Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Dilo Tse di Eletsegang” di Tlatsa Ntlo ya ga Jehofa

“Dilo Tse di Eletsegang” di Tlatsa Ntlo ya ga Jehofa

 “Dilo Tse di Eletsegang” di Tlatsa Ntlo ya ga Jehofa

“[Nna Jehofa] ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo.”—HAGAI 2:7.

1. Mo maemong a tshoganyetso, ke eng fa re akanya pele ka ba re ba ratang?

KE DILO dife tse di eletsegang tse di mo ntlong ya gago? A o na le fanitšhara ya manobonobo, khomputara ya bosheng, koloi e ntšha mo karatšheng ya gago? Tota le fa o na le dilo tseno tsotlhe, a o ne o ka se dumalane gore dilo tse di botlhokwatlhokwa mo legaeng la gago ke batho—ba lelapa la gago? Akanya fela o tsoga bosigo bongwe o utlwa go nkga mosi. Ntlo ya gago e a sha, mme o na le metsotso e se kae fela gore o tshabe! Ke eng se o tla amegang ka sone pele? Fanitšhara ya gago? Khomputara? Koloi? Go na le moo, a o ne o ka se akanye ka ba o ba ratang? Ee go ntse jalo, ka gonne batho ba botlhokwa thata go feta dithoto.

2. Popo ya ga Jehofa e akaretsa eng, mme ke eng se Jesu a neng a se rata thata mo go yone?

2 Jaanong a ko o akanye ka Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete. Jehofa “ke [Ene] yo o neng [a] dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.” (Ditiro 4:24) Morwawe, yo e neng e le ene “tlhogo ya tiro,” ke ene yo Jehofa a neng a mo dirisa go dira dilo tsotlhe tse dingwe. (Diane 8:30, 31; Johane 1:3; Bakolosa 1:15-17) Ga go pelaelo gore Jehofa le Jesu ba tsaya dilo tsotlhe tse di neng tsa bopiwa di le botlhokwa thata. (Bapisa Genesise 1:31.) Mme gone, o akanya gore ke popo efe e ba e tsayang e le botlhokwa go gaisa—a ke dilo kana batho? Jesu o ile a bua jaana fa a ne a bua ka ene e le mothofatso wa botlhale: “Natefelo ya me le yone [e ne] e le mo baneng ba batho,” kana jaaka fa thanolo ya ga William F. Beck e e baya, Jesu o ne a “itumelela batho thata.”

3. Ke boporofeti bofe jo Jehofa a ileng a dirisa Hagai go bo bua?

3 Ga go na pelaelo gore Jehofa o tsaya batho ba le botlhokwa thata. Sengwe se se bontshang seno re se lemoga mo mafokong a boporofeti a o neng a a bua mo ngwageng wa 520 B.C.E. ka moporofeti Hagai. Jehofa o ile a re: “Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo . . . Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele.”—Hagai 2:7, 9.

4, 5. (a) Ke eng fa go ka se utlwale go akanya gore fa go buiwa ka “dilo tse di eletsegang” go buiwa ka dithoto tse di maphatsiphatsi? (b) O ka re “dilo tse di eletsegang” ke eng, mme ke eng fa o rialo?

4 Ke “dilo tse di eletsegang” dife tse di neng di tla tlatsa ntlo ya ga Jehofa le go e leretse kgalalelo  e kgolo? A ke dithoto tse di maphatsiphatsi le mekgabisa e mentlentle? A ke gouta, selefera kana majana a a tlhwatlhwakgolo? Ga go bonale go ntse jalo. Gopola, tempele ya pele e e neng ya kgakolwa makgolo a le matlhano a dingwaga pele ga foo e ne e le kago e ntle ya diranta di le dimilionemilione! * Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a ka se lebelele gore tempele e e agilweng ke palonyana e nnye ya Bajuda ba ba neng ba buseditswe kwa nageng ya bone e fete tempele ya ga Solomone ka bontle!

5 Jalo he, “dilo tse di eletsegang” tse di neng di tla tlatsa ntlo ya ga Jehofa ke eng? Ga go pelaelo gore e tshwanetse go bo e le batho. Kana e bile, dilo tse di itumedisang Jehofa ga se selefera le gouta, go na le moo, ke batho ba ba mo direlang ka go bo ba mo rata. (Diane 27:11; 1 Bakorintha 10:26) Ee, Jehofa o tsaya banna, basadi le bana botlhe ba ba mo obamelang ka tsela e e tshwanetseng ba le botlhokwa thata. (Johane 4:23, 24) Ke bone “dilo tse di eletsegang,” mme e bile Jehofa o ba tsaya ba le botlhokwa thata go gaisa dilo tsotlhe tse dintle tse di neng di kgabisitse tempele ya ga Solomone.

