Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, Nonotshang Tumelo ya Lona

Basha, Nonotshang Tumelo ya Lona

“Tumelo ke . . . pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.”—BAHEB. 11:1.

PINA: 41, 69

1, 2. Basha ba ka tswa ba lebana le kgatelelo efe gompieno mme ba ka lepalepana jang le yone ka katlego?

MOITHUTI mongwe o ne a bolelela kgaitsadi yo mosha wa kwa Boritane jaana: “O botlhale thata gore o ka dumela mo Modimong.” Mokaulengwe mongwe wa kwa Jeremane o ne a kwala jaana: “Barutabana ba me ba tsaya pego ya Baebele ya popo e le tlhamane fela. E bile ba tsaya gore baithuti botlhe ba dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe.” Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa Fora o ne a re: “Barutabana ba kwa sekolong ba a gakgamala gore go sa ntse go na le baithuti ba ba dumelang mo Baebeleng.”

2 Fa e le gore o motlhanka yo mosha wa ga Jehofa kgotsa o ithuta ka ene, a o ikutlwa o le mo kgatelelong ya go dumela dilo tse batho ba bangwe ba di dumelang jaaka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, go na le go dumela mo Mmoping? Fa go le jalo, go na le ditsela tse o ka nonotshang tumelo ya gago ka tsone. Tsela nngwe ke ka go dirisa bokgoni jwa go akanya jo Modimo a go neileng jone, jo ‘bo tla nnang bo go lebeletse.’ Bo tla go sireletsa mo dithutong tsa lefatshe tse di ka koafatsang tumelo ya gago.—Bala Diane 2:10-12.

3. Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Tumelo ya mmatota e theilwe mo kitsong ya boammaaruri ka Modimo. (1 Tim. 2:4) Ka jalo, fa o ntse o ithuta Lefoko la Modimo le  dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete, o se ka wa okola fela fa godimo. Dirisa bokgoni jwa gago jwa go akanya gore ‘o tlhaloganye’ se o se balang. (Math. 13:23) A re sekaseke kafa seno se ka go thusang ka gone gore o nonotshe tumelo ya gago mo Modimong jaaka Mmopi le mo Baebeleng—dintlha tse ruri di nang le bosupi jo bo utlwalang.—Baheb. 11:1, ntlha e e kwa tlase mo NW.

KAFA O KA NONOTSHANG TUMELO YA GAGO KA GONE

4. Goreng go dumela mo Modimong le mo tseleng e botshelo bo simologileng ka yone go tlhoka tumelo, mme re tshwanetse go tsaya kgato efe?

4 A batho ba kile ba go bolelela gore ba dumela gore ditshedi di iphetogetse go nna tse dingwe ka gonne seno se theilwe mo saenseng, fa go dumela mo Modimong gone go ikaegile ka se o se dumelang? Batho ba le bantsi ba leba dilo jalo. Mme go botlhokwa gore re nne re gopotse seno: Go sa kgathalesege gore a mongwe o dumela mo Modimong kgotsa o dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe, tsoopedi di tlhoka gore motho a bo a na le tumelo. Jang? Ga go ope wa rona yo o kileng a bona Modimo kgotsa yo o kileng a bona sengwe se bopiwa. (Joh. 1:18) Mme ga go motho ope yo o kileng a bona setshedi sengwe se fetoga go nna se sengwe, e ka ne e le moitsesaense kgotsa e se ene. Ka sekai, ga go ope yo o kileng a bona segagabi se se jaaka noga se fetoga go nna phologolo e e jaaka tau. (Jobe 38:1, 4) Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go sekaseka bosupi jo bo leng gone le go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go akanya gore a dire ditshwetso tse di botlhale. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka popo: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo, mo e leng gore ga ba na seipato.”—Bar. 1:20.

