Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le “Mogopolo wa ga Keresete”?

A o Na le “Mogopolo wa ga Keresete”?

 A o Na le “Mogopolo wa ga Keresete”?

“E kete Modimo o o fang boitshoko le kgomotso o ka lo naya gore . . . lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.”—BAROMA 15: 5.

1. Jesu o tshwantshiwa jang mo ditshwantshong tse dintsi tse di takilweng tsa Labokeresete, mme ke eng fa tsela eo e se tsela e e siameng ya go tlhalosa Jesu?

“O NE a se ke a tshega.” Ke kafa bukana nngwe e go tweng e kwadilwe ke modiredimogolo mongwe wa Roma wa bogologolo e tlhalosang Jesu ka teng. Bukana eno, e e ileng ya itsege go ya kafa e leng ka teng gone jaanong go tloga mo lekgolong la bo11 la dingwaga, go bolelwa gore e ile ya tlhotlheletsa bataki ba le bantsi. * Mo ditshwantshong di le dintsi tse di takilweng, Jesu o tlhagisiwa e le motho yo o hutsafetseng yo gantsi a se keng a tshega. Mme gone, ruri e ka se ka ya bo e le tsela e e boammaaruri ya go tlhalosa Jesu yo Diefangele di mo senolang e le motho yo o lorato, yo o molemo le yo o pelonomi.

2. Ke eng se re ka se dirang go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone,” mme seno se ka re thusa go dira eng?

2 Ga go pelaelo gore, fa re batla go itse Jesu wa boammaaruri, re tshwanetse go tlatsa megopolo le dipelo tsa rona ka kitso ya boammaaruri kaga botho jwa mmatota jwa ga Jesu fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. Ka gone, mma re sekasekeng dipego dingwe tsa Efangele tse di re nayang lesedinyana kaga “mogopolo wa ga Keresete”—ke gore, maikutlo a gagwe, tsela ya go akanya le tsela ya go tlhalosa mabaka. (1 Bakorintha 2:16) Fa re ntse re dira jalo, a re sekasekeng kafa re ka lekang ka teng go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.” (Baroma 15:5) Ka gone, seno se ka re thusa thata mo botshelong jwa rona le mo tseleng e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone gore re etse sekao se a re beetseng sone.—Johane 13:15.

Go Atamelesega Motlhofo

3, 4. (a) Go ne go direga eng mo pegong e e kwadilweng mo go Mareko 10:13-16? (b) Jesu o ile a dira eng fa barutwa ba ne ba leka go itsa bana go tla kwa go ene?

3 Batho ba ne ba ikutlwa ba kgatlhegela Jesu. Ka dinako tse di farologaneng batho ba dingwaga le ba maemo a a sa tshwaneng ba ne ba kgona go mo atamela ka kgololesego. Akanya ka tiragalo e e kwadilweng mo go Mareko 10:13-16. E diragetse go ela kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe, fa a ne a lebile  kwa Jerusalema ka lekgetlo la bofelo go ya go lebana le loso lo lo botlhoko.—Mareko 10:32-34.

4 Akanya ka tiragalo eo. Batho ba simolola go tlisa bana ba bone go akaretsa le masea gore Jesu a ba segofatse. * Le fa go ntse jalo, barutwa ba leka go itsa batho go tlisa bana kwa go Jesu. Gongwe barutwa ba akanya gore Jesu ga a batle go tshwenngwa ke bana mo dibekeng tseno tse di botlhokwatlhokwa. Mme ga go a nna jalo. Fa Jesu a lemoga se barutwa ba se dirang, ga a itumelele seo. Jesu o biletsa bana kwa go ene a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” (Mareko 10:14) Go tswa foo o dira sengwe se ruri se supang kafa a leng pelonomi le lorato ka teng. Pego eo e re: “Mme a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:16) Ga go pelaelo gore bana ba ritibetse fa Jesu a ba hara jalo ka lorato.