6. Tiro ya tempele ya bogologolo ya Modimo e ne e le eng?

6 Tempele e ne ya wediwa ka 515 B.C.E. le mororo go ne go na le kganetso e kgolo. Tempele e e mo Jerusalema e ne ya nna boremelelo jwa kobamelo ya bontsi jwa “dilo tse di eletsegang,” tse di neng di akaretsa batho ba e neng e le Bajuda ka tlholego le basokologi ba Baditšhaba, go fitlha ka nako ya fa Jesu a intsha setlhabelo. Mme gone, tempele e ne e tshwantshetsa sengwe se segolwane, jaaka fa re tla bona.

Tiragatso ya Lekgolo la Ntlha la Dingwaga

7. (a) Tempele ya Modimo ya bogologolo ya kwa Jerusalema e ne e tshwantshetsa eng? (b) Tlhalosa ditiro tse moperesiti yo mogolo a neng a di dira ka Letsatsi la Tetlanyo.

7 Tempele ya kwa Jerusalema e ne e tshwantshetsa thulaganyo e kgolwane ya kobamelo. Ke tempele ya semoya ya Modimo e Jehofa a neng a e tlhoma ka 29 C.E. mme Jesu ya nna Moperesiti yo Mogolo wa yone. (Bahebera 5:4-10; 9:11, 12) Akanya ka tsela e ditiro tsa moperesiti yo mogolo wa Iseraele le ditiro tsa ga Jesu di tshwanang ka teng. Ngwaga mongwe le mongwe ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a ya fa sebesong mo lelwapeng lwa tempele go ntsha poo setlhabelo go nna tetlanyo ya maleo a baperesiti. Moragonyana o ne a tsena mo tempeleng a tshotse madi a poo eo, a fete ka dikgoro tse di neng di kgaoganya lelwapa le felo ga Boitshepo mme go tswa foo a bo a kgabaganyetsa ka kwa ga sesiro se se neng se kgaoganya felo ga Boitshepo le ga Boitshepotshepo. Fa moperesiti yo mogolo a setse a le mo felong ga Boitshepotshepo, o ne a kgatsa madi fa pele ga letlole la kgolagano. Go tswa foo o ne a dira fela jalo le fa a ntsha podi go nna tetlanyo ya maleo a ditso tse 12 tsa Baiseraele tse e seng tsa baperesiti. (Lefitiko 16:5-15) Tiragalo eno e amana jang le tempele ya Modimo ya semoya?

8. (a) Ke ka tsela efe Jesu a ileng a ntshiwa setlhabelo go simologa ka 29 C.E.? (b) Ke kamano efe e e kgethegileng e Jesu a neng a na le yone le Jehofa mo dingwageng tsotlhe tsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng?

8 Tota re ka re, Jesu o ne a ntshiwa setlhabelo mo sebesong ka go rata ga Modimo fa a ne a kolobediwa le go tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo ka 29 C.E. (Luke 3:21, 22) Ee, tiragalo eno e ne e supa fa botshelo jwa ga Jesu jwa go intsha setlhabelo jo bo neng jwa tsaya dingwaga tse tharo le sephatlo bo ne bo simologa. (Bahebera 10:5-10) Ka nako eo, Jesu o ne a simolola go nna le kamano ya go tsalwa ka moya le Modimo. Batho ba bangwe ba ne ba ka se kgone go tlhaloganya sentle kamano eo e e kgethegileng e Jesu a neng a na le yone le Rraagwe wa selegodimo. Go ne go ntse jaaka e kete sesiro se ne se ba sirile gore ba se ka ba lemoga dilo sentle, fela jaaka sesiro se ne se sirile batho ba ba mo lelwapeng lwa motlaagana gore ba se ka ba bona felo ga Boitshepo.— Ekesodo 40:28.

