Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo

Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo

 Monna yo o Tlhomang Sekao yo o Neng a Amogela Kgalemelo

“DIKWENA tsa kwa Zambia di ja batho ba le 30 ka kgwedi.” Lokwalodikgang longwe lwa mo Afrika lo ile lwa bega jalo dingwaga di sekae tse di fetileng. Go ya ka moithutadiphologolo yo o neng a tshwara digagabi tseno gore a tle a ithute ka tsone, “go ne go tlhokega banna ba le 12 go tshwara kwena e le nngwe.” E re ka kwena e na le mogatla o o maatla le ditlhaa tse di nonofileng, ke phologolo e e tshosang tota!

E re ka Mmopi a ka tswa a ne a bua ka kwena fa a re “Lefiathane,” o ne a dirisa “kgosi [eno] e e okametseng dibatana tsotlhe tse dikgolo,” go ruta motlhanka wa gagwe Jobe thuto e e botlhokwa. (Jobe 41:1, 34, NW) Se se ile sa diragala mo e ka nnang dingwaga di le 3 500 tse di fetileng kwa nageng ya kwa Use, e gongwe e ka tswang e le kwa bokone jwa Arabia. Fa Modimo a ntse a tlhalosa sebopiwa seno, o ne a raya Jobe a re: “Ga go na ope yo o pelokgale ya go e kgotla; mme foo yo o ka emang fa pele ga me e mang?” (Jobe 41:10) Go ntse jalo ruri! Fa e le gore re tshaba kwena, re tshwanetse ra bo re boifa thata jang go bua kgatlhanong le Ene yo o e bopileng! Jobe o ne a supa gore o anaanela thuto eno ka go ipolela molato wa gagwe.—Jobe 42:1-6.

Fa go buiwa ka Jobe, re ka tswa re gakologelwa sekao sa gagwe sa boikanyegi sa go itshokela teko. (Jakobe 5:11) Tota e bile, Jehofa o ne a kgatlhegela Jobe le e leng pele ga tumelo ya gagwe e lekiwa thata. Go ya kafa Modimo a lebang dilo ka teng, ka nako eo go ne go se “ope yo o tshwanang nae mo lefatsheng, e le monna yo o itekanetseng, yo o siameng, motho yo o boifang Modimo, a tshaba bosula?” (Jobe 1:8) Se se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go ithuta mo go oketsegileng ka Jobe, ka gore go dira jalo go tla re thusa go bona kafa le rona re ka itumedisang Modimo ka teng.

Go Nna le Botsalano le Modimo go Tla Pele

Jobe e ne e le monna yo o humileng. Kwantle ga gouta, o ne a na le dinku di le 7 000, dikamela di le 3 000, diesela tse di namagadi di le 500, metlhape ya dikgomo e le 1 000 le setlhopha se segolo thata sa batlhanka. (Jobe 1:3) Mme le fa go ntse jalo, Jobe o ne a ikanya Jehofa, e seng dikhumo. O ne a akanya jaana: “Fa ke dirile gouta tsholofelo ya me, mme ka raya gouta e e itshekileng ka re: ‘O boikanyo jwa me; fa ke itumetse ka gobo khumo ya me e le kgolo, le ka gobo seatla sa me se bapetse thata . . . . , moo  le gone e ne e tlaa nna boikepo jwa go bediwa ke baatlhodi; gonne ke tlaa bo ke akeditse Modimo o o kwa godimo.” (Jobe 31:24-28) Le rona jaaka Jobe, re tshwanetse ra tseela go nna le botsalano jo bo gaufi le Jehofa Modimo kwa godimo go gaisa dilo tse di bonalang.

Go Nna le Ditirisano Tsa Tekatekano le Batho ba Bangwe

Jobe o ne a dirisana jang le batlhanka ba gagwe? Mafoko a ga Jobe ka boene a supa gore ba ne ba mmona e le motho yo o tekatekano e bile a atamelesega: “Fa e rile motlhanka wa me, le fa e le lelata la me, ba ganela le nna ka nyatsa mafoko a bone; foo ke tlaa dirang mogang Modimo o nanogang? Mogang o sekisang ke tlaa o fetola ke reng?” (Jobe 31:13, 14) Jobe o ne a anaanela kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa ka jalo a nna kutlwelobotlhoko mo batlhankeng ba gagwe. A bo e le sekao se se molemo jang ne, segolobogolo mo go bao ba nang le maemo a bolebeledi mo phuthegong ya Bokeresete! Le bone ba tshwanetse go nna tekatekano, ba sa tlhaole e bile ba atamelesega.

