POROFESA Rajesh Kalaria wa Newcastle University kwa Engelane, o feditse dingwaga di feta 40 a ithuta boboko jwa motho. O ne a dumela gore ditshedi di iphetola go nna tse dingwe (evolution). Mme moragonyana o ne a tlogela go dumela jalo. Tsogang! e ne ya mmotsa ka tiro ya gagwe le se a se dumelang.

Tsweetswee re bolelele gore lo ne lo dumela eng kwa lapeng.

Rre o tsholetswe kwa India. Mmê o tsholetswe kwa Uganda le fa batsadi ba gagwe ba tswa kwa India. Ba ne ba tshela go ya ka ngwao ya Se-Hindu. Re bana ba le bararo kwa lapeng mme nna ke wa bobedi. Re ne re nna kwa Nairobi kwa Kenya. Go ne go na le Bahindu ba le bantsi mo motseng oo.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele saense?

Ga ke bolo go rata diphologolo e bile ke ne ke tlhola ke ya go palama dithaba le go kampa le ditsala tsa me gore re bone diphologolo tsa naga. Ke ne ke batla go nna ngaka ya diphologolo. Mme fa ke sena go aloga kwa kholetšheng nngwe kwa Nairobi, ke ne ka ya go ithutela go nna ngaka ya boboko kwa Yunibesithing ya London kwa Engelane. Moragonyana ke ne ka nna ngaka ya boboko jwa motho.

A se o neng o se ithuta se ne se dumalana le se o neng o se dumela?

Nnyaa. Fa kitso ya me ka dilo tsa saense e ntse e oketsega, go ne ga nna thata go dumela ditlhamane le ditso sa Bahindu, jaaka go obamela diphologolo le ditshwantsho.

Goreng o ne o dumela gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe?

Fa ke ntse ke gola, batho ba le bantsi ba ne ba re kgang ya gore batho ba tswa mo diphologolong e simologile kwa Afrika e bile re ne re rutiwa jalo kwa sekolong. Gape barutabana le diporofesa tsa yunibesithi ba ne ba re ruta gore baitsesaense botlhe  ba ba itsegeng ba dumela gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe.

Ke eng se se dirileng gore o akanye thata ka gore botshelo bo simologile kae?

Moithutimmogo le nna o ne a mpolelela se a neng a se ithutile mo Baebeleng le Basupi ba ga Jehofa mme ka nako eo ke ne ke feditse dingwaga di le dintsi ke ithuta ka ditshedi le ka mmele wa motho. Ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng. Ka jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba nna le kopano kwa holong ya kholetšhe ya rona kwa Nairobi ke ne ka ya. Moragonyana, barongwa ba babedi ba Basupi ba ne ba ntlhalosetsa se Baebele e se rutang. Se ba neng ba se dumela ka Mmopi yo Mogolo yo gape a nang le dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa ka botshelo se ne se utlwala se le boammaaruri. Ke ne ke tlhaloganya se ba se bua.

A se o neng o se ithuta se ne se dira gore go nne thata go dumela gore dilo di bopilwe?

Le eseng! Fa ke ntse ke ithuta ka mmele wa motho, ke ne ka lemoga gore ditshedi di bopilwe ka tsela e e gakgamatsang e bile di raraane. Gone go sa tlhole go utlwala go dumela gore ditshedi di itlhagetse fela ka botsone.

A o ka re naya sekai?

Ke simolotse go ithuta boboko jwa motho ka 1970 mme ke nna fela ke gakgamala fa ke akanya ka karolo eno ya mmele. Mo go jone go nna dikakanyo le dilo tse di kileng tsa direga e bile bo laola tsela e dikarolo dingwe tsa mmele di dirang ka yone. Gape bo kgona go go bolelela gore go diregang mo mmeleng wa gago.

Lebaka le legolo la go bo boboko jwa rona bo bereka jalo, ke tsela e e raraaneng e bo bopegileng ka yone le e disele tsa jone di ntseng ka yone. Boboko jwa motho bo na le disele di le dibilionebilione tse di kgonang go dirisana di dirisa difaeba tse di bidiwang di-axon. Sele e le nngwe e kgona go dirisana le tse dingwe tse dintsi e dirisa difaeba tse di tshwanang le setlhare. Ka jalo, go na le tirisanommogo e ntsi thata mo bobokong! Le fa gone go lebega disele le difaeba tse di mo bobokong di tlhakatlhakane, di dirisana sentle tota. Di bopilwe ka tsela e e gakgamatsang.

Tsweetswee re tlhalosetse.

Boboko jwa lesea bo bopega ka tsela e e rulaganeng sentle fa le sa ntse le le lennye mo popelong le fa le sena go tsholwa. Disele di romela difaeba gore di di golaganye le disele tse dingwe. Tiro ya difaeba tseo ke go batla sele e e siameng le karolo e e rileng mo seleng eo.

Fa faeba e ntšha e tswa mo seleng, go na le khemikhale nngwe e e kaelang faeba eo go ya kwa e tshwanetseng go ya gone. Fa difaeba tseo tse disha di sa kaelwe sentle, di ka timela ka bonako. Thulaganyo eno e dirilwe ka matsetseleko go simolola fela ka tshedimosetso e e mo DNA ya rona.

Seo se dira gore go re se ka ra kgona go itse sengwe le sengwe ka boboko, gore bo bopega jang, bo bereka jang, bo dira jang gore re kgone go gakologelwa dilo tse di diragetseng, le gore bo bopa dikakanyo le maikutlo jang. Tota nna kgang fela ya gore boboko bo a bereka—ke sa bue ka gore bo bereka jang kgotsa bo bopega jang ka tsela e e kgatlhang—e bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale thata go re gaisa yo o bo dirileng.

Goreng o ne o nna Mosupi wa ga Jehofa?

Basupi ba ne ba mpontsha bosupi jo bo tlhatswang pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Ka sekai, le fa Baebele e se buka ya saense, e opa kgomo lonaka fa e bua ka dilo tsa saense. Gape e na le boporofeti jo bo nepileng. Gape e tokafatsa matshelo a batho ba ba dirisang se ba se ithutang mo go yone. Ke bone seo ka nna. Baebele ga e bolo go nna buka e e thusang fa e sale ke nna Mosupi wa ga Jehofa ka 1973. Gone jaanong ke itumelela botshelo e bile ke a itse gore ke tshelela eng.