9. Ke eng fa Jesu a ne a ka se tsene kwa legodimong e sa ntse e le motho, mme kgang eno e ne ya rarabololwa jang?

9 Le mororo Jesu e ne e le Morwa wa Modimo yo o tsetsweng ka moya, o ne a ka se kgone go bona botshelo kwa legodimong. Ka ntlha yang? Ka gonne nama le madi di ka se kgone go bona Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. (1 Bakorintha 15:44, 50) E re ka mmele wa nama wa ga Jesu e ne e le sekgoreletsi, o ne o tshwantshediwa  sentle ke sesiro se se neng se kgaoganya felo ga Boitshepo le ga Boitshepotshepo mo tempeleng ya Modimo ya bogologolo. (Bahebera 10:20) Mme gone, Modimo o ne a tsosa Jesu morago ga malatsi a le mararo go nna motho wa moya. (1 Petere 3:18) Morago ga foo o ne a ka kgona go tsena mo felong ga Boitshepotshepo ga tempele ya Modimo ya semoya—legodimo ka bolone. Mme seo ke sone se se neng sa direga. Paulo o kwala jaana: “Keresete o ne a tsena, e seng mo lefelong le le boitshepo [go bonala a ne a bua ka lefelo la Boitshepotshepo] le le dirilweng ka diatla, le e leng sekaelo sa selo sa mmatota, mme mo legodimong ka bolone, jaanong gore a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.”—Bahebera 9:24.

10. Jesu o ile a fitlha a dira eng fa a sena go boela kwa legodimong?

10 Fa Jesu a fitlha kwa legodimong o ne a ‘kgatsa madi’ a setlhabelo sa gagwe ka go neela Jehofa boleng jwa madi a gagwe a a rekololang. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a dira seo fela. Pelenyana ga loso lwa gagwe, o ne a ile a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo. Gape, fa ke tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo, ke etla gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo tle lo nne gone.” (Johane 14:2, 3) Ka jalo, Jesu o ne a bulela batho ba bangwe tsela ya go mo latela ka go tsena kwa lefelong la Boitshepotshepo, kana legodimo. (Bahebera 6:19, 20) Batho bano, ba palo ya bone e tla nnang 144-000 e tla nna baperesiti ba babotlana mo thulaganyong ya Modimo ya tempele ya semoya. (Tshenolo 7:4; 14:1; 20:6) Fela jaaka moperesiti yo mogolo wa Iseraele a ne a tle a tseele pele madi a poo mo lefelong la Boitshepotshepo go nna tetlanyo ya maleo a baperesiti, boleng jwa madi a a tsholotsweng a ga Jesu le jone bo ne jwa dira pele mo baperesiting bano ba babotlana ba ba 144 000. *

“Dilo Tse di Eletsegang” Tsa Segompieno

11. Moperesiti yo mogolo kwa Iseraele o ne a ntshetsa bomang setlhabelo sa podi, mme seno se ne se tshwantshetsa eng?

11 Go bonala fa go phuthiwa ga batlodiwa go ne ga wediwa ka 1935. * Mme gone Jehofa o ne a ise a fetse go galaletsa ntlo ya gagwe. Nnyaa, “dilo tse di eletsegang” di ne di sa ntse di tla tla mo go yone. Se lebale gore moperesiti yo mogolo kwa Iseraele o ne a ntsha ditlhabelo tsa diphologolo tse pedi—poo ya maleo a baperesiti le podi ya maleo a ditso tse e neng e se baperesiti. E re ka baperesiti ba ne ba tshwantshetsa batlodiwa ba ba neng ba tla nna le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo, ditso tse e seng baperesiti tsone di ne di tshwantshetsa bomang? Karabo e fitlhelwa mo mafokong a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 10:16: “Ke na le dinku tse dingwe, tse e seng tsa lesaka leno; tseo le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tla reetsa  lentswe la me, mme di tla nna letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” Ka gone, madi a a tsholotsweng a ga Jesu a solegela ditlhopha tse pedi tsa batho molemo—sa ntlha, ke Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go busa le Jesu kwa legodimong, sa bobedi, ke ba ba nang le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Go bonala fa e le setlhopha seno sa bobedi se se tshwantshediwang ke “dilo tse di eletsegang” tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jwa ga Hagai.—Mika 4:1, 2; 1 Johane 2:1, 2.

