Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 38

“Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”

“Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”

“Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.”—MATH. 11:28.

PINA 17 “Ke a Batla”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka Mathaio 11:28-30, Jesu o ile a solofetsa batho eng?

JESU o ne a raya batho a re: “Tlang mo go nna,  . . . mme ke tla lo lapolosa.” (Bala Mathaio 11:28.) O ne a sa solofetse batho selo se a ka se kgoneng go se dira. Ka sekai, akanya ka se a ileng a se direla mosadi mongwe yo o neng a lwala thata.

2. Jesu o ile a thusa jang mosadi mongwe yo o neng a lwala?

2 Mosadi yoo o ne a tlhoka thuso. O ne a na le dingwaga di le 12 a lwala. Mo dingwageng tseo, o ile a ya kwa dingakeng di le dintsi a kopa thuso mme go ne go se na ope yo o ileng a kgona go mo thusa. Go ya ka Molao wa ga Moshe, mosadi yono o ne a itshekologile. (Lefi. 15:25) O ne a utlwa gotwe Jesu o kgona go fodisa batho, ka jalo, o ile a ya kwa go ene. Fa a fitlha kwa go Jesu, o ile a tshwara diaparo tsa gagwe mme a fola ka yone nako eo. Mme gone, Jesu ga a ka a mo fodisa fela, gape o ile a bua sentle le ene. Seo se ne se bontsha gore o a mo rata e bile o a mo tlotla. Ka sekai, fa a bua le ene, o ile a mmitsa a re “morwadiake.” Ga go pelaelo gore se Jesu a ileng a se dira se ile sa lapolosa mosadi yoo fela thata.—Luke 8:43-48.

3. Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

3 Ga re a tshwanela go lebala gore mosadi yoo o ile a tsaya matsapa. O ne a ya kwa go Jesu. Ka jalo, le rona re tshwanetse go tsaya matsapa go ya kwa go Jesu. Gone ke boammaaruri gore gone jaanong Jesu ga a fodise batho ba ba tlang kwa go ene. Mme gone, o sa ntse a re: “Tlang kwa go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.” Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dipotso tseno tse tlhano: Re ka ya kwa go Jesu jang? Jesu o ne a raya jang fa a ne a re: “Rwalang jokwe ya me”? Re ka ithuta eng mo go ene? Ke eng fa re ka re tiro e a re e neileng e a lapolosa? Ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re lapolosiwa ke jokwe ya ga Jesu?

 “TLANG MO GO NNA”

4-5. Re ka ya kwa go Jesu jang?

4 Re ya kwa go Jesu fa re ipha nako e bile re tsaya matsapa go ithuta ka dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira. (Luke 1:1-4) Go dira jalo ke maikarabelo a rona, ga go na ope yo a ka re direlang one. Gape re ya kwa go Jesu fa re kolobediwa re bo re nna barutwa ba gagwe.

5 Mo godimo ga moo, re ya kwa go Jesu fa re kopa thuso ya bagolwane. Jesu o dirisa banna bano ba Baebele e ba bitsang “dimpho” go tlhokomela phuthego. (Baef. 4:7, 8, 11; Joh. 21:16; 1 Pet. 5:1-3) Ga re a tshwanela go akanya gore bagolwane ba itse sengwe le sengwe se re se tlhokang. Ka jalo, fa re na le mathata, re tshwanetse go ba kopa gore ba re thuse. Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Julian a re: “Ke ne ke sa tlhole ke kgona go direla kwa Bethele ka gonne ke ne ke lwala. Tsala nngwe ya me e ne ya re ke kope bagolwane gore ba nketele gore ba nkgothatse. Ke ne ke akanya gore ga go tlhokege. Mme moragonayana ke na ka ba kopa gore ba nketele, seo se ile sa nthusa fela thata.” Bagolwane ba ba dirang ka natla ba ba jaaka ba ba ileng ba etela Julian, ba re thusa gore re itse “mogopolo wa ga Keresete.” Seno se raya gore ba re thusa go tlhaloganya tsela e Jesu a akanyang ka yone e bile ba re thusa go etsa sekao sa gagwe. (1 Bakor. 2:16; 1 Pet. 2:21) Seno se re solegela molemo fela thata.

“RWALANG JOKWE YA ME”

6. Jesu a ka tswa a ne a kaya eng fa a re: “Rwalang jokwe ya me”?

6 Fa Jesu a ne a re: “Rwalang jokwe ya me,” a ka tswa a ne a raya gore re ikobele bolaodi jwa gagwe. * Gape a ka tswa a ne a raya gore re dire mmogo le ene mo tirong ya ga Jehofa. Le fa a ka tswa a ne a kaya gore re mo ikobele kgotsa re dire mmogo le ene, sa botlhokwa ke gore o ne a re re direle Jehofa.

