Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Cyril Lucaris—Monna yo o Neng a Tsaya Baebele e le Botlhokwa

Cyril Lucaris—Monna yo o Neng a Tsaya Baebele e le Botlhokwa

 Cyril Lucaris—Monna yo o Neng a Tsaya Baebele e le Botlhokwa

E ne e le letsatsi la selemo ka 1638. Batshwari ba ditlhapi kwa Lewatleng la Marmara gaufi le Constantinople (Istanbul ya segompieno), motsemogolo wa Mmuso wa Ba-Ottoman, ba ne ba gakgamaditswe ke go bona setopo se kokobetse mo metsing. Fa ba atamela, ba ne ba tshosiwa ke go bona gore ke setopo se se betilweng sa mobishopo wa kwa Constantinople, moeteledipele wa Kereke ya Orthodox. Ke kafa Cyril Lucaris, moeteledipele wa bodumedi yo o neng a tumile mo lekgolong la bo17 la dingwaga, a ileng a swa setlhogo ka teng.

LUCARIS ga a ka a tshela lobaka lo loleele gore a fitlhelele mokgele wa gagwe—go golola thanolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka puo ya Segerika se se tlwaelegileng. Go na le mokgele o mongwe wa ga Lucaris o le one a neng a se ka a o fitlhelela—go bona Kereke ya Orthodox e boa e ruta “efangele ka tsela e e sa raraanang.” Monna yono e ne e le mang? Ke dikgoreletsi dife tse a neng a lebana le tsone mo maitekong ao?

O Gakgamadiwa ke go Tlhoka go Rutega

Cyril Lucaris o tshotswe ka 1572, kwa Venice e e neng e gapile Candia (e gompieno e bidiwang Iráklion), kwa Crete. E re ka a ne a na le bokgoni jwa go dira dilo dingwe, o ne a ithutetse kwa Venice le kwa Padua kwa Italy mme go tswa foo a bo a aga a etela mafelo a mantsi a naga eo le a dinaga tse dingwe. A ka tswa a ile a etela Geneva, e ka nako eo e neng e tlhotlhelediwa thata ke Bo-Calvin, e re ka a ne a galefisiwa ke dintwa tsa go itira makoko mo kerekeng le go kgatlhiwa ke mekgatlho ya diphetogo kwa Yuropa.

Fa Lucaris a ne a etetse Poland, o ne a lemoga gore maloko a teng a Orthodox, go akaretsa baruti le batsenakereke, ba ne ba le mo maemong a a sa itumediseng mo semoyeng ka gonne ba ne ba sa rutega. Fa a boela kwa Alexandria le kwa Constantinople, o ne a gakgamadiwa ke go bona gore tota le dirala—tse go balelwang Dikwalo mo go tsone—di ne di setse di tlositswe mo dikerekeng dingwe!

Ka 1602, Lucaris o ne a ya kwa Alexandria, koo a neng a tlhatlhama mongwe wa losika, Mobishopo Meletios, go nna mobishopo. Go tswa foo o ne a simolola go kwalelana le baithutabodumedi ba ba farologaneng ba ba ratang diphetogo ba Yuropa. Mo lekwalong le lengwe, o ne a bolela gore Kereke ya Orthodox e na le mekgwa e mentsi e e phoso. Mo makwalong a mangwe o ne a gatelela gore kereke e tshwanetse go tlogela go dumela tumelobotlhodi mme e rute “efangele ka tsela e e sa raraanang” le go dirisa fela se Dikwalo di se bolelang.

Gape Lucaris o ne a gakgamadiwa ke gore tsela e Borara ba Kereke ba neng ba laola dilo tsa  semoya ka yone e ne e tsewa e lekana le se Jesu le baaposetoloi ba neng ba se bolela. O ne a kwala jaana: “Ga ke tlhole ke batla go utlwa batho ba bolela gore dingwao tsa batho di botlhokwa thata fela jaaka Dikwalo.” (Mathaio 15:6) O ne a oketsa ka gore, go ya ka ene, kobamelo ya ditshwantsho e kotsi. O ne a bolela gore go obamela “baitshepi” e ne e le go tlhapatsa Motsereganyi, e bong Jesu.—1 Timotheo 2:5.

