Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baikepi ba Tla Aga ba le Gone Lobaka lo Lokae?

Baikepi ba Tla Aga ba le Gone Lobaka lo Lokae?

 Baikepi ba Tla Aga ba le Gone Lobaka lo Lokae?

“O didimalelang [Jehofa] mogang moikepi o kometsang motho yo o siameng bogolo go ene”?—HABAKUKE 1:13.

1. Lefatshe le tla tlala leng ka botlalo ka kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa?

A MODIMO o tla tsamaya a fedisa baikepi? Fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go leta lobaka lo lokae? Batho mo lefatsheng lotlhe ba botsa dipotso tseno. Re ka bona dikarabo kae? Re ka di bona mo mafokong a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a boporofeti jo bo malebana le nako ya Modimo e e tlhomilweng. A re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla tloga a diragatsa katlholo ya gagwe mo bathong botlhe ba ba boikepo. Ke ka nako eo fela lefatshe le tla bong le ‘tletse [ka botlalo ka] kitso ya kgalalelo ya ga Jehofa, jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’ Seo ke tsholofetso ya boporofeti e e fitlhelwang mo Lefokong le le Boitshepo la Modimo mo go Habakuke 2:14.

2. Buka ya Habakuke e na le melaetsa efe e meraro ya go diragadiwa ga dikatlholo tsa bomodimo?

2 Buka eno ya Habakuke e e kwadilweng ka 628 B.C.E., e na le metseletsele ya dikatlholo tse tharo tse di tla diragadiwang ke Jehofa Modimo. Tse pedi tsa dikatlholo tseno di setse di diragaditswe. Ya ntlha e ne e le katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le setšhaba sa batsuolodi sa Juda wa bogologolo. Ya bobedi yone? E ne e le katlholo ya Modimo e e neng ya diragadiwa mo go Babelona yo o gatelelang. Ruri re na le lebaka le le nonofileng la go tshepa gore ya boraro ya dikatlholo tseno tsa Modimo le yone e tla diragadiwa. Tota e bile, re ka solofela gore e tla tloga e diragadiwa mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo. Ka ntlha ya basiami mo metlheng eno ya bofelo, Modimo o tla fedisa baikepi botlhe. Wa bofelo mo go bone o tla nyelediwa mo “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,” e e ntseng e atamela ka bofefo.—Tshenolo 6:14, 16.

3. Ke eng se ruri se tlileng go diragalela baikepi mo motlheng wa rona?

3 Ntwa eo ya letsatsi le legolo la Modimo e ntse e atamela ka bofefo. Go diragadiwa ga katlholo ya Modimo mo bathong ba ba boikepo ba motlha wa rona le gone go tla diragala fela jaaka go ile ga direga ka dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Juda le Babelona. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke eng fa re sa ikakanye re le kwa Juda mo motlheng wa ga Habakuke? Go diragalang mo nageng eo?

Naga E e Mo Khuduegong

4. Habakuke o utlwa dikgang dife tse di garolang pelo?

4 Akanya o bona Habakuke moporofeti wa ga Jehofa a dutse mo marulelong a a sephaphathi a ntlo ya gagwe, a tlhajwa ke pheswana e e tsiditsana ya maitseboa. Go na le seletswa fa thoko ga gagwe. (Habakuke 1:1; 3:19, mafoko a a kwa bofelong) Mme Habakuke o utlwa dikgang tse di garolang pelo. Kgosi Jehoiakime wa Juda o bolaile Urija a ba a laela gore setopo sa moporofeti yoo se latlhelwe mo diphuphung tsa batho fela ba e seng ba sepe. (Jeremia 26:23) Ke boammaaruri gore, Urija ga a ka a bontsha go ikanya Jehofa ka a ile a tsenwa ke poifo mme a tshabela kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, Habakuke o a itse gore Jehoiakime ga a dirisa dikgoka jalo ka go bo a batla gore Jehofa a tlotliwe. Re bona seno mo tseleng e kgosi e neng ya bontsha go nyatsa molao wa bomodimo ka yone le kafa e neng e ila moporofeti Jeremia le baporofeti ba bangwe ba ba direlang Jehofa ka teng.

