Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa

Etsa Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa

“Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle.”—EKES. 34:6.

PINA: 142, 12

1. Jehofa o ile a ikitsise mo go Moshe ka tsela efe e e kgethegileng mme ke eng fa seno se le botlhokwa?

NAKO nngwe Modimo o ne a ikitsise mo go Moshe ka go mmolelela leina la Gagwe le dinonofo tsa Gagwe. Dinonofo tsa ntlha tse a di umakileng e ne le bopelontle le kutlwelobotlhoko. (Bala Ekesodo 34:5-7.) Jehofa a ka bo a ile a mmolelela ka maatla kgotsa botlhale jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, e re ka Moshe a ne a batla gore Modimo a mo tlhomamisetse gore o tla mo thusa, Jehofa o ne a bua thata ka dinonofo tse di bontshang gore o iketleeleditse go thusa batlhanka ba gagwe. (Ekes. 33:13) A ga go itumedise go itse gore Modimo o ne a umaka dinonofo tseno tse di molemo pele a bua ka tse dingwe? Mo setlhogong seno re tlile go sekaseka nonofo eno ya kutlwelobotlhoko, e leng go itse fa motho yo mongwe a boga le go batla go mo thusa.

2, 3. (a) Ke eng se se bontshang gore ke ga tlholego gore batho ba nne kutlwelobotlhoko? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore o itse se Baebele e se buang ka kutlwelobotlhoko?

2 Batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka jalo, e re ka Jehofa a le kutlwelobotlhoko, ke ga tlholego gore batho ba bontshe kutlwelobotlhoko. Tota le batho ba ba sa itseng Modimo wa  boammaaruri ba bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. (Gen. 1:27) Go na le dipego di le dintsi mo Baebeleng tsa batho ba ba ileng ba bontsha kutlwelobotlhoko. Akanya ka pego ya basadi ba babedi ba diaka ba ba neng ba ngangisana fa pele ga ga Solomone malebana le gore ke mang mo go bone yo e leng mma ngwana. Solomone o ne a ba leka ka go laela gore ngwana a kgaolwe ka bogare. Mma ngwana o ne a utlwa botlhoko thata mo a neng a kopa gore ngwana a se ka a bolawa mme a newe mosadi yo mongwe. (1 Dikg. 3:23-27) Akanya gape ka morwadia Faro yo o neng a boloka botshelo jwa ga Moshe a sa le lesea. Le fa gone a ile a lemoga gore ngwana yoo e ne e le Mohebera le gore o tshwanetse go bolawa, o ne “a mo tlhomogela pelo” a bo a mo ikgodisetsa.—Ekes. 2:5, 6.

3 Ke eng fa go le botlhokwa gore o sekaseke nonofo eno ya kutlwelobotlhoko? Ka gonne Baebele e go kgothaletsa gore o etse Jehofa. (Baef. 5:1) Le fa gone re bopilwe re na le kutlwelobotlhoko, boleo jo re bo ruileng mo go Adame bo ka dira gore re ikakanyetse re le nosi. Ka dinako tse dingwe, ga go motlhofo go tlhopha gore a re tla thusa ba bangwe kgotsa a re tla ikakanyetsa re le nosi. Mo bathong ba bangwe, eno ke kgwetlho e ba nnang ba lebana le yone. Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go fenya kgwetlho eno? Sa ntlha, iphe nako ya go sekaseka kafa Jehofa le batho ba bangwe ba ileng ba bontsha kutlwelobotlhoko ka gone. Sa bobedi, sekaseka kafa o ka etsang Modimo ka gone le kafa go dira jalo go ka nnang le diphelelo tse di molemo ka gone.

JEHOFA KE SEKAO SE SE MOLEMO SA KUTLWELOBOTLHOKO

4. (a) Ke eng fa Jehofa a ile a romela baengele kwa Sodoma? (b) Pego ya ga Lote le bomorwadie e re ruta eng?

4 Jehofa o ile a bontsha kutlwelobotlhoko mo maemong a mantsi. Akanya ka se Modimo a se diretseng Lote. Monna yoo yo o siameng o ne a “tshwenyegile thata” ka boitshwaro jo bo repileng jwa banni ba Sodoma le Gomora. Eleruri, Modimo o ne a dirile tshwetso ya gore batho bao ba ba bosula ba tshwanetse go swa. (2 Pet. 2:7, 8) Modimo o ne a romela baengele gore ba falotse Lote. Baengele ba ne ba laela Lote le ba lelapa la gagwe gore ba tswe mo metseng eo e e neng e tlile go senngwa. “E rile a nnela go diega, ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa mo go ene, [baengele] ba tshwara seatla sa gagwe le seatla sa mosadi wa gagwe le diatla tsa bomorwadie ba babedi mme ba mo ntsha ba mo emisa ka kwa ntle ga motse.” (Gen. 19:16) A sekai seno ga se bontshe gore Jehofa o bona maemo a a thata a batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba lebanang le one?—Isa. 63:7-9; Jak. 5:11; 2 Pet. 2:9.