Maemo a Bobishopo a a Rekisiwa

Dikgopolo tse di ntseng jalo, le go bo Lucaris a ne a sa rate Kereke ya Katoliki ya Roma, go ile ga dira gore a ilwe le go bogisiwa ke Bajesuite le maloko a mangwe a Kereke ya Orthodox a a neng a rata go nna ngatana e le nngwe le Bakatoliki. Le fa Lucaris a ne a bogisiwa jalo, ka 1620, o ne a tlhophiwa go nna mobishopo wa Constantinople. Ka nako eo bobishopo jwa Kereke ya Orthodox bo ne bo laolwa ke Mmuso wa Ba-Ottoman. Puso ya Ba-Ottoman e ne e ka tlosa mopapa nako nngwe le nngwe mme e bo e amogela yo mosha fa e duelwa madi.

Baba ba ga Lucaris, segolobogolo Bajesuite le bomopapa ba ba nonofileng le ba ba boifiwang ba Congregatio de Propaganda Fide (Phuthego ya go Anamisa Tumelo), ba ne ba tswelela pele ba mo senya leina ka go mo seba le go mo logela maano. Buka ya Kyrillos Loukaris e bolela jaana: “Bajesu​ite ba ne ba dirisa sengwe le sengwe go diragatsa boikaelelo jono jwa bone—boferefere, pateletso, go fora mme mo godimo ga tsotlhe, pipamolomo, e e neng e le sedirisiwa se se neng se atlega thata gore motho a ratiwe ke boradipolotiki ba [Ba-Ottoman].” Ka ntlha ya seo, ka 1622, Lucaris o ne a lelekelwa kwa setlhaketlhakeng sa Rhodes, mme Gregory wa Amasya a reka maemo ano ka dipapetlana tsa selefera di le 20 000. Le fa go ntse jalo, Gregory o ne a palelwa ke go duela madi a a a solofeditseng, ka jalo Anthimus wa Adrianople o ne a reka maemo ano, mme a bo a a tlogela moragonyana. Se se gakgamatsang ke gore, Lucaris o ne a busediwa maemo ano a bobishopo gape.

Lucaris o ne a ikemiseditse go dirisa sebaka seno go ruta baruti ba Orthodox le batsenakereke ka go gatisa thanolo ya Baebele le dipampitshana tsa thutabodumedi. Gore a fitlhelele seno, o ne a rulaganya gore go romelwe motšhine o o gatisang kwa Constantinople mo leineng la moemedi wa puso ya Engelane. Le fa go ntse jalo, fa motšhine o goroga ka June 1627, baba ba ga Lucaris ba ne ba mo latofatsa ka gore o o dirisetsa ditiro tsa bopolotiki, mme kgabagare ba ne ba o senya. Jaanong Lucaris o ne a tshwanelwa ke go dirisa metšhine e e gatisang ya kwa Geneva.

Thanolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete

Tsela e Lucaris a neng a tlotla Baebele thata ka yone le maatla a yone a go ruta e ne ya mo tlhotlheletsa go batla go fetisetsa mafoko a yone kwa bathong ba ba tlwaelegileng. O ne a lemoga gore batho ba ne ba sa tlhole ba tlhaloganya puo e e neng e dirisiwa mo mekwalong ya seatla ya ntlhantlha, e e tlhotlheleditsweng ya Baebele ya Segerika. Ka jalo buka ya ntlha e Lucaris a neng a e ranolela mo Segerikeng sa segompieno e ne e le ya thanolo ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Maximus Callipolites, moitlami yo o neng a rutegile, o ne a simolola go e ranola ka March 1629. Bontsi jwa Ba-Orthodox ba ne ba tsaya go ranolwa ga Dikwalo e le selo se se makgapha, le fa gone babadi ba ne ba sa tlhaloganye se se kwadilweng. Lucaris o ne a ba didimatsa ka go dira gore mokwalo wa ntlhantlha le thanolo ya segompieno di gatisiwe mo dikholomong tse di bapileng, a tla a tsenya fela dintlha di sekae. E re ka Callipolites a ile a swa ka bonakonyana fela fa a sena go dira mokwalo ono wa seatla, Lucaris o ne a bala dikhopi tseno. Thanolo eo e ne ya gatisiwa ka bonako fela morago ga loso lwa ga Lucaris ka 1638.