5. Juda e mo maemong a a ntseng jang a semoya, mme Habakuke o a tsibogela jang?

5 Habakuke o bona mosi wa maswalo o tlhatloga  go tswa mo marulelong a matlo a a fa gaufi. Batho bano ga ba fisetse Jehofa maswalo ao go mo obamela. Ba mo kobamelong ya maaka e e etleediwang ke Kgosi e e boikepo ya Juda e bong Jehoiakime. Matlhabisaditlhong ruri! Matlho a ga Habakuke a gelela dikeledi, mme o ikuela jaana: “Jehofa, ke tlaa goa ka lobaka lo lo kae mme o ntse o gana go utlwa? Ke goele koo go wena ka ga bothubako, mme o gana go boloka. Ana o ntshupetsa boikepo ka ntlha yang, mme o lebelang logwadi? Gonne thopo le thubako di fa pele ga me; e bile go kgang, komano le yone e a tsoga. Ke gone ka moo molao o repisitsweng, le katlholo ga e tlhole e tswelela gope; gonne baikepi ba dikanyeditse basiami; ke gone ka fa katlholo e tswelelang pele e sokamisitswe ka gone.”—Habakuke 1:2-4.

6. Go diragetseng ka molao le tshiamiso kwa Juda?

6 Ee, go tletse thopo le thubako. Gongwe le gongwe kwa Habakuke a lebang gone o bona tshenyo, komang le kgang. ‘Molao o repisitswe,’ ga o tlhole o dira. Tshiamiso yone? Ebu, “ga e tlhole e tswelela pele” ka gope! Ga e yo gotlhelele. Go na le moo, “baikepi ba dikanyeditse basiami,” ba sokamisa melao e e tlhometsweng go sireletsa ba ba se nang molato. Ee ruri, ‘katlholo e tswelela pele e sokamisiwa.’ E a kgopamisiwa. Manyobonyobo ruri!

7. Habakuke o ititeile sehuba go dira eng?

7 Habakuke o kgwa moya go sekae a akanya ka seemo seno. A o tla latlhela seditse? Legoka! Fa monna yono yo o ikanyegang a sena go umaka pogiso yotlhe ya batlhanka ba ba ikanyegang  ba Modimo, o ititaya sehuba gore o tla ema a tlhomame, e le moporofeti wa ga Jehofa yo o nitameng. Habakuke o tla tswelela pele a bolela molaetsa wa Modimo—le fa seno se ka dira gore a bolawe.

Jehofa o Dira “Tiro” e e Gakgamatsang

8, 9. Jehofa o dira “tiro” efe e e gakgamatsang?

8 Habakuke o bona baobamedi ba maaka ba ba tlontlololang Modimo mo ponatshegelong. Reetsa se Jehofa a se ba bolelelang: “Bonang mo gare ga ditšhaba, mme lo nne lo lebe, lo bo lo rotolelane matlho lo gakgametse. Go ka direga gore Habakuke o ipotsa gore ke eng fa Modimo a bua le baikepi bano ka tsela eno. Go tswa foo o utlwa Jehofa a ba raya a re: “Gakgamalang; gonne go na le tiro e mongwe a e dirang mo metlheng  ya lona, e lo se kitlang lo e dumela le fa e bolelwa.” (Habakuke 1:5NW) Tota ke Jehofa yo o dirang tiro eno e ba sa e dumeleng. Mme ke tiro efe eo?