Fa o ntse o bontshana mabaka le batho ba bangwe, dirisa didirisiwa tse di gone ka puo ya gago (Bona serapa 5)

5. Ke eng se se re thusang gore re dirise bokgoni jwa rona jwa go akanya?

5 Go “lemoga,” go kaya go bona sengwe se se ka tswang se sa bonale ka nako eo kgotsa se sa lemotshege motlhofo. (Baheb. 11:3) Ka jalo, batho ba ba nang le temogo ga ba dirise matlho le ditsebe tsa bone fela mme ba dirisa le tlhaloganyo ya bone. Phuthego ya ga Jehofa e re neile didirisiwa di le dintsi tse di ka re thusang go dira dipatlisiso. Didirisiwa tseno di ka re thusa ‘go bona’ Mmopi wa rona ka matlho a rona a tumelo. (Baheb. 11:27) Didirisiwa tseno di akaretsa bidio ya The Wonders of Creation Reveal God’s  Glory, boroutšhara jwa Botshelo—A ke Tiro ya Mmopi? le jwa The Origin of Life—Five Questions Worth Asking le buka ya Is There a Creator Who Cares About You? Gape re newa dikgakololo tse di molemo tse re ka akanyang ka tsone mo dimakasineng tsa rona. Gantsi makasine wa Tsogang! o na le dipuisano tsa baitsesaense le batho ba bangwe ba ba tlhalosang gore ke eng fa gone jaanong ba dumela mo Modimong. Motseletsele wa ditlhogo tsa, “A di Tlhamilwe?” o na le dikai tsa dilo tse di tlhamilweng tse re di bonang mo popong. Gantsi baitsesaense ba leka go tlhama dilo tseno tse di gakgamatsang.

6. Go nna le diphelelo dife tse di molemo fa re dirisa didirisiwa tse re nang le tsone, mme wena o solegetswe molemo jang?

6 Mokaulengwe mongwe yo mosha wa dingwaga di le 19 wa kwa United States, o ne a bua jaana ka diboroutšhara tse pedi tse re buileng ka tsone pelenyana: “Di botlhokwa fela thata mo go nna. Ke badile diboroutšhara tseno makgetlo a le mantsi.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Fora o ne a kwala jaana: “Ditlhogo tsa ‘A di Tlhamilwe?’ di a nkgakgamatsa! Di bontsha gore baenjenere ba leka go etsa tsela e dilo tsa tlholego di bopilweng ka yone mme ga ba kgone go dira dilo tse di tshwanang kgo le tsone.” Batsadi ba mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 wa kwa Afrika Borwa, ba ne ba re: “Gantsi setlhogo sa ntlha se morwadiarona a se balang mo makasineng wa Tsogang! ke sa ‘Potsolotso.’” Gotweng ka wena? A o dirisa didirisiwa tseno ka botlalo? Di ka dira gore tumelo ya gago e nonofe jaaka setlhare se se nang le medi e e kwa tengteng. Fa tumelo ya gago e nonofile jalo, o tla kgona go emelana le maemo a a jaaka diphefo tse di tsubutlang tsa dithuto tsa maaka.—Jer. 17:5-8.

TUMELO YA GAGO MO BAEBELENG

7. Goreng Modimo a batla gore o dirise maatla a gago a go akanya?

7 A go phoso go botsa dipotso malebana le Baebele? Nnyaa, le e seng! Jehofa o batla gore o dirise ‘maatla a gago a go akanya’ gore o tlhomamisege gore ruri se o se ithutang se boammaaruri. Ga a batle gore o dumele dilo fela ka gonne batho ba bangwe ba bantsi ba di dumela. Ka jalo, dirisa bokgoni jwa gago jwa go akanya gore o nne le kitso ya boammaaruri. Mme kitso eo e ka nna motheo o o tiileng wa tumelo ya gago. (Bala Baroma 12:1, 2; 1 Timotheo 2:4.) Tsela nngwe e o ka nnang le kitso eo ka yone ke ka go ithuta dilo tse di farologaneng.

8, 9. (a) Ke dilo dife tse bangwe ba ka itumelelang go di ithuta? (b) Bangwe ba solegetswe molemo jang ke go tlhatlhanya ka se ba se ithutang?

