Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Fa lo Itse Dilo Tseno, lo a Itumela Fa lo Di Dira”

“Fa lo Itse Dilo Tseno, lo a Itumela Fa lo Di Dira”

“Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”—JOH. 4:34.

PINA: 80, 35

1. Mokgwa wa bopelotshetlha wa lefatshe leno o ka re ama jang?

KE ENG fa go le thata go dirisa se re se ithutang mo Lefokong la Modimo? Lebaka lengwe ke gore re tlhoka go nna boikokobetso gore re dire se se siameng mme ga go motlhofo go nna le nonofo eno mo metlheng eno ya bofelo. Re tshela le batho ba e leng “baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela” le “ba ba se nang boikgapo.” (2 Tim. 3:1-3) Mokeresete a ka nna a bo a sa rate batho ba ba ikakanyetsang ba le nosi, mme gone, fa batho bao ba atlega, a ka nna a ba tswela pelo. (Pes. 37:1; 73:3) A ka nna a ipotsa jaana: ‘A go akanyetsa batho ba bangwe go mosola? Fa ke itshwara “jaaka yo mmotlana,” a batho ba tla simolola go nnyatsa?’ (Luke 9:48) Go itetla go tlhotlhelediwa ke mokgwa wa bopelotshetlha wa lefatshe leno, go ka senya kamano ya rona le ba bangwe e bile go tla senya leina le lentle la rona jaaka Bakeresete. Mme gone, Jehofa o tla re segofatsa fa re ithuta le go etsa dikai tse di molemo tse di mo Baebeleng.

2. Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ka re tlhotlheletsa jang?

 2 Fa re batla go etsa sekao se se molemo sa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang, re tshwanetse go ithuta gore ke eng se se ba thusitseng go tswelela ba ikanyega. Ke eng se se ba thusitseng gore ba nne ditsala tsa Modimo, ba bone kamogelo ya gagwe le gore ba nne le nonofo ya go dira thato ya gagwe? Go ithuta ka tsela eo go tla nonotsha tumelo ya rona.

DITHUTO TSA BOAMMAARURI GA SE TSHEDIMOSETSO FELA

3, 4. (a) Jehofa o re ruta jang? (b) Ke eng fa re ka re dijo tsa semoya ga di akaretse fela go nna le kitso?

3 Jehofa o re ruta le go re thapisa a dirisa Baebele, dikgatiso tsa Bokeresete, website ya rona, JW Broadcasting, dipokano le dikopano. Le fa go ntse jalo, go ya ka mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 4:34, dijo tsa semoya ga di akaretse fela go nna le kitso. Go tlhokega eng gape? Jesu o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”

4 Go ya ka Jesu, dijo tsa semoya di ne di akaretsa go dirisa kaelo ya Modimo. Goreng re ka tshwantsha seno le dijo? Mebele ya rona e a otlega fa re ja dijo tse di siameng, ka tsela e e tshwanang, fa re dira thato ya Modimo re a kgothala e bile tumelo ya rona e a nonofa. Ka sekai, ke gakae o ya bodireding o lapile mme o bo o boa o le matlhagatlhaga?

5. Go nna botlhale go ka re solegela molemo jang?

5 Re bontsha gore re botlhale fa re ikobela kaelo ya ga Jehofa. (Pes. 107:43) Go nna botlhale go ka re solegela molemo thata. Baebele ya re: “Dilo tse dingwe tsotlhe tse di go itumedisang ga di ka ke tsa lekanngwa le jone. . . . Ke setlhare sa botshelo mo go ba ba bo tshwarang, mme ba ba bo ngangatlelang ba tla bidiwa ba ba itumetseng.” (Dia. 3:13-18) Jesu o ne a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Joh. 13:17) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tswelela ba itumetse fa fela ba dira se a ba bolelelang sone. Ga ba a ka ba amogela dithuto tsa gagwe le go latela sekao sa gagwe ka nako eo fela. Go na le moo, ba ne ba dira jalo go ya go ile.

6. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re dirisa se re se ithutang?