12. Gompieno “dilo tse di eletsegang” tse dintsi di ngokelwa jang mo ntlong ya Modimo?

12 “Dilo [tseno] tse di eletsegang” di sa ntse di tlatsa ntlo ya ga Jehofa. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ile ga fedisiwa dithibelo kwa Yuropa Botlhaba, dikarolo dingwe tsa Afrika le kwa dinageng tse dingwe, e leng se se neng sa thusa gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng di aname thata kwa mafelong a go fitlha jaanong a iseng a rerelwe. Fa batho bano ba ba eletsegang ba ntse ba tla mo thulaganyong ya Modimo ya tempele, le bone ba dira boiteko jwa go dira batho ba bangwe barutwa go diragatsa taelo ya ga Jesu. (Mathaio 28:19, 20) Fa ba ntse ba dira jalo, ba kopana le batho ba bantsi, ba basha le ba bagolo, ba le bone ba ka fetogang “dilo tse di eletsegang” tse di tla galaletsang ntlo ya ga Jehofa. Akanya ka dikai di se kae tsa kafa seno se diregang ka teng.

13. Mosetsanyana mongwe wa kwa Bolivia o ile a bontsha jang gore o tlhagafaletse go anamisa molaetsa wa Bogosi?

13 Kwa Bolivia, mosetsana mongwe wa dingwaga tse tlhano yo o godisitsweng ke batsadi ba Basupi o ne a kopa morutabana wa gagwe tetla ya go se tle sekolong ka beke ya loeto lwa molebedi wa potologo. Ka ntlha yang? O ne a batla go nna le seabe mo bodireding mo bekeng eo yotlhe e e kgethegileng. Seno se ne sa gakgamatsa batsadi ba gagwe mme gone ba ile ba itumelela boikutlo joo jwa gagwe jo bo molemo. Gone jaanong mosetsanyana yono o tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele le batho ba le batlhano, mme bangwe ba batho bano ba ba ithutang ba nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. O setse a kile a tla le morutabana  wa gagwe kwa Holong ya Bogosi. Gongwe fa nako e ntse e ya, bangwe ba baithuti bano ba gagwe ba Baebele ba tla fetoga “dilo tse di eletsegang” tse di tla galaletsang ntlo ya ga Jehofa.

14. Bopelotelele jwa kgaitsadi mongwe wa kwa Korea bo ile jwa duelwa jang fa a ne a bua le motho yo go neng go lebega a sa kgatlhege?

14 Mosadi mongwe wa Mokeresete wa kwa Korea o ne a atamela moithuti mongwe yo o neng a reeditse mmino ka di-headphone fa ba ntse ba letile terena mo seteisheneng. O ile a mmotsa jaana: “A o na le bodumedi?” Moithuti yono o ile a araba jaana: “Ga ke kgatlhegele bodumedi bope.” Kgaitsadi o ne a se ka a latlhela seditse. O ile a tswelela jaana: “Fa nako e ntse e ya, motho a ka batla go itlhophela bodumedi bongwe. Mme gone, fa a se na kitso epe ka bodumedi, a ka nna a iphitlhela a tlhophile jo bo phoso.” Tebego ya sefatlhego sa moithuti yono e ne ya fetoga, mme o ne a simolola go reetsa kgaitsadi yono wa rona ka kgatlhego. O ne a mmontsha buka ya Is There a Creator Who Cares About You? a bo a mo tlhalosetsa gore kgatiso eno e tla mo thusa thata fa nako e fitlha ya gore a tlhophe bodumedi. O ile a itseela buka eo kwantle ga go okaoka. Mo bekeng e e latelang o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme gone jaanong o nna gone mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego.

15. Mosetsanyana mongwe wa kwa Japane o simolola dithuto tsa Baebele jang, mme maiteko a gagwe a ile a duelwa jang?

15 Kwa Japane, Megumi wa dingwaga tse 12 o tsaya sekolo se a tsenang kwa go sone e le tshimo e e molemo go ka rera le go ruta mo go yone. E bile o kgonne go simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele. Megumi o dira seno jang? E re ka a bala Baebele kana go baakanyetsa dipokano ka nako ya boikhutso jwa motshegare, gantsi baithutikaene ba mmotsa gore o dirang. Bangwe ba botsa Megumi gore ke eng fa a sa nne le seabe mo ditirong dingwe tsa sekolo. Megumi o araba dipotso tsa bone mme a bo a ba bolelela gore Modimo o na le leina. Gantsi seno se dira gore bareetsi ba gagwe ba kgatlhege. Go tswa foo o ba kopa go ithuta Baebele le ene. Gone jaanong Megumi o tshwara dithuto di le 20—tse 18 tsa tsone le baithutikaene.

