Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 36

Haramagedona e a Itumedisa

Haramagedona e a Itumedisa

“Tsa di phuthela mmogo kwa . . . Hara-Magedona.”—TSHEN. 16:16.

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke eng fa se Baebele e se buang ka Haramagedona se tshwanetse go re itumedisa? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

BATHO bangwe ba akanya gore lefatshe le tlile go fedisiwa ke dibomo tsa nuklea kgotsa masetlapelo a tlholego. Mme Baebele yone ga e bue jalo. Ya re go tlile go nna le ntwa, mme ntwa eo e tlile go baakanya dilo. Ntwa eo e bidiwa Haramagedona mme se Baebele e se buang ka yone se a itumedisa. (Tshen. 1:3) Ntwa eno ga e kitla e fedisa lefatshe, go na le moo, e tlile go boloka batho. Jang?

2 Baebele ya re ntwa ya Haramagedona e tlile go boloka batho ka go fedisa dipuso tsotlhe tsa lefatshe. Gape e tlile go fedisa batho botlhe ba ba bosula go bo go sala ba ba siameng fela. Mo godimo ga moo, e tlile go fedisa batho ba ba senyang lefatshe. (Tshen. 11:18) Gore re kgone go tlhaloganya dintlha tseno sentle, mma re tlotle ka dipotso tseno: Haramagedona ke eng? Go tla direga eng pele e tla? Re ka dirang gore re bolokwe? Re ka tswelela jang re ikanyega fa e ntse e atamela?

HARAMAGEDONA KE ENG?

3. (a) Lefoko “Haramagedona” le kaya eng? (b) Go ya ka Tshenolo 16:14 le 16, ke eng fa re ka re Haramagedona ga se lefelo lengwe mo lefatsheng?

3 Bala Tshenolo 16:14, 16. Lefoko leno “Haramagedona” le tlhagelela gangwe fela mo Baebeleng mme le tswa mo lefokong la Sehebera le le kayang “Thaba ya Megido.” (Tshen. 16:16) Megido e ne e le motse mongwe kwa Iseraele wa bogologolo. (Josh. 17:11) Mme gone, Haramagedona ga se lefelo lengwe mo lefatsheng. Totatota, Haramagedona ke se se tla bong se direga fa ‘dikgosi tsa lefatshe’ di kopana mmogo kgatlhanong le batho ba ga Jehofa. (Tshen. 16:14) Mme gone, mo setlhogong seno, re tla dirisa lefoko “Haramagedona” fa re bua ka ntwa e e tla runyang fa Jehofa a sireletsa  batho ba gagwe mo dikgosing tseo. Re itse jang gore Haramagedona ga se lefelo lengwe mo lefatsheng? Sa ntlha, ga go na thaba ya Megido. Sa bobedi, Megido e nnye thata gore ‘dikgosi tsotlhe tsa lefatshe’ di ka kopanela gone ka masole le dibetsa tsa tsone. Sa boraro, ntwa ya Haramagedona e tla simolola fa “dikgosi” tsa lefatshe di tlhasela batho ba Modimo ba ba nnang mo lefatsheng lotlhe.

4. Ke eng fa Jehofa a bitsa ntwa ya gagwe ka leina le le amanang le Megido?

4 Ke eng fa Jehofa a bitsa ntwa ya gagwe ka leina le le amanang le Megido? Ka nako ya go kwalwa ga Baebele, gantsi batho ba Modimo ba ne ba lwela kwa Megido le kwa Molapong wa Jesereele. Ka dinako tse dingwe, Jehofa o ne a ba thusa go fenya dintwa tseo. Ka sekai, Jehofa o ne a thusa Moatlhodi Barake gore a kgone go fenya masole a Bakanana a a neng a eteletswe pele ke Sisera kwa “metsing a Megido.” Barake le moporofeti wa mosadi e bong Debora ba ne ba leboga Jehofa. Ba ne ba opela ba re: “Dinaledi di ne tsa tlhabana di le kwa legodimong, di ne tsa tlhabana le Sisera . . . Molatswana o o phothoselang wa Kishone o ne wa di gogola.”—Baatlh. 5:19-21.

5. Ntwa ya Haramagedona e tla farologana jang le ntwa e e neng e eteletswe pele ke Barake?

5 Barake le Debora ba ne ba feleletsa pina ya bone ka go re: “A baba botlhe ba gago ba nyelele jalo, Jehofa, a ba ba go ratang ba nne jaaka fa letsatsi le tswa ka thata ya lone.” (Baatlh. 5:31) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o tlile go nyeletsa baba ba gagwe ka ntwa ya Haramagedona a bo a sireletsa batho ba ba mo ratang. Mme gone, ntwa ya Haramagedona e tla farologana le ntwa e e neng e eteletswe pele ke Barake. Jang? Ka ntwa ya Haramagedona, batho ba Modimo ga ba kitla ba lwa e bile ba tla bo ba sa tshwara dibetsa. Ga ba kitla ba ‘tshwenyega,’ go na le moo, ba tla “ikanya” Jehofa le masole a gagwe.—Isa. 30:15; Tshen. 19:11-15.