6 Gompieno le gone go botlhokwa gore re tswelele re dirisa se re se ithutang. Ka sekai, makheneke a ka nna a bo a na le dithulusu le kitso ya go baakanya dikoloi. Mme gone, dilo tseno di ka se mo thuse fa a sa di dirise. Fa a kile a baakanya dikoloi mo nakong e e fetileng mme a na le maitemogelo, o tshwanetse go tswelela a dirisa se a se ithutileng gore a tle a atlege mo tirong ya gagwe. Kwa tshimologong, le rona re ka nna ra atlega fa re dirisa se re se ithutang mo Baebeleng. Mme gone, re tla kgona go itumela go ya go ile fa re tswelela re latela kaelo ya ga Jehofa letsatsi le letsatsi.

7. Re tshwanetse go dira eng fa re sena go ithuta ka dikao tse di molemo tsa mo Baebeleng?

7 Mma re tlotle ka maemo mangwe a a ka dirang gore go nne thata gore re ikokobetse. Go tswa foo re tla bona gore batho ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ile ba lebana jang le maemo ao. Fa re batla gore tumelo ya rona e nonofe, ga re a tshwanela fela go sekaseka tshedimosetso e re nang le yone. Gape re tshwanetse go bona kafa re ka dirisang tshedimosetso eo ka gone re bo re dira jalo ntle le go senya nako.

RE LEBA BATHO KA GO LEKALEKANA

8, 9. Ditiragalo tse di kwadilweng mo go Ditiro 14:8-15 di re ruta eng ka moaposetoloi Paulo? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo  kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) O akanyang ka mefuta e mentsi ya batho ba ba sa ntseng ba tlhoka go ithuta boammaaruri? Le fa gone moaposetoloi Paulo a ile a leka go thusa Bajuda ba ba itseng sengwe ka Modimo kwa sinagogeng, ga a ka a leka go thusa bone fela. Tsela e batho ba ba neng ba obamela medimo e mengwe ba neng ba tsiboga ka yone, e ne e tla senola gore a ruri o ikokobeditse.

9 Fa Paulo a le mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, batho ba kwa Likaonia ba ne ba akanya gore ene le Barenabase ke bagaka, ba ne ba ba tsaya e le ditshwano tsa medimo ya bone ya maaka e bong Seuse le Heremese. A Paulo le Barenabase ba ile ba itumelela go tlotlomadiwa? A ba ne ba tsaya seo e le tshono ya go ikhutshetsa pogiso e ba ileng ba lebana le yone kwa metseng e mebedi e ba tswang kwa go yone? A ba ne ba akanya gore go tlotlomadiwa jalo go ne go tla ba thusa go rera dikgang tse di molemo? Nnyaa, le e seng! Ka bonako fela ba ile ba gagola diaparo tsa bone ba bo ba tsena mo gare ga batho bao ba goa ba re: “Banna, ke ka ntlha yang fa lo dira dilo tseno? Le rona re batho ba ba nang le makoa a a tshwanang le a lo nang le one.”—Dit. 14:8-15.

10. Ke eng fa Paulo le Barenabase ba ne ba ka re ba tshwana le batho ba kwa Likaonia?

10 Fa Paulo a ne a re le bone ga ba a itekanela, o ne a sa reye gore ene le Barenabase ba obamela Modimo ka tsela e e tshwanang le ya bone. Ene le Barenabase e ne e le barongwa ba ba neilweng kabelo e e kgethegileng. (Dit. 13:2) Ba ne ba tloditswe ka moya o o boitshepo e bile ba neilwe kabelo e e itumedisang. Le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba itse gore batho ba kwa Likaonia ba ne ba tla amogela masego a a tshwanang fa ba ne ba ka reetsa dikgang tse di molemo.