5. Ditemana tse di jaaka 1 Johane 3:17 di re thusa jang go bontsha kutlwelobotlhoko?

5 Jehofa ga a bontshe kutlwelobotlhoko fela mme gape o ruta batho ba gagwe botlhokwa jwa go bontsha nonofo eno. Akanya ka molao o o neng o neilwe Baiseraele o o malebana le go tseela motho yo mongwe seaparo gore a tle a duele madi a a a adimilweng. (Bala Ekesodo 22:26, 27.) Motho yo o adimileng yo mongwe madi, o ne a ka raelesega go tsaya seaparo sa yo o mo kolotang mme a mo tlogela a sena se a se aparang fa a robala. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ruta batho ba gagwe gore ba tile mokgwa oo wa go sa akanyetse ba bangwe. Batho ba gagwe ba ne ba tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko. A molaomotheo o o tlhomololwang ke molao oo ga o re tlhotlheletse gore re bontshe ba bangwe kutlwelobotlhoko? Fa Bakeresetemmogo le rona ba na le mathata, a re tla ba latlhelela matsogo fela le fa gone go na le sengwe se re ka se dirang go ba thusa?—Bakol. 3:12; Jak. 2:15, 16; bala 1 Johane 3:17.

6. Lebaka la go bo Jehofa a ne a nna a thusa Baiseraele gore ba ikwatlhaye le re ruta eng?

 6 Jehofa o ne a utlwela Baiseraele botlhoko le fa ba ne ba leofa. Baebele ya re: “Jehofa Modimo wa borraabonemogologolwane a nna a roma kgatlhanong le bone ka barongwa ba gagwe, a roma gangwe le gape, ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe le bonno jwa gagwe pelo.” (2 Ditir. 36:15) A le rona ga re a tshwanela go utlwela botlhoko batho ba ba ka ikwatlhaelang tsela e ba neng ba tshela ka yone mme ba bo ba amogelwa ke Modimo? Jehofa ga a batle gore ope a senngwe ka nako ya katlholo. (2 Pet. 3:9) Ka jalo, fa Modimo a ise a tseye kgato go fedisa batho ba ba bosula, a re tsweleleng re rera molaetsa wa gagwe o o bontshang kutlwelobotlhoko.

7, 8. Ke eng fa lelapa lengwe le dumela gore Jehofa o ne a ba bontsha kutlwelobotlhoko?

7 Go na le maitemogelo a le mantsi a a bontshang kafa Modimo a leng kutlwelobotlhoko ka gone. Akanya ka se se diragaletseng ba lelapa la mosimane mongwe wa dingwaga tse 12 yo re tla mmitsang Milan. E ne e le ka nako ya dintwa tsa semorafe ka masimologo a bo1990. Milan, monnawe, batsadi ba gagwe le Basupi ba bangwe, ba ne ba palame bese ba tswa Bosnia ba ya kwa Serbia. Ba ne ba ya kopanong e bile batsadi ba ga Milan ba ne ba tlile go kolobediwa kwa go yone. Mme fa ba fitlha kwa molelwaneng, masole a ne a folosa ba lelapa la ga Milan ka ntlha ya setso sa bone; mme a ne a letlelela bakaulengwe ba bangwe gore ba tsamaye. Morago ga malatsi a mabedi, modiredi wa masole o ne a founela mookamedi wa gagwe a bo a mmotsa gore a dire eng ka bone. Modiredi yono o ne a na le bone, ka jalo, ba ne ba utlwa fa mookamedi a ne a re: “Ba ntshetseng kwa ntle lo ba thuntshe!”

8 Fa modiredi a ntse a bua le masole a gagwe, banna bangwe ba babedi ba ne ba ya kwa batsading ba ga Milan mme ba ba bolelela gore ke Basupi. Bakaulengwe ba ba neng ba le mo beseng ba ne ba ba boleletse se se diragetseng. Banna bano ba ne ba laela Milan le monnawe gore ba tsene mo koloing gore ba tlole molelwane ka gonne dipampiri tsa bana di ne di sa tlhatlhobiwe. Gape ba ne ba bolelela batsadi ba ga Milan gore ba potologe molelwane mme ba tla kopana le bone ka kwa ntle. Milan o ne a sa itse gore a ke ka a tshege kgotsa a lele fa a utlwa kakantsho eno. Batsadi ba gagwe ba ne ba re: “A lo akanya gore ba tla re tlogela fela re tsamaya?” Le fa go ntse jalo, fa ba tsamaya, go ne ga nna jaaka e kete masole ga a ba bone. Ba ne ba kopana le bana ba bone kwa letlhakoreng le lengwe la molelwane. Ba ne ba ya kopanong, ba tlhomamisegile gore Jehofa o ne a arabile dithapelo tsa bone. Re a itse gore go na le dipego dingwe mo Baebeleng tse mo go tsone Jehofa a ileng a se ka a sireletsa batlhanka ba gagwe. (Dit. 7:58-60) Le fa go ntse jalo, Milan a re: “Go ne go lebega e kete baengele ba ne ba foufaditse masole mme Jehofa o ne a re falotsa.”—Pes. 97:10.