7. Go ya ka Mathaio 28:18-20, re neilwe tiro efe mme re tlhatswegile pelo ka eng?

7 Re amogela taletso ya ga Jesu fa re ineela mo go Jehofa re bo re kolobediwa. Jesu o laletsa mongwe le mongwe gore a tle kwa go ene e bile o amogela botlhe ba ba batlang go direla Modimo. (Joh. 6:37, 38) Balatedi botlhe ba ga Jesu ba na le tshiamelo ya go dira mmogo le ene mo tirong e Jehofa Modimo a mo e neileng. Re tlhatswegile pelo gore Jesu o tla nna a re thusa mo tirong eno.—Bala Mathaio 28:18-20.

‘ITHUTENG MO GO NNA’

Lapolosa ba bangwe jaaka Jesu (Bona serapa 8-11) *

8-9. Ke eng fa batho ba ba boikokobetso ba ne ba rata Jesu mme re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

8 Batho ba ba boikokobetso ba ne ba rata Jesu. (Math. 19:13, 14; Luke 7:37, 38) Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a sa tshwane le Bafarasai. Ba ne ba le boikgogomoso e bile ba sa rate batho. (Math. 12:9-14) Jesu ene o ne a rata batho e bile a le boikokobetso. Bafarasai ba ne ba le mabela e bile ba ne ba rata maemo. Jesu o ne a sa rate maemo. Tota e bile, o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba nne boikokobetso e bile ba direle ba bangwe. (Math. 23:2, 6-11) Bafarasai ba ne ba rata go laola batho le go ba tshosetsa. (Joh. 9:13, 22) Jesu ene o ne a ba lapolosa ka gonne o ne a ba rata e bile a bua sentle le bone.

9 A o leka go etsa Jesu? Ipotse jaana: ‘A ke itsege ke le motho yo o bonolo le yo o boikokobetso? A ke iketleeleditse go dira ditiro tse di tseelwang kwa tlase gore ke kgone go thusa batho ba bangwe?  A ke rata go direla batho dilo tse di molemo?’

10. Jesu o ne a dira gore barutwa ba gagwe ba ikutlwe jang fa ba na le ene?

10 Jesu o ne a dira gore barutwa ba gagwe ba ikutlwe ba phuthologile fa ba na le ene e bile o ne a itumelela go ba thapisa. (Luke 10:1, 19-21) O ne a ba kgothaletsa gore ba mmotse dipotso. Le ene o ne a tlhola a ba botsa dipotso ka gonne o ne a batla go itse gore ba akanyang. (Math. 16:13-16) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ithuta dilo di le dintsi mo go ene. Mme fela jaaka dijalo tse di mo tshingwaneng e e nosediwang sentle di ntsha maungo a a molemo, barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba dira dilo tse dintle ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di ithuta mo go ene.

Atamelesega mme o nne botsalano

Tlhagafala mo bodireding

Nna boikokobetso mme o dire ka natla *

11. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

11 A o na le taolo nngwe e e rileng? Fa go le jalo, ipotse jaana: ‘Ke tshwara jang ba bangwe kwa tirong kgotsa kwa lapeng? A ke dira gore batho ba bangwe ba itumelele go nna le nna? A ke ba kgothaletsa gore ba mpotse dipotso? A ke iketleeleditse go utlwa gore ba akanyang?’ Ga re batle go tshwana le Bafarasai. Ba ne ba galefa fa batho ba ba botsa dipotso e bile ba ne ba bogisa batho ba ba sa dumalaneng le bone.—Mar. 3:1-6; Joh. 9:29-34.

‘LO TLA LAPOLOGA’

12-14. Ke eng fa tiro e Jesu a re e neileng e lapolosa?

12 Ke eng fa go dira tiro e Jesu a re e neileng go lapolosa? Mma re tlotle ka mabaka a le mmalwa.

13 Re na le balebedi ba ba siameng. Le fa gone Jehofa e le Molaodimogolo, ga se Modimo yo o bogale, yo o sa akanyetseng batho ba gagwe. Go na le moo, o lebogela dilo tsotlhe tse re mo direlang tsone. (Baheb. 6:10) Mo godimo ga moo, o a re nonotsha gore re kgone go dira tiro e a re e neileng. (2 Bakor. 4:7; Bagal. 6:5) Jesu ke Kgosi ya rona mme o re tlhometse sekao sa gore re tshwanetse go tshwara batho ba bangwe jang. (Joh. 13:15) Bagolwane ba Jehofa a ba tlhomileng gore ba re tlhokomele ba leka ka natla go etsa sekao sa “modisa yo mogolo” e bong Jesu. (Baheb. 13:20; 1 Pet. 5:2) Jehofa o ba neile maikarabelo a go re ruta, go re kgothatsa le go re sireletsa. Fa ba dira tiro eno, ba leka ka natla go nna bonolo le go nna pelokgale.

