“Maungo a moya [kgotsa dinonofo tse moya o di tlhagisang] ke . . . boikgapo.”—BAGAL. 5:22, 23.

PINA: 83, 52

1, 2. (a) Go nna le diphelelo dife fa motho a se na boikgapo? (b) Ke eng fa kgang ya boikgapo e le botlhokwa gompieno?

BOIKGAPO ke nonofo ya botlhokwa ya Bokeresete. (Bagal. 5:22, 23) Jehofa o boikgapo ka tsela e e feletseng. Le fa go ntse jalo, batho ga ba a itekanela e bile ba thatafalelwa ke go bontsha boikgapo. Tota e bile, batho ba le bantsi gompieno ba lebana le mathata ka gonne ba se na boikgapo. Seo se ka dira gore ba nne le mokgwa wa go beela dilo kwa morago le gore ba se ka ba dira bontle kwa sekolong kgotsa kwa tirong. Gape go ka felela ka go sotla ba bangwe ka mafoko, botagwa, thubakanyo, tlhalo, dikoloto tse di sa tlhokegeng, go tshwakgoga, go tshwarwa, go tshwenyega mo maikutlong, malwetse a tlhakanelodikobo, go ima go go sa lebelelwang le tse dingwe.—Pes. 34:11-14.

2 Go bonala sentle gore batho ba ba seng boikgapo ba tsenya bone le batho ba bangwe mo mathateng. Bothata jwa go tlhoka boikgapo bo nna maswe le go feta. Ka bo1940, go ile ga dirwa dipatlisiso ka kgang ya boikgapo, mme dipego tsa bosheng tsone di bontsha gore batho ga ba sa tlhole ba bontsha boikgapo jaaka pele. Seno ga se gakgamatse baithuti ba Baebele ka gonne Baebele e ile ya bolelela pele gore sesupo sengwe sa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo,” ke gore batho e tla nna “ba ba se nang boikgapo.”—2 Tim. 3:1-3.

3. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go nna boikgapo?

 3 Ke eng fa o tshwanetse go nna boikgapo? Akanya ka mabaka ano a mabedi a botlhokwa. La ntlha, go lemogilwe gore batho ba ba kgonang go laola dikeletso tsa bone, ga ba nne le mathata a mantsi. Ba kgona go laola maikutlo a bone, ba nna le kamano e e molemo le ba bangwe e bile ga ba galefe motlhofo le go tlhobaela thata jaaka batho ba ba tseegang maikutlo ka bonako. La bobedi, bokgoni jwa go emelana le dithaelo le go laola dikeletso tse di sa siamang bo botlhokwa gore re kgone go amogelwa ke Modimo. Kgang ya ga Adame le Efa e supela boammaaruri jwa seno. (Gen. 3:6) Gape akanya ka diphelelo tse di sa siamang tse batho ba ileng ba lebana le tsone go tloga ka nako eo ka gonne ba se na boikgapo.

4. Ke eng se se ka kgothatsang batho ba go leng thata gore ba nne boikgapo?

4 Ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o nang le boikgapo ka tsela e e feletseng. Jehofa o itse seno e bile o batla go thusa batlhanka ba gagwe gore ba kgone go fenya bokoa jwa bone jwa go dira se se sa siamang. (1 Dikg. 8:46-50) E re ka a le lorato, o kgothatsa batho ba ba siameng ba ba batlang go mo direla mme go le thata gore ba bontshe boikgapo mo dilong dingwe. Mma re sekaseke sekao se se molemo sa ga Jehofa. Go tswa foo re tla ithuta ka dikao tse di siameng le tse di sa siamang tse di mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, re tla sekaseka dikakantsho tse di ka re thusang gore re nne boikgapo ka tsela e e oketsegileng.

JEHOFA O RE TLHOMETSE SEKAO

5, 6. Jehofa o tlhomile sekao sefe sa go nna boikgapo?

5 Jehofa o bontsha boikgapo ka tsela e e feletseng ka gonne o itekanetse. (Dute. 32:4) Le fa go ntse jalo, rona ga re a itekanela. Mme gone, fa re batla go itse mo go oketsegileng ka boikgapo, re tlhoka go sekaseka sekao sa ga Jehofa gore re tle re kgone go mo etsa. Jehofa o ile a bontsha boikgapo mo maemong afe?