5. Pego ya Mareko 10:13-16 e re bolelela eng ka tsela e Jesu a neng a le ka yone?

5 Tiragalo eo e khutshwane e re bolelela go le gontsi kaga tsela e Jesu a neng a le ka yone. Ela tlhoko gore o ne a atamelesega. Le mororo a ile a nna le maemo a magolo kwa legodimong, o ne a sa dire gore batho ba ba sa itekanelang ba mmoife e bile o ne a sa ba nyenyefatse. (Johane 17:5) Gape a ga go kgatlhe go bona gore le e leng bana ba ne ba ikutlwa ba ritibetse fa ba na le ene? Ruri ba ne ba ka se kgatlhegele motho yo o seng botsalano, yo o sa itumelang, yo o neng a se ke a nyenya kana a tshega! Batho ba dingwaga tsotlhe ba ne ba ikutlwa ba gololesegile go buisana le Jesu ka gonne ba ne ba kgona go bona gore ke motho yo o lorato, yo o amegang e bile ba ne ba tlhatswegile pelo gore o ne a ka se ba leleke.

6. Bagolwane ba ka dira eng gore ba atamelesege motlhofo?

6 Fa re akanya ka pego eno, re ka ipotsa jaana, ‘A ke na le mogopolo wa ga Keresete? A ke a atamelesega?’ Mo motlheng ono o o boima, dinku tsa Modimo di batla badisa ba ba atamelesegang, banna ba ba jaaka “boipoteletso mo phefong.” (Isaia 32:1, 2; 2 Timotheo 3:1) Bagolwane, fa lo leka go bontsha gore lo kgatlhegela bakaulengwe ba lona go tswa pelong, e bile lo iketleeleditse go ba intshetsa setlhabelo, ba tla lemoga gore lo amega ka bone. Ba tla bona seo mo difatlhegong tsa lona, ba tla go utlwa mo segalong sa mantswe a lona, e bile ba tla go bona mo tseleng ya bopelonomi e lo ba tshwarang ka yone. Bopelomoni le kamego e e ntseng jalo ya mmatota di ka dira gore go nne le moya wa go tshepana o o ka dirang gore go nne motlhofo gore batho ba bangwe ba go atamele, go akaretsa le bana. Mosadi mongwe wa Mokeresete o tlhalosa lebaka la go bo go ne go le motlhofo go bulela mogolwane mongwe mafatlha: “O ne a bua le nna ka bopelonomi le ka lorato. Fa go ne go sa nna jalo, ke ne ke se kitla ke bua sepe le ene. O ne a dira gore ke ikutlwe ke babalesegile.”

 Go Akanyetsa Batho ba Bangwe

7. (a) Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a akanyetsa batho ba bangwe? (b) Ke eng se se ka tswang se dirile gore Jesu a foufolole monna mongwe ka iketlo?

7 Jesu o ne a akanyetsa batho ba bangwe. O ne a tsaya tsia maikutlo a batho ba bangwe. Fa a ne a bona batho ba ba sotlegang o ne a amega thata jaana mo a neng a tlhotlheletsega go ba namola mo pogong ya bone. (Mathaio 14:14) Gape o ne a akanyetsa makoa le dilo tse batho ba bangwe ba neng ba di tlhoka. (Johane 16:12) Nako nngwe, batho ba ne ba tlisa monna wa sefofu kwa go Jesu mme ba kopa gore a mo fodise. Jesu o ne a dira gore monna yono a boe a bone gape, mme legale, o ne a dira jalo ka iketlo. Kwa tshimologong, monna yono o ne a bona batho bofitlha—‘ba bonala e le ditlhare, mme di tsamayatsamaya.’ Go tswa foo, Jesu o ne a mo foufolola gotlhelele. Ke eng fa a ile a mo foufolola ka iketlo? Seno e ka tswa e le ka go bo a ne a batla go thusa motho yono yo o ntseng a tlwaetse lefifi gore a se ka a garoga pelo fa a ipona fela a setse a lebane le lesedi le legolo la letsatsi le dilo tse di raraaneng tsa lefatshe.—Mareko 8:22-26.

