O NE a sa huma e bile e se molaodi wa lefatshe. O ne a se na le ntlo. Mme batho ba le bantsi ba latela dithuto tsa gagwe. A tota Jesu Keresete o kile a tshela? Batho ba motlha wa rona le ba bogologolo ba reng ka kgang eno?

  • Michael Grant, yo e leng rahisitori e bile e le mankge mo hisitoring ya botshelo le ditiragalo tsa bogologolo a re: “Fa re ka tsaya Tesetamente e Ntšha e le botlhokwa fela jaaka re dira ka dibuka tsa bogologolo tsa hisitori, ga re kitla re tlhola re belaela gore Jesu o kile a nna gone fela jaaka re dumela ntle le pelaelo gore go kile ga nna le batho ba ba tsewang e le medimo.”

  • Rudolf Bultmann, yo e neng e le porofesara wa dithuto tsa Tesetamente e Ntšha o ne a re: “Ga re tlhoke go itshenyetsa nako re ngangisana le batho ba ba belaelang gore Jesu o kile a nna gone. Motho yo o nang le tlhaloganyo ga a belaele gore Jesu ke ene motlhami wa mokgatlho wa bogologolo o o ileng wa simololwa ke [Bakeresete] ba bogologolo ba kwa Palesetina.”

  • Will Durant, yo e neng e le rahisitori, mokwadi e bile e le rafilosofi o ne a kwala a re: “Kgang ya gore banna ba le mmalwa [bakwadi ba Efangele] ba ba tshedileng ka nako e le nngwe ba ile ba kwala ka motho yo o tumileng thata, yo o nang le botho jo bo kgatlhang, yo o tlotlomadiwang thata, yo o ileng a ruta batho melao ya botlhokwa mo botshelong le go tlhalosa kafa batho ba tshwanetseng go dirisana ka gone, e a gakgamatsa.”

  • Albert Einstein, Mojuda yo o tsholetsweng kwa Jeremane e bile e le mankge wa tsa fisikisi o ne a re: “Ke Mojuda mme ke kgatlhiwa thata ke kgang ya Monasaretha yono.” Fa Albert Einstein a ne a bodiwa gore a o tsaya Jesu e le motho yo o kileng a tshela, o ne a re: “Ke dumela ke sa belaele! Ga go na motho yo o ka balang Diefangele a bo a sa akanye thata ka Jesu. Botho jwa gagwe bo tlhalosiwa mo lefokong lengwe le lengwe. Ga go kgonege gore gotwe motho yo o ntseng jalo ke tlhamane fela.”

    “Ga go kgonege gore go twe motho yo o ntseng jalo ke tlhamane fela.”—Albert Einstein

 HISITORI E SENOLA ENG?

Tshedimosetso e ntsi ka botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe e mo dipegong tsa Baebeleng tsa Baefangele, tse di bidiwang ka maina a bakwadi ba tsone e leng Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Mo godimo ga moo, go na le metswedi e le mmalwa e e seng ya Bokeresete e e buang ka ene.

  • TACITUS

    (mo e ka nnang ka 56-120 C.E.) Tacitus o itsiwe e le mongwe wa borahisitori ba Roma wa bogologolo ba ba tumileng thata. O bua ka ditiragalo tsa nako ya Puso ya Roma go simologa ka 14 C.E. go fitlha ka 68 C.E. (Jesu o ne a swa ka 33 C.E.) Tacitus o ne a kwala gore fa molelo o mogolo o ne o senya Roma ka 64 C.E., Mmusimogolo Nero o ne a pegwa molato. Mme Tacitus a re Nero o ne a leka go “fedisa magatwe ao” ka go latofatsa Bakeresete. Go tswa foo, Tacitus o ne a re: “Keresete, motlhami wa tumelo ya Bokeresete, o ne a atlholelwa loso ka nako ya puso ya ga Tiberius mme moemedi wa puso e bong Ponto Pilato ke ene a neng a mo atlhola.”—Annals, XV, 44.