8 Bangwe ba tlhophile go ithuta ka boporofeti jwa Baebele kgotsa ka tsela e Baebele e dumalanang ka gone le dipego tsa hisitori, tsa baithutamarope le tsa baitsesaense. Boporofeti bongwe jo bo kgatlhang jo o ka ithutang jone ke jwa Genesise 3:15. Temana eno e itsise kgangkgolo e go buiwang ka yone mo Baebeleng, e leng go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa Modimo le go itshepisiwa ga leina la gagwe ka Bogosi. Temana eno e dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa kafa Jehofa a tla fedisang pogo e batho ba sa bolong go lebana le yone fa e sale go tloga kwa Edene. O ka ithuta jang Genesise 3:15? Tsela nngwe e o ka dirang seno ka yone ke ka go kwala ditiragalo ka tatelano ya tsone. O ka kwala ditemana tse di bontshang kafa Modimo a ileng a senola ka gone kgato ka kgato batho ba ba amegang mo boporofeting jono le thulaganyo e boporofeti jono bo buang ka yone le kafa dilo tseno di bontshang ka gone gore boporofeti jono bo tla diragadiwa. Fa o bona kafa ditemana di dumalanang ka gone, o tla tlhomamisega gore ruri baporofeti le bakwadi ba Baebele ‘ba ne ba tlhotlheleditswe ke moya o o boitshepo.’—2 Pet. 1:21.

9 Mokaulengwe mongwe wa kwa Jeremane o ne a kwala jaana: “Dibuka tsotlhe tsa Baebele di gatelela kgang e e tshwanang ya botlhokwa e leng Bogosi. Go ntse jalo le fa gone Baebele e kwadilwe ke banna ba ka nna 40. Bontsi jwa bone ba ne ba tshela ka dinako tse di farologaneng e bile ba ne ba sa itsane.” Kgaitsadi mongwe wa kwa Australia o ne a kgothadiwa ke setlhogo sengwe mo makasineng o o ithutiwang  wa Tora ya Tebelo wa December 15, 2013, o o neng o bua ka bokao jwa Tlolaganyo. Moletlo ono o amana thata le Genesise 3:15 le go tla ga ga Mesia. O ne a kwala jaana: “Thuto eo e ile ya mpontsha gore ruri Jehofa ke motho yo o molemo tota. Ke ne ka kgatlhiwa ke go itse gore o ile a tlhomela Baiseraele thulaganyo eno mme e ne ya diragadiwa ka Jesu. Ke ne ka tshwanelwa ke go ema go se kae mme ke akanye kafa sejo seo sa Tlolaganyo se neng se kgethegile ka gone!” Ke eng fa kgaitsadi yono a ne a ikutlwa ka tsela eo? O ne a tlhatlhanya ka se a neng a se bala mme a kgona go se “tlhaloganya.” Seno se ne sa mo thusa gore a nonotshe tumelo ya gagwe le gore a atamalane thata le Jehofa.—Math. 13:23.

10. Boikanyegi jwa bakwadi ba Baebele bo nonotsha jang tumelo ya rona mo Baebeleng?

10 Sengwe gape se se ka nonotshang tumelo ya rona, ke go sekaseka bopelokgale le boikanyegi jwa banna ba ba kwadileng Baebele. Bakwadi ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba galaletsa baeteledipele ba bone e bile ba tlotlomatsa magosi a bone. Le fa go ntse jalo, ka metlha baporofeti ba ga Jehofa ba ne ba bua boammaaruri. Ba ne ba iketleeleditse go bua ka makoa a batho ba bone, tota le e leng a dikgosi tsa bone. (2 Ditir. 16:9, 10; 24:18-22) Gape ba ne ba kwala ka diphoso tse ba ileng ba di dira le tse batlhanka ba bangwe ba Modimo ba ileng ba di dira. (2 Sam. 12:1-14; Mar. 14:50) Mokaulengwe yo mosha wa kwa Boritane, o ne a re: “Boikanyegi jo bo ntseng jalo bo bonwa sewelo. Ruri seno se re tlhomamisetsa gore Jehofa ke mokwadi wa Baebele.”