Thanolo eno e ne ya ganediwa thata ke bobishopo ba le bantsi, le mororo Lucaris a ne a leka go dira gore e se ka ya ba kgopisa. Ketapele ya thanolo eo ya Baebele e ne e bontsha tota gore Lucaris o ne a rata Lefoko la Modimo. O ne a kwala gore Dikwalo, tse di kwadilweng ka puo e batho ba e buang, ke “molaetsa o o monate, o re o neetsweng go tswa kwa legodimong.” O ne a kgothaletsa batho “go itse le go tlwaelana le diteng tsotlhe tsa [Baebele]” a bo a bolela gore ga go na tsela epe e nngwe ya go ka ithuta “dilo tse di amanang le tumelo sentle . . . fa e se ka Efangele ya Modimo le e e boitshepo.”—Bafilipi 1:9, 10.

Lucaris o ne a kgala thata batho ba ba neng ba sa batle go ithuta Baebele, mmogo le ba ba neng ba gana gore mokwalo wa ntlhantlha o ranolwe ka go re: “Fa re bua kana re bala re sa tlhaloganye, tota go tshwana le fa re buela mo phefong.” (Bapisa 1 Bakorintha 14:7-9.) Fa a konela ketapele, o ne a kwala jaana: “Fa lotlhe lo ntse lo bala Efangele eno ya Modimo le e e boitshepo ka puo ya lona, e kete lo ka solegelwa molemo ke se lo se balang, . . . mme e kete Modimo a ka lo bonesetsa tsela ya go dira se se siameng.”—Diane 4:18.

 Buka ya Confession of Faith

Fa Lucaris a sena go simolola go ranola Baebele, o ne a tsaya kgato e nngwe gape ya bopelokgale. Ka 1629 o ne a gatisa buka ya Confession of Faith kwa Geneva. O ne a bolela dilo tse a neng a di dumela tse a neng a solofetse gore Kereke ya Orthodox e tla di amogela. Buka ya The Orthodox Church e bontsha gore buka eo ya Confession “ga e dumalane le thuto ya Orthodox kaga boruti le dithulaganyo tsotlhe tsa batho ba ba boitshepo, mme e nyatsa kgang ya go tlotlomatsa ditshwantsho le go sisimoga baitshepi e re ke mefuta mengwe ya kobamelo ya medingwana.”

Buka eno ya Confession e na le ditlhogo di le 18. Setlhogo sa yone sa bobedi se bolela gore Dikwalo di tlhotlheleditswe ke Modimo le gore taolo ya tsone e feta ya kereke. E bolela jaana: “Re dumela gore Dikwalo Tse di Boitshepo re di neetswe ke Modimo . . . Re dumela gore taolo e e tswang mo Dikwalong Tse di Boitshepo e feta ya Kereke. Go rutiwa ke Moya o o Boitshepo go farologane thata le go rutiwa ke motho.”—2 Timotheo 3:16.

Setlhogo sa borobedi le sa bolesome di bontsha gore Jesu Keresete ke ene fela Motsereganyi, Moperisiti yo Mogolo le Tlhogo ya phuthego. Lucaris o ne a kwala jaana: “Re dumela gore Morena wa rona Jesu Keresete o ntse kafa letsogong le legolo la ga Rraagwe mme O a re rapelela, ke ene fela moperisiti yo mogolo le motsereganyi wa boammaaruri le yo o tshwanetseng.”—Mathaio 23:10.

