Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanyega Le go Nna Pelokgale mo Kgatelelong ya Banasi

Go Ikanyega Le go Nna Pelokgale mo Kgatelelong ya Banasi

 Go Ikanyega Le go Nna Pelokgale mo Kgatelelong ya Banasi

Ka June 17, 1946, Mohumagadi Wilhelmina wa kwa Netherlands o ne a romelela lelapa lengwe la Basupi ba ga Jehofa molaetsa wa matshediso kwa Amsterdam. Boikaelelo jwa one e ne e le go baka morwa wa lelapa leo, Jacob van Bennekom, yo o ileng a bolawa ke Banasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Mo dingwageng tse di fetileng, khansele ya motse wa Doetinchem, e leng toropo e e ka fa botlhabatsatsi jwa Netherlands, e ne ya dira tshwetso ya go bitsa mmila mongwe ka Bernard Polman, yo le ene e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o neng a bolawa mo ntweng.

KE KA ntlha yang fa Banasi ba ne ba tlhasela Jacob, Bernard le ba bangwe ba Basupi ba ga Jehofa kwa Netherlands ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II? Mme ke eng se se neng sa thusa Basupi bano go nna ba ikanyega mo pogisong e e setlhogo jaana ka dingwagangwaga mme kgabagare ba tlotlwa le go bakwa ke bagabone le ke mohumagadi yono? Gore re bone seno, a re sekasekeng ditiragalo dingwe tse di dirileng gore go lowe ntwa eno ya sekaDafide le Goliathe e e neng e lowa ke setlhopha se sebotlana sa Basupi ba ga Jehofa le mokgatlho o mogolo wa masole a Bonasi.

Ba Thibetswe—Mme ba Tlhoafetse go Feta le e Leng Pele

Ka May 10, 1940, masole a Bonasi a ne a tlhasela Netherlands ka tshoganetso. E re ka dibuka tse di neng di anamisiwa ke Basupi ba ga Jehofa di ne di senola ditiro tse di bosula tsa Bonasi mme di buelela Bogosi jwa Modimo, ka bonako fela Banasi ba ne ba leka go emisa ditiro tsa Basupi. Dibeke di ka nna tharo morago ga gore Banasi ba tlhasele Netherlands, ba ne ba ntsha molao wa sephiri o o neng o thibela Basupi ba ga Jehofa. Ka March 10, 1941, pego nngwe ya dikgang e ne ya itsise ka thibelo eno phatlalatsa, e pega Basupi molato wa go tlhoma letsholo le le “kgatlhanong  le puso le mekgatlho yotlhe ya kereke.” Ka ntlha ya seo, ba ne ba gakalela go tsoma Basupi.

Se se kgatlhang ke gore le fa gone Ba-Gestapo, kana mapodise a sephiri a a neng a tumile ka ditiro tse di maswe, ba ne ba beile dikereke tsotlhe leitlho, ba ne ba bogisa mokgatlho o le mongwe fela wa Bokeresete setlhogo. Rahisitori wa Mo-Dutch Dr. Louis de Jong o tlhalosa jaana: “Ke setlhopha se le sengwe fela sa bodumedi se se neng sa bogisiwa go fitlha losong—e bong Basupi ba ga Jehofa.”—Het Koninkrijk der Nederlanden in de Tweede Wereldoorlog (Bogosi Jwa Netherlands ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi).

Ba-Gestapo ba ne ba thusiwa ke mapodise a Ba-Dutch go senka Basupi le go ba tshwara. Mo godimo ga moo, molebedi mongwe yo o etang yo o neng a boifa mme a nna motlhanogi o ne a neela Banasi tshedimosetso ka badumedikaene ba pele. Kwa bokhutlong jwa April 1941, ba ne ba setse ba tshwere Basupi ba le 113. A tlhaselo eno e e setlhogo e ne ya emisa tiro ya go rera?