8, 9. (a) Go ne ga direga eng fa Jesu le barutwa ba gagwe ba sena go fitlha kwa Dekapolise? (b) Tlhalosa kafa Jesu a neng a fodisa monna yo e leng susu ka teng.

8 Akanya le ka tiragalo e e diragetseng morago ga Tlolaganyo ya 32 C.E. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le kwa kgaolong ya Dekapolise, kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea. Fa ba le koo, boidiidi jo bogolo jwa batho bo ne jwa bona kwa ba neng ba le gone mme ba tlisa bontsi jwa balwetse le digole kwa go Jesu mme o ne a ba fodisa botlhe. (Mathaio 15:29, 30) Selo se se kgatlhang ke gore, Jesu o ne a tseela monna mongwe kwa thoko go mmontsha go mo akanyetsa ka tsela e e kgethegileng. Pego ya Efangele ya ga Mareko e e leng yone fela e e umakang tiragalo eno, e tlhalosa se se diragetseng.—Mareko 7:31-35.

9 Monna yono e ne e le susu e bile a sa kgone go bua. Jesu a ka tswa a ile a lemoga kafa monna yono a neng a tshogile ka teng kana a le ditlhong. Ka nako eo Jesu o ne a dira selo se se sa tlwaelegang. O ile a tseela monna yono kwa thoko, a mo tlosa mo boidiiding jwa batho a ya le ene kwa lefelong le le kwa thoko. Go tswa foo Jesu o ne a bua la monna yono ka diatla go mo tlhalosetsa se a tla tlogang a se dira. O ne “a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa monna yono mme, fa a sena go kgwa mathe, a ama loleme lwa gagwe.” (Mareko 7:33) Go tswa foo Jesu o ne a lelalela kwa legodimong mme a rapela a fegelwa thata. Dilo tseno tse Jesu a neng a di dira di ne di tla raya monna yono di re, ‘Se ke tlogang ke go direla sone ke ka thuso ya maatla a Modimo.’ Kwa bofelong Jesu o ile a re: “Bulega.” (Mareko 7:34) Ka nako eo monna yono o ne a simolola go utlwa a ba a kgona go bua sentle.

10, 11. Re ka bontsha jang gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe mo phuthegong? mo lelapeng?

10 A bo Jesu a ne a bontsha go akanyetsa batho ba bangwe thata jang ne! O ne a amega ka maikutlo a bone, mme tsela eno e a neng a le kutlwelobotlhoko ka yone e ne ya mo tlhotlheletsa go dira dilo ka tsela e e neng e ba namola mo maikutlong a ba neng ba le mo go one. Rona Bakeresete re tshwanetse go leka go nna le mogopolo wa ga Keresete le go mo etsa mo kgannyeng eno. Baebele e re gakolola jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe, lo na le katamalano  e e bothitho ya bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka tlekeetso, lo le boikokobetso mo mogopolong.” (1 Petere 3:8) Ruri seno se re tlhoka gore re bue le go dira dilo ka tsela e e bontshang gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe.

11 Mo phuthegong, re ka bontsha gore re akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe ka go ba tshwara ka seriti, re ba tshwara ka tsela e re ka ratang go tshwarwa ka yone. (Mathaio 7:12) Seno se akaretsa go ela tlhoko se re se buang le tsela e re se buang ka yone. (Bakolosa 4:6) Se lebale gore ‘go bua ka kgakgabuelo go ka nna jaaka ditlhabo tsa putlela.’ (Diane 12:18) Go tweng ka mo lelapeng? Monna le mosadi ba ruri ba ratanang ba amega ka maikutlo a yo mongwe. (Baefeso 5:33) Ba tila go dirisa mafoko a a tlhabang, go nnela go tshwaana diphoso le go kgobana ka mafoko—e leng dilo tse tsotlhe fela di ka bakang kutlobotlhoko e go seng motlhofo go e alafa. Bana le bone ba na le maikutlo, mme batsadi ba ba lorato ba akanyetsa seno. Fa bana ba tlhoka go otlhaiwa, batsadi ba ba ntseng jalo ba tla dira jalo ka go bontsha gore ba tlotla seriti sa bone le go tila go ba tlhabisa ditlhong go sa tlhokege. * (Bakolosa 3:21) Ka jalo fa re bontsha go akanyetsa batho ba bangwe, re bontsha gore re na le mogopolo wa ga Keresete.

