Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ba-Polish Brethren”—Ke Eng Fa ba Ne ba Bogisiwa?

“Ba-Polish Brethren”—Ke Eng Fa ba Ne ba Bogisiwa?

 “Ba-Polish Brethren”—Ke Eng Fa ba Ne ba Bogisiwa?

Ka 1638 palamente ya Poland e ne ya phutlhamisa setlhotshwana sa bodumedi se se neng se bidiwa Ba-Polish Brethren. Kereke le motšhine wa go gatisa wa setlhopha seno di ne tsa senngwa. Yunibesithi ya Raków e ne ya tswalwa, mme boporofesa ba ba neng ba ruta koo ba ne ba kobiwa mo nageng.

Dingwaga di le 20 moragonyana, palamente eno e ne ya tsaya kgato e e gagametseng. E ne ya laela leloko lengwe le lengwe la setlhopha seno, se se ka tswang se ne se na le batho ba ka nna 10 000 kana go feta, go tswa mo nageng. Go tlile jang gore seemo se nne maswe thata jaana mo nageng e ka nako eo e neng e tsewa e le nngwe ya dinaga tse di neng di na le go itshokelana ga madumedi go gaisa tsotlhe mo Yuropa? Ke eng se Ba-Polish Brethren ba se dirileng gore ba tshwarwe ka tsela e e setlhogo jaana?

GO SIMOLOGILE fa go ne go tsoga dikgotlhang mo Kerekeng ya Calvin ya Poland. Selo se segolo se se neng sa baka kgaruru eno e ne e le thuto ya Tharonngwe. Baeteledipele ba mokgatlho wa babatlisisi mo kerekeng ba ne ba sa dumalane le thuto eno ba bolela gore ga e yo mo Dikwalong. Seno se ne sa galefisa baeteledipele ba kereke mme ga dira gore mokgatlho ono wa babatlisisi o kgaogane le kereke.

Ba-Calvin ba ne ba bitsa baganetsi bano gore ke Ba-Arius, * mme balatedi ba setlhopha seno se sesha bone ba ne ba batla go bidiwa Bakeresete kana Ba-Polish Brethren. Gape ba ne ba bidiwa Ba-Socinus, ba bidiwa ka Laelius Socinus, Montadiana yo o neng a tlhotlhelediwa ke Servetus le yo setlogolo sa gagwe e bong Faustus Socinus se neng sa etela kwa Poland mme sa tuma thata mo mokgatlhong ono.

Ka nako eo motlotlegi wa Mo-Poland, Jan Sienieński, o ne a batlela kereke e ntšha se a neng a se bitsa “lefelo le le didimetseng, le le kwa thoko” gore e gole mo go lone. Sienieński o ne a dirisa tshiamelo e e kgethegileng e a e neetsweng ke kgosi ya Poland go tlhoma toropo ya Raków, e kwa morago e neng ya nna motsemogolo wa Bo-Socinus kwa Poland. Sienieński o ne a neela baagi ba Raków ditshwanelo di le dintsi, go akaretsa le tshwanelo ya go obamela ka kgololesego.

Baitse ba ditiro tsa diatla, dingaka, bakhemise, batho ba ditoropo, le batho ba ditumelo tse di farologaneng ba ne ba kgatlhiwa ke toropo eno e ntšha. Mo godimo ga moo, baruti ba ne ba ologela koo ba tswa kwa Poland, Lithuania, Transylvania, Fora, tota le kwa Engelane. Le fa go ntse jalo, e ne e se mongwe le mongwe wa batho bano ba ba neng ba sa tswa go goroga yo o neng a dumela ditumelo tsa ga Socinus; ka jalo mo dingwageng tse tharo tse di neng tsa latela, go tloga ka 1569 go ya go 1572, Raków e ne ya nna lefelo le go neng go tlotliwa ka bodumedi ka metlha mo go lone. Go ne ga felela ka eng?

Ntlo e e Kgaoganeng

Mokgatlho wa Socinus ka boone o ne wa kgaogana, ba ba neng ba amogela dikgopolo tse di feteletseng ba ne ba tsaya letlhakore le lengwe mme ba ba neng ba amogela dikgopolo tse di sa fetelelang ba ne ba ya go je lengwe. Le fa go ntse jalo, le mororo ba ne ba sa dumalane, ditumelo tsa bone di ne di sa tshwane le dipe. Ba ne ba sa dumele Tharonngwe; ba ne ba gana kolobetso ya masea; ka kakaretso ba ne ba sa dirise dibetsa mme gantsi ba ne ba sa dire  ditiro dingwe mo pusong. * Gape ba ne ba sa dumele gore dihele di teng e le lefelo la tlhokofatso. Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, ba ne ba sa latele dingwao tsa bodumedi tse di neng di tlwaelegile.

