Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ba Tlhabanang le Modimo Ga ba Na go Fenya!

Ba ba Tlhabanang le Modimo Ga ba Na go Fenya!

 Ba ba Tlhabanang le Modimo Ga ba Na go Fenya!

“Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya.”—JEREMIA 1:19.

1. Jeremia o ne a neelwa taelo efe, mme tiro ya gagwe e ne ya tsaya lobaka lo lo kana kang?

JEHOFA o ne a laela Jeremia yo mmotlana go nna moporofeti mo ditšhabeng. (Jeremia 1:5) Seno se ne sa direga mo motlheng wa puso ya ga Kgosi Josia yo o molemo wa Juda. Tiro ya boporofeti ya ga Jeremia e ne ya tswelela pele go fitlha mo motlheng wa mathata wa pele ga Babelona e gapa Jerusalema le go isiwa ga batho ba Modimo kwa botshwarong.—Jeremia 1:1-3.

2. Jehofa o ne a nonotsha Jeremia jang, mme go tlhabana le moporofeti yono go ne go tla kaya eng?

2 Melaetsa ya katlholo e Jeremia a neng a tlile go e bolela e ne e tlile go tsosa kganetso. Ka gone, Modimo o ne a mo nonotsha go ipaakanyetsa se se neng se larile kwa pele. (Jeremia 1:8-10) Ka sekai, moporofeti yono o ne a tiisiwa mooko ke mafoko ano: “Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.” (Jeremia 1:19) Go lwa le Jeremia go ne go tla kaya go lwa le Modimo. Gompieno, Jehofa o na le setlhopha sa batlhanka ba sekabaporofeti, ba tiro ya bone e tshwanang le ya ga Jeremia. Ba bolela lefoko la Modimo la boporofeti ka bopelokgale jaaka ene. Mme molaetsa ono o ama batho botlhe le ditšhaba tsotlhe, e ka ne e le ka tsela e e itumedisang kana e e sa itumediseng, go ikaegile ka tsela e ba o tsibogelang ka yone. Fela jaaka mo motlheng wa ga Jeremia, go na le batho ba ba tlhabanang le Modimo ka go nna kgatlhanong le batlhanka ba gagwe le ditiro tsa bone tse ba di abetsweng ke Modimo.

 Batlhanka ba ga Jehofa ba a Tlhaselwa

3. Ke eng fa batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa?

3 Batho ba ga Jehofa ba ntse ba tlhaselwa go tloga fela kwa masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Mo dinageng di le dintsi batho ba ba nang le maikaelelo a a bosula ba ile ba leka go kgoreletsa—ee, go didimatsa—go bolelwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ba ntse ba tlhotlhelediwa ke Mmaba wa rona yo mogolo, Diabolo, yo o “tsamayatsamaya[ng] jaaka tau e e kurutlang, e e senkang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Fa “dinako tse di tlhomilweng tsa merafe” di sena go khutla ka 1914, Modimo o ne a tlhoma Morwawe go nna Kgosi e ntšha ya lefatshe, ka go mo laela jaana: “O buse mo gare ga baba ba gago.” (Luke 21:24; Pesalema 110:2) Keresete o ile a dirisa maatla a gagwe a Bogosi go leleka Satane kwa legodimong mme a mo piriganyetsa mono mo lefatsheng. Diabolo o lebisa kgalefo ya gagwe mo Bakereseteng ba batlodiwa le ditsala tsa bone ka a itse fa nako ya gagwe e khutshwafetse. (Tshenolo 12:9, 17) Matswela a go tlhasela ga batho bano ba ba tlhabanang le Modimo e ile ya nna afe?

4. Batho ba ga Jehofa ba ile ba lekwa jang ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, mme go ne ga direga eng ka 1919 le 1922?

