Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya wa Modimo o Dira Jang Gompieno?

Moya wa Modimo o Dira Jang Gompieno?

 Moya wa Modimo o Dira Jang Gompieno?

MMAAGWE o mmelege a golafetse. Letsatsi le letsatsi o ne a dula mo kgorong ya tempele e e bidiwang Bontle go kopa dimpho tsa kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba tsenang mo tempeleng. Le fa go ntse jalo, ka lekgetlo lengwe, mokopi yo o golafetseng yono o ne a amogela mpho e e gaisang madinyana a sekae kgakala. O ne a fodisiwa!—Ditiro 3:2-8.

Le mororo moaposetoloi Petere le Johane e ne e le bone ba neng ba mo “emeletsa” gore ‘dipato tsa dinao tsa gagwe . . . di nitamisiwe,’ ga ba a ka ba itseela tlotla ya gore ba mo fodisitse. Ka ntlha yang? Petere ka boene o a tlhalosa: “Banna ba Iseraele, ke ka ntlha yang fa lo gakgametse ka ntlha ya seno, kgotsa ke ka ntlha yang fa lo re tlhomile matlho jaaka e kete ke ka maatla a rona kgotsa boineelo jwa bomodimo re mo dirileng gore a tsamaye?” Ebu, Petere le Johane ka bobedi ba ne ba lemoga gore ga se ka maatla a bone mme ke ka ntlha ya moya wa Modimo o o boitshepo go bo ba ile ba kgona go dira selo se se ntseng jalo.—Ditiro 3:7-16; 4:29-31.

Ka nako eo, “ditiro [tse di ntseng jalo] tsa maatla” di ne di dirwa go bontsha gore phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa e ne e engwe nokeng ke Modimo. (Bahebera 2:4) Mme fa ditiro tseno di sena go diragatsa maikaelelo a tsone, moaposetoloi Paulo o ne a re di ne di tla “nyelediwa.” * (1 Bakorintha 13:8) Ka gone, gone jaanong ga re bone diphodiso dipe tse di laolelwang ke Modimo, melaetsa ya boporofeti kana go ntshiwa ga badimona go go dirwang mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete.

Gone mme, a seno se raya gore moya o o boitshepo wa Modimo ga o tlhole o dira? Legoka! A re sekasekeng ditsela tse dingwe tse moya wa Modimo o neng o dira ka tsone mo lekgolong la ntlha la dingwaga le kafa o dirang ka teng gone jaanong mo motlheng ono wa rona.

“Moya wa Boammaaruri”

Tsela e le nngwe e moya o o boitshepo wa Modimo o dirang ka yone ke ka go itsise, go sedifatsa le go senola boammaaruri. Pelenyana ga Jesu a swa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke na le dilo di le dintsi tse ke santseng ke tshwanetse go di bua le lona, mme ga lo kgone go di sikara mo nakong eno. Lefa go ntse jalo, fa ene yoo a goroga, moya wa boammaaruri, o tla lo kaela go ya mo boammaaruring jotlhe.”—Johane 16:12, 13.

“Moya wa boammaaruri” o ne wa tshololwa mo godimo ga barutwa ba ka nna 120 fa ba ne ba kolobediwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. fa ba ne ba phuthegile mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema. (Ditiro 2:1-4) Moaposetoloi Petere e ne e le mongwe wa ba ba neng ba le gone mo moletlong ono wa ngwaga le ngwaga. E re ka Petere a ne a tletse moya o o boitshepo, o ne a “ema ka dinao” a tlhalosa kana a phepafatsa boammaaruri jo bo rileng malebana le Jesu. Ka sekai, o ne a tlhalosa kafa “Jesu Monasaretha” a neng a “godisediwa kwa seatleng sa moja sa Modimo” ka teng. (Ditiro 2:14, 22, 33) Moya wa Modimo o ile wa tlhotlheletsa Petere gape gore a bolelele bareetsi ba Bajuda jaana ka bopelokgale: “A ntlo yotlhe ya Iseraele ruri e itse gore Modimo o ne wa mo dira Morena le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.” (Ditiro 2:36) Ka ntlha ya molaetsa wa ga Petere o o tlhotlheleditsweng ka moya o o boitshepo, batho ba ba ka nnang dikete di le tharo ba ne ba “amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe” mme ba kolobediwa. Ka tsela eno, moya wa Modimo o o boitshepo o ne wa thusa go ba kaela mo boammaaruring.—Ditiro 2:37-41.

