Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?

Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?

 Ke Eng Fa go Na le Tlolomolao e e Kanakana?

“Ga o a tshwanela go amogela pipamolomo, gonne pipamolomo e foufatsa batho ba ba bonang sentle e bile e ka sokamisa mafoko a batho ba ba siameng.”—Ekesodo 23:8NW.

DINGWAGA di le 3 500 tse di fetileng, Molao wa ga Moshe o ne o kgala pipamolomo. Fa e sa le ka nako eo go ralala makgolokgolo a dingwaga, melao e e thibelang tlolomolao e ile ya oketsega. Le fa go ntse jalo, molao ga wa ka wa atlega go thibela tlolomolao. Go na le dimilione tsa batho ba ba neelang ba bangwe pipamolomo letsatsi le letsatsi mme batho ba le dimilione di le dikete ba boga ka ntlha ya ditlamorago tsa yone.

Tlolomolao e aname e bile ke ya maemo a a kwa godimo thata jaana mo e leng gore e tshosetsa go koafatsa setšhaba ka bosone. Kwa dinageng dingwe ga go na sepe se se dirwang go sa ntshiwe pipamolomo. Fa o naya motho yo o tshwanelang pipamolomo o ka kgona go falola ditlhatlhobo, go bona lekwalo la go kgweetsa, go bona tumalano ya setsha kana go fenya kgetsi ya kgotlatshekelo. Arnaud Montebourg yo e leng moitsemolao wa kwa Paris o ngongorega jaana: “Tlolomolao e tshwana le kgotlelo e kgolo e e senyang megopolo ya batho.”

Pipamolomo e atile segolobogolo mo go tsa kgwebo. Dikhampani dingwe di beela nngwetharong ya madi a di a dirang kwa thoko go neela baemedi ba puso ba ba tlolang molao. Go ya ka makasine wa kwa Boritane wa The Economist, mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa diranta di le dimilione di le dikete di le 153 tse di dirisiwang mo kgwebong ya dibetsa ya ditšhabatšhaba di dirisiwa go naya batho ba ba tla nnang bareki pipamolomo. E re ka selekanyo sa tlolomolao ya mofuta ono se ntse se oketsega, ditlamorago tsa gone e nnile tse di utlwisang botlhoko. Go bolelwa gore mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, bokapitalisi jo bo “bosula”—ditirisano tsa kgwebo tse di sa siamang tse mo go tsone go dirisanwang fela le batho ba ba nang le maemo ba ba nang le dikgolagano tse di siameng—di ile tsa senya ikonomi yotlhe ya dinaga tse dintsi.

Ka maswabi, batho ba ba bogang thata ka ntlha ya tlolomolao le ditlamorago tsa yone tsa go senyega ga ikonomi ke batho ba ba humanegileng—bao gantsi ba sa kgoneng go naya ope pipamolomo. Jaaka The Economist e tlhalosa, “tlolomolao ke nngwe ya ditsela tse batho ba gatelelang ba bangwe ka tsone.” A mofuta ono wa kgatelelo o ka fedisiwa, kana a tlolomolao ke selo se o ka se kgoneng go se tila? Go araba potso eo, re tshwanetse pele ra itse gore ke dilo dife tse thatathata di bakang tlolomolao.

Ke Dilo Dife Tse di Bakang Tlolomolao?

Ke eng fa batho ba tlhopha go tlola molao go na le gore ba ikanyege? Mo go ba bangwe go tlola molao e ka tswa e le selo se se motlhofo se ba ka se dirang—kana e le sone fela se ba ka se dirang—gore ba bone dilo tse ba di batlang. Ka dinako tse dingwe, go ntsha pipamolomo e ka nna tsela e motho a ka kgonang go tila kotlhao ka yone. Ba le bantsi ba ba bonang gore boradipolotiki, mapodise le baatlhodi ba itlhokomolosa tlolomolao kana bone ka bobone ba tlola molao ba latela fela sekao sa bone.

Fa tlolomolao e ntse e oketsega, e nna e ntse e amogelwa thata go fitlha kgabagare e nna mokgwa wa botshelo. Batho ba ba amogelang madi a a kwa tlase thata ba akanya gore ga ba na se ba ka se  dirang. Ba tshwanetse gore ba batle pipamolomo fa e le gore ba batla go tshela sentle. Mme fa batho ba ba batlang pipamolomo kana ba ba e ntshang gore ba solegelwe molemo ka tsela e e sa tshwanelang ba sa otlhaiwe, ba le bantsi ga ba ikaelela go thibela tlolomolao. Kgosi Solomone o bolela jaana: “Ereka katlholo ka ga tiro e e bosula e sa dirafadiwe ka bonako, ke gone ka moo pelo ya bana ba batho e tlhomameng mo go bone ka mokgwa o o tletseng, go tla ba dira bosula.”—Moreri 8:11.

Go na le dilo tse pedi tse di maatla tse di nnelang go tlhotlheletsa tlolomolao: bopelotshetlha le bogagapa. Ka ntlha ya bopelotshetlha, batho ba ba tlolang molao ba itlhokomolosa tsela e go tlola molao ga bone go gobatsang ba bangwe ka gone, mme ba dira e kete pipamolomo e siame fela ka go bo bone e ba solegela molemo. Fa dithoto tsa batho ba ba tlolang molao di ntse di oketsega, bone ba nna bogagapa le go feta. Solomone o ne a bolela jaana: “Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato.” (Moreri 5:10) Gone ke boammaaruri gore bogagapa bo ka tswa bo le molemo go dira madi mme gantsi bo itlhokomolosa tlolomolao le dilo tse di seng kafa molaong.

Selo se sengwe se re sa tshwanelang go se itlhokomolosa ke seabe se mmusi wa lefatshe leno a nang naso, yo Baebele e mo tlhalosang e le Satane Diabolo. (1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9) Satane o rotloetsa tlolomolao thata. Pego e e di gaisang tsotlhe e e kileng ya nna gone ya pipamolomo ke ya fa Satane a ne a batla go e naya Keresete. ‘Ke tla go naya magosi otlhe a lefatshe fa o ka wela fa fatshe wa nkobamela.’—Mathaio 4:8, 9.

Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tlola molao, e bile o ile a ruta balatedi ba gagwe gore le bone ba itshware jalo. A dithuto tsa ga Keresete e ka nna sedirisiwa se se molemo sa go lwantsha tlolomolao gompieno? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka potso eno.