4 Batlhanka ba ga Jehofa ba batlodiwa ba ile ba lebana le diteko tse dintsi tse di lekang tumelo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I. Ba ne ba sotlwa le go senngwa maina, ba tlhaselwa ke digopa, le go itewa. Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, ba ile ba  “nna ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe.” (Mathaio 24:9) Mo nakong eo ya ntwa, baba ba Bogosi jwa Modimo ba ile ba dirisa maretshwa a a neng a dirisiwa mo go Jesu Keresete. Ba ile ba pega batho ba ga Jehofa molato wa gore ba tsuologela puso, mme ba tlhasela ka tlhamalalo ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong ya Modimo e e bonalang. Ka May 1918, go ne ga ntshiwa makwalo a a neng a laela gore go tshwarwe mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower e bong J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe tse dikgolo tse supa. Banna bano ba ba robedi ba ne ba newa katlholo e e boima mme ba romelwa kwa kgolegelong ya Atlanta, Georgia, U.S.A. Dikgwedi di le robongwe morago ga foo ba ne ba gololwa. Ka May 1919 kgotlatshekelo ya boikuelo ya kgaolo eo e ile ya atlhola kgang ka gore balatofadiwa ba ile ba gobelelwa, ka jalo katlholo eo e ne ya gogelwa morago. Kgetsi eo e ne ya busediwa morago gore e sekwe sesha, mme moragonyana puso ya tsholola kgetsi, e leng se se neng sa dira gore Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba se bonwe molato mo ditatofatsong tsotlhe. Ba ne ba boa ba dira ditiro tsa bone, mme dikopano tse di neng tsa tshwarelwa kwa Cedar Point, Ohio, ka 1919 le ka 1922 di ne tsa dira gore tiro ya go rera ka Bogosi e boe e gatele pele sesha.

5. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lebana le maemo afe kwa Jeremane ya Bonasi?

5 Go ne ga runya dipuso tsa babusaesi ka bo1930, mme Italy, Japane le Jeremane di ne tsa itira seoposengwe go tlhama dipuso tsa Axis. Mo tshimologong ya lesome leo la dingwaga, go ne ga runya dipogiso tse di setlhogo kgatlhanong le batho ba Modimo, segolobogolo kwa Jeremane ya Bonasi. Tiro e ne ya thibelwa. Matlo a ne a phuruphudiwa mme beng ba one ba tshwarwa. Diketekete tsa bone di ne tsa latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso ka gonne ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone. Maikaelelo a go tlhabantshana le Modimo le batho ba gagwe e ne e le gore go tle go nyelediwe Basupi ba ga Jehofa mo pusong eo ya bokgokgontshi. * Fa Basupi ba ne ba ya kwa dikgotlatshekelong tsa Jeremane go lwela ditshwanelo tsa bone, Kgoro ya Bosiamisi ya Puso e ne ya kwala lekwalo le letelele la katlholo le le neng le tlhomamisa gore ga ba ne ba atlega. Le ne le re: “Dikgotlatshekelo di se ka tsa ineela fela ka ntlha ya se se lebegang e le mabaka a semolao; go na le moo di tshwanetse go batla le go bona ditsela tsa go diragatsa maikarabelo a tsone a magolo le fa go ka nna thata go le kana kang.” Seno se ne se bolela gore go ne go ka se dirwe dilo ka tshiamiso. Banasi ba ne ba bolela gore ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di le letshwenyo, e bile di ‘kgoreletsa go tlhomiwa ga Bososhialise Jwa Setšhaba.’