Moya wa Modimo o o boitshepo gape e ne e le morutisi le mogakolodi. Jesu o ne a bolela jaana: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo, o Rara a tla o romang ka leina la me, ene yoo o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.”—Johane 14:26.

Moya o o boitshepo e ne e le morutisi jang? Moya wa Modimo o ne wa bula ditlhaloganyo tsa barutwa gore ba tlhaloganye dilo tse ba neng ba di utlwile  pele mo go Jesu mme ba se ka ba di tlhaloganya ka botlalo. Ka sekai, baaposetoloi ba ne ba itse gore fa Jesu a ne a sekisiwa, o ne a raya molaodi wa Moroma wa kwa Judea e bong Ponto Pilatwe a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong malatsi a a fetang a le 40 morago ga moo, baaposetoloi ba ne ba sa ntse ba na le kgopolo e e sa tshwanelang ya gore Bogosi bo tla tlhomiwa mo lefatsheng. (Johane 18:36; Ditiro 1:6) Go bonala fa baaposetoloi ba ne ba sa kgone go tlhaloganya mafoko a ga Jesu ka botlalo go fitlha fa ba sena go tshololelwa moya o o boitshepo wa Modimo ka Pentekosete ya 33 C.E.

Moya wa Modimo gape e ne e le mogakolodi ka tsela ya gore o ne o ba gakolola ka dithuto tse di farologaneng tsa ga Jesu. Ka sekai, boporofeti jo bo buang ka loso lwa ga Keresete le go tsoga ga gagwe, bo ne jwa tlhaloganngwa botoka ka thuso ya moya o o boitshepo. (Mathaio 16:21; Johane 12:16) Go gakologelwa dithuto tsa ga Jesu go ne ga thusa baaposetoloi gore ba kgone go ikemela ka bopelokgale fa pele ga dikgosi, bommakaseterata le mo pele ga baeteledipele ba bodumedi.—Mareko 13:9-11; Ditiro 4:5-20.

Mo godimo ga moo, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa thusa go kaela Bakeresete ba bogologolo kwa tshimong e e nang le matswela mo bodireding. (Ditiro 16:6-10) Gape moya wa Modimo o ile wa tlhotlheletsa Bakeresete ba bogologolo gore ba nne le seabe mo go kwaleng Lefoko la Modimo, Baebele, gore batho botlhe ba solegelwe molemo. (2 Timotheo 3:16) Ka gone, moya o o boitshepo o ne o dira ka ditsela tse di farologaneng mo lekgolong la ntlha la dingwaga. O ne o sa dirisediwe go dira dikgakgamatso fela.

 Moya o o Boitshepo mo Motlheng wa Rona

Ka tsela e e tshwanang, moya o o boitshepo o ntse o thusa Bakeresete ba boammaaruri mo motlheng wa rona. Seno se ne sa bonala mo setlhopheng se sennye sa baithuti ba Baebele kwa Allegheny, Pennsylvania, U.S.A., mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo19 la dingwaga. Baithuti ba ba tlhoafetseng bano ba Baebele ba ne ba batla go itse “boammaaruri.”—Johane 8:32; 16:13.

Leloko lengwe la setlhopha seno e bong Charles Taze Russell, o ne a bolela jaana malebana le kafa a neng a batla boammaaruri jwa Dikwalo ka teng: “Ke ile ka rapela . . . gore ke thusiwe go fedisa letlhoo lepe fela le le mo pelong le mo mogopolong wa me le le ka nnang la nkgoreletsa gore ke se ka ka kaelwa ke moya wa gagwe gore ke tlhaloganye dilo sentle.” Modimo o ne a utlwa thapelo eno e e boikobo.

Fa Russell le ditsala tsa gagwe ba ntse ba sekaseka Dikwalo ka tlhoafalo, ba ne ba tlhaloganya dilo tse dintsi. Russell o ne a tlhalosa jaana: “Re ne ra lemoga gore makoko le diphathi tse di farologaneng di feditse makgolokgolo a dingwaga di ntse di kgaoganya dithuto tsa Baebele dikarolwana mo gare ga bone, ba di tlhakanya le diphopholetso tsa batho le dikgopolo tsa bone tse di phoso.” Se se ile sa dira gore go nne le se a neng a re ke “go sokamisiwa ga boammaaruri.” Ebu, boammaaruri jwa Dikwalo bo ne bo sirilwe ke dithuto tsa boheitane tse di neng di tseneletse mo teng ga Labokeresete mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Mme le fa go ntse jalo, Russell o ne a ikemiseditse go itse le go bolela boammaaruri.

