Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dijo Tse di Ilwang ke Mmele le Mathata a a Bakwang ke Dijo—Pharologano ke Eng?

Dijo Tse di Ilwang ke Mmele le Mathata a a Bakwang ke Dijo—Pharologano ke Eng?

Emily: “Fela fa ke sena go beela foroko kwa thoko, ke ne ka simolola go sa ikutlwe sentle. Ke ne ka utlwa molomo wa me o baba le loleme lo ruruga. Ke ne ka simolola go tsewa ke sedidi e bile ke sa kgone go hema sentle. Ke ne ka tswa dipatso tse dikhibidu mo mabogong le mo thamong. Ke ne ka leka go itshoka mme ke ne ke itse gore ke tshwanetse go ya bookelong—le gone ka bonako!”

BATHO ba le bantsi ba itumelela go ja. Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba sa jeng sengwe le sengwe. Fela jaaka Emily yo o umakilweng fa godimo, mebele ya bone e ila dijo dingwe. Bothata jwa ga Emily jo bo masisi bo bidiwa anaphylaxis, e leng boemo jo bo kotsi jwa dijo tse di ilwang ke mmele. Se se itumedisang ke gore bontsi jwa mathata a a bakwang ke dijo tse di ilwang ke mmele ga a masisi.

Bosheng jaana go gaisa mo dingwageng tse di fetileng, batho ba le bantsi ba ganwa ke dijo kgotsa ba nna le mathata a a bakwang ke dijo. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tsa re mo bathong ba ba akanyang gore ba ganwa ke dijo dingwe, ke ba le mmalwa fela ba ba tlhomamisitseng gore ba na le bothata joo ka go ya kwa ngakeng.

Dijo di Ilwa ke Mmele Jang?

Setlhopha sengwe sa baitsesaense se se eteletsweng pele ke Dr. Jennifer J. Schneider Chafen se ne sa bua jaana mo pegong ya sone e e mo The Journal of the American Medical Association: “Go na le ditsela tse dintsi tsa go tlhalosa gore dijo di ilwa ke mmele jang. Le fa go ntse jalo, bomankge ba le bantsi ba dumela gore thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse ke yone e gantsi e dirang gore mmele o ile dijo.

Fa dijo dingwe di ilwa ke mmele, gantsi e a bo e le ka ntlha ya poroteine e e mo dijong tseo. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e tsaya poroteine eo e le kotsi. Fa poroteine e tsena mo mmeleng, thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e ka dira masole a mmele a a bidiwang IgE go lwantsha poroteine eo. Fa motho a ja dijo tseo gape, masole ao a mmele a ntsha dikhemikale tse nngwe ya tsone e bidiwang histamine.

Mo maemong a a tlwaelegileng, histamine e thusa thulaganyo ya mmele ya go thibela malwetse. Mme ka ntlha ya mabaka a a sa itseweng, mo bathong ba ba ganwang ke poroteine e e mo dijong dingwe, masole a mmele a IgE le go ntshiwa ga histamine go dira gore mmele o ganwe ke dijo dingwe.

Seno se dira gore re kgone go tlhaloganya lebaka la go bo motho a kgona go ja dijo lekgetlo la ntlha go se na bothata bope mme a bo a nna le mathata fa a di ja ka nako nngwe.

Dijo di Baka Jang Mathata mo Mmeleng?

Fela jaaka dijo tse di ganwang ke mmele, dijo dingwe di ka nna tsa se go tshware sentle. Mme go farologana le dijo tse di ganwang ke mmele (mo go amanang le thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse), dijo tse di bakang mathata mo mmeleng tsone di amana le thulaganyo ya mmele ya go sila dijo e bile ga e amane ka gope le masole a mmele. Seno se raya gore mmele o ka tswa o na le bothata  jwa go sila dijo, gongwe ka gonne o tlhaela di-enzyme kgotsa o sa kgone go sila dijo dingwe ka ntlha ya dikhemikale tse di mo go tsone. Ka sekai, dijo tse di dirilweng ka mashi di ka bakela motho mathata fa mmele wa gagwe o sa kgone go tlhagisa di-enzyme tse di lekaneng go sila sukiri e e mo dijong tseo.