6. Ke maiteko afe a a neng a dirwa go emisa tiro ya rona ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone?

6 Mo Ntweng ya Lefatshe II, tiro ya batho ba Modimo e ne ya thibelwa kwa Australia, Canada le dinaga tse dingwe tse di neng di ikamanya le Commonwealth ya Boritane—mo Afrika, Asia le ditlhaketlhake tsa Caribbean le tsa Pacific. Kwa United States, baba ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo le batho ba ba akeditsweng ba ne ba dirisa go ‘baakanya bosenyi ka molao.’ (Pesalema 94:20) Mme gone, dikgang tsa go dumedisa folaga le go dirisa molao go iletsa tiro ya go rera ka ntlo le ntlo di ne tsa sekwa kwa dikgotlatshekelong, mme dikatlholo tse di molemo tsa dikgotlatshekelo tsa United States di ne tsa thaya motheo o o molemo wa go ema kgololesego ya bodumedi nokeng. Ka thuso ya ga Jehofa, maiteko a baba a ile a se ka a atlega. Fa ntwa e ne e tloga e khutla kwa Yuropa, dithibelo di ile tsa fedisiwa. Diketekete tsa Basupi ba ba neng ba tshwerwe kwa dikampeng tsa pogisetso di ne tsa gololwa, mme gone ntwa e ne e ise e fele. Ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Ntwa ya Molomo e ne ya runya. Dinaga tsa Yuropa Botlhaba di ile tsa gatelela batho ba ga Jehofa ka ditsela tse dingwe gape. Go ile ga tsewa dikgato tsa semolao go kgoreletsa le go kgaotsa ditiro tsa rona tsa go neela bosupi, ga kganelwa go anamisiwa ga dibuka tsa Baebele ga ba ga thibelwa dikopano tsa rona tsa phatlalatsa. Bontsi bo ne jwa latlhelwa mo dikgolegelong kana jwa romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso.

Go Tswelela Pele ka Tiro ya go Rera!

7. Ke eng se se neng sa diragalela Basupi ba ga Jehofa ba kwa Poland, Russia le kwa dinageng tse dingwe mo dingwageng tsa bosheng jaana?

7 Fa masome a dingwaga a ntse a feta, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya bulelwa. Le fa Poland e ne e sa ntse e busiwa ke puso ya Bokomonisi, e ne ya letlelela gore go tshwarwe dikopano tsa letsatsi le le lengwe ka 1982. Go ne ga tshwarwa dikopano  tsa ditšhabatšhaba koo ka 1985. Dikopano tse dikgolo thata tsa ditšhabatšhaba di ile tsa latela ka 1989, tse mo go tsone go neng ga tla diketekete tse di tswang kwa Russia le Ukraine. Mo ngwageng oo Hungary le Poland di ile tsa letlelela Basupi ba ga Jehofa semolao. Mo dikgakologong tsa 1989 Lebota la Berlin le ne la wa. Dikgwedi di sekae morago ga moo, tiro ya rona e ne ya letlelelwa semolao kwa Jeremane Botlhaba, mme ka bonako fela morago ga moo, go ne ga tshwarwa kopano ya ditšhabatšhaba kwa Berlin. Mo tshimologong ya dingwaga tsa bofelo tse di lesome tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ile ga dirwa maiteko a go kopana le bakaulengwe ba kwa Russia. Go ne ga buiwa le bangwe ba babusi ba Moscow, mme ka 1991, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba letlelelwa semolao. Fa e sa le ka nako eo, tiro e ile ya gola thata kwa Russia, le kwa direpaboliking tse pele e neng e le karolo ya Soviet Union.

8. Ke eng se se neng sa diragalela batho ba ga Jehofa mo dingwageng tse 45 tse di neng tsa latela morago ga go khutla ga Ntwa ya Lefatshe II?

8 Le fa pogiso e ile ya fokotsega kwa dinageng dingwe, e ne ya oketsega kwa go tse dingwe. Mo dingwageng tse 45 tse di neng tsa latela morago ga go khutla ga ntwa ya lefatshe ya bobedi, dinaga di le dintsi di ile tsa gana go letlelela Basupi ba ga Jehofa semolao. Mo godimo ga moo, re ne ra thibelwa kana ga thibelwa tiro ya rona mo dinageng tse 23 mono Afrika, tse 9 kwa Asia, tse 8 kwa Yuropa, tse 3 kwa Latin America le tse 4 kwa dinageng tsa ditlhaketlhake dingwe.

9. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba lebana le maemo afe kwa Malawi?