14 Re na le ditsala tse di siameng. Ga go na batho bape ba bangwe ba ba nang le ditsala tse di siameng le tiro e e itumedisang jaaka rona. Re dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba itshwereng sentle mme gone ba sa akanye gore ba botoka mo go ba bangwe. Le fa gone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro di le dintsi, ba boikokobetso e bile ga ba itseele kwa godimo. Ga re badirimmogo fela, go na le moo, re ditsala. Ba re rata thata e bile ba iketleeleditse go re swela.

15. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tiro e re e dirang?

15 Re dira tiro e e itumedisang. Re ruta batho ka Jehofa e bile re ba thusa go lemoga maaka a ga Satane. (Joh. 8:44) Satane o aketsa batho mme seo se dira gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Ka sekai, o batla gore re akanye gore Jehofa a ka se re itshwarele fa re dirile diphoso le gore ga a re rate. Seno ke maaka a matala mme a kgoba batho ba le bantsi marapo. Fa re ya kwa go Jesu, Jehofa o tla re itshwarela ka gonne o re rata fela thata. (Bar. 8:32, 38, 39) Eleruri go a itumedisa go ruta batho ka Jehofa le go ba bona ba dira diphetogo mo matshelong a bone.

 TSWELELA O LAPOLOSIWA KE JOKWE YA GA JESU

16. Tiro e re e direlang Jehofa e farologana jang le ditiro tse dingwe?

16 Tiro e Jesu a re e neileng ga e tshwane le ditiro tse dingwe. Ka sekai, batho ba le bantsi fa ba tswa kwa tirong ya boitshediso, ba tla ba lapile e bile ba sa itumela. Go direla Jehofa le Jesu gone go a re lapolosa e bile go a re itumedisa. Go le gantsi re ikgoga fela gore re ye dipokanong ka gonne re lapisitswe ke tiro ya boitshediso. Mme fa re tswa kwa dipokanong, re tla re lapologetswe e bile re itumetse.Go nna fela jalo fa o tswa bodireding le fa o fetsa go ithuta Baebele o le nosi.

17. Ga re a tshwanela go lebala eng, mme ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?

17 Ga re a tshwanela go lebala gore go na le mo maatla a rona a felelang teng. Ka jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko. Ka sekai, fa re se kelotlhoko, re ka nna ra dirisa maatla otlhe a rona re lelekisana le dikhumo. Monna mongwe yo o humileng o ne a botsa Jesu a re: “Ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke rue botshelo jo bo sa khutleng?” Monna yoo o ne a setse a ikobela Molao wa ga Jehofa. E tshwanetse ya bo e ne e le motho yo o siameng ka gonne Mareko o tlhalosa gore Jesu o ne “a mo rata.” Jesu o ne a mo raya a re: “Tsamaya, o rekise dilo le fa e le dife tse o nang le tsone  . . . mme o tle o nne molatedi wa me.” Monna yono o ne a batla go nna molatedi wa ga Jesu, mme gone, o ne a palelwa ke go tlogela dikhumo tsa gagwe. (Mar. 10:17-22) Ka jalo, o ne a gana jokwe ya ga Jesu mme a tswelela e le motlhanka wa “Dikhumo.” (Math. 6:24) Wena o ka bo o ile wa dira eng?

18. Re tshwanetse go dira eng, mme ka ntlha yang?

18 Re tshwanetse go nna re itshekatsheka go bona gore ke eng se se tlang pele mo matshelong a rona. Go dira jalo go tla re thusa go bona gore a mme re dirisa maatla a rona mo dilong tse di botlhokwa. Mokaulengwe mongwe yo o o bidiwang Mark a re: “Go fetile dingwaga di le dintsi ke akanya gore ke dirisa maatla a me mo dilong tsa botlhokwa. Ke ne ke le mmulatsela, mme gone, boammaaruri ke gore ke ne ke dirisa nako e ntsi ke leka go dira madi gore ke kgone go ithekela dilo tse dintle. Mme gone, ke ne ke ipotsa gore ke eng ke sa itumela. Ke ne ka lemoga gore ke dirisa nako e ntsi mo dilong tse ke di ratang mme ke naya Jehofa masaledi fela.” Mark o ne a simolola go dira diphetogo mo botshelong jwa gagwe gore a kgone go direla Jehofa ka botlalo. A re: “Ka dinako tse dingwe ke na le go tlhobaela ka madi. Mme gone, Jehofa le Jesu ba nthusa gore ke kgone go tlhoma mogopolo mo tirelong ya me.”

