Jehofa a re thuse go lolamisa bokoa bope jo re bo bonang.—Pesalema 139:23, 24.

Mo godimo ga tsotlhe, a “matlho a rona a lebele kwa pele.” A re a tlhomeng mo mokgeleng wa go direla Rraarona wa selegodimo ka moya otlhe. (Bakolosa 3:23) Fa o ntse o tsamaya ka tsela e e ntseng jalo e e thokgameng, e kete Jehofa a ka dira gore o atlege mo ‘ditselaneng tsotlhe tsa gago,’ mme e kete a ka go segofatsa thata ka gonne o tlhwaela tsebe kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya “go dibela pelo ya gago.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Ga se leina la gagwe la mmatota.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

A o tila boitlosobodutu jo bo bontshang thubakanyo?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Solegelwa molemo ke kgakololo ya batho ba ba nang le boitemogelo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kotlhao ga e busetse kgatelopele ya gago kwa morago

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Tswelela pele o ithuta Baebele ka metlha