9 Habakuke o reetsa mafoko a Modimo a a latelang ka tlhoafalo, a a kwadilweng mo go Habakuke 1:6-11, (NW). Molaetsa wa ga Jehofa ke ono—mme ga go na modimo ope wa maaka kana modingwana ope o o sa tsheleng o o ka o thibelang gore o se ka wa diragadiwa: “Bonang, ke tsosa Bakaladia, setšhaba se se bogale le se se mafega, se se yang kwa mafelong a a bulegileng a lefatshe go ya go rua maago a e seng a sone. Se a tshosa e bile se a boitshega. Mo go sone go tswa tshiamiso ya sone le seriti sa sone. Mme dipitse tsa sone di itshupile di le bofefo go feta mangau, e bile di itshupile di le bogale jo bo tshabegang go feta diphiri tsa maitseboa. Mme dipitse tsa sone tsa ntwa di tibile ka tlhako fa fatshe, le gone dipitse tsa sone tsa ntwa di tla di tswa kgakala. Di fofa jaaka ntsu e e potlaketseng go ya go ja sengwe. Sotlhe se tlela thubakanyo fela. Go phuthega ga difatlhego tsa bone go tshwana le phefo ya botlhabatsatsi, mme se kokoanya batshwarwa fela jaaka motlhaba. Mme fa e le sone, se sotla dikgosi, le badiredi ba bagolo ba a tshegisa mo go sone. Fa e le sone, se tshega le eleng lefelo lengwe le lengwe le le sireletsegileng, mme se koaganya lorole se bo se le thopa. Ka nako eo ruri se tla fetela pele jaaka phefo e bile se tla ralala se bo se nne molato. Maatla ano a sone a tswa modimong wa sone.”

10. Ke bomang ba Jehofa a ba goletsang?

10 A tlhagiso e e masisi jang ne ya boporofeti go tswa go Mogodimodimo! Jehofa o goletsa Bakaladia, setšhaba se se setlhogo sa Babelona. Fa se ntse se gwanta mo ‘mafelong a a bulegileng,’ se tla gapa mafelo a mantsintsi. A bo go tshosa jang ne! Lesomosomo la Bakaladia le a ‘tshosa e bile le a boitshega,’ le legolo e bile le a boifisa. Le itlhomela melao ya lone e e sa fetofetogeng. ‘Le na le tshiamiso e e leng ya lone.’

11. O ka tlhalosa jang tsela e masole a Babelona a tlhaselang Juda ka yone?

11 Dipitse tsa Babelona di bofefo go feta mangau a a lobelo. Batlhabani ba teng ba dipitse ba bogale go feta diphiri tse di bolailweng ke tlala tse di tsomang bosigo. ‘Dipitse tsa teng di tibile ka tlhako fa fatshe’ di itlhaganeletse go betsega. Go tswa kgakalakgakala kwa Babelona di lebile kwa Juda. Bakaladia ba tloga ba tlolela batlhaselwa ba bone ka bofefo jaaka ntsu e e potlaketseng go ya go ja sengwe se se monate. A seno e tla nna thopo fela e e dirwang ke masolenyana a sekae fela? Nnyaa! Jaaka lesomo le legolo la batlhabani ba ba tlang go ripitla, ‘lotlhe fela le tlela thubakanyo.’ Difatlhego tsa bone di tletse tlhagafalo, ba patakela kwa bophirima ntlheng ya Juda le Jerusalema, ba tsamaya ka lobelo lo logolo jaaka phefo ya botlhabatsatsi. Masole a Babelona a gapa batshwarwa ba bantsi jaana mo e leng gore ba “kokoanya batshwarwa fela jaaka motlhaba.”

12. Bababelona ba na le boikutlo bofe, mme gone, mmaba yono yo o boitshegang ‘o tla nna le molato’ wa eng?

12 Bakaladia ba sotlaka dikgosi le badiredibagolo botlhe fela ba ba se nang maatla a go kganela tlhaselo ya bone. Ba “tshega le eleng lefelo lengwe le lengwe le le sireletsegileng” ka gonne dikago tsotlhe tsa phemelo di a wa fa Bababelona ba “koaganya lorole” ka go e dira mokoa wa mmu o ba tlhaselang go tswa mo go one. Ka nako e Jehofa a e tlhomileng, mmaba yoo yo o boitshegang “o tla fetela pele jaaka phefo.” Ka go tlhasela Juda le Jerusalema, ‘o tla nna le molato’ wa go gobatsa batho ba Modimo. Morago ga phenyo eo ya setsokotsane, molaodi wa masole a Bakaladia o tla ipelafatsa jaana: ‘Maatla ano a tswa mo modimong wa rona.’ A bo a sa itse sepe jang ne!

