Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Tumelo

Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Tumelo

“Makau le lona makgarebane . . . A ba bake leina la ga Jehofa.”—PES. 148:12, 13.

PINA: 88, 115

1, 2. (a) Batsadi ba na le kgwetlho efe mme ba ka lebana jang le yone? (b) Re tla sekaseka dintlha dife tse nnè?

BANYALANI bangwe ba kwa Fora ba ne ba re: “Re dumela mo go Jehofa mme seo ga se reye gore bana ba rona le bone ba tla dumela mo go ene.” Ba ne ba oketsa jaana: “Tumelo ga se sengwe se o se gotsang mo batsading ba gago. Bana ba rona ba nna le yone kgato ka kgato.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Australia o ne a kwala jaana: “Go thusa ngwana wa gago go nna le tumelo ke namane e tona ya tiro. O tshwanetse go dirisa ka botlalo didirisiwa tsotlhe tse re nang le tsone. O ka nna wa akanya gore o arabile ngwana wa gago ka tsela e e utlwalang. Moragonyana a bo a go botsa potso eo gape! Dikarabo tse di kgotsofatsang ngwana wa gago gompieno di ka nna tsa se ka tsa mo kgotsofatsa mo nakong e e tlang. O ka nna wa tlhoka go tlotla le ene ka dilo dingwe gangwe le gape.”

2 Fa e le gore o motsadi, a ka dinako dingwe o bona go le thata go ruta bana ba gago le go ba thusa go nna banna le basadi ba ba nang le tumelo? Boammaaruri ke gore re ka se kgone go dira seo ka borona fela! (Jer. 10:23) Mme re ka atlega fa re kopa Modimo gore a re kaele. Akanya ka dilo di le nnè tse di ka go thusang gore o thuse bana ba gago go nna le tumelo: (1) Ba itse sentle. (2) Ba rute ka botswapelo. (3) Dirisa  ditshwantsho tse di molemo. (4) Nna pelotelele e bile o rapele ka metlha.

ITSE BANA BA GAGO SENTLE

3. Batsadi ba ka etsa jang tsela e Jesu a neng a ruta ka yone?

3 Jesu o ne a sa ikgogone go botsa balatedi ba gagwe gore ba dumela eng. (Math. 16:13-15) Etsa sekao sa gagwe. Go tla bo go le molemo gore o kope bana ba gago gore ba go bulele mafatlha fa lo ntse mmogo lo tlhabile kgobe ka mmutlwa. Seno se akaretsa go tlotla le bone ka sepe fela se ba ka tswang ba sa tlhomamisega ka sone. Mokaulengwe mongwe wa kwa Australia yo o nang le dingwaga di le 15, o ne a kwala jaana: “Gantsi Papa o tlotla le nna ka se ke se dumelang le go nthusa go tlhalosa mabaka a go bo ke se dumela. O a tle a mpotse jaana: ‘Baebele ya reng?’ ‘A o dumela se e se buang?’ ‘Goreng o se dumela?’ O batla gore ke arabe ka mafoko a me, e seng gore ke boeletse se ene le Mama ba se buileng. Fa ke ntse ke gola, ke ne ka tshwanelwa ke go tlhalosa se ke se dumelang ka tsela e e utlwalang sentle.”

4. Goreng o tshwanetse go tsaya dipotso tse ngwana wa gago a di botsang di le botlhokwa? Naya sekai.

4 Fa ngwana wa gago a sa tlhomamisega ka thuto nngwe, o se ka wa mo araba ka bogale kgotsa wa tsiboga ka tsela e e ka dirang gore ngwana wa gago a ikutlwe e kete o boditse sengwe se se phoso. Mo thuse gore a tlhalose lebaka la go bo a botsa ka kgang eo mme o se ka wa mo felela pelo. Rre mongwe a re: “O se ka wa itlhokomolosa dipotso tse ngwana wa gago a di botsang. O se ka wa tsaya gore ga di botlhokwa go le kalo kgotsa wa tila go bua ka kgang nngwe ka gonne e dira gore o ikutlwe o sa phuthologa.” Tota e bile, go molemo go leba dipotso tse ngwana wa gago a di botsang e le sesupo sa gore o tshwenyegile ka se a se buang e bile o batla go se tlhaloganya. Jesu le ene o ne a botsa dipotso tse di botlhokwa le fa a ne a na le dingwaga di le 12 fela. (Bala Luke 2:46.) Mosha mongwe wa kwa Denmark yo o nang le dingwaga di le 15, a re: “Fa ke ne ke botsa batsadi ba me gore a re mo bodumeding jwa boammaaruri, ga ba a ka ba galefa, le fa gone ba ne ba tshwenyegile ka nna. Ba ne ba araba dipotso tsa me tsotlhe ba dirisa Baebele.”

