Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Sefapaano

Sefapaano

Batho ba le bantsi ba dumela gore sefapaano ke letshwao la Bokeresete. Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba dumelang gore motho o tshwanetse go rwala sefapaano kgotsa go tshwanetse ga kgabisiwa ka sone mo matlong le kwa dikerekeng.

A Jesu o swetse mo sefapaanong?

SE BANGWE BA SE BUANG

 

Baroma ba ne ba bolaya Jesu ka go mo pega mo sefapaanong se se neng se dirilwe ka dikgong tse pedi.

SE BAEBELE E SE BUANG

 

Jesu o ne a bolawa ka go ‘pegwa mo koteng.’ (Ditiro 5:30) Mafoko a mabedi a a dirisitsweng ke bakwadi ba Baebele go tlhalosa se Jesu a swetseng mo go sone a kaya logong lo le longwe fela, e seng a mabedi. Buka ya Crucifixion in Antiquity ya re lefoko la Segerika e leng stau·rosʹ, le kaya “pale, e seng ‘sefapaano.’” Lefoko xyʹlon, le le dirisitsweng mo go Ditiro 5:30, le kaya “pale fela e e tlhamaletseng kgotsa kota e Baroma ba neng ba e dirisa go kokotela batho ba ba neng ba atlholetswe go bapolwa.” *

Gape Baebele ya re tsela e Jesu a bolailweng ka yone e tshwana le e batho ba neng ba bolawa ka yone bogologolo go ya ka molao wa kwa Iseraele. Molao oo o ne o re: “Fa [motho] a dirile boleo jo bo tshwanetseng loso, a a bolawe, a be a pegwe mo koteng. . . . Gonne yo o pegilweng o hutsitswe ke Modimo.” (Duteronome 21:22, 23, Tswana Central) Fa moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a ne a bua ka molao oo, o ne a re Jesu o ne a “nna phutso mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng [kgotsa xyʹlon].’” (Bagalatia 3:13) Ka jalo, Paulo o ne a bontsha gore Jesu o swetse mo koteng kgotsa mo paleng.

“Ba ne ba mmolaya ka go mo pega mo koteng.”Ditiro 10:39.

 A barutwa ba ga Jesu ba ne ba dirisa sefapaano go obamela Modimo kgotsa go bontsha gore ke Bakeresete?

SE BAEBELE E SE BUANG

 

Ga go na gope mo Baebele e reng Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa sefapaano go obamela Modimo. Tota Baroma ba nako eo ke bone ba neng ba dirisa sefapaano go obamela medimo ya bone. Mme morago ga dingwaga di le 300 Jesu a bolailwe, Mmusi wa Roma e bong Constantine o ne a dira gore sefapaano e nne letshwao la masole a gagwe mme moragonyana se ne se dirisiwa mo dikerekeng tse di reng ke tsa Bakeresete.

E re ka sefapaano se ne se dirisiwa ke batho ba e seng Bakeresete, a barutwa ba ga Jesu ba ne ba ka se dirisa go obamela Modimo wa boammaaruri? Nnyaa, ba ne ba itse gore Modimo ga a batle go obamelwa ka “ditshwantsho” le gore Bakeresete ba ne ba sa tshwanela go obamela medimo ya disetwa. (Duteronome 4:15-19; 1 Bakorintha 10:14) “Modimo ke moya,” re ka se kgone go mmona. Ka jalo, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa dirise ditshwantsho kgotsa matshwao go atamalana le Modimo. Ba ne ba mo obamela “ka moya” ba kaelwa ke moya wa gagwe o o boitshepo le “ka boammaaruri” go dumalana le thato ya gagwe e e umakilweng mo Baebeleng.—Johane 4:24.

‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri.’Johane 4:23.

Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba tlotla Jesu Keresete?

SE BATHO BA SE BUANG

 

“Go ne go tlwaelegile gore dilo tse di bolokang matshelo di tseelwe kwa godimo le go tlotliwa thata. . . . Yo o tlotlang setshwantsho sengwe, o tlotla le motho yo o emelwang ke setshwantsho seo.”—New Catholic Encyclopedia.

SE BAEBELE E SE BUANG

 

Bakeresete ba ikarabela mo go Jesu ka gonne loso lwa gagwe lo dira gore maleo a bone a itshwarelwe, ba kgone go obamela Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16; Bahebera 10:19-22) Ga ba laelwe go bontsha gore ba tlotla Jesu ka go nna le ditshwantsho tsa gagwe kgotsa ka go bua fela gore ba dumela mo go ene. Tota e bile, “tumelo ka boyone, fa e se na ditiro, e sule.” (Jakobe 2:17) Bakeresete ba tshwanetse go bontsha gore ba dumela mo go Jesu. Jang?

Baebele ya re: “Gonne lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe . . . gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Se Keresete a se dirileng go bontsha lorato se tshwanetse go dira gore Bakeresete ba dire jaaka a ne a dira. Fa ba dira jalo, ba bontsha gore ba tlotla Jesu go na le go dirisa matshwao fa ba obamela Modimo.

“Gonne eno ke thato ya ga Rre, gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa mme a supa tumelo mo go ene a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”Johane 6:40.

^ ser. 8 A Critical Lexicon and Concordance to the English and Greek New Testament, ya bo11, ya ga Ethelbert W. Bullinger, tsebe 818-819.