9. Jesu o ne a dira eng fa a bona batho ba bantsi ba mo setse morago? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Re ka ithuta sengwe mo go Jesu. O ne a utlwela botlhoko batho ba a neng a kopana le bone ka gonne “ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” O ne a dira eng ka boemo jwa bone jo bo tlhomolang pelo? O ne “a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Math. 9:36; bala Mareko 6:34.) O ne a sa tshwane le Bafarasai ba ba neng ba sa kgathalele batho ba maemo a a kwa tlase. (Math. 12:9-14; 23:4; Joh. 7:49) A ga o eletse go thusa batho ba ba batlang go itse ka Modimo jaaka Jesu a ne a dira?

10, 11. A kutlwelobotlhoko e tshwanetse go bontshiwa mo maemong otlhe? Tlhalosa.

10 Seno ga se reye gore kutlwelobotlhoko e tshwanetse go bontshiwa mo maemong otlhe. Mo dipegong tsa mo Baebeleng tse re  tlotlileng ka tsone, go ne go tshwanela gore Modimo a bontshe kutlwelobotlhoko. Le fa go ntse jalo, Kgosi Saulo o ne a sa ikobe fa a ne a dira sengwe se a neng a ithaya a re ke go bontsha kutlwelobotlhoko. O ne a boloka botshelo jwa ga Agage yo o neng a sa rate batho ba Modimo gape o ne a se ka a bolaya diphologolo tse di nonneng. Ka jalo, Jehofa o ne a se ka a tlhola a amogela Saulo e le kgosi ya Iseraele. (1 Sam. 15:3, 9, 15) Ga go pelaelo gore Jehofa ke Moatlhodi yo o siameng. O kgona go lemoga maikaelelo a batho e bile o itse fa go sa tlhokege gore a bontshe kutlwelobotlhoko. (Dikhu. 2:17; Esek. 5:11) Nako e etla ya gore a atlhole batho botlhe ba ba ganang go mo ikobela. (2 Bathes. 1:6-10) Eo e tla bo e se nako ya gore a bontshe batho ba ba bosula kutlwelobotlhoko. Go na le moo, fa Modimo a dira jalo o tla bo a bontsha batho ba ba siameng kutlwelobotlhoko.

11 Ke boammaaruri gore ga se maikarabelo a rona go atlhola gore a batho ba tshwanetse go senngwa kgotsa go bolokwa. Go na le moo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho gone jaanong. Ka jalo, re ka bontsha batho kutlwelobotlhoko ka ditsela dife? Akanya ka dikakantsho di le mmalwa.

KAFA RE KA BONTSHANG KUTLWELOBOTLHOKO KA GONE

12. O ka bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko jang?

12 Thusa ba bangwe letsatsi le letsatsi. Batho ba ba dirang ka natla go etsa Jesu, ba tshwanetse go bontsha baagelani le Bakeresetemmogo le bone kutlwelobotlhoko. (Joh. 13:34, 35; 1 Pet. 3:8) Buka nngwe ya re kutlwelobotlhoko e kaya “go boga mmogo.” Motho yo o kutlwelobotlhoko o tlhotlheletsega go thusa ba bangwe fa ba boga, gongwe ka go ba thusa fa ba na le mathata. Batla ditshono tsa go dira jalo! Ka sekai, o ka thusa mongwe ka go mo direla tiro nngwe, kgotsa o ka mo direla mokgaphe mongwe o a neng a tshwanetse go o dira.—Math. 7:12.

Bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko ka go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang (Bona serapa 12)

13. Batho ba Modimo ba bontsha dinonofo dife fa go nnile le masetlapelo a tlholego?

13 Nna le seabe mo tirong ya namolo. Batho ba le bantsi ba tlhotlheletsega go bontsha kutlwelobotlhoko fa ba bona batho ba ba ileng ba amiwa ke masetlapelo a tlholego. Batho ba ga Jehofa ba itsege ka go thusa batho mo maemong a a ntseng jalo. (1 Pet. 2:17) Kgaitsadi mongwe wa kwa Japane o ne a nna mo lefelong le le neng le sentswe ke thoromo ya  lefatshe le tsunami ka 2011. A re o ne a “kgothala le go gomotsega” fa a bona baithaopi ba le bantsi ba ba tswang kwa dikarolong tse dingwe tsa Japane le kwa moseja ba baakanya dikago tse di neng di senyegile. O ne a kwala jaana: “Seno se nthusitse go lemoga gore Jehofa o a re rata. Gape se ile sa dira gore ke bone gore batho ba gagwe ba a ratana. Bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe ba a re rapelela.”