Jobe gape o ne a kgatlhegela batho ba e neng e se ba ntlo ya gagwe. Fa a supa kafa a neng a amegile ka ba bangwe ka teng, o ne a re: “Fa ke ganne ka sengwe se mohumanegi o ne a se eletsa, kgotsa ka tlhaedisa matlho a mosadi wa motlholagadi; . . . fa ke tsholeleditse lesiela letsogo la me go le senya, ka [go bo] ke bona thuso ya me kwa kgotleng, foo a lerudi la me le we mo legetleng, letsogo la me le komolwe mo lesapong.” (Jobe 31:16-22) E kete le rona re ka amega jalo ka batho ba ba mo mathateng ba re ba itseng mo phuthegong.

E re ka Jobe a ne a kgatlhegela batho thata jaana, o ne a amogela baeng. Ka jalo, o ne a ka re: “Moeng ga a ka a lala mo mmileng, mme ka bulela motsamai ditswalo tsa me.” (Jobe 31:32) A bo seno e le sekao se se molemo jang ne mo batlhankeng ba Modimo gompieno! Fa re amogela batho ba ba tlang kwa Holong ya Bogosi ba ba sa tswang go amogela boammaaruri jwa Baebele, go tla ba thusa go gatela pele semoyeng. Le gale, balebedi ba ba etang le Bakeresete ba bangwe le bone ba tlhoka go amogelwa ka lorato.—1 Petere 4:9; 3 Johane 5-8.

Jobe o ne a na le boikutlo jo bo siameng tota le ka baba ba gagwe. O ne a sa itumele fa mongwe yo o mo ilang a welwa ke masetlapelo. (Jobe 31:29, 30) Go na le moo, o ne a iketleeditse go direla batho ba ba ntseng jalo molemo, jaaka go bonala mo tseleng e a neng a ikemiseditse ka yone go rapelela bagomotsi ba gagwe ba bararo ba maaka.—Jobe 16:2; 42:8, 9; bapisa Mathaio 5:43-48.

Go Nna Phepa mo go Tsa Tlhakanelodikobo

Jobe o ne a ikanyega mo molekaneng wa gagwe wa lenyalo, le ka motlha a sa letle pelo ya gagwe go nna le boikutlo jo bo sa tshwanelang ka mosadi yo mongwe. Jobe o ne a re: “Ke ne ka dira kgolagano le matlho a me, jalo ke ne ke ka leba mosetsana jang? Fa pelo ya me e kile ya fepisiwa ke mosadi,  fa ke laletse fa kgorong ya wa gaetsho; foo a mosadi wa me a silele o sele, mme ba bangwe ba obame mo go ene. Gonne moo e ne e tlaa nna mathamo; ee, e tlaa nna boikepo jwa go bediwa ke baatlhodi.”—Jobe 31:1, 9-11.

Jobe ga a ka a letlelela dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang gore di leswafatse pelo ya gagwe. Go na le moo, o ne a latela tsela e e tshwanetseng. Ga go gakgamatse go bo Jehofa Modimo a ile a rata monna yo o ikanyegang yono yo o neng a lwantsha dithaelo tsa boitsholo jo bo sa siamang!—Mathaio 5:27-30.

Go Amega ka Bomoya Jwa Lelapa

Ka dinako tse dingwe, barwa ba ga Jobe ba ne ba rulaganya mekete e mo go yone barwa le barwadi ba gagwe botlhe ba neng ba le teng. Fa malatsi a mokete a sena go fela, gantsi Jobe o ne a tshwenyega thata a akanya gore bana ba gagwe ba ka tswa ba ile ba leofela Jehofa ka tsela nngwe. Ka jalo Jobe o ne a dira sengwe ka gone, ka gonne pego ya Dikwalo ya re: “Go no go dirale fa malatsi a mediro ya bone a sena go feta, Jobe a rome a ye go ba itshepisa, a phakele a ise ditshupelo tse di fisiwang ka fa palong ya bone botlhe; gonne Jobe a re: ‘E ka re gongwe bomorwaake ba bo ba leofile, ba itatotse Modimo mo pelong tsa bone.’” (Jobe 1:4, 5) Se se tshwanetse sa bo se ile sa gatelela tota mo megopolong ya ba lelapa la ga Jobe gore ba amege thata ka go boifa Jehofa le go tsamaya mo ditseleng tsa Gagwe!