Baruti ba Ba-Calvin le ba Katoliki ba ne ba bogisa setlhopha seno botlhoko, mme baruti ba Ba-Socinus ba ne ba sola molemo seemo sa nako eo sa go itshokelana ga madumedi, se se neng se rotloeditswe ke dikgosi tsa Poland tse di jaaka Sigismund II Augustus le Stephen Báthory, go ruta dikgopolo tsa bone.

Tiro e e Tlhomologileng ya ga Budny

Thanolo ya Baebele ya ga Calvin, e e neng e dirisiwa thata ka nako eo, e ne e sa kgotsofatse babadi ba le bantsi. Thanolo ya yone e ne e sa ranolwa go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha, mme e ne e tswa mo Vulgate ya Selatine le mo thanolong ya nako eo ya Sefora. Motswedi mongwe wa tshedimosetso o bolela jaana: “E ne e sa beye dintlha ka tsela e e ikanyegang le e e tlhomameng ka ntlha ya go batla go kgabisa puo.” E ne ya nna le diphoso di le dintsi. Ka gone, mokanoki mongwe yo o neng a tumile thata yo o bidiwang Szymon Budny o ne a kopiwa go baakanya thanolo eno. O ne a swetsa ka gore go ka nna botoka go ranola sesha go na le go baakanya eno ya bogologolo. Budny o ne a simolola go dira tiro eno ka bo1567.

Fa Budny a ne a ranola, o ne a sekaseka lefoko lengwe le lengwe le ditsela tse di farologaneng tse le dirisiwang ka tsone ka tsela e go seng motho ope yo o kileng a e dirisa kwa Poland. Fa a ne a palelwa ke go ranola mafoko mangwe a Sehebera, o ne a bontsha thanolo e e ranotsweng lefoko ka lefoko mo dikakgelong tse di fa thoko ga tsebe. Fa go tlhokega, o ne a tlhama mafoko a masha a bo a leka go dirisa Se-Poland se se motlhofo, sa motlha wa gagwe. Mokgele wa gagwe e ne e le go neela mmadi thanolo ya Baebele e e ikanyegang le e e tlhomameng.

Thanolo ya ga Budny ya Baebele yotlhe e ne ya gatisiwa ka 1572. Le fa go ntse jalo, bagatisi ba kgatiso eno ba ne ba fetola thanolo ya gagwe ya Dikwalo Tsa Segerika. Budny o ne a se ka a ngodiega, a simolola thanolo e e tokafaditsweng, e e neng ya wediwa dingwaga di le pedi moragonyana. Thanolo e ntle ya ga Budny ya Dikwalo Tsa Segerika e ne e gaisa dithanolo tsa pele tsa Se-Poland. Mo godimo ga moo, o ne a busetsa leina la Modimo, Jehofa mo mafelong a le mantsi.

Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo16 la dingwaga le mo masomeng a mararo a ntlha a dingwaga a lekgolo la bo17 la dingwaga, Raków, motsemogolo wa mokgatlho ono, o ne wa nna lefelo la teng la bodumedi le la thuto. Ke kwa baeteledipele le bakwadi ba Ba-Polish Brethren ba neng ba gatisetsa dipampitshana le dibuka tsa bone gone.

Ba ne Ba Rotloetsa Thuto

Tiro ya go gatisa ya Ba-Polish Brethren e ne ya gatela pele ka bo1600 fa go ne go tlhomiwa motšhine wa go gatisa kwa Raków. Motšhine ono wa go gatisa o ne o kgona go gatisa dipampitshana le dibuka tse dikgolo ka dipuo tse dintsi. Jaaka lefelo la go gatisetsa, go ise go ye kae Raków e ne e setse e itepatepanya le magatisetso a mangwe a magolo a kwa Yuropa. Go dumelwa gore dikgatiso di ka nna 200 di ne tsa gatisiwa ka motšhine oo ka dingwaga tse 40 tse di neng tsa latela. Motšhine wa go dira dipampiri o o neng o le gone mo motseng oo, wa Ba-Polish Brethren, o ne o dira dipampiri tsa boleng jo bo kwa godimo tse di neng di dira dibuka tseno.

Go ise go ye kae, Ba-Polish Brethren ba ne ba bona go tlhokega gore ba rute badumedikabone le batho ba bangwe. Go fitlhelela seo, go ne ga agiwa Yunibesithi ya Raków ka 1602. Barwa ba Ba-Polish Brethren, le basimane ba Bakatoliki le ba Porotesetanta, ba ne ba tsena mo go yone. Le mororo yunibesithi eno e ne e le lefelo la thutobomodimo, go ne go sa rutiwe thuto ya bodumedi fela. Gape go ne go rutiwa dipuo di sele, melao ya boitsholo, thutaikonomi, hisitori, molao, saense ya go akanya, saense e e amanang le dilo tsa tlholego, mathematiki, bongaka le dijiminasitiki. Yunibesithi e ne e na le laeborari e kgolo, e motšhine o o gatisang wa lefelo leo o neng o thusa gore e tswelele pele e gola.

Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, go ne go lebega e kete Ba-Polish Brethren ba tla tswelela pele ka katlego. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna jalo.