Karabo ya seno e fitlhelwa mo Meldungen aus den Niederlanden (Dipego Tse di Tswang Kwa Netherlands), e leng lekwalo le le neng le bolokilwe ke Ba-Sicherheitspolizei ba Jeremane (Mapodise a Tshireletso) ba ba neng ba le kwala ka April 1941. Pego eno e bolela jaana ka Basupi ba ga Jehofa: “Lekoko leno le le thibetsweng le tsweletse pele ka tiro ya lone ka matlhagatlhaga mo nageng ka bophara, ba ntse ba tshwara dipokano tse di seng ka fa molaong le go mamaretsa dipampitshana tse di nang le mafoko a a jaaka ‘Go bogisa Basupi ba Modimo ke tlolomolao’ le ‘Jehofa o tla otlhaya babogisi ka tshenyego e e sa khutleng.’” Dibeke di le pedi morago ga moo motswedi ono o ne wa bega gore “le fa gone Mapodise a Tshireletso a ne a tsere dikgato tse di gagametseng kgatlhanong le ditiro tsa Baithuti ba Baebele, ditiro tsa bone di sa ntse di oketsega.” Ee, le fa gone Basupi ba ne ba le mo kotsing ya go tshwarwa, ba ne ba tswelela pele ka tiro ya bone, ba tsamaisetsa batho dibuka tse di fetang 350 000 ka 1941 fela!

Ke eng se se neng sa thusa setlhotshwana seno sa Basupi ba ka nna makgolo a sekae e bile se ntse se oketsega, gore se nne pelokgale le go itshokela baba ba sone ba ba neng ba boifisa? Fela jaaka moporofeti Isaia yo o ikanyegang wa bogologolo, Basupi ba ne ba boifa Modimo, e seng motho. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba tshepa mafoko ano a ga Jehofa a a nametsang a a neng a a bolelela Isaia: “Ke Nna, e leng Nna, yo ke go gomotsang; wena o mang fa e bo ne ne jaana o boifa motho yo o tlaa swang?”—Isaia 51:12.

Bopelokgale bo Tshwanelwa ke Tlotlo

Kwa bokhutlong jwa 1941, palo ya Basupi ba ba neng ba tshwerwe e ne ya tlhatlogela go 241. Le fa go ntse jalo, ba sekae ba ne ba ineela ka ntlha ya go boifa motho. Willy Lages, leloko lengwe la mapodise a Jeremane le le neng le tumile thata, le nopolwa le bolela gore “diperesente di le 90 tsa Basupi ba ga Jehofa di  ne tsa gana go ntsha tshedimosetso epe, mme ke palo e nnye fela ya ditlhopha tse dingwe e e neng ya nna pelokgale go didimala.” Patlisiso e e neng ya dirwa ke moruti wa Mo-Dutch e bong Johannes J. Buskes, yo o neng a le mo kgolegelong le Basupi bangwe, e dumalana le mafoko a ga Lages. Ka 1951, Buskes o ne a kwala jaana:

“Ka nako eo, ke ne ka simolola go ba tlotla thata ka ntlha ya boikanyegi jwa bone le tumelo ya bone e e nonofileng. Nka se lebale lekawana lengwe—le tshwanetse la bo le ne le na le dingwaga tse di kwa tlase ga 19—le le neng la anamisa dipampitshana tse di neng di bolelela pele ka go wa ga ga Hitler le Puso ya Boraro. . . . O ka bo a ile a gololwa mo lobakeng lwa sephatlo sa ngwaga fa a ne a ka solofetsa go tlogela go dira tiro eo. O ne a gana go dira seo a tlhomame, mme o ne a atlholelwa go nnela ruri kwa kampeng ya makgoba kwa Jeremane. Re ne re itse sentle gore seo se ne se bolela eng. Mo mosong o o latelang fa a ne a tsewa mme re mo dumedisa, ke ne ka mmolelela gore re tla mo gopola le go mo rapelela. O ne a araba fela ka go re: ‘Lo se ka lwa tshwenyega ka nna. Bogosi jwa Modimo ruri bo tla tla.’ O ka se ka wa lebala selo se se tshwanang le seo, tota le fa o sa dumalane gotlhelele le dithuto tsa Basupi bano ba ga Jehofa.”