6. Jehofa a ka nna a nyeletsa jang baba ba gagwe mo ntweng ya Haramagedona?

6 Jehofa o tlile go nyeletsa jang baba ba gagwe mo ntweng ya Haramagedona? A ka dirisa ditsela di le mmalwa. Ka sekai, a ka nna a dirisa thoromo ya lefatshe, sefako kgotsa magadima. (Jobe 38:22, 23; Esek. 38:19-22) A ka nna a dira gore baba ba gagwe ba lwantshane. (2 Ditir. 20:17, 22, 23) Kgotsa a ka nna a dirisa baengele. (Isa. 37:36) Le fa Jehofa a ka tlhopha go dirisa tsela efe, sa botlhokwa ke gore o tlile go fenya. O tlile go fedisa baba botlhe ba gagwe a bo a boloka batho ba ba siameng.—Dia. 3:25, 26.

GO TLA DIREGANG PELE GA NTWA YA HARAMAGEDONA?

7-8. (a) Go ya ka 1 Bathesalonika 5:1-6, babusi ba lefatshe ba tla goeletsa ba reng? (b) Ke eng fa maaka ao a le kotsi?

7 Go tla goelediwa “kagiso le polokesego” pele ga “letsatsi la ga Jehofa.” (Bala 1 Bathesalonika 5:1-6.) Mo go 1 Bathesalonika 5:2, fa go buiwa ka “letsatsi la ga Jehofa,” go buiwa ka “pitlagano e kgolo.” (Tshen. 7:14) Re tla itse jang fa pitlagano e kgolo e tloga e simolola? Baebele ya re go tla goelediwa sengwe se se sa tlwaelegang. Seo se tla bo se bontsha gore pitlagano e kgolo e tloga e simolola.

8 Babusi ba lefatshe ba tla goeletsa ba re go na le “kagiso le polokesego.” Ka ntlha yang? Ga re a tlhomamisega. A baruti ba dikereke le bone ba tla goeletsa jalo? Gongwe. Se re se itseng ke gore fa babusi ba lefatshe ba goeletsa “kagiso le polekesego,” seo e tla bo e le maaka a a kotsi a a tswang kwa madimoneng. Maaka ao a tlile go dira gore batho ba akanye gore ba sireletsegile mme gone ba gomagomelwa ke mathata a magolo. Baebele ya re: “Tshenyego ya  tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho fela jaaka setlhabi sa tlalelo mo mosading yo o moimana.” Go tla diragala eng ka batlhanka ba ga Jehofa? Letsatsi la ga Jehofa le ka nna la ba tshoganyega, mme gone, ba tla bo ba le ipaakanyeditse.

9. A Jehofa o tla senya lefatshe la ga Satane ka gangwe? Tlhalosa.

9 Jehofa ga a kitla a senya lefatshe la ga Satane ka gangwe jaaka a ile a dira ka nako ya ga Noa. Go na le moo, o tla senya karolo nngwe ya lone pele a bo a senya tse dingwe moragonyana. O tla simolola ka go senya Babelona o Mogolo e leng madumedi otlhe a maaka. Mme ka ntwa ya Haramagedona, o tlile go senya dipolotiki, sesole le dikgwebo tsa lefatshe leno. Mma re tlotle mo go oketsegileng ka kgang eno.

10. Go ya ka Tshenolo 17:1, 6 le 18:24, ke eng fa Jehofa a tlile go fedisa bodumedi jwa maaka?

10 “Go atlholwa ga seaka se segolo.” (Bala Tshenolo 17:1, 6; 18:24.) Bodumedi jwa maaka bo dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlotla Jehofa ka gonne bo ruta maaka. Re ka bo tshwantsha le mosadi yo o sa ikanyegeng mo monneng wa gagwe ka gonne bo tshegetsa dipuso tsa lefatshe go na le go tshegetsa Jehofa. Bo tsietsa batho e bile bo ba tseela madi. Gape bodumedi jwa maaka bo bolaile batho ba le bantsi, go akaretsa le batlhanka ba ga Jehofa. (Tshen. 19:2) Jehofa o tlile go bo fedisa jang?

11. ‘Sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo’ se emela eng mme Modimo o tla se dirisa jang go fedisa bodumedi jwa maaka?

