Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Alhazen

Alhazen

O KA tswa o ise o utlwele ka Abū ‘Alī al-Ḥasan ibn al-Haytham. Kwa Yuropa le Amerika o bidiwa Alhazen, e leng leina la gagwe la Searabia la ntlha [al-Ḥasan] fa le fetoletswe mo Selatineng. Le fa go ntse jalo, dilo tse a di dirileng di a go thusa. O tlhalosiwa e le “mongwe wa batho ba ba botlhokwa e bile a nnile le tlhotlheletso e kgolo mo dilong tsa saense.”

Alhazen o tshotswe ka 965 C.E. kwa Basra e gone jaanong e leng kwa Iraq. O ne a rata go ithuta dinaledi, go ithuta ka dikhemikhale, dipalo, melemo, mmino, saense ya matlho, fisikisi le poko. Go na le dilo di le dintsi tse re ka mo lebogelang tsone.

LETAMO MO NOKENG YA NILE

Batho ga ba bolo go bua ka kgang ya ga Alhazen. E akaretsa leano la gagwe la go laola metsi a Noka ya Nile le a tlileng ka lone dingwaga di le 1 000 pele porojeke eo e ka dirwa ka 1902 kwa Aswân.

Fa kgang eo e ntse e tsweletse, Alhazen o ne a tla ka maano a go dira letamo mo nokeng ya Nile go fokotsa merwalela le komelelo kwa Egepeto. Fa mmusi wa kwa Cairo e bong Caliph al-Hakim a utlwa ka kakanyo eo o ne a laletsa Alhazen go tla kwa Egepeto go tla go aga letamo leo. Mme gone, fa Alhazen a sena go bona noka eo o ne a lemoga gore o tla palelwa ke tiro eo. E re ka Alhazen a ne a tshaba go otlhaiwa ke mmusi yono yo o sa tlhomamang le yo o setlhogo, o ne a itira e kete o latlhegetswe ke tlhaloganyo go fitlha mmusi yono a tlhokafala morago ga dingwaga di le 11 ka ngwaga wa 1021. Fa a ntse a le kwa bookelong jwa tlhaloganyo, o ne a fetsa nako e ntsi a dira dilo tse a di ratang.

KGATISO YA BOOK OF OPTICS

Fa a tswa kwa bookelong joo, o ne a tloga a fetsa go kwala buka ya dibolumo di le supa ya Book of Optics e e tsewang e le “nngwe ya dibuka tse di botlhokwa thata tsa fisikisi.” Mo go yone o ne a tlhalosa dipatlisiso tse a di dirileng ka lesedi go akaretsa le gore go tla jang gore lesedi le nne mebalabala, gore dilo di lebega jang go tswa mo seiponeng le gore lesedi le iphetola mebala e e farologaneng fa le tsena mo sengweng se se dirilweng ka galase  kgotsa se se sa bonaleng. O ne a ithuta ka mmele wa motho le gore leitlho le bereka jang.

Ka dingwaga tsa bo1200, buka ya ga Alhazen e ne e setse e ranoletswe mo Selatineng go tswa mo Searabieng, e bile dingwaga di le dintsi morago ga moo, baithuti ba kwa Yuropa ba ne ba e tsaya e le botlhokwa thata. Se Alhazen a se kwadileng ka dilense se ne sa dira gore badiri ba digalase tsa matlho kwa Yuropa ba dire thelesekoupo le maekerosekoupo ka go tlhatlaganya dilense.

KHAMERA YA BOGOLOGOLO

Alhazen o ne a lemoga mekgwa e e ka dirisiwang ya go tsaya ditshwantsho fa a ne a dira khamera ya ntlhantlha ya bogologolo. Mekgwa eno e akaretsa “kamotshana e e lefifi,” e lesedi le tsenang mo go yone ka lesoba le lennye le bo le bonesa gore go tlhage setshwantsho se se kwa ntle.

Alhazen o ne a dira khamera ya ntlha ya bogologolo

Ka dingwaga tsa bo1800, go ne ga tsenngwa galase nngwe mo khamereng eo ya bogologolo gore e kgone go tsaya dinepe tse di sa sutlhegeng. Go ne ga felela go na le khamera e e tlwaelegileng. Dikhamera tsotlhe tsa gompieno, tota le leitlho, di dirisa melao ya fisikisi e e tshwanang le ya khamera eo ya bogologolo. *

MEKGWA YA SAENSE

Se se kgatlhang thata ka tiro ya ga Alhazen ke gore o ne a dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dilo tsa tlholego e bile di rulagane. Mekgwa e a neng a e dirisa, e ne e sa tlwaelega ka nako eo. Ke mongwe wa babatlisisi ba ntlha ba ba neng ba lekeletsa dikgopolo tsa batho e bile o ne a sa tshabe go botsa ka dilo tse di neng di tlwaelegile mme di se na bosupi.

Saense ya gompieno e ka thewa mo mafokong ano: “Ntsha bosupi jwa se o se dumelang!” Batho bangwe ba tsaya Alhazen e le “rre wa mekgwa e e dirisiwang bosheng jaana mo saenseng.” Seo se dira gore re mo lebogele dilo di le dintsi thata.

^ ser. 13 Go ne go sa itsiwe gore khamera eo le leitlho di tshwana ka eng go fitlha Johannes Kepler a tlhalosa kgang eo ka ngwaga wa 1604.