6 Akanya kafa Jehofa a ileng a bontsha boikgapo ka gone fa Satane a ne a tsuologa. Kgang eno e ne e tlhoka go rarabololwa. Ga go pelaelo gore se Satane a se dirileng se ne sa dira gore dibopiwa tse di ikanyegang tsa Modimo tsa kwa legodimong di galefe e bile di nne le letlhoo. Gongwe le wena o ikutlwa jalo fa o akanya ka mathata a Satane a a bakileng. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a itlhaganelela go tsaya kgato. O ne a tsiboga ka tsela e e siameng. O ile a nna bonya go galefa e bile a bontsha tshiamiso mo botsuoloding jono jwa ga Satane. (Ekes. 34:6; Jobe 2:2-6) Ka ntlha yang? Jehofa o letlile gore nako e fete ka gonne ga a batle gore ope a senngwe mme “o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 Pet. 3:9.

7. Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehofa?

7 Tsela e Jehofa a ileng a bontsha boikgapo ka yone e re ruta gore re tshwanetse go akanyetsa ka kelotlhoko se re se buang le se re se dirang, ga re a tshwanela go itlhaganelela go dira dilo. Fa o lebane le kgang nngwe ya botlhokwa, iphe nako e e tla go letlang gore o tseye kgato e e siameng. Rapelela botlhale gore o kgone go bua le go dira se se siameng. (Pes. 141:3) Fa o tseegile maikutlo, go motlhofo tota gore o dire sengwe se o tla se ikwatlhaelang. Tota e bile, bontsi jwa rona re kile ra bua kgotsa ra dira sengwe se morago re neng ra sa ikwatlhaela.—Dia. 14:29; 15:28; 19:2.

DIKAI TSE DI SIAMENG LE TSE DI SA SIAMANG TSA BATLHANKA BA MODIMO

8. (a) Re ka bona kae dikai tsa batho ba ba ileng ba bontsha dinonofo tse di molemo? (b) Ke eng se se thusitseng Josefa gore a fenye thaelo ya mosadi wa ga Potifaro? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

8 Ke dikai dife tsa mo Baebeleng tse di bontshang botlhokwa jwa go laola tsela e re tsibogang  ka yone? O ka tswa o gopola batho ba le mmalwa ba mo Baebeleng ba ba ileng ba bontsha boikgapo fa ba lekwa. Mongwe wa bone ke morwa Jakobe e bong Josefa. O ne a bontsha boikgapo fa a ne a direla kwa ntlong ya ga Potifaro, yo e neng e le molebedi wa badisa ba ga Faro. Mosadi wa ga Potifaro o ne a kgatlhegela Josefa e re ka a ne “a bopegile sentle e bile a le montle,” mme o ne a leka go mo raela. Ke eng se se thusitseng Josefa gore a se ka a ineelela thaelo eo? Ga go na pelaelo gore o ne a ipha nako ya go akanya ka ditlamorago tse di ka nnang gone fa a ka dira jalo. Mme fa boemo bo ne bo nna maswe le go feta, o ne a tlhanola direthe. O ne a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”—Gen. 39:6, 9; bala Diane 1:10.

9. O ka ipaakanyetsa jang go emelana le dithaelo?

9 Sekao sa ga Josefa se re ruta eng? Ntlha nngwe ke gore, le rona re ka tlhoka go tila keletso ya go batla go tlola melao ya Modimo. Mo nakong e e fetileng, Basupi bangwe ba ne ba lwantsha bothata jwa go ja bobe, go nwa bobe, go goga, go dirisa diokobatsi, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le tse dingwe. Tota le fa ba sena go kolobediwa, ka dinako dingwe ba ka raelesega go boela kwa mekgweng ya bone ya pele. Le fa go ntse jalo, fa o raelesega go tlola melao ya Modimo, nonotsha tumelo ya gago ka go ipha nako ya go akanya ka ditlamorago tse di ka nnang teng ka gonne o paletswe ke go laola dikeletso tsa gago. Leka go akanya ka maemo a mo go one o ka raelesegang go dira se se sa siamang mme o dire tshwetso ya gore o tla a tila jang. (Pes. 26:4, 5; Dia. 22:3) Fa o ka lebana le thaelo nngwe, kopa Jehofa gore a go neye botlhale le boikgapo jwa gore o emelane le yone.

10, 11. (a) Basha ba le bantsi ba lebana le kgwetlho efe kwa sekolong? (b) Ke eng se se ka thusang basha ba Bakeresete go emelana le kgatelelo ya go dira boitsholo jo bo maswe?

10 Basha ba le bantsi ba lebana le thaelo e e tshwanang le ya ga Josefa. Akanya ka Kim. Bontsi jwa bana ba a neng a tsena sekolo le bone ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, mme gantsi morago ga mafelobeke, ba ne ba ikgantsha ka dilo tse di maswe tse ba di dirileng. Kim o ne a itidimalela fela fa seo se direga. A re ka dinako dingwe kgang eno e ne e dira gore a ikutlwe e le letlhaodi e bile baithutimmogo le ene ba ne ba tsaya gore ke sematla ka gonne a sa ratane. Le fa go ntse jalo, Kim o ne a itse gore basha ba le bantsi ba lebana le thaelo e e kgolo ya go batla go tlhakanela dikobo. (2 Tim. 2:22) Baithutimmogo le ene ba ne ba rata go mmotsa gore a ga a ise a dire jalo. Seno se ne se mo naya tshono ya go tlhalosa lebaka la go bo a ise a tlhakanele dikobo. Ruri re motlotlo ka basha ba Bakeresete ba ba ikemiseditseng go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo mme Jehofa le ene o motlotlo ka bone!