Setlhogo sa bo12 se bolela gore kereke e ka fapoga, ya tsaya maaka e le boammaaruri, mme lesedi la moya o o boitshepo le ka e namola ka ditiro tsa badiredi ba ba ikanyegang. Mo setlhogong sa bo18, Lucaris o tsaya pakatori e le tlhamane fela: “Go phepafetse gore ga re a tshwanela go dumela tlhamane eno ya Pakatori.”

Ketapele ya buka ya Confession e na le dipotso le dikarabo di le dintsi. Mo go yone, Lucaris o gatelela gore Dikwalo di tshwanetse go balwa ke mongwe le mongwe wa batho ba ba ikanyegang le gore go kotsi gore Mokeresete a se ka a bala Lefoko la Modimo. Go tswa foo o oketsa ka gore dibuka tse di sa Tlhomamisiwang di tshwanetse tsa tilwa.—Tshenolo 22:18, 19.

 Potso ya bonè e botsa jaana: “Ke eng se re tshwanetseng go se akanya ka Ditshwantsho?” Lucaris o araba jaana: “Re rutwa ke Dikwalo Tsa Modimo le Tse di Boitshepo, tse di bolelang jaana ka phepafalo, ‘O se ka wa itirela setshwantsho, kana setshwano sa sepe fela se se kwa legodimong kwa godimo, kana se se mo lefatsheng kwa tlase; o se ka wa di ikobela, kana go di obamela; [Ekesodo 20:4, 5]’ e re ka re sa tshwanela go obamela sebopiwa sepe, fa e se Mmopi fela le Modiri wa legodimo le lefatshe, mme ke Ene fela yo re tshwanetseng go mo ikobela. . . . Re gana go obamela le go direla [ditshwantsho], jaaka go ilediwa . . . mo Dikwalong Tse di Boitshepo, e se re gongwe ra lebala, mme mo boemong jwa Mmopi le Modiri, ra obamela mebala, le ditshwantsho, le dibopiwa.”—Ditiro 17:29.

Le mororo Lucaris a ne a sa tlhaloganye ka botlalo dilo tsotlhe tse di phoso mo motlheng oo a neng a tshela mo go one wa lefifi la semoya, * o ne a dira maiteko a magolo a go dira gore Baebele e nne yone e kaelang dithuto tsa kereke le go ruta batho ka dithuto tsa yone.

Ka bonako fela morago ga gore buka eno ya Confession e gololwe, Lucaris o ne a ganediwa gape. Ka 1633, Cyril Contari, yo o neng a nna kwa toropong ya Beroea (e jaanong e leng Aleppo), e leng mmaba wa ga Lucaris e bile a engwe nokeng ke Bajesuite, o ne a leka go buisana le Ba-Ottoman ka maemo a bobishopo. Le fa go ntse jalo, leano leo le ne la retela fa Contari a ne a palelwa ke go duela madi ao. Lucaris o ne a tswelela pele a le mo maemong ano. Mo ngwageng o o latelang Athanasius wa Thesalonika o ne a duelela maemo ao ka dipapetlana tsa selefera di le 60 000. Lucaris o ne a ntshiwa gape mo maemong ao. Mme mo lobakeng lwa kgwedi fela o ne a bidiwa gape mme a a neelwa. Ka nako eo Cyril Contari o ne a setse a kokoantse dipapetlana tseo tsa selefera di le 50 000. Mo nakong eno Lucaris o ne a kobetswe kwa Rhodes. Morago ga dikgwedi tse thataro, ditsala tsa gagwe di ne tsa kgona go mmusetsa gape.

Le fa go ntse jalo, ka 1638, Bajesuite le baemanokeng ba bone ba Orthodox ba ne ba latofatsa Lucaris ka gore o tsuologela Mmuso wa Ba-Ottoman. Mo nakong eno puso e ne ya laela gore a bolawe. Lucaris o ne a tshwarwa, mme ka July 27, 1638, o ne a pegiwa mo mokorwaneng jaaka e kete o ne a isiwa kwa nageng e sele. Fa mokorwana o setse o le mo lewatleng, ba ne ba mmeta. Setopo sa gagwe se ne sa fitlhwa gaufi le lotshitshi, moragonyana se ne sa epololwa mme sa latlhelwa mo lewatleng. Se ne sa bonwa ke batshwari ba ditlhapi mme morago ga moo sa fitlhwa gape ke ditsala tsa gagwe.

