Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele—A ke Buka Fela e e Molemo?

Baebele—A ke Buka Fela e e Molemo?

Baebele e ne ya fetsa go kwalwa dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Fa e sa le ka nako eo, go ne ga tsena dibuka di le dintsi tsa bo tsa tswa. Mme Baebele yone e nnetse ruri. Akanya ka dintlha tse di latelang.

  • Baebele e ne ya falola fa batho ba ba nang le maatla ba batla go e nyeletsa. Ka sekai, buka ya An Introduction to the Medieval Bible ya re ka Metlha ya Bogare kwa dinageng tse di ipitsang tsa ‘Bokeresete,’ “go nna le Baebele ka puo ya gago le go e bala go ne go amanngwa le botlhanogi le kganetso.” Baithuti ba ba neng ba ranolela Baebele mo dipuong tse dingwe kgotsa ba ba neng ba ruta batho Baebele, ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing. Bangwe ba bone ba ne ba bolawa.

  • Go sa kgathalesege gore e ne tlhoilwe ke batho, Baebele e ne ya nna—e bile e sa ntse e le buka e e anamisitsweng go gaisa dibuka tsotlhe. Go fopholediwa gore go gatisitswe dikhopi di ka nna dibilione di le tlhano tsa Baebele ka dipuo di feta 2 800, e feletse kgotsa karolo ya yone. Seno se farologana thata le dibuka tsa filosofi, saense le tse dingwe, tse batho ba le bantsi ba sa kgoneng go nna le tsone e bile di felelwa ke nako.

  • Baebele e thusitse gore dipuo tse dingwe tse e ranoletsweng mo go tsone di se ka tsa nyelela le gore di gole. Thanolo ya Sejeremane ya ga Martin Luther e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo puong eo. Kgatiso ya ntlha ya King James Version e ne ya tlhalosiwa e le “buka e e tlhotlheletsang e e kileng ya gatisiwa” ka Seesemane.

  • Buka ya The Oxford Encyclopedia of the Books of the Bible ya re “Baebele e ne ya ama setso sa kwa Bophirima thata ya bo ya nna le tlhotlheletso mo ditumelong le ditlwaelo tsa bodumedi, go akaretsa le mo botaking, mo dikgatisong, mo molaong, mo dipolotiking le mo dilong tse dingwe tse dintsi.”

Tseo ke dingwe tsa dilo tse di dirileng gore Baebele e farologane le dibuka tse dingwe. Mme gone, goreng e itsege jaana? Goreng batho ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka ntlha ya yone? Mangwe a mabaka ao ke a a latelang: Baebele e na le tshedimosetso e e molemo ya kafa re ka tshelang ka gone le kafa re ka nnang le kamano e e molemo le Modimo ka gone. Baebele e re thusa go tlhaloganya gore go tlile jang gore go nne le pogo le dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, e re solofetsa gore mathata ao a tla fela le gore seo se tla direga jang.

 Baebele e re Naya Kitso ya Bomodimo le Botlhale Jwa Gore re Itshware Jang

Thuto ya lefatshe e botlhokwa. Mme mokwadi mongwe wa lokwalodikgang lwa Ottawa Citizen lwa kwa Canada o ne a re: “Thuto . . . e e dirang gore o nne le leina le lentle . . . ke e e go thusang go nna le boitsholo jo bo siameng.” Patlisiso ya lefatshe lotlhe e e gatisitsweng ke mokgatlho wa dikamano tsa batho wa Edelman ya re, eleruri batho ba le bantsi ba ba rutegileng go akaretsa le batsamaisi ba kgwebo le baeteledipele ba puso ba bua maaka, ba a tsietsa e bile ba a utswa, e leng “se se dirang gore batho ba se ka ba tlhola ba ba tshepa.”

Baebele e bua thata ka boitshwaro le ka go ithuta ka Modimo. E re tlhaba matlhale ka “tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.” (Diane 2:9) Ka sekai, lekawana lengwe la dingwaga di le 23 le re tla le bitsang Stephen, le ne le tsentswe mo kgolegelong kwa Poland. Fa le ntse le le koo, le ne la simolola go ithuta Baebele le go itumelela kgakololo ya yone. Le ne la kwala jaana: “Jaanong ke a bona gore go raya eng go tlotla ‘rrago le mmago.’ Gape ke ithutile go laola maikutlo a me, segolobogolo go nna bogale thata.”—Baefeso 4:31; 6:2.

Molaomotheo o o neng wa ama Stephen pelo ke o o mo go Diane 19:11 o o reng: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe, mme ke bontle mo go ene go tlhokomologa tlolo.” Jaanong fa Stephen a lebane le maemo a a mo gwetlhang, o leka go akanya sentle ka boemo joo le go dirisa melaometheo ya Baebele e e maleba. O ne a re: “Ke lemogile gore Baebele ke buka e e molemo go di gaisa e e kaelang batho.”