11 Baebele e na le dikai tsa tlhagiso tsa batho ba ba ileng ba palelwa ke go bontsha boikgapo fa go tla mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Gape e tlhalosa ditlamorago tse di ka nnang teng fa motho a dira jalo. Mongwe le mongwe yo o lebaneng le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Kim o tshwanetse go akanya ka sekai sa lekawana le go buiwang ka lone mo go Diane kgaolo 7. Gape akanya ka se Amenone a ileng a se dira le mathata a a neng a nna gone ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe. (2 Sam. 13:1, 2, 10-15, 28-32) Batsadi ba ka thusa bana ba bone go nna boikgapo le go nna botlhale fa ba intsha le mongwe ka go tlotla le bone ka kgang eno ka nako ya kobamelo ya lelapa mme ba ka dirisa dipego tsa Baebele tse di sa tswang go umakwa.

12. (a) Josefa o ile a laola maikutlo a gagwe jang fa a dirisana le bomorwarraagwe? (b) Re ka tlhoka go laola maikutlo a rona mo maemong afe?

12 Josefa o ne a tlhoma sekao se sengwe se se molemo sa go bontsha boikgapo. E re ka Josefa a ne a batla go itse maitlhomo a bomorwarraagwe, ga a ka a ba bolelela gore ke  ene mang fa ba ne ba ile kwa Egepeto go ya go reka dijo. Mme fa a ne a utlwa gore o palelwa ke go itshwara, o ne a ya kwa lefelong le le kwa thoko gore a lele. (Gen. 43:30, 31; 45:1) Fa Mokeresetemmogo le wena kgotsa mongwe yo o mo ratang a sa dire sengwe sentle, go bontsha boikgapo jaaka Josefa a ile a dira go ka go thusa gore o tile go dira dilo tse o sa di akanyetsang sentle. (Dia. 16:32; 17:27) Fa e le gore o na le mongwe wa losika yo o tlositsweng mo phuthegong, o ka nna wa tlhoka go laola maikutlo a gago gore o tile go dirisana le motho yoo. Go bontsha boikgapo mo maemong ao ga go itlele fela, mme go ka nna motlhofo go dira jalo fa re gopola gore re a bo re etsa Modimo e bile re ikobela kaelo ya gagwe.

13. Re ka ithuta eng mo dipegong tsa ga Kgosi Dafide?

13 Baebele e re bolelela ka sekao se se molemo sa ga Kgosi Dafide. O ne a na le maatla a magolo mme o ne a tila go a dirisa fa a ne a rumolwa ke Saulo le Shimei. (1 Sam. 26:9-11; 2 Sam. 16:5-10) Mme gone, ga se gore ka metlha Dafide o ne a kgona go laola maikutlo a gagwe e re ka re gopola boleo jo a bo dirileng le Bathesheba le tsela e a ileng a tsiboga ka yone fa Nabale a ne a bontsha bopelotshetlha. (1 Sam. 25:10-13; 2 Sam. 11:2-4) Le fa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe go tswa mo go Dafide. Sa ntlha, balebedi ba batho ba Modimo ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba dirisa taolo ya bone ka tsela e e sa siamang. Sa bobedi, ga go na ope yo o ka repang fela a akanya gore ene a ke se wele mo thaelong.—1 Bakor. 10:12.

SE O KA SE DIRANG

14. Mokaulengwe mongwe o ne a diragalelwa ke eng, mme ke eng fa tsela e re tsibogang ka yone mo maemong a a ntseng jalo e le botlhokwa?