Gompieno, ditlhogo tsa malapa a Bakeresete di tshwanetse go ruta malapa a tsone Lefoko la Modimo e leng Baebele. (1 Timotheo 5:8) Mme ruri go a tshwanela go rapelela maloko a lelapa.—Baroma 12:12.

O Ile a Itshoka ka Boikanyegi fa a Lekiwa

Babadi ba le bantsi ba Baebele ba itse diteko tse di boima tse Jobe a ileng a lebana le tsone. Satane Diabolo o ne a boletse gore fa Jobe a le kafa tlase ga maemo a a thata, o tla roga Modimo. Jehofa o ne a amogela kgwetlho eo mme kwantle ga go senya nako Satane o ne a leretse Jobe masetlapelo. O ne a latlhegelwa ke leruo la gagwe lotlhe. Mme se se maswe le go feta, o ne a utlwa botlhoko fa bana ba gagwe botlhe ba swa. Ka bonako morago ga foo, Satane o ne a itaya Jobe ka diso tse di botlhoko go tswa mo tlhogong go fitlha kwa lonaong.—Jobe, dikgaolo 1, 2.

Matswela e nnile eng? Fa mosadi wa gagwe a ne a mo rotloetsa go roga Modimo, Jobe o ne a re: “O bua jaaka mongwe wa basadi ba ba dieleele a tle a bue. Wa reng? A re tlaa amogela molemo mo seatleng sa Modimo, mme re se ke re amogele bosula?” Pego ya Baebele e oketsa ka gore: “Mo go tse tsotlhe Jobe ga a ka a leofa ka molomo wa gagwe.” (Jobe 2:10) Ebu, Jobe o ne a itshoka ka boikanyegi mme a supa fa Diabolo e le moaki. E kete le rona re ka itshokela diteko jalo mme re supe gore re direla Modimo re tlhotlhelediwa ke go bo re rata Jehofa go tswa pelong.—Mathaio 22:36-38.

O ne A Amogela Kgalemelo ka Boikokobetso

Le mororo Jobe a ne a tlhoma sekao ka ditsela tse dintsi, e ne e se motho yo o itekanetseng. Ene ka boene o ile a bolela jaana: “E mang yo o ka ntshang selo se sentle mo go se se seng sentle? Ga go na ope.” (Jobe 14:4; Baroma 5:12) Ka jalo fa Modimo a ne a re Jobe o itekanetse, go ne go ntse jalo ka tsela ya gore o ne a dira sotlhe se Modimo a neng a lebeletse gore se dirwe ke mongwe wa batlhanka ba gagwe ba ba sa itekanelang ba ba leofileng. A bo seo se kgothatsa jang ne!

Jobe o ne a itshokela teko ya gagwe mme e ile ya supa tlhaelo mo go ene. Fa batho ba bararo ba go neng go twe ke bagomotsi ba gagwe ba utlwa ka masetlapelo a a mo wetseng ba ile ba mo etela. (Jobe 2:11-13) Ba ne ba latofatsa Jobe ka gore Jehofa o mo otlhaela maleo a a masisi a a a dirileng. Ga go pelaelo gore ditatofatso tseno di ile tsa utlwisa Jobe botlhoko mme o ne a leka ka ditsela tsotlhe go iphemela. Mme o ne a feteletsa dilo fa a ne a leka go ipua tshiamo. Ebu, Jobe o bile a leka go tlhalosa gore o siame go feta Modimo!—Jobe 35:2, 3.