5. Batsadi ba ka bontsha jang gore ba tsaya tumelo ya bana ba bone e le botlhokwa?

5 Ithute bana ba gago, itse tsela e ba akanyang le e ba ikutlwang ka yone le dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. O se ka wa akanya gore ba na le tumelo fela ka gonne ba ya dipokanong tsa Bokeresete e bile ba ya bodireding le wena. Fa lo ntse lo dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi, tlotla le bone ka dithuto tsa Baebele. Rapelela bana ba gago e bile o rapele le bone. Batlisisa gore ke diteko dife tse di amang tumelo ya bone mme o ba thuse go lebana le tsone.

BA RUTE KA BOTSWAPELO

6. Fa batsadi ba ithuta boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng, seo se tla ba thusa jang gore e nne barutisi ba ba molemo?

6 E re ka Jesu e ne e le morutisi, o ne a fitlhelela dipelo tsa batho ka gonne a ne a ba rata e bile a rata Jehofa le Lefoko la Gagwe. (Luke 24:32; Joh. 7:46) Fa batsadi ba na le lorato lo lo tshwanang le lwa ga Jesu, ba tla kgona go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone. (Bala Duteronome 6:5-8; Luke 6:45.) Ka jalo, batsadi, nnang baithuti ba ba molemo ba Baebele le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng. Bontshang gore lo kgatlhegela popo le ditlhogo tse di buang ka yone tse di mo dikgatisong tsa rona. (Math. 6:26, 28) Fa lo dira jalo, kitso ya lona e tla oketsega, lo tla anaanela Jehofa le go feta e bile seo se tla lo thusa gore lo tshwanelegele sentle go ruta bana ba lona.—Luke 6:40.

7, 8. Fa motsadi a rata boammaaruri ka pelo yotlhe, seo se tla nna le diphelelo dife? Tshwantsha.

7 Fa o rata boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng ka pelo ya gago yotlhe, o tla batla go tlotla ka jone le ba lelapa la gago. O se ka wa go dira fela ka nako ya fa o baakanyetsa dipokano kgotsa ka nako ya kobamelo ya lelapa mme dira jalo ka nako epe fela. Mo godimo ga moo, ga o a tshwanela go ba pateletsa go bua ka kgang nngwe, go na le moo, go tshwanetse ga itlela  fela. Banyalani bangwe ba kwa United States ba akanya ka Jehofa fa ba lebile dilo dingwe tsa tlholego kgotsa fa ba ja dijo dingwe. Banyalani bano ba re: “Re gopotsa bana ba rona gore fa Jehofa a ne a bopa dilo, o ne a dira jalo ka lorato e bile a akantse ka se re se tlhokang.” Fa banyalani bangwe ba kwa Afrika Borwa ba bereka mo tshingwaneng ya bone le bana ba bone ba babedi ba basetsana, ba tlhomolola tsela e e gakgamatsang e peo e golang ka gone go nna semela se segolo. Ba re: “Re leka go thusa basetsana ba rona gore ba tlotle botshelo le tsela e e raraaneng e dilo di bopilweng ka yone.”