Russell le ditsala tsa gagwe ka bopelokgale ba ne ba kgala dithuto tsa bodumedi jwa maaka tse di neng di sa tlhalose Modimo sentle mo kgatisong ya Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence. Go farologana le pono e e tlwaelegileng ya bodumedi—ba ne ba lemoga gore moya o a swa, gore fa re swa re ya lebitleng, le gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri mme ka gone ga se karolo ya Tharonngwe.

Gone mme, jaaka o ne o ka lebelela, go senola dithuto tsa maaka jalo go ile ga galefisa baruti ba Labokeresete. E re ka baruti ba le bantsi ba Bakatoliki le ba Porotesetanta ba ne ba ikemiseditse go ngaparela maemo a bone a ba tlhotlheletsang batho thata ka one, ba ne ba rulaganya letsholo la go senya Russell leina. Le fa go ntse jalo, ene le ditsala tsa gagwe ga ba a ka ba kgobega marapo. Ka tshepo, ba ne ba ikanya moya wa Modimo gore o ba kaele. Russell o ne a re: “Morena wa rona o re tlhomamisetsa gore . . . moya o o boitshepo wa ga Rara, o o romilweng ka ntlha ya ga Jesu Morekolodi, Motsereganyi le Tlhogo ya rona e tla nna morutisi wa rona.” Moya o o boitshepo o ile wa ba ruta tota! Baithuti bano ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba ne ba tswelela ba tsaya metsi a a itshekileng a boammaaruri mo Baebeleng mme ba a bolela mo lefatsheng lotlhe.—Tshenolo 22:17.

Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya motlha wa rona e ntse e tsibogela tsela e moya o o boitshepo wa Modimo o e kaelang ka yone mo e setseng e ka nna nako e e fetang lekgolo la dingwaga jaanong. E re ka moya wa ga Jehofa o ntse o sedifatsa pono ya bone ya semoya, Basupi ba iketleeditse go dira diphetogo tse di tlhokegang gore ba dire dilo tumalanong le tsela e ntšha e ba tlhaloganyang dilo ka yone.—Diane 4:18.

“Lo Tla Nna Basupi ba Me”

Jesu o ne a supa tsela e nngwe gape e moya o o boitshepo wa Modimo o dirang ka yone fa a ne a  raya barutwa ba gagwe jaana: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Tsholofetso ya ga Jesu ya gore o tla naya barutwa ba gagwe “maatla” le “moya o o boitshepo” gore ba tle ba dire tiro e ba e filweng ke Modimo e sa ntse e dira le gompieno.

Basupi ba ga Jehofa ba le botlhe, ba itsege thata ka tiro ya bone ya go rera. (Bona lebokoso.) Ebu, Basupi ba ga Jehofa ba bolela molaetsa wa boammaaruri mo dinageng tse di fetang 230 le mo ditlhaketlhakeng. Ba utlwatsa mantswe a bone ka bopelokgale go tshegetsa Bogosi jwa Modimo kafa tlase ga maemo otlhe, go akaretsa le e leng go tsenya matshelo a bone mo kotsing mo mafelong a go nang le dintwa mo go one. Tlhoafalo e ba nang le yone mo bodireding jwa Bokeresete e neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore moya o o boitshepo o a dira gompieno. Mme ga go pelaelo gore Jehofa Modimo o segofatsa maiteko a bone.

Ka sekai, ngwaga o o fetileng, go ile ga dirisiwa diura tse di fetang dimilione di le sekete mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Matswela e nnile afe? Batho ba ba ka nnang 323 439 ba ile ba bontsha boineelo jwa bone mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing. Mo godimo ga moo, go ile ga tshwarwa dithuto tsa Baebele tsa magae tsa beke le beke di le 4 433 884 le batho ba ba kgatlhegang. Fa go kopanngwa sengwe le sengwe, go ile ga tsamaisiwa dibuka di le 24 607 741, dimakasine di le 631 162 309, le diboroutšhara le dibukana di le 63 495 728. A bo e le bosupi jo bo nonofileng jang ne jwa gore moya wa Modimo o a dira!