Thuto mo go Rona

Mokanoki mongwe o ne a bolela jaana: “Ga re a tshwanela go tlodisa matlho gore boikaelelo bongwe jo bogolo jwa ga [Lucaris] e ne e le go ruta le go tokafatsa thutego ya baruti ba gagwe le letsomane, e mo lekgolong la bolesome le borataro la dingwaga le mo masimologong a lekgolo la bolesome le bosupa la dingwaga e neng e le ya maemo a a kwa tlase thata.” Go ne go na le dikgoreletsi di le dintsi tse di neng di thibela Lucaris go fitlhelela mokgele wa gagwe. O ne a tlosiwa mo maemong a bobishopo ka makgetlho a le matlhano. Dingwaga di le 34 a setse a sule, senate nngwe kwa Jerusalema e ne ya latofatsa ditumelo tsa gagwe gore ke tsa bokgelogi. Ba ne ba bolela gore Dikwalo “di tshwanetse go balwa, e seng ke mongwe le mongwe, fa e se ba ba tlhodumelang mo dilong tse di boteng tsa semoya fa ba sena go dira dipatlisiso tse di tshwanetseng”—e leng, fela baruti ba ba neng ba tsewa ba rutegile.

Gape, setlhopha se se eteletseng pele sa baruti se ne sa senya maiteko a go dira gore letsomane la sone le nne le Lefoko la Modimo. Ba ne ba bolaya batho ba ba neng ba senola dingwe tsa diphoso tsa ditumelo tsa bone tse di sa tsweng mo Baebeleng. Ba ile ba itshupa e le bangwe ba batho ba ba leng kgatlhanong le kgololesego ya bodumedi le ya boammaaruri. Ka maswabi, boikutlo jono bo sa ntse bo bonala ka ditsela tse di farologaneng mo motlheng wa rona. Seno se re gakolola dilo tse di sa itumediseng tse di diragalang fa maano a a tlhotlheleditsweng ke baruti a thibela batho go nna le kgololesego ya mogopolo le ya go bua.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 Mo bukeng ya gagwe ya Confession, o tshegetsa Tharonngwe le dithuto tsa taolelogale le go sa sweng ga moya—e leng dithuto tse tsotlhe di sa tsweng mo Baebeleng.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Lucaris o ne a dira maiteko a magolo a gore Baebele e nne yone e e kaelang dithuto tsa kereke le go ruta batho ka dithuto tsa yone

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Lucaris le Codex Alexandrinus

Selo sengwe se se botlhokwatlhokwa kwa Laeboraring ya Boritane ke Codex Alexandrinus, mokwalo wa seatla wa Baebele wa mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E. Mo ditsebeng tsa one tsa ntlhantlha tse di ka nnang 820, go bolokilwe di le 773.

Fa Lucaris e ne e le mobishopo kwa Alexandria, kwa Egepeto, o ne a na le mokgobe wa dibuka. Fa a ne a nna mobishopo kwa Constantinople, o ne a tsamaya le Codex Alexandrinus. Ka 1624 o ne a e abela moemedi wa puso ya Boritane kwa Turkey e le mpho ya Kgosi ya Engelane, e bong James I. E ne ya abelwa motlhatlhami wa gagwe, Charles I, dingwaga di le tharo moragonyana.

Ka 1757 Laeborari ya Segosi ya ga Kgosi e ne ya neelwa setšhaba sa Boritane, mme codex eno e e molemolemo, gone jaanong e beilwe mo John Ritblat Gallery kwa Laeboraring e ntšha ya Boritane.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Gewerbehalle, Vol. 10

From The Codex Alexandrinus in Reduced Photographic Facsimile, 1909

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Bib. Publ. Univ. de Genève