8 Rre mongwe wa kwa Australia o ne a ya le morwawe wa dingwaga di le lesome kwa musiamong mme o ne a dirisa loeto loo go thusa morwawe gore a nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong le mo popong. Motsadi yono a re: “Re bone ditshedi di le dintsi tse di farologaneng tse di neng di tshela bogologolo. Go ne go jesa kgakge go bona kafa diphologolo tseno tse di sa tlholeng di le teng di neng di le dintle e bile di raraane ka gone. Di ne di tshwana kgo le ditshedi tse di gone gompieno. Ka jalo, fa e le gore kwa tshimologong ditshedi di ne di bopegile ka tsela e e motlhofo di bo di fetoga go nna ditshedi tse di bopegileng ka tsela e e raraaneng, ke eng fa ditshedi tseno tsa bogologolo di ne di setse di raraane thata jaana? Eno ke kgang e e ileng ya nkgatlha fela thata e bile ke ile ka kgona go e ruta morwaake.”

DIRISA DITSHWANTSHO TSE DI RUTANG

9. Ke eng fa ditshwantsho di ruta ka tsela e e molemo, mme mmè mongwe o ne a bontsha seo jang?

9 Gantsi Jesu o ne a dirisa ditshwantsho tse di dirang gore motho a akanyetse kwa teng, tse di fitlhelelang pelo le tse di dirang gore motho a gopole dithuto tsa botlhokwa. (Math. 13:34, 35) Bana ba akanya ka dilo tse dintsi. Ka jalo, batsadi, lekang go dirisa ditshwantsho tse di farologaneng fa lo ruta bana ba lona. Mmè mongwe wa kwa Japane o ne a dira jalo. Fa morwawe yo mogolo a ne a le dingwaga di le lesome mme yo mmotlana a le dingwaga di le robedi, o ne a ba ruta ka moya o re o hemang le ka tsela e Jehofa a ileng a nna kelotlhoko ka yone fa a o dira. O ne a dira jalo ka go naya basimane bano mashi, sukiri le kofi. Go tswa foo, o ne a kopa mongwe le mongwe wa bone gore a mo direle kofi. Motsadi yono a re: “Ba ne ba nna kelotlhoko tota fa ba e dira. Fa ke ba botsa gore ke eng fa ba le kelotlhoko thata jaana, ba ne ba re ba batla gore kofi eno e utlwale fela jaaka e ke e ratang. Ke ne ka ba tlhalosetsa gore Modimo le ene o ne a tlhakanya digase ka kelotlhoko gore di nne moya o re o hemang; moya o ruri o re siametseng.” Thuto eno e ne e tshwanela dingwaga tsa bone e bile e ile ya dira gore ba akanye thata, sengwe se gongwe se ka bong se sa direga fa a ka bo a ile a ba ruta fela a sa dirise setshwantsho seno. Ga go pelaelo gore ga ba a ka ba lebala thuto eno!

O ka nna wa dirisa dilo tse di tlwaelegileng go thusa bana ba gago gore ba nonotshe tumelo ya bone mo Modimong le mo popong (Bona serapa 10)

10, 11. (a) O ka dirisa setshwantsho sefe go thusa ngwana wa gago gore a nonotshe tumelo ya gagwe mo Modimong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke ditshwantsho dife tse o boneng di ruta ka tsela e e molemo?

10 O ka nna wa dirisa resepe go thusa ngwana wa gago gore a nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong. O ka dira seo jang? Fa o sena go baka dikuku, mo tlhalosetse botlhokwa jwa resepe. Go tswa foo, naya ngwana wa gago leungo, gongwe o ka mo naya apole, o bo o mmotsa  jaana: “A o a itse gore apole eno e na le ‘resepe’?” Morago ga moo, sega apole eo ka bogare o bo o mo naya thapo ya yone. O ka nna wa mmolelela gore resepe ya apole eno e “kwadilwe” mo thapong eo mme e kwadilwe ka puo e e raraaneng thata go feta mafoko a a mo bukeng ya diresepe. Gape o ka nna wa mmotsa go re: “Fa e le gore resepe ya dikuku tseno e ne e kwadilwe ke mongwe, ke mang yo o kwadileng resepe e e raraaneng thata ya apole eno?” Fa o tlhalosetsa ngwana yo o godileng, o ka nna wa mmolelela gore resepe ya apole kgotsa ya setlhare sotlhe, e ne e le karolo ya tshedimosetso e e mo DNA. Gape lo ka lebelela ditshwantsho tse di mo tsebe 10 go ya go 20 ya boroutšhara jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking.