Moya wa Modimo le Wena

Fa motho a amogela dikgang tse di molemo, a dumalanya botshelo jwa gagwe le melao ya Modimo, a bo a bontsha tumelo mo thulaganyong ya thekololo, o bulegelwa ke tsela ya go nna le boemo jo bontle le Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka batho ba ba ntseng jalo: ‘Modimo o tsenya moya wa gagwe o o boitshepo mo go lona.’—1 Bathesalonika 4:7, 8; 1 Bakorintha 6:9-11.

Go nna le moya wa Modimo go lere masego a mantsi. Ke masego a a ntseng jang? Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng la re: “Leungo la moya ke lorato, boipelo, kagiso, go itshwara ka bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, tumelo, bori, [le] boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Ka jalo, moya o o boitshepo wa Modimo ke maatla a a nonofileng a a dirang molemo, a a thusang motho go nna le dinonofo tsa bomodimo.

Mo godimo ga moo, fa o bala Baebele mme o dirisa se o se ithutang, moya wa Modimo o ka go thusa gore o gole mo botlhaleng, kitsong, temogong, tsela e o lebang dilo ka yone le mo bokgoning jwa gago jwa go akanya. Kgosi Solomone o ne a fiwa “botlhale le tlhaloganyo ka botlalo jo bogolo, le botona jwa pelo” ka go bo o ne a batla go itumedisa Modimo go na le batho. (1 Dikgosi 4:29) E re ka Jehofa a ile a naya Solomone moya o o boitshepo, a ka se ka a gana go naya ba ba batlang go mo itumedisa gompieno moya wa gagwe o o boitshepo.

Moya o o boitshepo wa Modimo gape o thusa Bakeresete gore ba lwantshane le Satane le badimona, tsamaiso e e boikepo eno ya dilo, le go sekamela ga bone mo go direng boleo. Seo se ka kgonega jang? Moaposetoloi Paulo o araba jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Moya o o boitshepo o ka nna wa se ka wa tlosa diteko le dithaelo; le fa go ntse jalo, o ka go thusa go di itshokela. Ka go ikaega ka moya wa Modimo, re ka kgona go bona “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re tle re kgone go emelana le bothata kana tlalelo epe fela.—2 Bakorintha 4:7; 1 Bakorintha 10:13.

Fa o sekaseka bosupi jono jotlhe, ga go na pelaelo epe gore moya o o boitshepo wa Modimo o a dira gompieno. Moya wa ga Jehofa o naya batlhanka ba gagwe maatla a gore ba supe ka maikaelelo a gagwe a magolo. O nna o ntse o phatsimisa lesedi la semoya, o nonotsha tumelo ya rona, o re thusa go nna re ikanyega mo Mmoping wa rona. A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo Modimo a ile a diragatsa tsholofetso ya gagwe ka go naya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang moya o o boitshepo gompieno!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Ke Eng fa Dimpho Tsa Kgakgamatso Tsa Moya di Ile Tsa Fela?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1971, ditsebe 501-5, (ka Seesemane).

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Se ba Bangwe ba se Buang ka Basupi ba ga Jehofa

“Le fa dikereke tse dingwe di hira bagakolodi gore ba gogele batho mo dikerekeng kana ba tshwarega ka dikgang tse go buiwang thata ka tsone mo motlheng wa rona tse di jaaka bosodoma le go senya mpa, Basupi bone ga ba ineele gore ba tshwane le lefatshe le le fetogang leno. Ba sa ntse ba dira tiro ya bone ya go ngoka batho ka tsela e e rulagantsweng sentle mo Lefatsheng.”—The Orange County Register ya kwa Orange County, California, U.S.A.

“Fa go tla mo kgannyeng ya go anamisa tumelo, ke ditumelo di sekaenyana fela tse di tlhoafetseng . . . jaaka Basupi ba ga Jehofa.”—The Republic ya kwa Columbus, Indiana, U.S.A.

“Ke bone fela ba ba tsamayang ka ntlo le ntlo ka ‘dikgang tse di molemo’ ba dirisa melaometheo ya Baebele.”—Życie Literackie, Poland.

“Ka tiro e kgolo go gaisa tsotlhe ya go rera, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba anamisa molaetsa wa ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.”—News-Observer, Tamaqua, Pennsylvania, U.S.A.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Moya o o boitshepo wa Modimo o re sedimosa semoyeng,

. . . o dira gore re nne le dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete,

. . . e bile o re ema nokeng mo tirong ya rona ya go rera ya lefatshe lotlhe