9 Basupi ba ga Jehofa ba Malawi ba ile ba bogisiwa setlhogo go tloga ka 1967. Badumedikarona ba naga eo ba ne ba gana go reka karata ya mokgatlho wa dipolotiki ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete jwa boammaaruri. (Johane 17:16) Morago ga kokoano ya Malawi Congress Party ka 1972, ditiro tsa bosetlhogo di ile tsa gakala. Bakaulengwe ba ile ba lelekwa mo matlong a bone mme ba tingwa ditiro. Diketekete tsa bone di ne tsa tshaba mo nageng di tila go bolawa. A batho bano ba ba neng ba tlhabana le Modimo le batho ba gagwe ba ile ba atlega? Legoka! Morago ga gore maemo a fetoge, go ne ga begwa tlhora ya baboledi ba Bogosi ba le 43 767 kwa Malawi ka 1999, mme batho ba ba fetang 120 000 ba ile ba nna gone kwa dikopanong tsa teng tsa kgaolo. Go sa tswa go agiwa ofisi e ntšha ya lekala mo moshateng wa teng.

Ba Leka go Bona Seipato

10. Baganetsi ba motlha wa gompieno ba batho ba Modimo ba ile ba dira eng jaaka ba motlha wa ga Daniele?

10 Batlhanogi, baruti le batho ba bangwe ga ba beye molaetsa wa rona o o tswang mo Lefokong la Modimo sebete. Ka ntlha ya go bo baganetsi ba gatelelwa ke madumedi mangwe a Labokeresete, ba senka tsela, e go tweng ke ya semolao, ya go dira gore go lebege e kete ba na le lebaka la go re tlhabantsha. Ka dinako tse dingwe ba dirisa maretshwa afe? Ebu, kana batho ba ba neng ba epela moporofeti Daniele lemena ba ne ba dirisa eng go mo tlhasela? Re bala jaana mo go Daniele 6:4, 5: “Balaodi ba bangwe le dikgosana ba leka go bona seipato sa go baya Daniele molato ka ga bogosi; mme ba se ka ba bona seipato le fa e le molato; gonne o ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe timelo le fa e le molato mo go ene. Foo banna bao ba bua, ba re: ‘Ga re ketla re bona seipato sepe ka ga Daniele yo, fa re sa se bone ka ga gagwe ka fa molaong wa Modimo wa gagwe.’” Le gompieno baganetsi ba senka seipato. Ba tsosa modumo ka kgang ya “makoko a a kotsi” mme ba leka go pega Basupi ba ga Jehofa leina leo. Ba tlhasela kobamelo ya rona le go kgomarela ga rona melaometheo ya Modimo ka go re senya leina, go tsenya batho dipelaelo ka rona le go bua maaka ka rona.

11. Baganetsi bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bua dilo dife tse e seng boammaaruri?

11 Mo dinageng dingwe, mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi le ya dipolotiki ga e batle go dumela gore re dirisa “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo.” (Jakobe 1:27) Ba bolela gore ga re “bodumedi jo bo itsegeng,” le mororo ditiro tsa rona tsa Bokeresete di dirwa mo dinageng tse 234. Ka 1998, pele fela ga kopano ya ditšhabatšhaba, lokwalodikgang lwa kwa Athens lo ne lwa nopola moruti mongwe wa Greek Orthodox a bolela gore “[Basupi ba ga Jehofa] ga se ‘bodumedi jo bo itsegeng,’” le mororo Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e ile ya bua se se farologaneng. Malatsi a sekae morago ga foo, lokwalodikgang lo longwe lwa yone toropo eo lo ne lwa bega fa mmueledi mongwe wa kereke a ile a re: “[Basupi ba ga Jehofa] e ka se ka ya bo e le ‘phuthego ya Bokeresete,’ e re ka ba sa tshwane ka  gope le bodumedi jwa Bokeresete jwa ga Jesu Keresete.” Seno se a gakgamatsa, ka gonne ga go na bodumedi jo bo lekang ka natla go etsa Jesu go gaisa Basupi ba ga Jehofa!

12. Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re lwa mo ntweng ya semoya?