11 Batsadi ba le bantsi ba rata go tlotla le bana ba bone ka ditlhogo tse di mo makasineng wa Tsogang! tsa setlhogo se se reng, “A di Tlhamilwe?” Kgotsa ba dirisa setlhogo seno go ruta bana ba bone ba bannye dithuto tse di motlhofo. Ka sekai, banyalani bangwe ba kwa Denmark ba ne ba tshwantsha difofane le dinonyane fa ba ruta ngwana wa bone. Ba ne ba re: “Difofane di tshwana le dinonyane. Mme gone, a difofane di kgona go beela mae di bo di tsala difofane tse dinnye? A dinonyane di tlhoka mafelo mangwe a a kgethegileng a di ka tlhomang mo go one jaaka difofane? A difofane di kgona go opela monate jaaka dinonyane? Ka jalo, ke mang yo o botlhale thata? A ke modiri wa difofane kgotsa Mmopi wa dinonyane?” Ditshwantsho tse di ntseng jalo le dipotso tse di molemo, di ka thusa ngwana gore a nne le “bokgoni jwa go akanya” le gore a nonotshe tumelo ya gagwe mo Modimong.—Dia. 2:10-12.

12. Ditshwantsho di ka thusa bana jang gore tumelo ya bone mo Baebeleng e nonofe?

12 Ditshwantsho tse di rutang di ka dira gore ngwana wa gago a dumele le go feta gore Baebele e nepile. Ka sekai, akanya ka Jobe 26:7. (E bale.) O ka bontsha jang ngwana wa gago gore temana eno e tlhotlheleditswe ke Modimo? O ka nna wa mo naya mabaka fela. Mme go ne go ka nna botoka gore o dire gore a akanyetse kwa teng. Mmolelele gore Jobe o ne a tshela pele ga go nna le dithelesekoupo le dirokete. Ngwana wa gago o tla tshwanelwa ke go bontsha gore ga go kgonege gore sengwe se se bokete jaaka lefatshe se nne fela mo moyeng se sa tshegediwa ke sepe. Thuto eno e ka tlhomamisetsa ngwana wa gago gore Jehofa ga a bolo go kwala dintlha tse di boammaaruri mo Baebeleng pele ga batho ba ka dira dipatlisiso tse di supang gore dintlha tseno di boammaaruri.—Neh. 9:6.

TLHALOSA BOTLHOKWA JWA MELAOMETHEO YA BAEBELE

13, 14. Batsadi ba ka tlhalosetsa bana ba bone jang botlhokwa jwa melaometheo ya Baebele?

13 Go botlhokwa gore o tlhalosetse bana ba gago botlhokwa jwa melaometheo ya Baebele. (Bala Pesalema 1:1-3.) Go na le ditsela di le dintsi tsa kafa o ka dirang seno ka gone. Ka sekai, o ka kopa bana ba gago gore ba akanye ba ya go nna kwa lefelong le go sa nneng ope kwa go lone mme ba tshwanelwa ke go tlhopha palo e e rileng ya batho gore ba ye go nna le bone. Go tswa foo, ba botse jaana: “Mongwe le mongwe mo lefelong leo o tshwanetse go nna le dinonofo dife gore lo tshele ka kagiso e bile lo dirisane sentle?” Gape o ka nna wa bua le bone ka kaelo e e ka ba thusang e e mo go Bagalatia 5:19-23.

14 Setshwantsho seo se ka ruta ngwana wa gago dithuto tse pedi tsa botlhokwa. Thuto ya ntlha ke gore melao ya Modimo e dira gore go nne le kagiso le kutlwano ya mmatota. Ya bobedi ke gore, fa Jehofa a re ruta gone jaanong, o a bo a re baakanyetsa botshelo mo lefatsheng le lesha. (Isa. 54:13; Joh. 17:3) O ka nna wa mo thusa go tlhaloganya ntlha eno sentle ka go tlhopha maitemogelo mangwe a a mo dikgatisong tsa rona. E ka nna ya nna a go buiwang ka one mo setlhogong sa, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo. Kgotsa fa mongwe mo phuthegong ya lona a ile a dira diphetogo tse dikgolo gore a itumedise Jehofa, o ka mo laletsa kwa lelapeng la lona gore a lo tlotlele maitemogelo a gagwe. Maitemogelo ao a bontsha gore Baebele e fetola matshelo a batho!—Baheb. 4:12.