Le fa gone Basupi ba ne ba bogisiwa setlhogo, palo ya bone e ne ya nna ya oketsega. Le fa ba ne ba ka tshwara 300 pelenyana fela ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, ka 1943 palo eo e ne e tlhatlogetse go 1 379. Ka maswabi, kwa bokhutlong jwa ngwaga oo, Basupi ba le 54 mo go ba ba fetang 350 ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba swa mo dikampeng tse di farologaneng tsa pogisetso. Ka 1944, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 141 ba ba neng ba tswa kwa Netherlands ba ba neng ba sa ntse ba le mo dikampeng tse di farologaneng tsa pogisetso.

Ngwaga wa Bofelo wa Pogiso ya Banasi

Morago ga Letsatsi le le Tlhomilweng, June 6, 1944, go bogisiwa ga Basupi go ne ga khutla ka one ngwaga oo. Masole a Banasi le batshegetsi ba one ba ne ba tloga ba fenngwa. Motho o ne a ka akanya gore mo seemong se se ntseng jalo Banasi ba ne ba tla tlogela go tshwara Bakeresete ba ba se nang molato. Le fa go ntse jalo, mo ngwageng oo, Basupi ba bangwe ba le 48 ba ne ba tshwarwa, mme ba bangwe ba le 68 ba ba neng ba tshwerwe ba ne ba swa. Mongwe wa bone e ne e le Jacob van Bennekom, yo o umakilweng pelenyana.

Jacob yo o neng a na le dingwaga di le 18 e ne e le mongwe wa batho ba ba 580 ba ba neng ba kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa ka 1941. Ka bonako fela morago ga moo o ne a tlogela tiro e e neng e duela thata ka gonne e ne e dira gore a tlogele boitlhaodi jwa gagwe jwa Bokeresete. O ne a bereka e le morongwi mme a simolola go nna modiredi wa nako e e tletseng. Fa a ntse a tsamaisa dibuka tsa Baebele, o ne a lemogiwa mme a  tshwarwa. Ka August 1944, Jacob yo o neng a na le dingwaga di le 21 o ne a kwalela lelapa la gagabo a le kwa kgolegelong kwa motseng wa Rotterdam jaana:

“Ke sa ntse ke tsogile sentle e bile ke itumetse. . . . Go fitlha jaanong ke setse ke thamathamisitswe ganè ka dipotso. Mo makgetlhong a ntlha a mabedi ke ne ke tshwerwe makgwakgwa, mme ke ne ka itewa setlhogo, mme ka maatla le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Morena, go fitlha jaanong ga ke ise ke ntshe sephiri sepe. . . . Ke setse ke neetse dipuo di le thataro fano, botlhe ba ba neng ba reeditse ba ne ba le 102. Bangwe ba bone ba bontsha kgatlhego mme ba solofeditse gore fa ba sena go gololwa fela, ba tla tswelela pele.”

Ka September 14, 1944, Jacob o ne a isiwa kwa kampeng ya pogisetso kwa motseng mongwe wa Ba-Dutch wa Amersfoort. Le gone koo, o ne a tswelela pele a rera. Jang? Legolegwakaene le gakologelwa jaana: “Magolegwa a ne a ipeela ditompi tsa sekerete tse di neng di latlhilwe ke balebeledi mme ba bo ba dirisa ditsebe tsa Baebele go tshopa sekerete. Ka dinako tse dingwe Jacob o ne a kgona go bala mafoko a sekae mo tsebeng ya Baebele e e neng e tla tloga e dirisiwa go tshopa sekerete. Ka yone nako eo, o ne a dirisa mafoko ano go re rerela. Go ise go ye kae, re ne ra fa Jacob leina la ‘Rabaebele.’”