Go Iketleeletsa go Tshepa Batho ba Bangwe

12. Jesu o ne a leba barutwa ba gagwe jang ka tsela e e lekalekaneng le e e siameng?

12 Jesu o ne a leba barutwa ba gagwe ka tsela e e lekalekaneng le e e siameng. O ne a itse sentle gore ba ne ba sa itekanela. Kana e bile, o ne a kgona go bona se se mo pelong ya motho. (Johane 2:24, 25) Le fa go ntse jalo, o ne a sa lebe bosaitekanelang fela mo go bone, go na le moo, o ne a leba dinonofo tsa bone tse di molemo. O ne a bona sengwe se se molemo mo banneng bano ba Jehofa a neng a ba ngoketse kwa go ene. (Johane 6:44) Tsela e e molemo e Jesu a neng a leba barutwa ba gagwe ka yone e bonala mo tseleng e a neng a dirisana le bone le go ba tshwara ka yone. Sengwe se re se lemogang ke gore, o ne a iketleeditse go ba tshepa.

13. Jesu o ile a bontsha jang gore o tshepa barutwa ba gagwe?

13 Jesu o ne a bontsha jang gore o a ba tshepa? Fa a tswa mo lefatsheng, o ne a abela barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng boikarabelo jo bogolo. O ne a ba naya boikarabelo jwa go tlhokomela ditiro tsa lefatshe lotlhe tse di malebana le Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 25:14, 15; Luke 12:42-44) Mo bodireding jwa gagwe, o ile a bontsha ka dilo tse dinnye le ka tsela e e sa tlhamalalang gore o a ba tshepa. Ka nako ya fa a dira kgakgamatso ya go atisa dijo go fepa boidiidi jwa batho, o ne a neela barutwa ba gagwe boikarabelo jwa go aba dijo.— Mathaio 14:15-21; 15:32-37.

14. O ka sobokanya jang pego e e kwadilweng mo go Mareko 4:35-41?

14 Akanya le ka pego e e kwadilweng mo go Mareko 4:35-41. Ka nako eo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tsaya mokoro mme ba ralala Lewatle la Galalea. Go ise go ye kae morago ga go bolola, Jesu o ne a rapama kwa karolong e e kwa morago ya mokoro mme a thulamela. Le fa go ntse jalo, go ne “ga tsoga sefefo se segolo se se bogale.” Difefo tse di ntseng jalo di ne di tlwaelegile mo Lewatleng la Galalea. Ka ntlha ya go nna kwa tlase (mo e ka nnang dimetara tse 200 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle) moya wa teng o mogote thata go feta mo tikologong e e fa gaufi, mme seno se dira gore go nne le phefo e kgolo. Mo godimo ga moo, go na le diphefo tse di maatla tse di fetang di raletse Mokgatšha wa Joredane go tswa kwa Thabeng ya Heremone, e e kwa bokone. Nako e go ritibetseng ka yone e ka nna ya latelwa ke sefefo se segolo. Akanya ka seno: Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itse ka difefo tseno tse di tlwaelegileng ka gonne o ne a goletse mo Galalea. Le fa go ntse jalo, o ne a ithobalela ka kagiso, a tshepile bokgoni jwa barutwa ba gagwe, ba bangwe ba bone e neng e le batshwari ba ditlhapi.—Mathaio 4:18, 19.

15. Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a iketleeditse go tshepa barutwa ba gagwe ka yone?