12 Re leka go femela le go tlhomamisa dikgang tse di molemo ka ditsela tsa semolao. (Bafilipi 1:7) Le fa go ntse jalo, re ka se ka ra ineela kana ra koafatsa tsela ya rona ya go kgomarela melao e e siameng ya Modimo le melaometheo ya bomodimo. (Tito 2:10, 12) Jaaka Jeremia, re ‘gatlha dinōka tsa rona mme re bue sengwe le sengwe se Jehofa a re laelang sone,’ re sa letle batho ba ba tlhabanang le Modimo ba re tsenya letshogo. (Jeremia 1:17, 18, NW) Lefoko le le Boitshepo la ga Jehofa le re tlhaloseditse tsela e e siameng e re tshwanetseng go e tsaya. Le ka motlha ga re batle go ikaega ka “letsogo la nama” le le bokoa kana go senka “botshabelo mo moriting wa Egepeto,” ke gore, thuso ya lefatshe leno. (2 Ditirafalo 32:8; Isaia 30:3; 31:1-3, NW) Fa re ntse re lwa mo ntweng ya rona ya semoya, re tshwanetse go tswelela pele re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe, re mo letla gore a kaele dikgato tsa rona, mme re sa ikaege ka tlhaloganyo ya rona. (Diane 3:5-7) Tiro yotlhe ya rona e tla nna “lefela” fa re sa engwe nokeng ke Jehofa le fa re sa sirelediwe ke ene.—Pesalema 127:1.

Re a Bogisiwa Mme ga re Ineele

13. Ke eng fa go ka twe go tlhaselwa ga ga Jesu ka tsela e e setlhogo ga go a ka ga atlega?

13 Sekai se segolo sa motho yo o neng a direla Jehofa ka pelo yotlhe mme a sa ineele ke sa ga Jesu, yo o neng a pegwa molato wa maaka wa gore o tsuologela puso le gore o baka khuduego. Morago ga gore Pilato a sekaseke kgang ya ga Jesu, o ne a batla go mo golola. Mme boidiidi jwa batho jo bo neng bo tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba bodumedi, bo ile jwa goeletsa gore Jesu a bapolwe le mororo a ne a se molato. Mo boemong jwa gagwe ba ne ba kopa gore go gololwe Barabase—monna yo o neng a latlhetswe mo kgolegelong ka ntlha ya molato wa go tsuologela puso le polao! Pilato gape o ne a leka go fetola mogopolo wa baganetsi bano ba ba setlhogo, mme gone, o ile a feleletsa a ineeletse go dira dilo go ya kafa setšhaba se batlang ka teng. (Luke 23:2, 5, 14, 18-25) Le mororo Jesu  a ile a swela mo koteng, go tlhasela Morwa Modimo yo o seng molato ka tsela e e setlhogo jalo ga go a ka ga atlega, ka gonne Jehofa o ile a tsosa Jesu mme a mo tlhatlosetsa kafa letsogong la Gagwe la moja. Mme mo letsatsing la Pentekosete ya 33 C.E., go ile ga tshololwa moya o o boitshepo go dirisiwa Jesu yo o galaleditsweng go tlhoma phuthego ya Bokeresete—“tlhōlō e ntšha.”—Bagalatia 6:15, 16; Ditiro 2:1-4.

14. Go ne ga direga eng fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba nna kgatlhanong le balatedi ba ga Jesu?

14 Go ise go ye kae morago ga foo, baeteledipele ba bodumedi ba ile ba tshosetsa baaposetoloi, mme balatedi bao ba ga Keresete ba ne ba se ka ba kgaotsa go bua ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng. Barutwa ba ga Jesu ba ile ba rapela jaana: “Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone, mme o neye batlhanka ba gago go nna ba bua lefoko la gago ka sebete sotlhe.” (Ditiro 4:29) Jehofa o ile a araba kopo ya bone ka go ba tshololela moya o o boitshepo le go ba nonotsha gore ba tswelele pele ba bolela ba sa boife. Go ise go ye kae ke fa gape baaposetoloi ba laelwa gore ba kgaotse go rera, mme Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ile ba araba jaana: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Go tshosediwa, go tshwarwa le go setlakwa ga go a ka ga ba kgoreletsa go atolosa tiro ya bone ya Bogosi.