19. Ke eng fa re tshwanetse go latela kaelo ya ga Jehofa?

19 Jokwe ya ga Jesu e tla nna e re lapolosa fa fela re dira dilo di le tharo. Sa ntlha, latela kaelo ya ga Jehofa. Re dira tiro ya ga Jehofa, ka jalo, re tshwanetse go e dira ka tsela ya gagwe. Re badiri fela, Jehofa ke ene Mong wa tiro. (Luke 17:10) Fa re leka go dira tiro ya ga Jehofa ka tsela ya rona, dilo ga di kitla di re tsamaela sentle. Ka sekai, tota le fa poo e le maatla, e tla gobala e bile e tla lapa fa e nnela go ya go sele fa mong wa yone a e kaela gore e ye kae. Fa re dira tiro eno jaaka Jehofa a re laela, re tla kgona go dira dilo di le dintsi tse re neng re sa akanye gore re ka kgona go di dira e bile re tla kgona go emelana le dikgwetlho di le dintsi. O se ka wa lebala gore se Jehofa a se batlang, ka metlha se a direga, e bile ga go na ope yo o ka se thibelang.—Bar. 8:31; 1 Joh. 4:4.

20. Re tshwanetse go direla Jehofa ka maitlhomo afe?

 20 Sa bobedi, direla Jehofa ka maitlhomo a a siameng. Re iketleeleditse go rwala jokwe ya ga Jesu ka gonne re batla go galaletsa Jehofa Modimo. Ka nako ya ga Jesu, batho bangwe ba e neng e le barutwa ba gagwe ba ile ba tlogela go mo sala morago ka gonne ba le bogagapa e bile ba le pelotshetlha. (Joh. 6:25-27, 51, 60, 66; Bafil. 3:18, 19) Mme gone, barutwa bangwe ba ga Jesu bone ba ne ba rata Jehofa e bile ba rata batho ka jalo ba ile ba tswelela ba ikanyega ba na le tsholofelo ya go busa le Jesu kwa legodimong. Le rona re tla tswelela re ikanyega fa fela re direla Jehofa ka maitlhomo a a siameng.

21. Go ya ka Mathaio 6:31-33, Jehofa o tla re direla eng?

21 Sa boraro, itse gore Jehofa o tla go thusa. Re a itse gore re tshwanetse go dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa. Mo godimo ga moo, Jesu o ile a re barutwa ba gagwe ba tlile go bogisiwa. Mme gone, re a itse gore Jehofa o tla re thusa go emelana le mathata mangwe le mangwe. Fa re nna re itshokela diteko tse di nnye le tse dikgolo, tumelo ya rona e tla nonofa. (Jak. 1:2-4) Jehofa Modimo o tla re naya dilo tse re di tlhokang, Jesu o tla re tlhokomela mme bakaulengwe le bokgaitsadi bone ba tla nna ba re kgothatsa. (Bala Mathaio 6:31-33; Joh. 10:14; 1 Bathes. 5:11) Dilo tseno tsotlhe di tla re thusa gore re kgone go itshoka.

22. Re tshwanetse go lebogela eng?

22 Mosadi yo Jesu a ileng a mo fodisa o ne a lapologa ka lone letsatsi leo. Mme gone, o ne a tla tswelela a lapologelwa fa fela e ne e le molatedi wa ga Jesu. O akanya gore o ile a dirang? Fa e le gore o ile a nna molatedi wa ga Jesu, o ile a nna le tsholofelo ya go busa le ene kwa legodimong. Sepe fela se a ileng a tshwanelwa ke go se tlogela gore a kgone go nna molatedi wa ga Jesu, ga se sepe fa se bapisiwa le masego a a neng a a neng a tla a bona. Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong, re lebogela go bo re ile ra amogela taletso eno ya ga Jesu: “Tlang kwa go nna!”

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

^ ser. 5 Jesu o re laletsa gore re tle kwa go ene. Re tshwanetse go dirang gore re amogele taletso eno? Setlhogo seno se tla araba potso eo gape se tla re thusa go bona gore go dira mmogo le Keresete go re lapolosa jang.

^ ser. 6 TLHALOSO: Jokwe ke logong lo lo bewang mo magetleng lo lo thusang motho go rwala merwalo kgotsa mo dithamong tsa diphologolo go di thusa go goga mogoma.

^ ser. 61 SETSHWANTSHO: Jesu o ne a lapolosa batho ka ditsela tse di farologaneng.

^ ser. 67 SETSHWANTSHO: Mokaulengwe le ene o dira se se tshwanang.