Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tsela e o Lebang Dilo ka Yone e Botlhokwa!

Tsela e o Lebang Dilo ka Yone e Botlhokwa!

Ke sefe sa dilo tse di latelang se o akanyang gore se dira gore o itumele?

  • Maemo a gago

  • Dijini tsa gago

  • Tsela e o lebang dilo ka yone

GONGWE bangwe ba ka itlhophela “maemo mangwe” ba bo ba re, “Ke ne ke tla itumela . . .

  • “fa nkabo ke na le madi a mantsi”

  • “fa nkabo ke le mo lenyalong le le itumetseng”

  • “fa nkabo ke sa lwale”

Boammaaruri ke gore tsela e o lebang dilo ka yone ke yone e dirang gore o itumele, e seng maemo a gago kgotsa dijini tsa gago. Mme tseo ke dikgang tse di molemo. Goreng re rialo? Ka gonne go farologana le maemo a gago kgotsa dijini tsa gago—tse o kgonang go di laola go le gonnye kgotsa tse o sa kgoneng go di laola gotlhelele—o ka kgona go fetola tsela e o lebang dilo ka yone.

‘KALAFI E E SIAMENG’

Seane sa Baebele sa re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.” (Diane 17:22) Ka jalo re ka re, tsela e o lebang dilo ka yone e botlhokwa! E ka dira gore o fitlhelele sengwe kgotsa o ineele, kgotsa e ka dira gore o kgone go itshokela tiragalo nngwe e e botlhoko kgotsa o palelwe.

Bangwe ba ka tswa ba tsaya gore seo ga se boammaaruri. Ba ka nna ba re:

  • ‘Goreng ke tshwanetse go dira e kete ke siame?’

  • ‘Go leba dilo ka tsela e e siameng go ka se fetole maemo a me.’

  • ‘Go botoka go sa ijese dijo tsa ditoro.’

Go ka lebega go utlwala go akanya jalo. Le fa ntse jalo, go na le melemo ya go leba dilo ka tsela e e siameng. Ka sekai, akanya ka maemo a a latelang.

 Alex le Brian ba dira ka natla kwa ba berekang gone. Ga ba dire tiro e e tshwanang. Morago ga gore mookamedi wa bone a sekaseke ditiro tsa bone, o ba bontsha diphoso.

  • Alex: “Ke ntshitse ga tshwene fa ke dira tiro eno, mme ke sa ntse ke sa e dira sentle! Ga ke na go tsamaya ke dira tiro eno sentle. Le fa ke re ke dira ka natla, go tshwana fela. Tota ke itshwenyetsang ka go leka?”

  • Brian: “Mothapi wa me o ne a mpontsha dintlha dingwe tse di neng di mo kgatlha ka tiro ya me, mme gone ke ne ke dirile diphoso di se kae tse di masisi. Ke ithutile dintlha tsa botlhokwa tse di tla nthusang go tokafatsa mo nakong e e tlang.”

O AKANYANG?

  • Dikgwedi di le thataro go tloga jaanong, ke mang yo e tla bong e le modiri yo o molemo—Alex kgotsa Brian?

  • Fa o ka bo o le mong wa kgwebo, ke ofe wa banna bano yo o neng o ka mo thapa kgotsa wa itumelela go mo duela?

  • Fa o kgobegile marapo, a o leba dilo jaaka Alex kgotsa Brian?

Andrea le Brittney ba nna fela ba jewa ke bodutu. Mongwe le mongwe wa bone o na le tsela ya gagwe ya go lebana le boemo joo.

  • Andrea o rata go ikakanyetsa a le nosi. Ga a batle go direla ba bangwe dilo tse di molemo fa ba sa mo direla sepe. A re: ‘Goreng ke tshwanetse go fetsa nako ke direla batho ba ba ka se nneyeng sepe?’

  • Brittney o tsaya matsapa go bontsha batho bopelontle le go ba direla dilo tse di molemo, go sa kgathalesege gore a ba a leboga kgotsa nnyaa. O tshela ka molao wa gore o tshwanetse go direla ba bangwe se o batlang ba go se direla. (Luke 6:31) Mo go Brittney, go dira molemo ke molemo ka bogone.

O AKANYANG?

  • Ke ofe wa basadi bano yo o neng o ka rata e nna tsala ya gago?

  • Ke ofe wa bone yo a ka itumelelang go itsalanya le ba bangwe?

  • Fa o jewa ke bodutu, a o leba dilo jaaka Andrea kgotsa jaaka Brittney?

Gongwe o itse batho ba ba lebang dilo jaaka Brian le Brittney. Gongwe o ka tswa o akanya gore o tshwana le bone. Fa e le gore go ntse jalo, ga go pelaelo gore o a bona gore tsela e o lebang dilo ka yone e ka fetola dilo. Mme go tweng fa o tshwana le Alex kgotsa Andrea? Ela tlhoko dilo tse tharo tse di tla go thusang gore o lebe dilo sentle ka dinako tse di boima.

 1 O SE KA WA FELELWA KE TSHOLOFELO

BAEBELE YA RE: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.”—Diane 24:10.

SE E SE KAYANG: Go itlhoboga go tla dira gore o felelwe ke maatla a o a tlhokang go tokafatsa maemo a gago kgotsa go lebana le one.