Maria yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a tlhabisiwa ditlhong phatlalatsa ke mosadi mongwe yo o neng a na le tlhaolele, yo o neng a baka khuduego. Mme go na le go ipusolosetsa, Maria o ne a tsamaya. Mosadi yoo o ne a ikutlwa molato ka ntlha boitshwaro jwa gagwe mme a simolola go batla Basupi. Mo e ka  nnang kgwedi morago ga moo fa a ne a kopana le Maria gape, o ne a mo tlamparela mme a kopa maitshwarelo. Mo godimo ga moo, o ne a lemoga gore tsela Maria a neng a itshwere ka yone e ne e bontsha se a se dumelang. Seo se ne sa felela ka eng? Mosadi yoo yo o neng a na le tlhaolele le maloko a le matlhano a lelapa la gagwe, ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Jesu Keresete o ne a re botlhale bo lemogiwa ka ditiro tsa jone. (Luke 7:35) Ka jalo, go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore melaometheo ya Baebele e solegela molemo! E re dira batho ba ba botoka. E “tlhalefisa yo o senang maitemogelo,” e “dira gore pelo e ipele” e bile “e phatsimisa matlho” ka boitshwaro jo bo phepa le kitso ya Modimo.—Pesalema 19:7, 8.

Baebele e Tlhalosa Gore ke Eng Go na Le Pogo le Dikgotlhang

Fa babatlisisi ba ithuta ka bolwetse jwa leroborobo, ba leka go bona gore bo bakilwe ke eng. Go ntse jalo le fa re batla go tlhaloganya gore goreng batho ba boga e bile go na le dikgotlhang. Gape Baebele e re thusa go tlhaloganya seno, ka gonne e tlhalosa se se neng sa direga bogologolo, nako ya fa mathata a rona a ne a simologa.

Buka ya Genesise e bontsha gore mahutsana a batho a simologile fa batho ba ntlha ba tsuologela Modimo. Mo godimo ga moo, ba ne ba ipagololela mogodu ka go ipeela melao ya boitsholo—selo se se neng se tshwanetse go dirwa fela ke Modimo. (Genesise 3:1-7) Ka maswabi, fa e sa le nako eo, batho ba le bantsi ba ne ba simolola go akanya ka tsela eo. Seo se ne sa felela ka eng? Hisitori ya batho ga se ditiragalo tsa kgololesego le boitumelo, mme ke tsa dintwa, kgatelelo, mathata a boitsholo le a bodumedi. (Moreri 8:9) Baebele ya re: “Ga se ga motho . . . go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Dikgang tse di  molemo ke gore botlhoko jo bo bakilweng ke botsuolodi jwa batho bo tloga bo fela.

Baebele e re Naya Tsholofelo

Baebele e re tlhomamisetsa gore e re ka Modimo a rata batho ba ba tlotlang molao le bolaodi jwa gagwe, ga a kitla a letla bosula le pogo e e bo bakang di direga ka bosakhutleng. Ba ba bosula “ba tla ja maungo a tsela ya bone.” (Diane 1:30, 31) Ka fa letlhakoreng le lengwe, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

‘Thato ya [Modimo] ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’—1 Timotheo 2:3, 4

Modimo o tla diragatsa maikaelelo a gagwe a gore go nne le kagiso mo lefatsheng a dirisa ‘Bogosi jwa gagwe.’ (Luke 4:43) Bogosi joo ke puso ya lefatshe lotlhe e bile Modimo o tla bo dirisa go bontsha tshwanelo ya gagwe ya go busa batho. Jesu o ne a amanya Bogosi le lefatshe ka go bua jaana mo thapelong ya Morena: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale . . . mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10.

Ee, babusiwa ba Bogosi Jwa Modimo ba tla dira thato ya Modimo, ba mo tsaya e le ene yo o tshwanelwang ke go busa, e seng batho. Bonweenwee, bogagapa, mathata a ikonomi, go tlhaolana ka lotso le ntwa di tla fela. Go tla nna le lefatshe la mmatota le le lengwe, puso e le nngwe le melao ya boitsholo le e e dirang gore re atamalane le Modimo.—Tshenolo 11:15.

 Thuto ke yone e tla dirang gore re bone lefatshe leo. Timotheo wa ntlha 2:3, 4 ya re: ‘Thato ya [Modimo] ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ Boammaaruri joo bo akaretsa dithuto tsa Baebele tse re ka reng ke melao ya Bogosi—melao le melaometheo e e tla bo busang, dikai tse di ka fitlhelwang mo Therong ya ga Jesu Keresete ya kwa Thabeng. (Mathaio, kgaolo 5-7) Fa o bala dikgaolo tseno tse tharo, leka go akanya gore botshelo bo tla bo bo ntse jang fa mongwe le mongwe a dirisa botlhale jwa ga Jesu.

A re tshwanetse go gakgamala go bo Baebele e le buka e e gatisitsweng go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng? Le eseng! Dithuto tsa yone di na le tlhotlheletso e e molemo. E bile go bo e aname thata jaana go bontsha keletso ya Modimo ya gore batho ba ditso le dipuo tsotlhe ba ithute ka ene ba bo ba solegelwe molemo ke masego a Bogosi bo tla a lereng.—Ditiro 10:34, 35.