Ka October 1944, Jacob o ne a le mo setlhopheng se segolo sa magolegwa se se neng sa laelwa go epa mesele e e neng e direlwa gore dikoloi tsa ntwa di wele mo go yone. Jacob o ne a gana go dira tiro eo ka gonne segakolodi sa gagwe se ne se sa mo dumelele go ema ntwa nokeng. Le mororo balebeledi ba ne ba aga ba mo tshosetsa, o ne a se ka a ineela. Ka October 13, modiredimogolo mongwe o ne a mo ntsha kwa a neng a tswaletswe a le nosi gone mme a mo isa kwa go berekelwang gone. Le teng, Jacob o ne a ema a nitame. Kgabagare, Jacob o ne a laelwa go ikepela lebitla mme o ne a bolawa ka go hulwa.

Ba Tswelela Pele ka go Tsoma Basupi

Bopelokgale jwa ga Jacob le ba bangwe bo ne jwa galefisa Banasi mme seo sa dira gore Basupi ba tswelwe letsholo gape. Motho mongwe yo ba neng ba mo tsoma e ne e le Evert Kettelarij wa dingwaga tse 18. Kwa tshimologong, Evert o ne a kgona go tshaba a ba a iphitlha, mme kgabagare o ne a tshwarwa, a itewa setlhogo gore a ntshe tshedimosetso ka Basupi ba bangwe. O ne a gana mme a isiwa kwa Jeremane go ya go dira tiro ya bokgoba.

 Mo kgweding eo, October 1944, mapodise a ne a batla mogatsakgaitsadie Evert, Bernard Luimes. Fa ba ne ba mmona, o ne a na le Basupi ba bangwe ba babedi—Antonie Rehmeijer le Albertus Bos. Albertus o ne a kile a nna dikgwedi di le 14 kwa kampeng ya pogisetso. Le fa go ntse jalo, fa a sena go gololwa, o ne a tswelela pele a rera ka tlhagafalo. Kwa tshimologong, banna bano ba bararo ba ne ba itewa setlhogo ke Banasi, mme go tswa foo ba ne ba bolawa ka go hulwa. Ditopo tsa bone di ne tsa bonwa fela fa ntwa e sena go khutla mme tsa bolokwa gape. Ka bonako fela morago ga ntwa, makwalodikgang a lefelo leo a ne a bega ka polao eno. Lengwe la makwalodikgang ano le ne le kwadile gore Basupi ba le bararo ba ne ba sa bolo go gana go dira tirelo epe fela ya Banasi e e neng e le kgatlhanong le molao wa Modimo mme lwa oketsa ka gore “ke sone se ba neng ba se bolaelwa.”

Go ntse go le jalo, ka November 10, 1944, Bernard Polman, yo o umakilweng pelenyana, o ne a tshwarwa mme a romelwa go ya go dira tiro nngwe ya bosole. E ne e le ene fela Mosupi mo kampeng eo ya makgoba e bile e le ene fela yo o neng a gana go dira tiro eno. Balebeledi ba ne ba leka ditsela tse di farologaneng go mo dira gore a ineele. O ne a tingwa dijo. Gape o ne a itewa setlhogo ka dithobane, ka garawe, le ka marago a tlhobolo. Mo godimo ga moo, o ne a patelediwa go gobua metsi a a tsididi a a neng a mo fitlha mo mangoleng, mme go tswa foo o ne a tswalelwa a le nosi mo seleng e e nang le metsi, moo a neng a fetsa bosigo jotlhe ka diaparo tse di metsi. Le fa go ntse jalo, Bernard o ne a se ka a ineela.