  • SUETONIUS

    (mo e ka nnang ka 69–go fitlha morago ga 122 C.E.) Mo bukeng ya gagwe ya Lives of the Caesars, rahisitori yono wa Moroma o ne a kwala ka ditiragalo tsa nako ya puso ya babusibagolo ba ntlha ba le 11 ba Roma. Fa a ne a kwala ka Claudius, o ne a umaka dikhuduego tse di neng tsa nna gone fa gare ga Bajuda le Baroma tse di ka tswang di ile tsa bakwa ke dikganetsano ka Jesu. (Ditiro 18:2) Suetonius o ne a kwala a re: “E re ka Bajuda ba ne ba tlhola ba baka dikhuduego ka leina la ga Keresete, [Claudius] o ne a ba leleka kwa Roma.” (The Deified Claudius, XXV, 4) Le fa Suetonius a ne a pega Jesu molato ka dikhuduego tseo, o ne a sa ganele gore Jesu o kile a tshela.

  • PLINY YO MMOTLANA

    (mo e ka nnang ka 61-113 C.E.) Mokwadi yono wa Moroma yo gape e neng e le molaodi wa kwa Bithinia (e gone jaanong e bidiwang Turkey) o ne a kwalela Mmusimogolo wa Roma e bong Trajan a mmolelela gore a ka dira eng ka Bakeresete ba porofense eo. Pliny o ne a bolelela Trajan gore o ne a leka go pateletsa Bakeresete gore ba tlogele tumelo ya bone mme o ne a bolaya ope fela yo o neng a gana go dira jalo. O ne a tlhalosa jaana: “Ba ba neng ba . . . rapela medimo ya rona [ya boheitane] ba bo ba kgabisa setshwantsho sa gago ka beine le ka dinkgisamonate . . . mme kgabagare ba bo ba rogaka Keresete . . . , ke ne ke bona go tshwanela gore ke ba golole.”—Pliny—Letters, Book X, XCVI.

  •  FLAVIUS JOSEPHUS

    (mo e ka nnang ka 37-100 C.E.) Moperesiti yono wa Mojuda e bile e le rahisitori a re moperesiti yo mogolo e bong Anase yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo mo dipolotiking, “o ne a bitsa baatlhodi ba Sanehederine [kgotlatshekelokgolo ya Bajuda] mme a tlisa fa pele ga bone monna mongwe yo o bidiwang Jakobe, morwarraagwe Jesu yo o neng a bidiwa Keresete.”—Jewish Antiquities, XX, 200.

  • TALMUD

    Dibuka tsa mekwalo ya borabi ba Bajuda tse di kwadilweng mo lekgolong la boraro go ya go la borataro la dingwaga di bontsha gore tota le baba ba ga Jesu ba ne ba dumela gore o kile a tshela. Mola mongwe wa re ka letsatsi la “Tlolaganyo Yeshu [Jesu] wa Monasaretha o ne a kalediwa,” mme seo se dumalana le ditiragalo tsa hisitori. (Babylonian Talmud, Sanhedrin 43a, Munich Codex; bona Johane 19:14-16.) Mola o mongwe wa re: “E kete re se ka ra nna le morwa kgotsa ngwana yo o tla itlontlololang phatlalatsa jaaka Monasaretha yono”—sereto se gantsi Jesu a neng a bidiwa ka sone.—Ntlha e e kwa tlase mo Babylonian Talmud, Berakoth 17b, Munich Codex; bona Luke 18:37.

BOSUPI JO BO MO BAEBELENG

Go bontsha gore pego eno ya hisitori e boammaaruri, Diefangele di tlhalosa tshedimosetso ya botshelo le bodiredi jwa ga Jesu, go akaretsa dintlha tse di tlhomologileng ka batho bangwe, mafelo le dinako. Ka sekai, Luke 3:1, 2, e re thusa go itse nako e monna mongwe yo o bidiwang Johane Mokolobetsi a neng a bua ka yone ka go tla ga ga Jesu.

