BATHO ba le bantsi ga ba dumele mo dilong tse di amanang le maatla a a sa tlwaelegang le badimo ka gonne ba akanya gore ke maaka kgotsa gore bakwadi ba difilimi ba di diretse go kgatlha batho. Baebele yone ya reng ka kgang eno? Ya re tirisabadimo ga e a siama. Ka sekai, Duteronome 18:10-13 ya re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi.” Goreng e rialo? Ka gonne ditemana tse di latelang di a re: “Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa . . . O itshupe o se na molato mo go Jehofa Modimo wa gago.”

Goreng Baebele e re mefuta yotlhe ya tirisabadimo ga e a siama?

KWA E SIMOLOGILENG GONE

Baebele ya re Modimo o ne a bopa baengele kgotsa dibopiwa tsa moya di le dintsi bogologolo pele a bopa lefatshe. (Jobe 38:4, 7; Tshenolo 5:11) Baengele bao ba ne ba na le kgololesego ya go tlhopha se se siameng kgotsa se se sa siamang. Bangwe ba bone ba ne ba nna kgatlhanong le Modimo, ba tlogela maemo a bone a kwa legodimong mme ba tla go tlhakatlhakanya dilo mo lefatsheng. Mme seo se ne sa dira gore lefatshe ‘le tlale thubakanyo.’—Genesise 6:2-5, 11; Jude 6.

Baebele ya re baengele bao ba ba sa siamang ba na le maatla a magolo a go tsietsa batho ba le  bantsi. (Tshenolo 12:9) Gape ba dira gore batho ba batle go itse se se tla diregang mo nakong e e tlang.—1 Samuele 28:5, 7; 1 Timotheo 4:1.

Go ka tswa go na le maatla mangwe a a sa tlwaelegang a go lebegang a thusa batho. (2 Bakorintha 11:14) Le fa go ntse jalo, baengele ba ba sa siamang ba leka go foufatsa megopolo ya batho gore ba se ka ba itse boammaaruri ka Modimo.—2 Bakorintha 4:4.

Le fa go ntse jalo, Baebele ya re go dirisana le meya e e sa siamang go kotsi. Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go rutiwa boammaaruri ka go dirisana le meya e e sa siamang, ba “ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo,” le fa di ne di ja madi a mantsi.—Ditiro 19:19.

“Go dirisa batho ba bantle mo thelebisheneng, mo difiliming le mo dibukeng go dira ditiro tsa boloi, e ka tswa e le gone go dirang gore basha ba basetsana ba dumele mo boloing.”—Gallup Youth Survey, 2014

Tota le gompieno, go na le batho ba le bantsi ba ba sa batleng go dira dilo tse di amanang le bodimona kgotsa go itlosa bodutu ka tsone. Ka sekai, fa Maria * a na le dingwaga di le 12, o ne a kgona go bonela dilo kwa pele kgotsa go bona dikotsi di ise di direge. O ne a bolelela baithuti ka ene se se tla diregang a dirisa dikarata tsa tarot. E re ka dilo tseo di ne di direga, o ne a itumela tota.

Maria o ne a akanya gore Modimo o mo neile mpho ya go thusa batho. A re: “Mme go na le sengwe se se neng se ntshwenya. Ke ne ke kgona go dirisa dikarata go bolelela batho se se tla ba diragalelang, mme ke ne ke sa kgone go di dirisa go bona gore bokamoso jwa me bo tla nna jang.”

E re ka Maria a ne a sa bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe, o ne a tshwenyega thata  mme a rapela Modimo. Moragonyana o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ithuta Baebele le bone. Maria o ne a ithuta gore Baebele ya re Modimo ga se ene a mo neileng bokgoni jwa go bonela dilo kwa pele. Gape o ne a ithuta gore batho ba ba batlang go nna ditsala tsa Modimo ba tshwanetse go latlha dilo tsotlhe tse di amanang le madimona. (1 Bakorintha 10:21) Maria o ne a dira eng? O ne a latlha dibuka le dilo tsotlhe tse a neng a di dirisa go bonela dilo kwa pele. Gone jaanong o ruta batho ba bangwe boammaaruri jo a bo ithutileng mo Baebeleng.

Fa Michael a ntse a gola, o ne a rata go bala dibuka tse di buang ka batho ba ba nang le maatla a a sa tlwaelegang. A re: “Ke ne ke rata go bala ka bagaka ba ba lekanang le nna ba ba neng ba kgona go tsena mo lefatsheng la ditoro.” Ka bonya ka bonya, Michael o ne a simolola go bala dibuka tse di buang ka maselamose le ka ditiro tsa madimona. A re: “E re ka ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng, ke ne ke bala dibuka e bile ke leba difilimi tse di bontshang ditiro tsa bodimona.”

Le fa go ntse jalo, fa Michael a ntse a ithuta Baebele o ne a lemoga gore o tshwanetse go sekaseka se a neng a se bala mo dibukeng tsa gagwe. A re: “Ke ile ka dira lenaane la dilo tsotlhe tse ke neng ke na le tsone tse di amanang le bodimona ke bo ke di latlha. Ke ile ka ithuta sengwe sa botlhokwa se Baebele e se buang mo go 1 Bakorintha 10:31: ‘Dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.’ Gone jaanong fa ke bala buka nngwe, ke ipotsa gore, ‘A e tla nthusa go galaletsa Modimo?’ Fa e sa nthuse, ke a e latlha.”

Baebele e tshwantshiwa le lobone. Ke buka e e kgethegileng e e buang boammaaruri ka tirisabadimo. (Pesalema 119:105) Gape Baebele e na le tsholofetso e e gakgamatsang ya lefatshe le le tla bong le se na meya e e sa siamang. Seo se tla tswela batho mosola. Ka sekai, Pesalema 37:10, 11 ya re: “Mme mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”

^ ser. 10 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.