Ka nako eo, bokgaitsadie Bernard ba babedi, ba e neng e se Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba letlelelwa go mo etela. Ba ne ba mo kgothaletsa go fetola mogopolo, mme seo ga se a ka sa mo tshikinya le e seng. Fa ba ne ba botsa Bernard gore a go na le sengwe se ba ka mo direlang sone, o ne a akantsha gore ba ye gae mme ba ithute Baebele. Go tswa foo, babogisi ba gagwe ba ne ba letlelela mosadi wa gagwe yo o neng a imile gore a mo etele, ba lebeletse gore ke ene yo o tla mo kgonang. Kante go nna gone ga gagwe le mafoko a gagwe a bopelokgale a ne a thusa go nonotsha boikemisetso jwa ga Bernard gore a nne a ikanyega mo Modimong. Ka November 17, 1944, Bernard o ne a hulwa ke babogisi ba gagwe ba le batlhano fa makgoba a mangwe otlhe a ntse a lebile. Tota le fa Bernard a sena go swa, setopo sa gagwe se tletse marumo, modiredimogolo yo o neng a tlhokometse moo o ne a betwa ke pelo mo a neng a ntsha tlhobolo mme a hula Bernard mo matlhong.

Le mororo bosetlhogo jono bo ne jwa tshosa Basupi ba ba neng ba utlwa ka polao eno, ba ne ba nna ba ikanyega e bile ba le pelokgale mme ba tswelela pele le tiro ya bone ya Bokeresete. Phuthego nngwe e nnye ya Basupi ba ga Jehofa, e e neng e le gaufi le lefelo le Bernard a bolaetsweng mo go lone, e ne ya bega jaana ka bonako fela morago ga polao eno: “Mo kgweding eno, le fa gone maemo a bosa a ne a sa itumedise e bile re kopana le mathata a Satane a a dirisang go re kgoreletsa, re ile ra kgona go oketsa tiro ya rona. Diura tse di dirisitsweng mo tshimong di tlhatlogile go tswa go 429 go ya go 765. . . . Fa mokaulengwe mongwe a ntse a rera, o ne a kopana le monna mongwe yo a neng a kgona go mo neela bosupi ka tsela e e molemo. Monna yono o ne a botsa gore a ke yone tumelo ya monna yo o neng a hudilwe. Fa a sena go utlwa gore ke yone, o ne a goa jaana: ‘Ke monna tota, ke tumelo tota eo! Ruri ke mogaka mo tumelong!’”

Go Gakologelwa ke Jehofa

Ka May 1945, Banasi ba ne ba fenngwa mme ba lelekwa kwa Netherlands. Le fa gone pogiso e ne e le setlhogo ka nako ya ntwa, palo ya Basupi ba ga Jehofa e ne e oketsegile go tloga go makgolo a sekae go ya go palo e e fetang 2 000. Fa raditiragalo Dr. de Jong a ne a bolela ka Basupi bano ba nako ya ntwa, o lemoga jaana: “Bontsi jwa bone bo ne bo gana go itatola tumelo ya bone le mororo ba ne ba tshosediwa le go tlhokofadiwa.”

Ka gone, go a utlwala go bo baeteledipele bangwe ba lefatshe ba ile ba gakologelwa Basupi ba ga Jehofa ka bopelokgale jwa bone jwa nako ya puso ya Banasi. Le fa go ntse jalo, se se botlhokwa ke gore pego ya maemo a a kwa godimo ya Basupi bano ba nako ya ntwa e tla gakologelwa ke Jehofa le Jesu. (Bahebera 6:10) Mo Pusong e e tlang ya ga Jesu Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, Basupi bano ba ba ikanyegang le ba ba pelokgale ba ba neng ba swela mo tirelong ya Modimo ba tla tsosiwa mo mabitleng a kgakologelo, ba lebeletse go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise!—Johane 5:28, 29.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jacob van Bennekom

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lekwalodikgang le le neng la bega ka molao o o neng o thibela Basupi ba ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Ka fa mojeng: Bernard Luimes; fa tlase: Albertus Bos (ka fa molemeng) le Antonie Rehmeijer; kwa tlase: Ofisi ya Mokgatlho kwa Heemstede