15 A re ka etsa tsela e Jesu a neng a iketleeditse go tshepa barutwa ba gagwe ka yone? Batho bangwe ba palelwa ke go rebolela ba bangwe maikarabelo. Ba batla gore e nne bone ba ka metlha ba kgweetsang  mokoro, jaaka fa go ka tualo. Ba ka nna ba akanya gore, ‘Fa ke batla gore sengwe se dirwe sentle, ke tshwanetse go se dira ka bonna!’ Mme gone, fa re batla go dira sengwe le sengwe ka borona, re mo kotsing ya go itapisa thata mme gongwe re ka amoga ba malapa a rona nako ya bone go sa tlhokege. Kwantle ga moo, fa re sa rebolele ba bangwe ditiro le maikarabelo ka tshwanelo, re ka tswa re ba amoga thapiso le maitemogelo a ba a tlhokang. Go ka nna molemo go ithuta go tshepa batho ba bangwe, o ba rebolela ditiro dingwe. Go molemo go ipotsa jaana, ‘A ke na le mogopolo wa ga Keresete mo kgannyeng eno? A ke iketleeletsa go rebolela batho ba bangwe ditiro dingwe, ke ba tshepa gore ba tla di dira ka bojotlhe?’

O ne A Ikanya Barutwa ba Gagwe

16, 17. Jesu o ile a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe eng mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, le mororo a ne a itse gore ba tlile go mo latlha?

16 Jesu o ne a bontsha go leba barutwa ba gagwe ka tsela e nngwe e e botlhokwa. O ne a dira gore ba lemoge gore o a ba ikanya. Seno se ne sa bonala sentle mo mafokong a o neng a a bua le baaposetoloi ba gagwe mo bosigong jwa bofelo a le mo lefatsheng. Ela tlhoko se se neng sa direga.

17 E ne e le maitseboa a Jesu a neng a tshwaregile thata ka one. O ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto e e molemo kaga boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao. Morago ga moo, o ne a tlhoma selalelo se e neng e tla nna segopotso sa loso lwa gagwe. Go tswa foo, baaposetoloi ba ne ba kgakgauthana gape kaga gore ke mang yo go bonalang a le mogolo go ba feta. Jesu o ne a nna a bontsha bopelotelele, ga a ka a ba garuma, go na le moo o ile a ba bontsha mabaka. O ne a ba bolelela se se neng se tlile go direga: “Lona lotlhe lo tla kgotšwa malebang le nna mo bosigong jono, gonne go kwadilwe ga twe, ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla falala.’” (Mathaio 26:31; Sekaria 13:7) O ne a itse gore ditsala tseno tsa gagwe tse dikgolo di ne di tlile go mo latlha ka nako eo e a neng a di tlhoka thata ka yone. Le fa go ntse jalo, o ile a se ka a ba kgala. Go na le moo, o ile a re: “Mme fa ke sena go tsosiwa, ke tla tsamaya pele ga lona ke ya Galalea.” (Mathaio 26:32) Ee, o ne a ba tlhomamisetsa gore le mororo ba ne ba tlile go mo latlha, o ne a se kitla a ba latlha. Fa tiragalo eno e e sa itumediseng e sena go feta, o tla boa a kopana le bone gape.

18. Kwa Galalea, Jesu o ne a neela barutwa ba gagwe thomo efe e e masisi, mme baaposetoloi ba ile ba e diragatsa jang?

18 Jesu o ile a dira fela jaaka a solofeditse. Moragonyana, kwa Galalea, Jesu yo o tsositsweng o ne a iponatsha mo baaposetoloing ba ba ikanyegang ba le 11, ba go bonalang ba ne ba kgobokane le batho ba bangwe ba bantsi. (Mathaio 28:16, 17; 1 Bakorintha 15:6) Fa ba le koo, Jesu o ne a ba naya thomo eno e e masisi: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng.” (Mathaio 28:19, 20) Buka ya Ditiro e re naya bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore baaposetoloi ba ile ba diragatsa thomo eno. Ba ile ba etelela pele tiro ya go rera dikgang tse di molemo mo lekgolong la ntlha la dingwaga ka boikanyegi.—Ditiro 2:41, 42; 4:33; 5:27-32.