E re ka mathata a a bakwang ke dijo a sa amane le go tlhagisiwa ga masole a mmele, dijo dingwe di ka nna tsa se ka tsa tshwara motho sentle lekgetlo la ntlha fa a di ja. Selekanyo se motho a se jang se ka nna le seabe—mmele o ka itshokela dijo tse di rileng fa motho a ja tse dinnye mme fa a ja tse dintsi go ka nna le mathata. Seno se farologana le dijo tse di ilwang ke mmele tse di ka nnang kotsi le fa motho a jele tse dinnye.

Matshwao

Fa mmele wa gago o gana dijo dingwe, o ka nna wa baba mo mmeleng, wa tswa dipatso tse dikhibidu mo letlalong, wa ruruga mometso, matlho kgotsa loleme; wa feroga sebete, wa kgwa kgotsa wa tshwarwa ke letshololo. Mme fa go nna maswe le go feta, selekanyo sa gago sa madi se ka ya kwa tlase, wa tsewa ke sedidi, wa idibala kgotsa wa tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo. Go ganwa ke dijo dingwe go dira gore mmele o tsiboge ka bonako e bile go ka nna kotsi.

Tota dijo dingwe le dingwe di ka gana motho. Le fa go ntse jalo, ke dijo di le mmalwa tse di ganang motho tse di ka bakang mathata a a masisi: mashi, mae, tlhapi, dijo tsa lewatle, matonkomane, dinawa, matonkomane a a tlhogang mo ditlhareng le korong. Go sa kgathalesege gore motho o na le dingwaga tse kae a ka ganwa ke dijo dingwe. Dipatlisiso di bontsha gore dijini di na le seabe se segolo le gore ngwana a ka ganwa ke dijo dingwe fa motsadi wa gagwe kgotsa batsadi ka bobedi ba na le bothata jono. Gantsi bothata jono bo ka kgaotsa fa bana ba ntse ba gola.

Matshwao a mathata a a bakwang ke dijo ga a kotsi go feta a a masisi a go ganwa ke dijo. Mathata a a bakwang ke dijo a ka baka ditlhabi mo mpeng, go tlala moya mo mpeng, ditlhabi, go opiwa ke tlhogo, go tswa boswata, letsapa kgotsa go sa ikutlwe sentle. Gantsi go tlwaelegile gore dijo tse di dirilweng ka mashi, korong, folouru, bojalwa le sebediso di bake mathata.

Go Lemoga Bothata le go Bona Kalafi

Fa o akanya gore o ganwa ke dijo dingwe kgotsa o na le mathata a a bakwang ke dijo, go ka nna molemo gore o batle thuso ya ngaka. Go ikalafa le go tlogela go ja dijo dingwe go ka nna kotsi ka gonne go ka dira gore mmele wa gago o tlhaele dikotla dingwe.

Kalafi e e di gaisang tsotlhe ya dijo tse di ganwang ke mmele ke go di tlogela. * Mme fa e le gore bothata jwa gago jwa go ganwa kgotsa jwa go bakelwa mathata ke dijo dingwe ga bo masisi, go ka nna molemo gore o fokotse selekanyo sa tsone le gore o se ka wa di ja gantsi. Le fa go ntse jalo, mo maemong mangwe batho ba ba nang le bothata joo ba patelesega go tlogela dijo tseo gotlhelele kgotsa ka lobakanyana go ikaegile ka gore di ba bakela mathata go le kae.

Ka jalo fa e le gore o ganwa ke dijo dingwe kgotsa di go bakela mathata, o ka gomodiwa ke go itse gore batho ba le bantsi ba ba nang le mathata ano ba kgona go a laola e bile ba sa ntse ba ka ja dijo tse dingwe tse di farologaneng tsa dikotla e bile di le monate.

^ ser. 19 Gantsi batho ba ba nang le bothata jo bo masisi jwa go ganwa ke dijo ba kgothalediwa go nna ba tshotse lomao lo lo nang le adrenaline (epinephrine) lo o ka itlhabang ka lone fa go tlhaga maemo a tshoganyetso. Bangwe ba tsa kalafi ba akantsha gore bana ba ba ganwang ke dijo dingwe ba tshware kgotsa ba apare dilo dingwe tse di ka tlhagisang barutabana kgotsa batho ba ba ba tlhokomelang ka boemo jwa bone.