Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Desiderius Erasmus

Desiderius Erasmus

DESIDERIUS ERASMUS (yo o tshotsweng ka bo1469 mme a tlhokafala ka 1536) e ne e le moithuti yo o botlhale thata wa kwa Yuropa mme moragonyana o ne a senngwa leina go twe ke legatlapa kgotsa mokgelogi. Go ne go runtse dingangisano tsa bodumedi ka nako ya gagwe mme o ne a batla go senola diphoso le bosetlhogo jwa Katoliki le jwa batho ba ba neng ba lwela diphetogo mo kerekeng. Gone jaanong o itsiwe e le motho yo o nnileng le seabe se segolo mo diphetogong tsa bodumedi kwa Yuropa. Go tlile jang?

DITHUTO LE DILO TSE A NENG A DI DUMELA

E re ka Erasmus a ne a itse Segerika le Selatine, o ile a kgona go bapisa dithanolo tsa Baebele tsa Selatine tse di jaaka Vulgate le mekwalo ya ntlhantlha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika kgotsa Tesetamente e Ntšha jaaka e bidiwa gompieno. O ne a bona go le botlhokwa go itse Baebele. Seo se ile sa dira gore a gatelele gore Dikwalo Tse di Boitshepo di tshwanetse go ranolelwa mo dipuong tsa batho ba maemo a a kwa tlase.

Erasmus o ne a buelela gore go nne le diphetogo mo Kerekeng ya Katoliki ka gonne a ne a dumela gore Bokeresete ke tsela ya botshelo e seng moetlo fela o o se nang bokao. Ka ntlha ya seo, Kereke ya Roma e ne ya mmona molato fa batho bangwe ba ne ba simolola go dira ditshupetso ba lwela gore go dirwe diphetogo mo kerekeng.

Erasmus o ne a sa tshabe go senola diphoso le bosetlhogo jo bo neng bo dirwa ke Katoliki le balweladiphetogo ba bangwe

Mo mekwalong ya gagwe, Erasmus o ne a kgala baruti a senola bosetlhogo jwa bone, tsela e ba neng ba itsaya ba le botoka ka yone, botshelo jwa bone jwa manobonobo le bomopapa ba ba neng ba rotloetsa dintwa. O ne a kgala baruti ba maferefere ba ba neng ba tsietsa batho ba dirisa meetlo ya kereke e e jaaka go ipolela maleo, go obamela baitshepi, go itima dijo le maeto a bodumedi. Gape o ne a sa dumalane le meetlo ya kereke ya gore fa motho a leofetse Modimo o tshwanetse go ntsha madi gore a fokolediwe katlholo le moetlo wa go pateletsa batho gore ba se ka ba nyala.

 MEKWALO YA SEGERIKA YA TESETAMENTE E NTŠHA

Ka 1516, Erasmus o ne a golola thanolo ya gagwe ya ntlha ya Tesetamente e Ntšha ka Segerika mme mo dithanolong tsotlhe tsa Dikwalo tsa Bokeresete Tsa Segerika, ke yone ya ntlhantlha go gololwa. Gape thanolo eo e na le ditlhaloso tsa mafoko mangwe mmogo le karolo ya Selatine ya Dikwalo tsa Bokeresete Tsa Segerika mme e ne e farologane le Vulgate. Fa nako e ntse e ya, o ne a tswelela go tlhabolola thanolo eo go fitlha a golola thanolo e e neng e farologane gotlhelele le Vulgate ya Selatine.

Tesetamente e Ntšha ya Segerika ya ga Erasmus

Sekai sa seo se mo go 1 Johane 5:7. Vulgate e dirisitse mafoko a a bidiwang comma Johanneum go tshegetsa thuto e e seng ya Dikwalo ya gore go na le medimo e le meraro mo go a le mongwe. Mafoko ao a re: “Kwa legodimong go na le Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo: mme boraro jono ke modimo a le mongwe fela.” Le fa go ntse jalo, Erasmus ga a ka a tsenya mafoko ao mo dithanolong tsa gagwe tsa ntlha tse pedi tsa Tesetamente e Ntšha ka gonne a ne a seyo mo mekwalong ya ntlhantlha ya Segerika e a neng a ranola go tswa mo go yone. Moragonyana kereke e ne ya mo pateletsa gore a a tsenye mo thanolong ya gagwe ya boraro.

Dithanolo tse di tokafaditsweng tsa ga Erasmus tsa Tesetamente e Ntšha ya Segerika, di ne tsa dirisiwa fa go ne go ranolelwa mo dipuong tsa kwa Yuropa. Martin Luther, William Tyndale, Antonio Brucioli, le Francisco de Enzinas ba ne ba dirisa dithanolo tseno fa ba ranolela Dikwalo Tsa Segerika mo puong ya Sejeremane, Seesemane, Se-Italy le Se-Spain.

Erasmus o ne a tshela ka nako ya fa go ne go na le dikhuduego tse dikgolo mo bodumeding mme Balweladiphetogo ba Baporotesetanta ba ne ba tsaya thanolo ya gagwe ya Tesetamente e Ntšha ya Segerika e le botlhokwa thata. Bangwe ba ne ba tsaya Erasmus e le Molweladiphetogo mme seo se ne sa fetoga fa balweladiphetogo ba simolola go gatelela dikgopolo tsa bone mo bathong. Mme Erasmus o ne a gana go tsaya letlhakore mo dikganetsanong tsa bodumedi tse di ileng tsa latela morago ga moo. Dingwaga di feta 100 tse di fetileng, David Schaff o ne a kwala a re Erasmus “o tlhokafetse e se leloko la mokgatlho ope. Bakatoliki ba ne ba mo itatola; Baporotesetanta le bone ba ne ba mo itatola.”