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.”—2 Timotheo 3:16

Luke a re: “Mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea, le Filipo morwarraagwe a ne a le mmusi wa kgaolo ya naga ya Iturea le Terakoniti, mme Lisaniase a ne a le mmusi wa kgaolo ya Abilene, mo malatsing a moperesiti yo mogolo Anase le a ga Kaiafase, polelo ya Modimo ya tla mo go Johane morwa Sekarea kwa nageng.” Dintlha tseno tse di tlhomologileng di re thusa go lemoga gore “polelo ya Modimo [e ne] ya tla mo go Johane” ka ngwaga wa 29.

 Maina a le supa a Luke a buang ka one mo pegong ya gagwe a itsiwe sentle ke bakwadi ba hisitori. Mme ka nako nngwe batshwayadiphoso ba ne ba belaela gore a Ponto Pilato le Lisaniase ba kile ba nna gone. Ba ile ba itlhaganelela go bua ka gonne go ile ga fitlhelwa mekwalo ya bogologolo e e gabilweng e e nang le maina a badiredi bano ba puso mme seo se ile sa tlhomamisa gore pego ya ga Luke e boammaaruri. *

KE ENG FA GO LE BOTLHOKWA?

Jesu o ne a ruta batho ka puso ya lefatshe lotlhe e e bidiwang Bogosi Jwa Modimo

Kgang ya gore Jesu o kile a tshela mo lefatsheng e botlhokwa ka gonne dithuto tsa gagwe le tsone di botlhokwa. Ka sekai, Jesu o ne a ruta batho kafa ba ka tshelang ba itumetse ka gone. * Gape o ne a bua ka nako ya fa batho ba tla bong ba tshela ka kagiso ba sireletsegile, ba le seoposengwe ba busiwa ke puso e e bidiwang “Bogosi jwa Modimo.”—Luke 4:43.

Leina “Bogosi jwa Modimo” le a tshwanela ka gonne puso eno e e tla busang mo lefatsheng lotlhe e tla galaletsa bolaodi jwa Modimo. (Tshenolo 11:15) Jesu o ne a gatelela ntlha eno fa a ne a bua jaana mo thapelong ya Morena: “Rraarona yo o kwa magodimong, . . . A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi joo bo tla direla batho eng? Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

Batho bangwe ba ka nna ba akanya gore go dumela ditsholofetso tseno ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. A mme gone go ikanya matsapa a batho ba a tsayang ga se gone go ijesa dijo tsa ditoro? Akanya: Tota le fa go na le kgatelopele mo dithutong, mo dilong tsa saense le tsa thekenoloji, batho ba le bantsi ba sa ntse ba ikutlwa ba sa sireletsega e bile ba sa tlhomamisega ka isagwe. Mme letsatsi le letsatsi re bona maemo a ikonomi, a dipolotiki le a bodumedi a ntse a senyegela pele go akaretsa le batho ba ba pelotshetlha le maferefere. Boammaaruri ke gore, dipuso tsa batho di paletswe!—Moreri 8:9.

Ke ka moo go leng botlhokwa gore re akanyetse kgang ya gore Jesu o kile a tshela. * Ka gonne 2 Bakorintha 1:19, 20 ya re: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene [Keresete].”

^ ser. 23 Go fitlhetswe mekwalo e e gabilweng e na le leina la mmusi mongwe kgotsa “mmusi wa kgaolo” yo o bodiwang Lisaniase. (Luke 3:1) O ne a busa kwa Abilene ka nako ya fa Luke a ne a mo umaka mo pegong ya gagwe.

^ ser. 25 Ka sekai, dithuto tsa ga Jesu di fitlhelwa mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7, tse gantsi di bidiwang Thero ya kwa Thabeng.

^ ser. 32 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Jesu le ka dithuto tsa gagwe, ya kwa www.jw.org/tn mme o lebe DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.