11. Re ka etsa Paulo jang fa re rera?

11 Re ka etsa jang boikokobetso jwa ga Paulo? Sa ntlha, ga re a tshwanela go amogela kgotsa go lebelela gore batho ba re tlotlomatse ka ntlha ya se re se dirang mo tirong ya ga Jehofa. Rotlhe re tlhoka go ipotsa jaana: ‘Ke leba jang batho ba ke ba rerelang? A le nna nka simolola go tlhaola batho ba bangwe ba ba sa ratiweng mo lefelong le ke nnang mo go lone?’ Se se itumedisang ke gore, Basupi ba ga Jehofa ba tsweletse ka go batla batho ba ba siameng ba ba ka reetsang dikgang tse di molemo. Ka dinako dingwe, seno se tlhoka gore ba ithute dipuo le dingwao tsa batho ba gantsi ba tseelwang kwa tlase. Basupi ba ba rerelang batho ba ba ntseng jalo, ga ba a tshwanela go itseela kwa godimo. Go na le moo, ba tshwanetse go itse mongwe le mongwe sentle gore ba tle ba ba fitlhelele dipelo ka molaetsa wa Bogosi.

FA O RAPELA BITSA BA BANGWE KA MAINA

12. Epaforase o ne a bontsha jang gore o akanyetsa ba bangwe?

12 Gape re ka bontsha gore re ikobela kaelo ya Modimo ka go rapelela “ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona.” (2 Pet. 1:1) Epaforase o ile a dira jalo. Baebele e bua ka ene makgetlo a le mararo fela, mme makgetlo ao otlhe ke mo dibukeng tsa ga Paulo. Fa Paulo a ne a tshwerwe kwa Roma, o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa mme a ba bolelela gore Epaforase “ka metlha [o ne] a iteka mo boemong jwa [bone] mo dithapelong tsa gagwe.” (Bakol. 4:12) Epaforase o ne a tlwaelane thata le bakaulengwe e bile o ne a amega ka bone. Le fa gone e ne e le “motshwarwammogo” le Paulo, ga a ka a lebala gore ba bangwe le bone ba tlhoka go kgothadiwa. (File. 23)  Ka jalo, o ile a tsaya kgato. Seo se bontsha gore o ne a akanyetsa ba bangwe. Go rapelela Bakeresetemmogo le rona ruri go mosola, segolobogolo fa re ba bitsa ka maina fa re rapela.—2 Bakor. 1:11; Jak. 5:16.

13. O ka etsa Epaforase jang?

13 Akanya ka batho ba o ka ba rapelelang. Fela jaaka Epaforase, bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba rapelela bakaulengwe ba bangwe mo diphuthegong tsa bone le malapa a a nang le maikarabelo a mantsi kgotsa Bakeresete ba ba tlhokang go dira ditshwetso tse di masisi kgotsa ba ba lebaneng le diteko. Bakeresete ba bangwe ba rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba maina a bone a tlhagelelang mo setlhogong se se mo jw.org se se reng, “Basupi ba ga Jehofa ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone.” (Leba DIKGANG > DIKGANG TSA BOSHENG.) Gape re tlhoka go rapelela Bakeresete ba ba tlhokafaletsweng ke batho ba ba ratang, ba ba falotseng masetlapelo a tlholego kgotsa dintwa le ba ba lebaneng le maemo a a thata a ikonomi. Go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba re tlhokang go ba rapelela mme ba ka solegelwa molemo tota ke seo. Fa re dira jalo, re bontsha gore ga re ikakanyetse re le nosi fela mme re akanyetsa le ba bangwe. (Bafil. 2:4) Jehofa o reetsa dithapelo tse di ntseng jalo.

“NNA BONAKO GO UTLWA”

14. Jehofa o re tlhometse sekao sefe sa go nna moreetsi yo o molemo?

14 Selo se sengwe se se ka bontshang gore re boikokobetso ke go reetsa batho ba bangwe. Jakobe 1:19 ya re re tshwanetse “go nna bonako go utlwa.” Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo mo ntlheng eno. (Gen. 18:32; Josh. 10:14) Akanya ka se re ka se ithutang mo pegong e e mo go Ekesodo 32:11-14. (E bale.) Le fa gone Jehofa a ne a sa tlhoke kgakololo ya ga Moshe, o ne a mo naya tshono ya go tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone. Ga go motlhofo go reetsa motho yo mongwe yo o ileng a dira diphoso o bo o dirisa kgakololo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o reetsa batho botlhe ba ba nang le tumelo mo go ene.