19. Dilo tse Jesu a neng a di dira morago ga tsogo ya gagwe di re ruta eng kaga mogopolo wa ga Keresete?

19 Pego eno e re ruta eng ka mogopolo wa ga Keresete? Jesu o ile a bona baaposetoloi ba gagwe ba le mo maemong a a sa itumediseng, le fa go ntse jalo, o ile “a ba rata go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) Le fa ba ne ba na le makoa, o ile a dira gore ba itse gore o a ba tshepa. Ela tlhoko gore go ba tshepa ga ga Jesu e ne e se go go sa tshwanelang. Ga go pelaelo gore tsela e a neng a bontsha go ba tshepa le go ba ikanya ka yone e ile ya ba nonotsha gore ba ikemisetse go diragatsa tiro e a neng a ba laetse go e dira.

20, 21. Re ka bontsha jang go nna le pono e e siameng ka badumedikarona?

 20 Re ka bontsha jang gore re na le mogopolo wa ga Keresete mo kgannyeng eno? O se ka wa akanyetsa badumedikawena bosula. Fa o ba akanyetsa bosula, seo se tla lemotshega mo go se o se buang le se o se dirang. (Luke 6:45) Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore lorato “lo dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Lorato lo molemo ga lo bosula. Lo a aga, e seng go tlhatlhamolola. Batho ba ikutlwa ba gololesegile fa ba bontshiwa lorato le go kgothadiwa go na le go tshosiwa. Re ka aga batho ba bangwe le go ba kgothatsa ka go bontsha go ba tshepa. (1 Bathesalonika 5:11) Fa re tshwana le Keresete ka go nna le pono e e siameng ka bakaulengwe ba rona, re tla ba tshwara ka tsela e e tla ba agang le go dira gore ba tlhagise dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone.

21 Go leka go nna le mogopolo wa ga Keresete le go o etsa ga go akaretse fela go etsa dilo dingwe tse Jesu a di dirileng. Jaaka fa go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, fa ruri re batla go dira dilo jaaka Jesu, re tshwanetse pele ra ithuta go leba dilo kafa a neng a di leba ka teng. Diefangele di re thusa go lemoga sengwe gape ka botho jwa gagwe, megopolo ya gagwe le maikutlo a o neng a na le one ka tiro e a neng a e abetswe jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Mo bukaneng eno, mokwadi wa maaka o tlhalosa se go tweng ke ditebego tsa ga Jesu, go akaretsa le mmala wa moriri, ditedu le matlho a gagwe. Moranodi wa Baebele e bong Edgar J. Goodspeed o tlhalosa gore maaka ano a ne a dirilwe ka “boikaelelo jwa gore go amogelwe tlhaloso e e leng mo dibukaneng tsa bataki tse di tlhalosang ka tebego ya ga Jesu.”

^ ser. 4 Go bonala bana bano e ne e le ba dingwaga tse di sa tshwaneng. Lefoko le fano le ranotsweng e le “bana ba babotlana” gape le dirisiwa mo go morwadia Jairo wa dingwaga tse 12. (Mareko 5:39, 42; 10:13) Le fa go ntse jalo, Luke o dirisa lefoko le gape le dirisiwang mo maseeng mo pegong e e tshwanang le eno.—Luke 1:41; 2:12; 18:15.

^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng “A o Tlotla Seriti sa Bone?” mo go Tora ya Tebelo ya April 1, 1998.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu o ile a itshwara jang fa barutwa ba gagwe ba ne ba itsa bana go tla kwa go ene?

• Jesu o ne a bontsha jang gore o akanyetsa batho ba bangwe?

• Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a iketleeditse go tshepa barutwa ba gagwe ka yone?

• Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a ikanya baaposetoloi ba gagwe ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Bana ba ne ba ikutlwa ba ritibetse fa ba na le Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko mo bathong ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bagolwane ba ba atamelesegang ba molemo