11 Jehofa o tlile go senya “seaka se segolo” a dirisa “dinaka tse di lesome” tsa ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.’ Sebatana seno se emela lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Dinaka tse di lesome tsone di emela dipuso tsa lefatshe tse di emang lekgotla leno nokeng. Ka nako e Modimo a e tlhomileng, dipuso di tlile go tlhasela bodumedi jwa maaka. Di tla senya seaka seno “di bo di se dira se se sa ikategang” ka go se tseela dikhumo le go senola gore se bosula. (Tshen. 17:3, 16) Bodumedi jwa maaka bo tlile go senngwa ka bonako  tota, mo go tla nnang e kete go diragetse mo letsatsing le le lengwe. Batho ba ba neng ba ema seaka seno nokeng ba tlile go gakgamala ka gonne se ne se tlhola se ikgantsha se re: “Ke ntse jaaka kgosigadi, ga ke motlholagadi, e bile ga ke kitla ke bona khutsafalo.”—Tshen. 18:7, 8.

12. Jehofa ga a kitla a letlelela dipuso tsa lefatshe gore di direng mme ka ntlha yang?

12 Jehofa ga a kitla a letlelela dipuso tsa lefatshe di nyeletsa batho ba gagwe. Ba bidiwa ka leina la gagwe e bile ba ikobetse taelo ya gagwe ya gore ba tswe mo bodumeding jwa maaka. (Dit. 15:16, 17; Tshen. 18:4) Mo godimo ga moo, ba ile ba dira ka natla gore ba thuse batho ba bangwe gore ba tswe mo go jone. Le fa gone batlhanka ba Modimo ba tlile go sirelediwa fa bodumedi jwa maaka bo fedisiwa, ba tlile go tlhoka tumelo gore ba kgone go itshokela se se larileng kwa pele.

Batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba tlile go mo ikanya fa ba tlhaselwa (Bona serapa 13) *

13. (a) Gogo ke mang? (b) Go ya ka Esekiele 38:2, 8, 9, ke eng se se tla isang Gogo kwa lefelong la tshwantshetso le le bidiwang Haramagedona?

13 Tlhaselo ya ga Gogo. (Bala Esekiele 38:2, 8, 9.) Jehofa o tlile go fedisa madumedi otlhe a maaka go bo go sala fela bodumedi jwa boammaaruri. Seno se tlile go galefisa Satane, ka jalo, o tlile go dirisa ‘dipolelwana tse di seng phepa tse di tlhotlheleditsweng’ go dira gore dipuso di tlhasele batlhanka ba ga Jehofa. Dipolelwana tseo ke tshedimosetso ya maaka e e tlhotlheleditsweng ke madimona. (Tshen. 16:13, 14) Dipuso tseo tsa lefatshe fa di kopane di bidiwa “Gogo wa lefatshe la Magogo.” Fa dipuso di tlhasela batho ba ga Jehofa, ntwa ya Haramagedona e tla simolola.—Tshen. 16:16.

14. Gogo o tla lemoga eng?

14 Gogo o tla ikanya ‘lebogo la gagwe la nama’ kgotsa masole a gagwe. (2 Ditir. 32:8) Rona re tla tshepa Jehofa mme seno se tla lebega e kete ke boeleele. Ka ntlha yang? Ka gonne Babelona o Mogolo o ne a na le maatla mme gone medimo ya gagwe ga e a kgona go mo sireletsa mo ‘sebataneng’ le mo dinakeng tsa sone tse di lesome. (Tshen. 17:16) Ka jalo, Gogo o tla akanya gore o tla nyeletsa batlhanka  ba Modimo motlhofo fela. O tla tlhasela batho ba Modimo jaaka “maru a a bipang lefatshe.” (Esek. 38:16) Mme gone o tla ikwatlhaya. Fela jaaka Faro, Gogo o tla lemoga gore o lwantshana le Jehofa.—Ekes. 14:1-4; Esek. 38:3, 4, 18, 21-23.

15. Jesu o tlile go dira eng ka ntwa ya Haramagedona?

15 Jesu le masole a gagwe a kwa legodimong ba tla sireletsa batho ba Modimo ba bo ba nyeletsa dipuso tsa lefatshe leno le masole a tsone. (Tshen. 19:11, 14, 15) Mme go tla diregang ka Satane, e re ka e le ene a tla tlhotlheletsang dipuso gore di tlhasele batho ba Modimo? Jesu o tlile go latlhela Satane le madimona a gagwe mo moleteng o o senang bolekanngo, a bo a ba tswalela mo go one dingwaga di le sekete.—Tshen. 20:1-3.