14. O ka thusa jang batho ba ba lwalang le batsofe?

14 Thusa ba ba lwalang le batsofe. Fa re bona batho ba ba lwalang le ba ba setseng ba tsofetse, re tlhotlheletsega go ba bontsha kutlwelobotlhoko. Re eletsa go bona bolwetse le botsofe di fedisitswe. Ka jalo, re rapelela gore Bogosi Jwa Modimo bo tle. Gone jaanong re dira se re se kgonang go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang. Akanya ka se mokwadi mongwe a neng a se kwala ka mmaagwe yo o neng a na le bolwetse jo bo dirang gore boboko bo se ka jwa bereka sentle. Letsatsi lengwe mmaagwe o ne a itlatsa leswe. Fa a ntse a leka go phepafatsa, go ne ga kokota mongwe. Baeng bao e ne e le Basupi ba babedi ba ba neng ba tlhola ba mo etela. Bokgaitsadi bano ba ne ba mmotsa gore a ba ka thusa ka sengwe. Mmê yono o ne a re: “Ee, mme gone ke tlhabiwa ke ditlhong.” Baeng bano ba ne ba mo thusa go phepafatsa. Morago ga moo, ba ne ba mo direla tee ba bo ba tlotla le ene. Morwawe o ne a itumetse tota. O ne a kwala jaana: “Basupi bano ke ba rolela hutshe. Ba dira se ba se buang.” A tsela e o tlhomogelang pelo balwetse le batsofe ka yone e go tlhotlheletsa go dira sotlhe se o ka se kgonang go ba thusa?—Bafil. 2:3, 4.

15. Tiro ya rona ya go rera e re naya ditshono dife tsa botlhokwa?

15 Thusa batho go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Mathata a batho ba nang le one a re tlhotlheletsa gore re batle go ba thusa gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa. Tsela e e molemo ya go dira jalo ke ka go ba ruta ka Modimo le gore Bogosi jwa gagwe bo tla direla batho eng. Tsela e nngwe ke ka go ba thusa gore ba lemoge melemo ya go tshela go dumalana le melao ya Modimo. (Isa. 48:17, 18) Oketsa seabe se o nang le sone mo bodireding e re ka tiro eno e tlotla Jehofa e bile e dira gore o bontshe batho ba bangwe kutlwelobotlhoko.—1 Tim. 2:3, 4.

GO NNA KUTLWELOBOTLHOKO GO KA GO SOLEGELA MOLEMO!

16. Motho yo o kutlwelobotlhoko o solegelwa molemo jang?

16 Baitse ba tlhaloganyo ba re go bontsha kutlwelobotlhoko go ka tokafatsa botsogo jwa gago le tsela e o dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Fa o thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang, o tla itumela, o tla nna le tsholofelo, o ka se jewe ke bodutu e bile ga o kitla o kgobega marapo. Eleruri go nna kutlwelobotlhoko go tla go solegela molemo. (Baef. 4:31, 32) Bakeresete ba ba thusang ba bangwe ba nna le segakolodi se se phepa ka gonne ba a itse gore ba dira go dumalana le melaometheo ya Modimo. Go leba dilo ka tsela eo, go tla dira gore o nne motsadi yo o molemo, molekane wa lenyalo yo o molemo le tsala e e molemo. Batho ba ba bonako go bontsha kutlwelobotlhoko, gantsi batho ba bangwe ba itumelela go ba thusa.—Bala Mathaio 5:7; Luke 6:38.

17. Ke eng fa o batla go bontsha kutlwelobotlhoko?

17 Go itse gore go nna kutlwelobotlhoko go go solegela molemo ga e a tshwanela go nna lebaka la go batla go bontsha nonofo eno. Go na le moo, o tshwanetse go tlhotlhelediwa ke go batla go etsa le go galaletsa Jehofa Modimo, Motswedi wa lorato le kutlwelobotlhoko. (Dia. 14:31) O re tlhomela sekao se se molemo. A re lekeng ka natla go mo etsa ka go bontsha bakaulengwe ba rona le batho ba bangwe kutlwelobotlhoko mme re dira jalo ka go ba rata le go dirisana sentle le bone.—Bagal. 6:10; 1 Joh. 4:16.