11. Basha ba ka anaanela jang botlhokwa jwa melaometheo ya Baebele le go feta?

11 Melaometheo ya Baebele e tlhomamisetsa batho ba le bantsi gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo. (Bala Pesalema 19:7-11.) Kgaitsadi yo mosha wa kwa Japane o ne a kwala jaana: “Fa lelapa la gaetsho le ne le dirisa se Baebele e se rutang, re ne re itumela. Go ne go nna le kagiso, kutlwano le lorato mo lapeng.” Melaometheo ya Baebele e re sireletsa mo kobamelong ya maaka le mo dithutong tsa tumelobotlhodi tse di dirang batho makgoba. (Pes. 115:3-8) A thuto ya gore ga go na Modimo e ama batho? Dithuto tse di jaaka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe di dira gore go nne e kete popo ke modimo. Mme ga go a nna jalo ka gonne Jehofa ke ene fela Mmopi. Batho botlhe ba ba dumelang gore Modimo ga a yo ba re ke rona re ka itlhophelang gore go tla direga eng mo isagweng. Le fa go ntse jalo, ga ba na tsholofelo epe e e botoka ka isagwe.—Pes. 146:3, 4.

GO BONTSHANA MABAKA LE BATHO BA BANGWE

12, 13. O ka tlotla jang ka tsela e e molemo le baithuti ka wena, barutabana kgotsa batho ba bangwe ka popo kgotsa ka Baebele?

12 O ka nna jang le diphelelo tse di molemo fa o bontshana mabaka le batho ba bangwe ka popo le ka Baebele? Sa ntlha, o se ka wa akanya gore o itse se ba bangwe ba se dumelang. Batho bangwe ba dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe mme gape ba dumela gore Modimo o teng. Ba akanya gore Modimo o bopile ditshedi gore di fetoge go nna tse dingwe. Bangwe ba dumela thuto eno ka gonne ba tsaya gore e re ka e rutiwa kwa dikolong, e tshwanetse ya bo e le boammaaruri. Gape bangwe ga ba tlhole ba dumela mo Modimong ka gonne ba swabisitswe ke dikereke. Ka jalo, fa o tlotla le mongwe ka tsela e botshelo bo simologileng ka gone, go tla bo go le botlhale go mmotsa dipotso pele. Leka go itse gore motho yoo o dumela eng. Fa o le tekatekano e bile o ikemiseditse go mo reetsa, le ene a ka nna a batla go go reetsa.—Tito 3:2.

13 Fa mongwe a gwetlha se o se dumelang ka popo, o ka dira gore a tlhalose se ene a se akanyang, o dira jalo ka botlhale. O ka nna wa mo kopa gore a tlhalose gore go ka kgonega jang gore botshelo bo nne gone go se na Mmopi. Gore setshedi se se rileng se kgone go tswelela se le gone mo lefatsheng, se tshwanetse go tlhagisa setshedi se sengwe se se tshwanang le sone.  Porofesa mongwe wa saense o ne a re dilo tse di tla tlhokegang ke (1) letlalo le le ka kgonang go sireletsa dilo, (2) bokgoni jwa go bona maatla le go a dirisa, (3) tshedimosetso mo dijining le (4) bokgoni jwa go tlhagisa tshedimosetso e nngwe e e tshwanang le e e neng e le gone mo dijining. O ne a oketsa jaana: “Tsela e ditshedi, tota le tse dinnye, di bopegileng ka yone ruri e jesa kgakge.”

14. O ka dira eng fa e le gore ga wa ipaakanyetsa go tlotla ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe kgotsa ka popo?