O KA DIRANG GORE O BOLOKWE?

16. (a) Re ka bontsha jang gore re ‘itse Modimo’? (b) Go tla direga eng ka batho ba ba itseng Modimo ka ntwa ya Haramagedona?

16 Le fa re ka tswa re na le nako e telele re kolobeditswe kgotsa e se kgale re kolobeditswe, fa re batla go bolokwa ka nako ya ntwa ya Haramagedona, re tshwanetse go bontsha gore re ‘itse Modimo’ le gore re “[reetsa] dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.” (2 Bathes. 1:7-9) Re ‘itse Modimo’ fa re itse dilo tse a di ratang le tse a di tlhoileng e bile re itse gore o batla gore re tshele jang. Gape re ka bontsha gore re itse Jehofa fa re obamela ene fela. (1 Joh. 2:3-5; 5:3) Fa re dira dilo tse Modimo a di ratang, le ene o tla re itse e bile o tla re amogela. (1 Bakor. 8:3) Fa Modimo a re amogela, o tla re sireletsa fa a senya batho ba ba bosula.

17. Go ikobela “dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu” go kaya eng?

17 “Dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu” di akaretsa dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ruta tse di kwadilweng mo Baebeleng. Re ikobela dikgang tse di molemo fa re di dirisa mo botshelong jwa rona. Seno se raya gore tirelo ya ga Jehofa e tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go  rona, re tshwanetse go ikobela ditaelo tsa gagwe e bile re tshwanetse go rerela batho ka Bogosi jwa gagwe. (Math. 6:33; 24:14) Gape re tshwanetse go ema bomorwarraagwe Keresete nokeng fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya botlhokwa.—Math. 25:31-40.

18. Batlodiwa ba tlile go leboga jang ba boidiidi jo bogolo?

18 Gone jaanong, ba “dinku tse dingwe” ba thusa batlodiwa mo tirong e Modimo a ba e neileng. Mme go ise go ye kae, batlodiwa ba tlile go ba lebogela thuso eo ya bone. (Joh. 10:16) Re raya jang? Pele ga ntwa ya Haramagedona e simolola, batlodiwa botlhe ba tlile go ya legodimong. Ba tla bo ba le mo sesoleng se se tlileng go senya Gogo le go sireletsa “boidiidi jo bogolo.” (Tshen. 2:26, 27; 7:9, 10) Ba boidiidi jo bogolo ba tlile go itumelela gore ba ne ba eme batlodiwa ba ga Jehofa nokeng ka nako ya fa ba santse ba le mo lefatsheng.

RE KA TSWELELA JANG RE IKANYEGA FA BOKHUTLO BO NTSE BO ATAMELA?

19-20. Le fa gone re na le mathata, ke eng se se ka re thusang gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa Haramagedona e ntse e atamela?

19 Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba lebane le mathata mo metlheng eno ya bofelo. Mme gone, re ka kgona go itshokela mathata ao re itumetse. (Jak. 1:2-4) Ke eng se se ka re thusang? Go rapela ka metlha. (Luke 21:36) Gape re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi le go tlhatlhanya ka se re se ithutang. Dilo dingwe tse re ka tlhatlhanyang ka tsone di akaretsa boporofeti jo bo tla tlogang bo diragadiwa. (Pes. 77:12) Fa re dira dilo tseno e bile re dira ka natla mo bodireding, tumelo ya rona e tla nonofa.

20 Akanya fela gore o tla bo o itumetse jang fa bodumedi jwa maaka bo sena go senngwa le fa ntwa ya Haramagedona e sena go fela. Gape akanya gore o tla bo o itumetse jang fa batho botlhe mo lefatsheng ba tlotla Jehofa e bile ba mo ikobela. (Esek. 38:23) Eleruri Haramagedona e tla itumedisa botlhe ba ba ikobelang Modimo le Jesu le ba ba tla itshokang go ya bokhutlong.—Matt. 24:13.

PINA 143 A re Nneng re Dira, re Disitse e Bile re Letile

^ ser. 5 Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go letela Haramagedona. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore Haramagedona ke eng, gore go tla diregang pele e tla le gore re ka tswelela jang re ikanyega fa e ntse e atamela.

^ ser. 71 SETSHWANTSHO: Dilo tse di tla diregang. Re tlile go (1) tswelela re rera fa fela go sa ntse go kgonega, (2) ithuta e bile re tlile go (3) tswelela re tshepa gore Jehofa o tla re sireletsa.

^ ser. 85 SETSHWANTSHO: Mapodise a ipaakanyetsa go tsena mo ntlong ya Basupi mme Basupi ba a itse gore Jesu le masole a gagwe ba bona se se diregang.