KGWETLHO

Gantsi banyalani ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo fa bana ba bone ba setse ba godile e bile ba dule mo lapeng. Fa bana ba sena go tsamaya, go nna jaaka e kete boobabedi ga ba itsane. Mogakolodi wa malapa e bong M. Gary Neuman a re: “Ke tlotla le banyalani ba le bantsi ba ba sa itseng gore ba boe ba dirisane sentle gape jang. E re ka jaanong bana ba seyo, [batsadi] ba felelwa ke metlotlo le dilo tse ba ka di dirang mmogo.” *

A go ka tswa go ntse jalo mo lenyalong la lona? Fa go le jalo, maemo a ka boela mannong. Mme ela tlhoko pele dilo tse di ka tswang di dirile gore maemo a nne jaaka a ntse fa gare ga gago le molekane wa gago.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Bana ba ne ba tla pele. Batsadi ba le bantsi ba baya bana ba bone kwa pele ga lenyalo la bone mme ba dira jalo ka maikaelelo a a siameng. Seo se dira gore ba feleletse ba tlwaela go nna mmê le rre ba bo ba tlwaologa go nna monna le mosadi mme seo se bonala sentle fa bana ba setse ba dule mo lapeng. Mosadi mongwe wa dingwaga di le 59 a re: “Fa bana ba ne ba nna le rona, re ne re dira dilo mmogo.” Fa bana ba setse ba dule mo lapeng, o ne a re: “Mongwe le mongwe o ne a tshela botshelo jwa gagwe.” Nako nngwe o kile a raya monna wa gagwe a re: “Re a kgoreletsana.”

Banyalani bangwe ga ba ipaakanyetse go lebana le maemo ao a masha. Buka ya Empty Nesting ya re: “Ka nako eo, banyalani ba le bantsi ba tshela jaaka e kete ke gone ba nyalanang.” E re ka ba akanya gore ga ba tshwanelane, mongwe le mongwe o itshelela botshelo jwa gagwe a le nosi jaaka e kete ga se banyalani.

Se se kgatlhang ke gore o ka kgona go tila maemo ao o bo o itumelela nako eno ya fa bana ba sa tlhole ba le gone mo lapeng. Baebele e ka lo thusa. Mma re bone gore e ka lo thusa jang.

 SE LO KA SE DIRANG

Ipaakanyetse go amogela maemo. Baebele e bua jaana ka bana ba ba godileng: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) E re ka lo le batsadi, tiro ya lona e ne e le go ruta bana go ipaakanyetsa nako eo, go ba thusa go nna le bokgoni jo ba tla bo tlhokang fa ba setse ba godile. Fa o akanya ka seno, o ka nna motlotlo thata fa ngwana wa gago a tswa mo lapeng.—Molaomotheo wa Baebele: Mareko 10:7.

Boammaaruri ke gore o tla nna o le motsadi wa bana ba gago. Mme ka gonne ga ba tlhole ba nna mo lapeng, o a ba thusa, ga o tlhole o ba bolelela gore ba dire eng. Kamano eno ya lona e ntšha e go thusa go nna o dirisana le bana ba gago ka dinako tsotlhe mme o dira gore molekane wa gago a tle pele. *Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 19:6.

Bolelela molekane wa gago gore o ikutlwa jang. Bolelela molekane wa gago gore maemo ano a masha a botshelo a dira gore o ikutlwe jang mme o mo reetse fa le ene a go tshololela maikutlo. Nna pelotelele mme o tlhaloganye. Go ka nna ga tsaya nako gore wena le molekane wa gago lo baakanye kamano ya lona mme go dira jalo ga se matsapa a bophiri.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 13:4.

Batlang dilo tse lo ka di dirang mmogo. Tlotlang ka dilo tse lo batlang go di fitlhelela mmogo kgotsa tse lo batlang go simolola go di dira mmogo. Lo na le maitemogelo a mantsi ka gonne lo godisitse bana mmogo. Ke eng lo sa dirise maitemogelo ao go thusa ba bangwe?—Molaomotheo wa Baebele: Jobe 12:12.

Ikgopotseng dinako tsa maloba. Akanyang ka mekgwa e mentle e e dirileng gore lo kgatlhegelane. Akanyang ka dilo tse dintle tse lo di dirileng mmogo le mathata a lo lebaneng le one lo bo lo a fenya. Seo se tla dira gore lo itumele. Ruri fa lo tsaya matsapa go dirisana sentle, lo tla kgona go tokafatsa lenyalo la lona le go ratana jaaka lo ne lo ratana fa lo kopana.

^ ser. 4 Go tswa mo bukeng ya Emotional Infidelity.

^ ser. 12 Fa e le gore lo sa ntse lo godisa bana, gakologelwa gore wena le molekane wa gago lo “nama e le nngwe.” (Mareko 10:8) Gantsi bana ba ikutlwa ba sireletsegile fa ba lemoga gore batsadi ba bone ba na le kamano e e nonofileng.