Lebaka le le Utlwalang la go Nna le Tsholofelo

13. Ke eng fa Habakuke a tletse tsholofelo le tshepo?

13 Fa Habakuke a ntse a tlhaloganya maikaelelo a ga Jehofa go ya pele, tsholofelo ya gagwe e a oketsega mo pelong. O bua ka tlotlo ka Jehofa a tletse tshepo. Moporofeti yono o bua jaana, jaaka go kwadilwe mo go Habakuke 1:12, (NW): “A ga o tswe bogologolong, wena Jehofa? Wena Modimo wa me, Moitshepi wa me, ga o swe.” Ee ruri, Jehofa ke Modimo “go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng”—ka bosaengkae.—Pesalema 90:1, 2.

14. Batlhanogi ba Juda ba tsere tsela efe?

14 Moporofeti yono o oketsa jaana fa a akanya ka ponatshegelo eno e a e filweng ke Modimo  e bile a itumelela le temogo e e mo neelang yone: “Ao Jehofa, o o tlhometse go atlhola; e bile o o thaetse go kgalemela, wena Lefika.” Modimo o atlhotse batlhanogi ba Juda ka katlholo e e sa itumediseng, ba tla tloga ba otlhaiwa, ba itewa ke Jehofa. Ba tshwanetse ba ka bo ba mo tsaya e le Lefika la bone, e le ene fela kago ya bone ya phemelo, botshabelo jwa bone le Motswedi wa bone wa poloko. (Pesalema 62:7; 94:22; 95:1) Le fa go ntse jalo, baeteledipele ba Juda ba batlhanogi ga ba batle go tsalana le Modimo, ba tswelela pele go gatelela baobamedi ba gagwe ba ba se nang molato.

15. Ke ka tsela efe Jehofa ‘a itshekileng thata mo matlhong gore a ka bona se se bosula’?

15 Boemo jono bo hutsafatsa moporofeti yono wa ga Jehofa thata. Ka gone, a re: “O itshekile thata mo matlhong gore o ka bona se se bosula; e bile ga o kgone go leba matshwenyego.” (Habakuke 1:13, NW) Ee, Jehofa “o itshekile thata mo matlhong gore [a] ka bona se se bosula,” ke gore, go letlelela boikepo.

16. O ka sobokanya jang mafoko a a kwadilweng mo go Habakuke 1:13-17?

16 Ka gone, Habakuke o ipotsa dipotso tse di dirang gore motho a akanye. O botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa o leba ba ba dirang ka boferefere, o didimala fa mongwe yo o boikepo a kometsa mongwe yo o siameng go mo feta? E bile ke ka ntlha yang fa o dira gore motho wa mo lefatsheng a tshwane le ditlhapi tsa lewatle, le digagabi tse go se nang ope yo o di busang? Tsotlhe tseno o di tlhatlositse ka sekgoge fela sa ditlhapi; o di gogela kgakala ka letlowa la gagwe le le gogwang, mme o di phuthela mo letloweng la gagwe la go tshwara ditlhapi. Ke gone ka moo a itumelang a bo a ipela. Ke gone ka moo a isetsang letlowa la gagwe le le gogwang setlhabelo a ba a kuisetsa letlowa la gagwe la go tshwara ditlhapi mosi wa setlhabelo; gonne karolo ya gagwe e na le leokwane le lentsi ka ntlha ya tsone, e bile dijo tsa gagwe di a itekanedisa. A ke gone ka moo a tla dirang letlowa la gagwe le le gogwang lolea, le gone a o tshwanetse go bolaya ditšhaba ka metlha, a sa bontshe bopelotlhomogi bope?”—Habakuke 1:13-17NW.

17. (a) Bababelona ba diragatsa boikaelelo jwa Modimo jang ka go tlhasela Juda le Jerusalema? (b) Jehofa o tla senolela Habakuke eng?