SEKAI: Juliza o godile a sa itumela. Rraagwe o ne a nwa bojalwa thata e bile lelapa la gaabo le ne le humanegile. Ba ne ba fuduga thata. Kwa tshimologong, ditiragalo tseo di ne tsa dira gore Juliza a itlhoboge mo botshelong. Mme seo se ne sa fetoga. O thusitswe ke eng? A re: “Baebele e ne ya nthusa go fetola tsela e ke lebang dilo ka yone le eleng pele batsadi ba me ba rarabolola mathata a bone. Mme go tla go fitlha gompieno, dikgakololo tse di mo Baebeleng di nthusa gore ke se ka ka nnela go leba dilo ka tsela e e sa siamang. Jaanong fa batho ba itshwara ka tsela e ke sa e rateng, ke leka go tlhaloganya gore goreng ba dira jalo.”

Juliza o ithutile gore Baebele ke buka ya melaometheo e e botlhokwa. Kgakololo ya yone e ka go thusa gore o kgone go itshokela maemo a a thata. Ka sekai, Baefeso 4:23 ya re: “Lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona.”

Fela jaaka temana eo e bontsha, o ka fetola tsela e o lebang dilo ka yone. O ka kgona go ‘ntšhafatsa’ tsela e o akanyang ka yone. Le fa go ntse jalo, go dira jalo ke selo se se tswelelang. Ke sone se temana eno e re kgothaletsang gore re nne re “dirwe basha.”

2 TLHOMA MOGOPOLO MO DILONG TSE DI SIAMENG

BAEBELE YA RE: “Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.”—Diane 15:15.

SE E SE KAYANG: Fa o leba dilo ka tsela e e sa siamang, o tla ikutlwa o ‘bogisiwa’ e bile letsatsi lengwe le lengwe le tla bonala le le “bosula” kgotsa le kgoba marapo. Mme fa o tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng, o tla nna le ‘pelo e e itumetseng’ e bile o tla itumela. Tshwetso ke ya gago.

SEKAI: Morago ga gore Yanko a dirwe karo ya go ntsha tlhagala mo bobokong ka makgetlo a le mmalwa, o ne a sa tlhole a kgona go tsamaya le go bua sentle. Yanko o ne a fetsa dingwaga a kgobegile marapo ka gonne o ne a akanya gore a ka se tlhole a fitlhelela dilo tse a neng a batla go di fitlhelela. Mme o ne a fetoga. Jang? A re: “Go na le go nnela go akanya ka dilo tse ke sa kgoneng go di dira, ke leka go akanya ka dilo tse di kgothatsang.”

Tsela nngwe e Yanko a dirang seno ka yone ke go bala ditemana tsa Baebele. A re: “Seno se nthusa go nna ke leba dilo sentle. Ga ke ise ke lebale ka dilo tse ke batlang go di fitlhelela mo isagweng, mme ke sa ntse ke tlhomile mogopolo mo dilong tse dinnye tse ke kgonang go di fitlhelela gone jaanong. Fa go tla dilo tse di kgobang marapo mo mogopolong wa me, ke akanya ka dilo tse dintsi tse di dirang gore ke itumele.”

Fela jaaka Yanko, o ka kgona go tlogela go akanya ka dilo tse di kgobang marapo mme wa akanya ka dilo tse di molemo. Fa o lebane le maemo a a thata—gongwe a botsogo jaaka Yanko—ipotse jaana: ‘A tota maemo a ka se fetoge? A go na le se nka se dirang kgotsa ke itlhoboge?’ Leka go akanya ka dilo tse di kgothatsang, e seng tse di kgobang marapo.

 3 DIRELA BA BANGWE DILO

BAEBELE YA RE: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

SE E SE KAYANG: Go abela ba bangwe go tswa pelong go dira gore motho yo o abang a kgotsofale. Ka ntlha yang? Ka gonne re bopilwe re na le bokgoni jwa go akanyetsa ba bangwe. (Bafilipi 2:3, 4; 1 Johane 4:11) Go itumelela go direla ba bangwe dilo tse di molemo go ka re thusa thata go itshokela maemo a a boima mo botshelong.

SEKAI: Josué o na le bolwetse jwa go phatloga ga lerapo la mokwatla. O nna fela a le mo ditlhabing. Mme Josué o itumelela go thusa batho ba bangwe. A re: “Go na le gore ke re ‘Ga ke kgone go dira seo,’ ke itumelela go akanya ka ditsela tse dingwe tsa go thusa ba bangwe ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Ke batla ditsela tsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo mme seo se dira gore ke itumele.”

SE O KA SE DIRANG

Batla ditshono tsa go direla ba bangwe dilo tse di molemo. Ka sekai, a o ka apeela moagelani wa gago yo o lwalang? A o ka thusa mogodi mongwe yo o tlhokang thuso ka ditiro tsa mo lelapeng?

Tlhokomela tsela e o lebang dilo ka yone fela jaaka o ne o ka tlhokomela tshingwana. Kumola mefero e e kotsi ya go itlhoboga le ya go leba dilo ka tsela e e sa siamang. Jala dipeo tsa tsholofelo ya mmatota mme o nontshe botshelo jwa gago ka go dira dilo tse di dirang gore o lebe dilo sentle. O tla roba dijalo tse di molemo, e leng maikutlo a a tla dirang gore o itumelele botshelo. E bile di tla tlhomamisa ntlha ya gore tsela e o lebang dilo ka yone e botlhokwa!

Batho bangwe ba tlhokomela botsogo jwa bone ka go gana go ja dijo tse di rileng; le wena o ka dira jalo ka go gana go leba dilo ka tsela e e sa siamang