15. Re ka etsa Jehofa jang?

15 Rotlhe re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Fa Jehofa a kgona go ikokobetsa gore a dirisane le batho le go ba reetsa jaaka a dirile ka Aborahame, Ragele, Moshe, Joshua, Manoa, Elija le Hesekia, a le nna ga ke a tshwanela go tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ka go ba reetsa le go dirisa dikakantsho tsa bone tse di molemo? A go na le mongwe mo phuthegong kgotsa mo lelapeng la me yo o tlhokang gore ke mo reetse le go mo akanyetsa? Ke eng se ke tshwanetseng go se dira? Ke tla dira eng ka gone?’—Gen. 30:6; Baatlh. 13:9; 1 Dikg. 17:22; 2 Ditir. 30:20.

‘GONGWE JEHOFA O TLA BONA POGISEGO YA ME’

Dafide o ne a re: “Mo lese!” Wena o ka bo o ile wa dirang? (Bona serapa 16 le 17)

16. Kgosi Dafide o ile a tsiboga jang fa Shimei a ne a mo rumola?

16 Boikokobetso bo re thusa gore re nne boikgapo fa re rumolwa. (Baef. 4:2) Akanya ka pego e e mo go 2 Samuele 16:5-13. (E bale.) Monna mongwe wa losika lwa ga Kgosi Saulo e bong Shimei, o ne a sotla Dafide le batlhanka ba gagwe. Dafide o ne a itshokela seo le fa gone a ne a ka kgona go tsaya kgato. Ke eng se se mo thusitseng go dira jalo? Re ka bona karabo ka go sekaseka Pesalema ya boraro.

17. Ke eng se se thusitseng Dafide gore a nne boikgapo, mme re ka mo etsa jang?

17 Mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo ya boraro ya Pesalema a bontsha gore e kwadilwe “fa [Dafide] a ne a tshaba  ka ntlha ya ga Abesalome morwawe.” Temana ya ntlha le ya bobedi di tsamaisana le ditiragalo tse di tlhalosiwang mo go Samuele wa Bobedi kgaolo 16. Go tswa foo, Pesalema 3:4 e bontsha gore Dafide o ne a ikanya Jehofa, ya re: “Ke tla biletsa kwa go Jehofa ka lentswe la me, Mme o tla nkaraba a le kwa thabeng ya gagwe e e boitshepo.” Le rona re tshwanetse go rapela fa re lekwa. Jehofa o re araba ka go re naya moya o o boitshepo o o re thusang gore re itshoke. A go na le maemo mangwe a a tlhokang gore o nne boikgapo kgotsa gore o itshwarele bangwe ba ba go tlhoileng ntle le lebaka? A o tlhatswegile pelo gore Jehofa o bona pogisego ya gago le gore o tla go segofatsa?

“BOTLHALE KE SELO SE SEGOLO MO GO TSOTLHE”

18. Re solegelwa molemo jang fa re ikobela kaelo ya Modimo?

18 Fa ka metlha re dira se se siameng, Jehofa o tla re segofatsa. Ke ka moo Diane 4:7 e reng, “botlhale ke selo se segolo mo go tsotlhe”! Botlhale bo amana thata le ditshwetso tse re di dirang e seng fela dilo tse re di itseng. Tota le ditshoswane di botlhale ka gonne di baakanya dijo tsa tsone ka paka ya selemo. (Dia. 30:24, 25) Keresete e leng “botlhale jwa Modimo,” o nna a dira dilo tse di itumedisang Rraagwe ka metlha. (1 Bakor. 1:24; Joh. 8:29) Modimo o itse pharologanyo fa gare ga go dira tshwetso e e siameng le go e diragatsa. Mme o segofatsa ba ba bontshang boikokobetso le boitshoko e bile ba dira dilo tse di siameng. (Bala Mathaio 7:21-23.) Ka jalo, dira ka natla go nonotsha tumelo ya gago gore o kgone go tswelela o le boikokobetso. Go dirisa se re se ithutileng go tsaya nako e bile go tlhoka gore re nne pelotelele, mme fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re boikokobetso e bile seno se tla dira gore re itumele.