E re ka Modimo a ne a rata Jobe, O ile a dirisa lekawana lengwe gore le bontshe Jobe phoso ya gagwe. Pego ya re: “Ga tuka bogale jwa ga Elihu . . . bogale jwa gagwe jwa tukela Jobe, ka a itshiamisa bogolo go Modimo.” Jaaka Elihu a ile a tlhalosa: “Gonne Jobe o rile: ‘Ke tshiamo, mme Modimo o ntloseditse tshiamelo ya me.’” (Jobe 32:2; 34:5) Le fa go ntse jalo, Elihu ga a ka a kopanela le “bagomotsi” ba bararo le ene a swetsa ka gore Modimo o ne a otlhaela Jobe maleo a gagwe. Go na le moo, Elihu o ne a supa fa a tshepa Jobe jaaka motho yo o ikanyegang mme a mo gakolola jaana: “Mafoko a a sekwang a fa pele ga one, mme o o letile.” Ebu, Jobe o ne a tshwanetse a ka bo a ile a leta Jehofa go na le  gore a bue ka go phosomela fela a leka go iphemela. Elihu o ne a tlhomamisetsa Jobe jaana: “Mo tshiamisong e e tletseng, [Modimo] ga a ketla a patika.”—Jobe 35:14; 37:23.

Tsela e Jobe a neng a akanya ka yone e ne e tshwanetse go baakanngwa. Ka gone, Jehofa o ne a mo ruta sengwe malebana le kafa motho a leng monnye ka teng fa a bapisiwa le bogolo jwa Modimo. Jehofa o ne a mo supetsa lefatshe, lewatle le magodimo a a tletseng dinaledi, diphologolo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di gakgamatsang tsa popo. Sa bofelo, Modimo o ile a bua ka Lefiathane—kwena. Jobe o ne a amogela kgalemelo ka boikokobetso mme o ne a tlhoma sekao se sengwe mo go seno.

Le fa re ka tswa re dira sentle mo tirelong ya ga Jehofa, re tla dira diphoso. Fa phoso e le masisi, Jehofa a ka nna a re kgalemela ka tsela nngwe. (Diane 3:11, 12) Re ka nna ra gakologelwa lokwalo longwe lo lo tsibosang digakolodi tsa rona. Gongwe Tora ya Tebelo kana kgatiso e nngwe ya Mokgatlho wa Watch Tower e ka bua sengwe se se re lemotshang phoso e re e dirileng. Kana go ka direga gore Mokeresetekarona a re bontshe ka lorato gore ga re a ka ra dirisa molaomotheo wa Baebele. Re tla itshwara jang fa re kgalemelwa jalo? Jobe o ne a bontsha moya wa boikokobetso a bolela jaana: “Ke [ipherogela] sebete, ke a ikwatlhaya ke le mo loroleng le molora.”—Jobe 42:6.

Jehofa O a Mo Duela

Jehofa o ne a duela Jobe, a letla gore motlhanka wa gagwe a tshele dingwaga tse dingwe tse 140. Ka nako eo, o ne a amogela dilo tse dintsi go gaisa tse di neng di mo latlhegetse. Le fa Jobe a ile a swa kgabagare, ga go na pelaelo epe gore o tla tsosiwa mo lefatsheng la Modimo le lesha.—Jobe 42:12-17; Esekiele 14:14; Johane 5:28, 29; 2 Petere 3:13.

Le rona re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re amogela le go re segofatsa fa re mo direla ka boikanyegi e bile re amogela kgalemelo yotlhe e e theilweng mo Baebeleng e re e fiwang. Ka ntlha ya seo, re tla nna le tsholofelo e e nitameng ya go tshela mo tsamaisong e ntšha ya dilo ya Modimo. Se se botlhokwa le go feta, re tla bo re tlotla Modimo. Re tla duelwa ka ntlha ya boitshwaro jwa rona jo bo siameng e bile go tla oketsa bosupi jwa gore batho ba gagwe ga ba mo direle ka ntlha ya bopelotshetlha mme ba mo direla ka go bo ba mo rata ka pelo yotlhe. A bo e le tshiamelo jang ne go bo re kgona go ipedisa pelo ya ga Jehofa jaaka Jobe yo o ikanyegang, yo o neng a amogela kgalemelo ka boikokobetso!—Diane 27:11.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Jobe o ne a amega ka tsela e e lorato ka masiela, batlholagadi le batho ba bangwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Jobe o ne a duelwa thata ka go bo a ile a amogela kgalemelo ka boikokobetso