16. Mokaulengwe mongwe wa kwa Cameroon o ne a kgona jang go simolola dithuto tsa Baebele le bangwe ba batho ba ba neng ba mo sotla?

16 Kwa Cameroon, setlhopha sa batho ba le robedi ba ba berekang mo setsheng sa kago se ne sa bitsa mokaulengwe mongwe yo o neng a abela batho ba ba fetang ka tsela dikgatiso tsa Baebele. E re ka ba ne ba batla go sotla ka mokaulengwe yono, ba ne ba mmotsa gore ke eng fa a sa dumele Tharonngwe, molelo wa dihele kana gore moya wa motho ga o swe. Mokaulengwe wa rona o ne a dirisa Baebele go araba dipotso tsa bone. Ka ntlha ya seno, ba bararo ba banna bano ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Mongwe wa bone, e bong Daniel, o ne a simolola go nna gone mo dipokanong a ba a senya dilo tsotlhe tsa gagwe tse di amanang le tirisabadimo. (Tshenolo 21:8) O ile a kolobediwa go ise go bo go fete ngwaga.

17. Bakaulengwe kwa El Salvador ba ile ba dirisa leano lefe go rerela monna yo pele a neng a sa batle go utlwa molaetsa wa Bogosi?

17 Kwa El Salvador, monna mongwe o ne a tle a bofelele ntša e e bogale fa pele ga kgoro nako le nako fa a bona Basupi ba ga Jehofa. Monna yono o ne a tle a letele gore Basupi ba fete e bo e le gone a tsenyang ntša eno mo ntlong. Bakaulengwe ba ne ba se ke ba kgona go bua le monna yono. Ka jalo, letsatsi lengwe ba ile ba leka go mo tsena ka tsela e sele. Ka ba itse gore monna yono o ne a ka ba utlwa, ba ile ba swetsa ka gore ba rerele ntša eno. Ba ne ba atamela ntlo, ba dumedisa ntša mme ba bolela kafa ba neng ba itumeletse tshono ya go bua le yone ka teng. Ba ile ba bua ka nako ya fa go tla bo go na le paradaise mo lefatsheng, nako  ya fa go tla bo go sena motho ope yo o galefileng—ee, nako ya fa le tsone diphologolo di tla bong di tshedisana ka kagiso. Go tswa foo ba ile ba dumedisa ntša ka boingotlo ba bo ba wela tsela. Ba ile ba gakgamala tota fa ba bona monna yono a tswa mo ntlong mme a bo a kopa gore ba mo itshwarele go bo a ile a se ka a naya Basupi tshono ya go bua le ene. O ne a tsaya dimakasine mme ga simololwa thuto ya Baebele le ene. Gone jaanong monna yono ke mokaulengwe—mongwe wa “dilo tse di eletsegang”!

“Lo se Ka Lwa Boifa”

18. Ke dikgwetlho dife tse bontsi jwa Bakeresete ba nnang le tsone, mme gone Jehofa o tsaya baobamedi ba gagwe jang?

18 A o nna le seabe mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa? Fa e le gore go ntse jalo, ruri o na le tshiamelo e kgolo. Ee, tiro eno ke yone e e thusang gore “dilo tse di eletsegang” di phuthelwe mo ntlong ya ga Jehofa. (Johane 6:44) Ke boammaaruri gore, ka dinako dingwe o ka ikutlwa o lapile go sekae kana o kgobegile marapo. Ka dinako tse dingwe, bangwe—tota le e leng batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang—ba lwa le maikutlo a go ikutlwa ba se botlhokwa. Mme gone, nametsega! Jehofa o tsaya mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe e le motho yo o eletsegang e bile o kgatlhegela go go bona o bolokwa.—2 Petere 3:9.