15. O tshwanetse go gopola ntlha efe ya botlhokwa fa o ruta bana ba gago?

 15 Ntlha ya botlhokwa ke eno: Fa o ruta bana ba gago, o se ka wa ba ruta ka tsela e le nngwe fela. Ja marapo a tlhogo. Dira gore ba akanyetse kwa teng mme dira jalo o akanyetsa dingwaga tsa bone. Dira gore ba itumelele go ithuta e bile ba nonotshe tumelo ya bone. Rre mongwe o ne a re: “Tswelela o dirisa ditsela tse disha go tlhalosa dithuto tse bana ba gago ba setseng ba di itse.”

IKANYEGE, NNA PELOTELELE, RAPELA KA METLHA

16. Fa o ruta bana ba gago, ke eng fa go le botlhokwa gore o nne pelotelele? Tshwantsha.

16 Gore motho a nne le tumelo e e nonofileng o tlhoka moya wa Modimo. (Bagal. 5:22, 23) Fela jaaka leungo lengwe le lengwe, tumelo le yone e tsaya nako go gola. Ka jalo, o tla tlhoka go nna pelotelele le go itshoka fa o ruta bana ba gago. Rre mongwe wa kwa Japane yo o nang le bana ba babedi o ne a re: “Nna le mosadi wa me re ne re fetsa nako e ntsi le bana ba rona. Go tloga fa ba sa le bannye, ke ne ke ithuta le bone metsotso e le 15 letsatsi le letsatsi, mme e seng ka malatsi a dipokano. Metsotso e le 15 e ne e sa pitlaganye ope wa rona.” Molebedi mongwe wa potologo o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ke na le dipotso le dipelaelo tse ke neng ke sa kgone go di tlhalosa sentle. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka bona dikarabo tsa tsone kwa dipokanong, ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa fa ke ithuta ke le nosi. Ke lone lebaka la go bo go le botlhokwa gore batsadi ba tswelele ba ruta bana ba bone.”

Fa e le gore o batla go ruta bana ba gago ka tsela e e molemo, o tshwanetse go rata Lefoko la Modimo ka pelo ya gago yotlhe (Bona serapa 17)

17. Ke eng fa go le botlhokwa gore o tlhomele bana ba gago sekao, mme banyalani bangwe ba ile ba tlhomela jang bana ba bone sekao se se molemo?

17 Gape sa botlhokwa ke gore o tlhomele bana ba gago sekao sa go nna le tumelo. Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng gone. Ka jalo, batsadi, tswelelang lo nonotsha tumelo ya lona. Dira gore bana ba gago ba bone gore o tsaya Jehofa e le motho wa mmatota. Fa banyalani bangwe ba kwa Bermuda ba tlhobaela ka dilo dingwe, ba rapela le bana ba bone gore Jehofa a ba thuse e bile ba kgothaletsa bana ba bone gore ba rapele fa ba le nosi. Banyalani bano ba re: “Re nna re bolelela mosetsana wa rona yo o godileng re re, ‘Ikanye Jehofa ka botlalo, nna o tshwaregile ka tiro ya Bogosi e bile o se ka wa tshwenyega thata.’ Fa a bona diphelelo tsa go dira jalo, o a lemoga gore ruri Jehofa o a re thusa. Seo se ile sa nonotsha tumelo e a nang le yone mo Modimong le mo Baebeleng fela thata.”

18. Batsadi ba tshwanetse go gopola ntlha efe ya botlhokwa?

18 Gone ke boammaaruri gore, kwa bofelong, bana ke bone ba tshwanetseng go nonotsha tumelo ya bone. Batsadi ba ka jala peo le go e nosetsa. Mme ke Modimo fela a ka dirang gore peo eo e gole. (1 Bakor. 3:6) Ka jalo, rapelela moya wa Modimo mme o dire ka natla go ruta bana ba gago ba ba tlhwatlhwakgolo, ka gonne fa o dira jalo, Jehofa o tla segofatsa tiro e o e dirang.—Baef. 6:4.