Kereke le Puso di a Tlhasela

Zbigniew Ogonowski wa Polish Academy of Sciences o tlhalosa jaana: “Kwa bokhutlong jwa lesome la boraro la dingwaga la lekgolo la bo17 la dingwaga, seemo sa Ba-Arius kwa Poland se ne sa simolola go koafala ka bonako.” E ne e le ka ntlha ya boikgodiso jo bo neng bo ntse bo anama jwa baruti ba Katoliki. Baruti ba ne ba leka ditsela tsotlhe, go  akaretsa le go bua maaka ka Ba-Polish Brethren, go ba latofatsa, e le fela go ba senya leina. Ba ne ba kgona go tlhasela motlhofo morago ga gore seemo sa bopolotiki se fetoge kwa Poland. Kgosi e ntšha ya Poland, Sigismund III Vasa, e ne e sa rate Ba-Polish Brethren. Batlhatlhami ba gagwe, segolobogolo John II Casimir Vasa, le bone ba ne ba tshegetsa maiteko a Kereke ya Katoliki a go batla go nyeletsa Ba-Polish Brethren.

Seemo se ile sa ya magoletsa fa go bolelwa gore baithuti ba sekae ba ba tswang kwa Raków ba tlhapaditse sefapaano ka boomo. Tiragalo eno e ne ya nna seipato sa go batla go senya toropokgolo ya Ba-Polish Brethren. Ramotse wa Raków o ne a latofadiwa ke kgotlatshekelo ya palamente gore o ‘anamisa boikepo’ ka go ema nokeng Yunibesithi ya Raków le motšhine wa yone wa go gatisa. Ba-Polish Brethren ba ne ba pegwa molato wa go dira tiro e e sa ikanyegeng, wa go tsenelela mo meketeng ya tlhapedi le gore ga ba itshware sentle. Palamente e ne ya swetsa ka gore Yunibesithi ya Raków e tswalwe le gore motšhine o o gatisang le kereke ya Ba-Polish Brethren di senngwe. Badumedi ba teng ba ne ba laelwa go tswa mo toropong eo. Boporofesa ba yunibesithi ba ne ba kobiwa mo nageng ba beetswe kotlhao ya loso. Ba-Polish Brethren bangwe ba ne ba fudugela kwa mafelong a a sireletsegileng, a a jaaka Silesia le Slovakia.

Ka 1658 palamente e ne ya ntsha molao wa gore Ba-Polish Brethren ba beetswe dingwaga tse tharo gore ba rekise dithoto tsa bone mme ba tswe mo nageng. Moragonyana, nako e ba neng ba e beetswe e ne ya fokodiwa go nna dingwaga tse pedi. Yo o neng a ka fitlhelwa a dirisa ditumelo tsa bone morago ga moo o ne a tla bolawa.

Ba-Socinus bangwe ba ne ba thibelela kwa Netherlands, koo ba neng ba tswelela pele ka tiro ya bone ya go gatisa. Kwa Transylvania phuthego nngwe e ne ya tswelela pele go fitlhela kwa masimologong a lekgolo la bo18 la dingwaga. Kwa dikokoanong tsa bone, tse di neng di tshwarwa gararo ka beke, ba ne ba opela dipesalema, ba reetsa dithero, le go bala katekasima e e neng e tlhalosa dithuto tsa bone. E le go leka go boloka phuthego e le phepa, badumedikabone ba ne ba kgalengwa, ba kgothadiwa mme fa go tlhokega, ba ne ba kgaolwa.

Ba-Polish Brethren e ne e le baithuti ba Lefoko la Modimo. Ba ne ba ribolola boammaaruri jo bo mosola, mme ba ne ba se ka ba okaoka go bo abela ba bangwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare ba ne ba anama le Yuropa yotlhe mme ga se ka ga nna motlhofo gore ba nne ba kopana. Fa nako e ntse e ya, Ba-Polish Brethren ba ne ba nyelela.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Arius (250-336 C.E.) e ne e le moruti wa Mo-Alexandra yo o neng a tlhalosa gore Jesu o mmotlana mo go Rre. Lekgotla la Nicaea le ne le sa dumalane le kgopolo ya gagwe ka 325 C.E.—Bona Tsogang! ya June 22, 1989, (ka Seesemane) tsebe 27.

^ ser. 9 Bona Tsogang!, November 22, 1988, (ka Seesemane) tsebe 19, “Ba-Socinus—Ke Eng Fa ba Ne ba Sa Dumele Tharonngwe?”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ntlo e e neng e le ya moruti wa Mo-Socinus

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Kwa godimo: Raków gompieno; ka fa mojeng ke lefelo la baitlami le le dirilweng ka 1650 ka boikaelelo jwa go nyeletsa masalelanyana ape fela a “Bo-Arius”; kwa tlase: Moruti wa Katoliki o ne a tlhoma sefapaano mo lefelong leno gore a rumole Ba-Polish Brethren

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

Title card of Biblia nieświeska by Szymon Budny, 1572