15. Gamaliele e ne e le mang, mme ke kgakololo efe e a neng a e neela baganetsi ba bodumedi ba balatedi ba ga Jesu?

15 Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba itshwara jang? “Ba [ile ba] ikutlwa ba segega fela thata mme ba ne ba batla go [tlosa baaposetoloi].” Le fa go ntse jalo, morutisi mongwe wa Molao yo o bidiwang Gamaliele, wa Mofarasai, o ne a le teng, mme o ne a tlotlwa ke batho botlhe. O ile a laela gore baaposetoloi ba tswele kwa ntle ga holo ya Sanehederine go sekae, go tswa foo a gakolola baganetsi bao ba bodumedi jaana: “Banna ba Iseraele, itlhokomeleng malebang le se lo ikaelelang go se dira mabapi le banna bano. . . . Ke lo raya ke re, Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya;) go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa tota lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:33-39.

Ga go Sebolao Sepe se se Thudilweng ka ga Rona se se Tla Segofalang

16. O ka tlhalosa jang tsela e Jehofa a tlhomamisetsang batho ba gagwe ka yone, ka mafoko a gago?

16 Kgakololo ya ga Gamaliele e ne e le boammaaruri, mme re a itumela fa batho bangwe ba re buelela. Gape re anaanela go bo baatlhodi bangwe ba ba sa gobeleleng ba ile ba kgomarela kgololesego ya bodumedi ka dikatlholo tsa kgotlatshekelo. Ke boammaaruri gore, go kgomarela ga rona Lefoko la Modimo ga go itumedise baruti ba Labokeresete le baeteledipele ba bangwe ba Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshenolo 18:1-3) Le fa bone le batho ba ba ba tlhotlheletsang ba re tlhabantsha, re tlhomamisediwa jaana: “‘Ga go na sebolao sepe se se thudilweng ka ga gago se se tlaa segofalang; le loleme longwe le longwe lo lo tlaa go tsogelang mo tshekong, o tlaa lo sekisa. Selo se, ke boswa jwa batlhanka ba Jehofa, le tshiamo ya bone e e tswang mo go nna.’ Go bua Jehofa.”—Isaia 54:17.

17. Ke eng fa re nna pelokgale le mororo baganetsi ba re tlhabantsha?

17 Baba ba rona ba re tlhabantsha fela go se na mabaka, mme seo ga se re kgobe marapo. (Pesalema 109:1-3) Le ka motlha re ka se letle gore batho ba ba ilang boammaaruri le molaetsa wa rona wa Baebele ba re tsenye letshogo gore re itatole tumelo ya rona. Le fa gone re lebeletse gore ntwa ya rona ya semoya e tla nnela maswe go ya pele, re a itse gore e tla felela jang. Jaaka Jeremia, re tla bona mafoko ano a boporofeti a diragadiwa: “Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.” (Jeremia 1:19) Ee, re a itse gore batho ba ba tlhabanang le Modimo ga ba na go fenya!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng “Go Ikanyega le go Nna Pelokgale mo Kgatelelong ya Banasi,” ditsebe 24-8.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba tlhaselwa?

• Baganetsi ba ile ba tlhabana le Jehofa ka ditsela dife?

• Ke eng fa re ka tlhomamisega gore ba ba tlhabanang le Modimo ga ba na go fenya?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jeremia o ne a tlhomamisediwa gore Jehofa o tla nna nae

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bafalodi ba dikampa tsa pogisetso

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Basupi ba ga Jehofa ba tlhaselwa ke digopa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

J. F. Rutherford le ditsala tsa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Mo kgannyeng ya ga Jesu, ba ba tlhabanang le Modimo ba ne ba se ka ba fenya