14 Fa o sa ipaakanyetsa go tlotla ka thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe kgotsa ka popo, o ka etsa tsela e Paulo a neng a baya mabaka ka yone. O ne a kwala jaana: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Baheb. 3:4) Go baya mabaka jalo ruri go a utlwala e bile go ka nna le diphelelo tse di molemo! Eleruri, tsela e e raraaneng e ditshedi di bopilweng ka yone e bontsha gore ruri go na le mongwe yo o botlhale yo o di bopileng. Gape o ka nna wa dirisa kgatiso e e tshwanelang kgang e o buang ka yone. Kgaitsadi mongwe o ne a dirisa diboroutšhara tse pedi tse re buileng ka tsone pelenyana, fa a ne a bua le lekawana lengwe le le neng le dumela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe mme le sa dumele mo Modimong. Nakwana morago ga moo, lekawana leno le ne la re: “Jaanong ke dumela mo Modimong.” Lekawana leno le ne la tshwarelwa thuto ya Baebele, mme gone jaanong ke Mosupi wa ga Jehofa.

15, 16. O ka fetola jang motlotlo wa gago ka Baebele, mme o ka dira seno ka maikaelelo afe?

15 O ka dira se se tshwanang fa o bua le motho yo o belaelang se Baebele e se rutang. Leka go itse gore o dumela eng le gore a ka itumelela go tlotla ka eng. (Dia. 18:13) Fa e le gore o kgatlhegela saense, a ka kgatlhega fa o bua kafa Baebele e dumalanang le saense ka gone. Batho ba bangwe ba ka kgatlhiwa ke dikai tse di bontshang gore Baebele e na le boporofeti le hisitori e e boammaaruri. Kgotsa o ka tlhomolola melaometheo ya Baebele e e jaaka e e mo Therong ya kwa Thabeng.

16 Gopola gore mokgele wa gago ke go fitlhelela batho dipelo, e seng go ngangisana le bone. Ka jalo, nna tsebentlha. Botsa dipotso tse di molemo, itlhalose ka bonolo le ka tlotlo, segolobogolo fa o bua le batho ba ba godileng. Ga go pelaelo gore fa o dira jalo, ba tla tlotla tsela e o lebang dilo ka yone. Gape ba tla lemoga gore o akanyeditse thata dilo tse o di dumelang. Seno ke sengwe se basha ba le bantsi ba iseng ba se dire. Mme gone, gopola gore ga o patelesege go araba mongwe yo o seng tekatekano kgotsa yo o batlang go go ja ditshego ka ntlha ya se o se dumelang.—Dia. 26:4.

DIRA GORE BOAMMAARURI E NNE JWA GAGO

17, 18. (a) Ke eng se se ka go thusang go dira gore boammaaruri e nne jwa gago? (b) Re tla tlotla ka potso efe mo setlhogong se se latelang?

17 Tumelo e e nonofileng ga e a ikaega fela ka go itse se Baebele e se rutang. Leka ka natla go batla kitso e e mo Lefokong la Modimo, jaaka e kete o batla matlotlo a a fitlhegileng. (Dia. 2:3-6) Dirisa didirisiwa tse di ka tswang di le gone ka puo ya gago, tse di jaaka Watchtower Library ka DVD, LAEBORARI YA MO INTERNET le Watch Tower Publications Index kgotsa Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa. Gape ipeele mokgele wa go bala Baebele yotlhe. Leka go e bala yotlhe mo ngwageng. Ga go na dilo di le dintsi tse di ka nonotshang tumelo ya rona jaaka go bala Lefoko la Modimo. Fa molebedi mongwe wa potologo a gopola nako ya fa a sa le mosha, o ne a re: “Sengwe se se ileng sa ntlhatswa pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo ke go e bala yotlhe. Ke ne ka kgona go tlhaloganya sentle dipolelo tsa Baebele tse ke neng ka di ithuta ke le monnye. Seno se ne sa fetola kamano ya me le Modimo fela thata.”

18 Batsadi, lo na le seabe se segolo sa go dira gore bana ba lona ba atamalane thata le Modimo. O ka ba thusa jang gore ba nne le tumelo e e nonofileng? Re tla tlotla ka kgang eno mo setlhogong se se latelang.