14 Ke eng se o ka se dirang gore o nne boikgapo? Akanya ka boemo jono. Mongwe o ne a thula koloi ya ga Luigi kwa morago. Le fa mokgweetsi yoo a ne a le phoso, o ne a tlhapatsa Luigi mme a leka go mo lwantsha. Luigi o ne a kopa Jehofa gore a mo thuse go ritibala maikutlo mme o ne a leka go ritibatsa mokgweetsi yoo, le fa go ntse jalo, o ne a palelwa. Luigi o ne a kwala inshorense ya monna yoo mme a mo tlogela a ntse a omana. Beke morago ga moo, o ne a dira loeto lwa go boela kwa mosading mongwe mme a lemoga gore monna wa gagwe e ne e le mokgweetsi yole. Monna yono o ne a tlhabilwe ke ditlhong e bile o ne a kopa maitshwarelo ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe. O ne a bolelela Luigi gore o tla founela batho ba inshorense ya gagwe gore ba tle ba rarabolole kgang ya bone ka bonako. Monna yono o ne a reetsa molaetsa wa Baebele mme o ne a itumelela se a se utlwang. Luigi o ne a lemoga botlhokwa jwa go bo a ile a nna a ritibetse morago ga kotsi eo le gore go ka bo go ile nna ga nna maswe thata jang fa a ka bo a ile a tseega maikutlo.—Bala 2 Bakorintha 6:3, 4.

Go nna re ritibetse kgotsa go tseega maikutlo go ka ama bodiredi jwa rona (Bona serapa 14)

15, 16. Go ithuta Baebele go ka thusa wena le ba lelapa la gago jang gore lo nne boikgapo?

15 Go ithuta Baebele ka kelotlhoko go ka thusa Bakeresete gore ba nne boikgapo. Gopola gore Modimo o ne a bolelela Joshua jaana: “Buka eno ya molao e se ka ya tloga mo molomong wa gago, o e balele kwa tlase motshegare le bosigo, gore o tlhokomele go dira kafa go sotlhe se se kwadilweng mo go yone; gonne o tla dira gore tsela ya gago e atlege e bile o tla dira ka botlhale.” (Josh. 1:8) Go ithuta Baebele go ka go thusa jang gore o nne boikgapo?

16 Re sa tswa go bona gore Baebele e na le dipego tse di bontshang sentle melemo le ditlamorago tsa ditiro tsa rona. Jehofa o na le lebaka la go bo a ile a dira gore dipego tseno di kwalwe. (Bar. 15:4) Go tla bo go le botlhale gore re di bale, re tlhatlhanye ka tsone le go di ithuta! Leka go bona gore di ka thusa wena le ba lelapa la gago jang. Kopa Jehofa gore a go thuse go dirisa se o se ithutang  mo Lefokong la gagwe. Fa o lemoga gore o palelwa ke go bontsha boikgapo mo maemong mangwe, amogela gore o na le bothata. Go tswa foo, rapela ka gone mme o bone gore o ka baakanya jang. (Jak. 1:5) Ga go pelaelo gore go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona go tla go thusa gore o bone tshedimosetso e e ka go tswelang mosola.

17. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba nne boikgapo?

17 O ka thusa jang bana ba gago gore ba nne boikgapo? Batsadi ba a itse gore ga go motlhofo gore bana ba nne le nonofo eno. Mme fela jaaka go ntse ka dinonofo tse dingwe tse bana ba tshwanetseng go di ithuta, batsadi ba tshwanetse go ba tlhomela sekao. (Baef. 6:4) Ka jalo, fa o lemoga gore bana ba gago ba palelwa ke go laola dikeletso tsa bone, ipotse gore a o ba tlhomela sekao se se molemo. Nna o gopotse kafa go nna gone ka metlha kwa bodireding, kwa dipokanong le go tshwara kobamelo ya lelapa go ka solegelang bana ba gago molemo ka gone. O se ka wa tshaba go gana go dira dilo dingwe tse ba di kopang fa e le gore go a tlhokega! Jehofa o ne a tlhomela Adame le Efa melao, mme melao eo e ne e tla ba thusa gore ba tlotle bolaodi jwa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, melao ya batsadi le sekao sa bone di ka thusa bana ba bone gore ba nne boikgapo. Sengwe sa botlhokwa tota se o ka se rutang bana ba gago ke gore ba rate bolaodi jwa Modimo le go tlotla melao ya gagwe.—Bala Diane 1:5, 7, 8.

18. Ke eng fa go nna le ditsala tse di siameng go ka go solegela molemo?

18 E ka ne o motsadi kgotsa nnyaa, ga o a tshwanela go itlhokomolosa botlhokwa jwa go tlhopha ditsala tse di siameng. Batla ditsala tse di tla go kgothaletsang go fitlhelela mekgele e e siameng le go tila dilo tse di sa siamang. (Dia. 13:20) Go itsalanya le batho ba ba ratang Jehofa go ka go tlhotlheletsa ka tsela e e molemo le go dira gore o etse tsela e ba bontshang boikgapo ka yone. Mme ga go na pelaelo gore boitshwaro jwa gago jo bo siameng bo tla kgothatsa ditsala tsa gago. Fa o tswelela o bontsha boikgapo, Modimo o tla go amogela mme seo se tla dira gore o itumelele botshelo e bile o tla kgona go tswelela o dirisana sentle le batho ba bangwe.