17 Bababelona ba tla bo ba diragatsa dikeletso tsa bone ka namana fa ba tlhasela Juda le motsemogolo wa yone e leng Jerusalema. Ga ba ne ba itse gore ba dirisiwa ke Modimo go diragatsa katlholo ya gagwe e e siameng kgatlhanong le batho ba gagwe ba ba sa ikanyegeng. Go motlhofo go lemoga gore ke eng fa Habakuke a gakgamadiwa ke go bo Modimo a tla dirisa Bababelona ba ba boikepo go diragatsa katlholo ya Gagwe. Bakaladia bao ba ba setlhogo ga se baobamedi ba ga Jehofa. Ba tsaya batho e le ‘ditlhapi le digagabi’ fela tse di ka tshwarwang le go gapiwa. Mme go akabala ga ga Habakuke ga go ne go tsaya lobaka lo loleele. Jehofa o tla tloga a senolela moporofeti yono wa gagwe gore Bababelona ga ba ne ba tlogelwa fela ba sa otlhaelwa tsela ya bone ya bogagapa le molato wa bone o mogolo wa madi.—Habakuke 2:8.

Go Ipaakanyetsa Mafoko a Mangwe a ga Jehofa

18. Re ka ithuta eng ka boikutlo jwa ga Habakuke jaaka bo tlhalosiwa mo go Habakuke 2:1?

18 Le fa go ntse jalo, gone jaanong Habakuke o letetse go utlwa mafoko a mangwe a ga Jehofa. Moporofeti o swetsa ka go bua jaana: “Ke tla nna ke eme mo lefelong la me la go lebelela, mme ke tla nna ke eme mo godimo ga lorako lwa phemelo; gape ke tla nna ke lebeletse, go bona gore o tla bua eng ka nna le gore ke tla fetola ke reng fa ke kgalemelwa.” (Habakuke 2:1NW) Habakuke o kgatlhegela thata go utlwa se Modimo a tlogang a se bua a dirisa ene e re ka e le moporofeti. Tumelo ya gagwe mo go Jehofa yo e leng Modimo yo o sa letleleleng boikepo e mo dira gore a ipotse gore ke eng fa boikepo bo atile, mme gone o iketleeleditse go letla gore tsela ya gagwe ya go akanya e baakanngwe. Mme he, go tweng ka rona? Fa re ntse re ipotsa lebaka la go bo dilo dingwe tse di boikepo di letlelelwa, tsela e re tshepang Jehofa Modimo ka yone gore o tshiamo e tshwanetse go re thusa gore re nne tekatekano le go mo letela.—Pesalema 42:5, 11.

19. Fela jaaka Modimo a boleletse Habakuke, ke eng se se diragaletseng Bajuda ba batsuolodi?

19 Fela jaaka Jehofa a ile a bolelela Habakuke, o ile a diragatsa katlholo kgatlhanong le setšhaba sa Bajuda sa batsuolodi ka go letlelela Bababelona gore ba thope Juda. Ka 607 B.C.E., ba ne  ba senya Jerusalema le tempele, ba bolaya bagolo le bana mme ba gapa batshwarwa ba le bantsi. (2 Ditirafalo 36:17-20) Morago ga gore masalela a a ikanyegang a Bajuda a fetse nako e telele a le kwa botshwarong kwa Babelona, ba ne ba boela mo nagagaeng ya bone mme kgabagare ba aga tempele sesha. Le fa go ntse jalo, morago ga moo, Bajuda ba ne ba boa gape ba bontsha go se ikanyege mo go Jehofa—segolobogolo fa ba ne ba gana go dumela gore Jesu ke Mesia.

20. Paulo o ile a dirisa Habakuke 1:5 jang malebana le go gana go dumela Jesu?

20 Go ya ka Ditiro 13:38-41, moaposetoloi Paulo o ile a bontsha Bajuda ba kwa Antioka gore go gana go dumela Jesu go ne go tla kaya eng, mme ka go dira jalo ba gana setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Paulo o ile a tlhagisa jaana a nopola Habakuke 1:5 go tswa mo Septuagint ya Segerika: “Tlhokomelang gore se se bolelwang mo Baporofeting se se ka sa lo tlela, ‘Se boneng, lona basotli, lo bo lo se gakgamalele, mme lo nyelelele koo, ka gonne ke dira tiro mo malatsing a lona, tiro e lo senang go e dumela ka gope le eleng fa mongwe a lo anela dintlha tsotlhetsotlhe ka yone.’” Go tsamaelana le mafoko ano a Paulo a a nopotseng, tsela ya bobedi ya go diragadiwa ga Habakuke 1:5 e ne ya nna fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema le tempele ya yone ka 70 C.E.