19. Ke kgothatso efe e Jehofa a neng a e neela a dirisa Hagai, mme mafoko ano a ka re nonotsha jang?

19 Fa re ikutlwa re kgobegile marapo, e ka ne e le ka ntlha ya go ganediwa kana maemo mangwe a a sa itumediseng, mafoko a Jehofa a neng a a bua le Bajuda ba ba neng ba boela gae a ka re nonotsha. Re bala jaana mo go Hagai 2:4-6: “‘O nne thata, wena Serubabele,’ go bua Jehofa. ‘O nne thata, le wena Jošua, morwa Jehosatake, moperesiti yo mogolo; le lona lo nne thata, lona lotlhe batho ba lefatshe,’ go bua Jehofa, ‘lo dire, gonne ke na le lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo. ‘Ka fa lefokong le ke le golaganetseng le lona jale ka lo tswa Egepeto, le mowa wa me o agile mo go lona; lo se ka lwa boifa.’ Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘E tlaa nama e nna gangwe fela, ke lobakanyana fela, mme ke tlaa reketlisa magodimo, le lefatshe le lewatle le lefatshe la komelelo.’” Ela tlhoko gore Jehofa ga a re kgothaletse fela gore re nne thata mme gape o re naya selo se se ka re nonotshang. Jang? Ela tlhoko mafoko ano a gagwe a a kgothatsang: “Ke na le lona.” A bo go nonotsha tumelo jang ne go itse gore le fa re ka tswa re lebana le dikgoreletsi tse di boitshegang go le kana kang, Jehofa o na le rona!—Baroma 8:31.

20. Ntlo ya ga Jehofa e tladiwa jang ka kgalalelo e e sa lekaneng le epe?

20 Ruri Jehofa o supile gore o na le batho ba gagwe. Ee, go ntse fela jaaka a ile a bolela jaana ka moporofeti Hagai: “Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele . . . ke tlaa aba kagiso mo felong fa.” (Hagai 2:9) Ke boammaaruri gore, gompieno kgalalelo e kgolo go gaisa tsotlhe e fitlhelwa mo tempeleng ya semoya ya ga Jehofa. Ebu, dikete di le makgolokgolo di thologela mo kobamelong ya boammaaruri ngwaga le ngwaga. Batho bano ba fepiwa sentle semoyeng mme le e leng mo lefatsheng leno le le tobekaneng, ba itumelela go tshela ka kagiso e e tla gaisiwang fela ke e e tla bong e le gone mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Isaia 9:6, 7; Luke 12:42.

21. Re tshwanetse go ititaya sehuba go dirang?

21 Jehofa o tla tloga a reketlisa ditšhaba kwa Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Ka gone, a re diriseng nako eno e e setseng go namola matshelo a batho ba bangwe ba bantsi. A re nneng thata mme re ikanye Jehofa ka botlalo. A re ititeyeng sehuba gore re tla tswelela pele re obamela Jehofa mo tempeleng ya gagwe e kgolo ya semoya, re e tlatsa ka “dilo tse di eletsegang” tse dintsi go fitlha a re tiro ya rona e weditswe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Madi a a neng a ntshediwa tempele ya ga Solomone moneelo a ne a ka lekana le diranta di le dimilione di le dikete tse 242 go ya ka ditlhwatlhwa tsa gone jaanong. Sengwe le sengwe fela se se ileng sa se ka sa dirisiwa mo kagong se ne sa tsenngwa mo mabolokelong a tempele.—1 Dikgosi 7:51.

^ ser. 10 Jesu o ne a sa tshwane le moperesiti yo mogolo wa Iseraele, ene o ne a se na maleo a go neng go tlhokega gore a a ntshediwe tetlanyo. Le fa go ntse jalo, baperesitikaene ba ne ba na le maleo ka gonne ba tserwe mo bathong ba ba nang le boleo.—Tshenolo 5:9, 10.

^ ser. 11 Bona Tora ya Tebelo, ya February 15, 1998, ditsebe 17-22.

A o A Gakologelwa?

Ke eng se Jehofa a se tsayang se le botlhokwa go gaisa dithoto?

Madi a a tsholotsweng a ga Jesu a solegela ditlhopha dife tse pedi molemo?

“Dilo tse di eletsegang” tse di neng di tla tlatsa ntlo ya ga Jehofa ka kgalalelo ke bomang?

Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore boporofeti jwa ga Hagai bo a diragadiwa gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

A o itse gore tempele ya ga Jehofa ya bogologolo e ne e tshwantshetsa eng?

Sesiro

Boitshepo

Sebeso

Boitshepotshepo

Mathudi

Lelwapa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Moperesiti yo mogolo o ne a ntsha poo go nna setlhabelo sa maleo a Balefi mme podi yone go nna sa maleo a ditso tsa Iseraele tse e seng tsa baperesiti

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe e ngokela matshwititshwiti mo ntlong ya ga Jehofa