21. Bajuda ba motlha wa ga Habakuke ba ne ba na le boikutlo bofe malebana le “tiro” ya Modimo ya go dirisa Bababelona go senya Jerusalema?

21 Mo Bajudeng ba motlha wa ga Habakuke, “tiro” ya Modimo ya go dira gore Bababelona ba senye Jerusalema e ne e lebega e ka se direge ka gonne motse oo e ne e le setulo sa kobamelo ya ga Jehofa le lefelo le kgosi ya gagwe e e tloditsweng e neng e nna mo go lone. (Pesalema 132:11-18) Ka ntlha ya seo, go ne go ise go ko go direge gore Jerusalema e senngwe. Tempele ya yone e ne e ise e ko e tsamaye e fisiwe. Go ne go ise go ko go direge gore ntlo ya segosi ya ga Dafide e menolwe. Ba ne ba sa dumele gore Jehofa o ne a ka letla gore dilo tseo di direge. Mme gone, Modimo o ile a dirisa Habakuke go ba tlhagisa gore dilo tseno tse di garolang pelo di ne di tlile go direga. Mme hisitori e supa gore di ile tsa direga fela jaaka go ilwe ga bolelelwa pele.

“Tiro” e e Gakgamatsang ya Modimo mo Motlheng wa Rona

22. “Tiro” ya ga Jehofa e e gakgamatsang e tla akaretsa eng mo motlheng wa rona?

22 A le mo motlheng wa rona Jehofa o tla dira “tiro” e e gakgamatsang? Tlhomamisega gore o tla go dira, le fa go bonala babelaedi ba sa dumele. Mo lekgetlong leno, tiro e e gakgamatsang e Jehofa a tla e dirang ke ya go senya Labokeresete. Fela jaaka Juda wa bogologolo, o ipolela gore o obamela Modimo mme gone o bosula gotlhelele. Jehofa o tla tlhomamisa gore karolo nngwe le nngwe ya bodumedi jwa Labokeresete e tla tloga e nyelediwa, fela jaaka go tla direga ka “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka.—Tshenolo 18:1-24.

23. Ke eng se se latelang se moya wa Modimo o neng wa tlhotlheletsa Habakuke go se dira?

23 Jehofa o ne a naya Habakuke tiro e nngwe e e oketsegileng e a neng a tshwanetse go e dira pele ga Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E. Modimo o ne a sa ntse a tlile go bolelela moporofeti yono wa gagwe eng? Ebu, Habakuke o ne a tla utlwa dilo tse di neng di tla mo tlhotlheletsa go tsaya seletswa sa gagwe sa mmino mme a rapela Jehofa ka go mo opelela dikopelo tsa khutsafalo. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, moya wa Modimo o ne o tla tlhotlheletsa moporofeti yono go bolela melaetsa e e gakgamatsang ya tatlhego. Ga go na pelaelo gore re tla anaanela go newa tshedimosetso malebana le bokao jo bo boteng jwa mafoko ao a boporofeti jwa nako ya Modimo e e tlhomilweng. Ka gone, a re sekasekeng boporofeti jwa ga Habakuke go ya pele.

A o A Gakologelwa?

• Ke maemo afe a a neng a le gone mo Juda mo motlheng wa ga Habakuke?

• Jehofa o ne a dira “tiro” efe e e gakgamatsang mo motlheng wa ga Habakuke?

• Habakuke o ne a na le lebaka lefe la go nna le tsholofelo?

• Modimo o tla dira “tiro” efe e e gakgamatsang mo motlheng wa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Habakuke o ipotsa gore ke eng fa Modimo a letlile boikepo bo tswelela. Wena?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Habakuke o ile a bolelela pele gore naga ya Juda e ne e tla senngwa ke Bababelona

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Marope a Jerusalema e e neng ya senngwa ka 607 B.C.E.